Go Fenya mo “Metlheng ya Bofelo”
“Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme ona o itsisitse . . . se setla diragalang mo metlheng ya bofelo.”—DANIELE 2:28, NW.
1. (a) Dipolelelo pele tsa ga Jeremia, Esekiele, le Daniele di kgatlhisa go le kana kang mo go rona? (b) Ke ka baka lang fa mekwalo eo e tlhotlheleditsweng e e ile ya bolokiwa?
JEREMIA, ESEKIELE, DANIELE—abo maina ao a re gakolola ka dipolelelo pele tse di kgatlhisang jang he! Dingwaga tse di fetileng tse di ka nnang 2 600, batlhanka ba bararo bao ba ba pelokgale ba ga Jehofa Morena Modimo ba ne ba tshela mo metlheng ya bofelo ya Jerusalema wa botenegi, lemororo ba ne ba direla mo mafelong a a farologaneng le tlaseng ga maemo a a farologaneng thata. Mme mongwe le mongwe go tswa boemong jwa gagwe o ne a bolelela pele malebana le ditiragalo tse di neng di tla felela moragonyana “mo metlheng ya bofelo.” Mekwalo eo e e tlhotlheleditsweng e ile ya bolokelwa kgothatso ya botlhe ba ba ratang Jehofa le tshiamo, le bao ba eletsang go falola “sepitla se segolo” se se atamelang nako ya rona.—Mathaio 24:3-22; Baroma 15:4.
2. Ke ka baka lang fa Jeremia a ne a tlhoka nonofo e e tswang go Jehofa?
2 Jeremia o ne a perofesa a le kwa Jerusalema. Jaaka tlalelo e ne e atamela, babusi mmogo le batho ba neng ba nwetse mo boikepong le mo bobodung. Ka gone, Jehofa o ne a nonotsha moperofeti wa gagwe jaaka “lorakō loa kgōtlhō lo lo thekeledicweñ” go ema a tsepame gareng ga bosula jwa bone.—Yeremia 15:11, 20; 23:13, 14.
Baperofeti ba Kagiso
3. Ke mafoko afe a maaka a baperofeti ba neng ba a bua?
3 Malebana le boganana jwa baeteledipele ba bodumedi ba Jerusalema, Jehofa o ne a bolela jaana ka moperofeti Jeremia: “Lo se ka loa reetsa mahoko a baperofeti ba ba lo perofesetsañ; ba lo ruta boithamakō: ba bua ponatshègèlō ea pelo ea bōnè hèla, eseñ e e cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa. Ba tlhōla ba nntse ba raea ba ba nnyatsañ, ba re, Yehofa o rile, Lo tla bōna kagishō.” Baperofeti bao ba maaka ba ne ba re, “Kagishō, kagishō,” fa gone go ne go se na kagiso.—Yeremia 23:16, 17; 6:14.
4. Bantsi mo go La-Bodumedi ba ngaparela tsholofelo efe?
4 Ka mo go tshwanang, mo go La-Bodumedi wa botenegi gompieno, go na le baperofeti ’ ba kagiso. Bantsi ba bano ba ngaparela seo Pope Paul VI a neng a se tlhalosa jaaka “tsholofelo ya bofelo ya thagamo le kagiso,” Merafe e e Kopaneng. Gautshwanyane lekgotla leo le tla bolela fa 1986 e le Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe. Fa e ne e itsise boikaelelo jwa yone jwa go tsenelela mo Ngwageng eo, Ofisi ya ga Mopapa e ne ya bolela gore e na le “tsholofelo ya gore Ngwaga eno e tla tlisa matswela a a eletsegang le go tshwaya seemo se se tlhokafalang mo go tliseng dikamano tsa kagiso gareng ga batho le merafe.” A mme go a utlwala go lebelela gore merafe e tlhome kagiso ya boammaaruri?
5. Jehofa o bolelela pele eng, mme se tla diragadiwa jang mo “metlheñ ea bohèlō”?
5 Modimo ka boone o tlhalosa seo se tla diragalang: “Bōnañ, ledimo ya ga Yehofa, eboñ cararègō ea gagwè, le cogile, E, ke ledimo ye le shokeletsañ: le tla thubègèla mo tlhogoñ ea baikepi. Bogale yoa ga Yehofa ga bo ketla bo boea, go tsamaea a dihatsa, le go tsamaea a diha maikaèlèlō a pelo ea gagwè: mo metlheñ ea bohèlō lo tla se tlhaloganya ka botlalō.” (Yeremia 23:19, 20; bona gape 30:23, 24.) Ee, baeteledipele ba bodumedi jwa maaka ba tla tla go tlhaloganya seo ‘metlha ya kwa bofelong’ e se rayang go bone. Mme kakanyetso epe fela e ba tla e neelang go yone e tla bo e setse e siilwe ke nako!—Bapisa Tshenolō 18:10, 16; 19:11-16; Mathaio 24:30.
6. Ke matswela afe a a itumedisang a a tla nnang gone go ba bantsi?
6 Legale, ka mo go itumedisang, batho ka bongwe bao ka nako nngwe e neng e le ditshwarwa tsa bodumedi jwa maaka ‘ba a go akanyetsa jaanong.’ Ba arabela pitso e e reng: “Cwañ mo go èna [bodumedi jwa maaka], lona batho ba me,” ereka ba sa batle go tlhakanela le ene mo dibeng tsa gagwe kana go amogela bontlhanngwe jwa katlholo ya Modimo kgatlhanong le ene. Fa e le gore o mongwe wa bano ekete o ka tswelela go tsaya-tsia se Lefoko ja Modimo le se bolelang kaga ‘metlha ya bofelo’ le paka e e galalelang ya kagiso e e tla latelang.—Tshenolō 18:2, 4, 5; 21:3, 4.
Go Tlhaselwa Ke Goga
7. Esekiele o ne a perofesa tlaseng ga maemo afe?
7 Batho ba Modimo sebele ba amega jang mo “metlheñ ea bohèlō”? Mma moperofeti Esekiele a re bolelele. Jaaka lekawana, kwa ntle ga pelaelo o ne a itse Jeremia, mme go tswa foo, Esekiele o ne a isiwa kwa Babelona. E ne ya re a le koo, fa thoko ga noka ya Kebara, o ne a laelwa ka 613 B.C.E. go direla jaaka moperofeti wa ga Jehofa le molebedi mo boemong jwa Bajuda ba ba neng ba le mo botshwarong, tiro e a neng a e dira ka boikanyegi bobotlana dingwaga tse 22. Lefa go ntse jalo, dipolelelo pele tsa gagwe di potile ka kwa lobaka lwa gagwe. Mo dikgaolong 37 le 38, o bolela kaga ‘Goga wa Magoga.’
8, 9. (a) Ke kgang kgolo efe e e tshwanetseng go rarabololwa, mme leng? (b) Goga ke mang, mme o latelwa ke mang, mme ke tsela efe e a e latelang? (c) Jehofa o tla dirang ka Goga?
8 ‘Goga wa Magoga’ yono ke mang? Kana ebu, mmaba yo mogolo wa ga Jehofa ke mang, yo a tshwanetseng go re a rarabolole kgang kgolo ya ‘metlha ya bofelo le ene,’ eo ya lobopo lotlhe? Ke Satane Diabolo, yoo Kgosi ya Modisa, Jesu Keresete, a neng a mo piriganyetsa tlase go tswa legodimong morago ga go tlhomiwa ga Gagwe mo setilong ka 1914. Goga yo o leswafetseng le go gakala jaanong o kabeletswe mo sebakeng sa semoya se se kanetsweng, “lehatshe ya Magoga,” gautshwane le lefatshe leno. Seno se raya ‘tatlhego mo lefatsheng’ ka go bo Goga a itse gore nako ya gagwe e khutshwane ya go diragatsa boferefere jwa gagwe jo bo boikepo tota jwa ‘busa kana senya.’—Esekiele 37:24-28; 38:1, 2; Tshenolō 11:18; 12:9-17.
9 Esekiele o nopola Jehofa Morena Modimo a re: “Bōna, ke tlhabana nau, wèna Goga, kgōsana [kgōsana ea lehatshe] . . . Me ke tla go retolola, ke tsenya dikōbè mo ditlhaeñ tsa gago, ke tla go ntshetsa kwa ntlè, le ntwa eotlhe ea gago, . . . eboñ dichaba di le dintsi di na nau.” (Esekiele 38:3-6; Yohane 12:31) Ee, Goga o na le batho ba bantsi, ka gobo “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Lefa go le jalo, Jehofa o tla tsenya dikobe tsa tshwantshetso mo ditlhaeng tsa ga Goga go mo sugasuga. Mme ka baka lang, ebile le jang?
10. (a) Ka go sa tshwane le merafe Basupi ba ga Jehofa ba ikanya eng? (b) Ke ka baka lang fa Goga le segopa sa gagwe ba gakala? (c) Re tshwanetse go dirang e le gore re tle re falole?
10 Tlaseng ga tlhotlheletso ya ga Goga, mebuso e megolo gompieno e ganeletse mo goreng kagiso ya lefatshe e ikaegile ka go kokoanngwa ga bone ga dibetsa tsa nuklea tse di boifisang fela thata. Mme merafe e mengwe e a e ithusa. Lefa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba ba ‘phuthilweng mmogo go tswa merafeng’ ba ile ba latofatsa dibetsa tsa thubakanyo. Basupi ba ga Jehofa ke “chaba” e le yosi fela mo lefatsheng eo ka boammaaruri e ka bolelang gore, “Re ikanya mo Modimoñ.” (Isaia 2:4; 31:1; Diane 3:5) Basupi bano ba ba kagiso ba ga Jehofa ba “agile ka thagamō, botlhe ba agile hèla ba sena dithakō, ba sena mephakalègō leha e le dicwalō.” Ba “agile mo gare ga lehatshe,” mo merafeng yotlhe, ba mogare ga lebala jaaka e le bone batho bao fela Goga a iseng a ba fitlhelele. (Esekiele 38:11, 12) Ka ntlha ya gona moo, Goga wa Magoga yo o gaketseng o tlisa phuthego ya gagwe e e gaketseng ya sedimona kwa lefelong la ntwa. Jaaka tau e e dumang, Satane yo o bodileng o ipaakanyetsa tlhaselo ya mabetwa e pelo. Gore re falole, rotlhe re tshwanetse go ‘emelana nae re tiile mo tumelong.’—1 Petere 5:8, 9.
11. Jehofa o ‘tlisa Goga kgatlhanong le lefatshe la Gagwe’ jang, mme ka boikaelelo bofe?
11 Jehofa o laela Esekiele jaana: “Ke gōna ka mouō, morwa motho, perofesa, me u reè Gōga u re, Morèna Modimo o bua yana: a re, E tla re mo motlheñ ouō mogañ batho ba me ba Iseraela [ba semoya] ba agileñ ka thagamō, a ga u ketla u go itse?” Goga le segopa sa gagwe se fufegela pabalesego le tlhogonolofalo tseo ba di bonang gareng ga Basupi ba ga Jehofa gompieno. Ba gakaditswe ke gore bano ba tshwanetse go sa itire ‘karolo ya lefatshe la ga Satane.’ Ka gone Jehofa o kgoba Goga, a mo tsobera gore a tlhasele Basupi ba ba ka se itweleng. Jehofa o bolelela Goga: “Me u tla bololèla batho ba me ba Iseraela, u khurumetsa lehatshe yaka leru: go tla dihala mo metlheñ ea bohèlō, go re, ke tla gu bololetsa lehatshe ya ga echo, gore merahe e nkitse, mogañ ke itshepisiwañ mo go wèna, wèna Gōga ha pele ga matlhō a bōnè.”—Esekiele 38:14, 16; Yohane 17:14, 16.
12. Go ya ka Esekiele 38:18-23, matswela a tlhaselo ya ga Goga e tla nna eng?
12 Goga yo o gaketseng o atamela go tlhasela “lehatshe” je le tlhogonolofetseng ja batho ba ga Jehofa. Lefa go le jalo, a ke Goga fela yo o gaketseng? Gotweng ka bogale jwa ga Jehofa Morena Modimo kgatlhanong le Goga le masomosomo a gagwe? Mo go Esekiele 38:18-23 Jehofa o tlhalosa kafa a tla iitshepisang ka teng mo matlhong a merafe ka go senya Goga le go falotsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang Fa a ne a fetsa pego ya phenyo ya gagwe godimo ga Goga le segopa sa gagwe, Morena Modimo ka boene o re: “Me ba tla itse ha ke le Yehofa.” Leina ja gagwe je le galalelang le tla bo le tlotlomaditswe!
‘Masaitsiweng a Senotswe’
13. Daniele o ne a tlhomela Basupi ba hanana sekao jang?
13 Lemororo Esekiele a ne a perofesa gareng ga Bajuda ba ba ileng ba tshwarwa gaufi le Babelona, Daniele wa lekawana, yo o neng a le wa lotso lwa segosana lwa Juda, o ne a rutelwa mo dikgorong tsa segosi tsa ga Nebukadenesare. A le koo, jaaka mmoloka bothokgami, o ne a tlhomela batlhanka botlhe ba banana ba ga Jehofa sekao.—Daniele 1:8, 9.
14. Daniele yo mmotlana o ne a neela Jehofa tlotlo mo kgannyeng efe?
14 Mo ngwageng ya bobedi ya morago ga go wa ga Jerusalema, Nebukadenesare o ne a tshwenngwa ke toro. Fa a ne a tsoga, o ne a ka se e gakologelwe. Mme Daniele yo o boifang Modimo o ne a itsise kgosi ka bobedi toro le tlhaloso ya yone. Ka go dira jalo, o ne a tlotlomatsa Modimo, ka go raya kgosi a re: “Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang tse di sa itsiweng, mme ona o itsisitse kgosi Nebukadenesare se se tla diragalang mo metlheng ya bofelo.” (Daniele 2:28, NW). Re ithutang go tswa torong le tiragatso ya yone “mo metlheñ ea kwa boheloñ”?
15, 16. Phuthololo ya toro ya ga Nebukadenesare ke eng?
15 Re bona fano setshwantsho se segolo thata, se se tona-tona, mme bontsi jwa sone bo dirilwe ka dikarolo tsa tshipi tse di farologaneng ka go latelana. Daniele— o tlhalosa gore tseno di emela magosi a a tlhomaganang le go bolelela Nebukadenesare gore, “Ke wèna tlhōgō ea gouda,” go bonala a ne a lebisitse mo bobusing jwa Sebabelona. Go tswa foo go latela mebuso e mengwe ya lefatshe, dihuba le mabogo a selefera di emela Bameda le Baperesia, mpa le dirope tsa kgotlho di emela Gerika, mme maoto a tshipi a emela Baroma, moragonyana a emela maatla a lefatshe a Britani le Amerika. (Daniele 2:31-40) Go ya go fitlha kwa “metlheng e e tlhaotsweng ya baditšhaba,” go tloga ka 607 B.C.E. go ya go 1914 C.E., mebuso eno e busitse mo bogosing jwa ‘modimo wa lefatshe leno.’—Luke 21:24, NW; Luke 4:5, 6; 2 Bakorintha 4:4.
16 Lefa go ntse jalo, ‘mo metlheng ya bofelo’ moo “losika loa batho,” batho fela, lo tlhagelelang kwa pele. Mo mafatsheng a mantsi dikgosi, babusi, le babusi ba pele ba Russia ba emisediwa ka babusi ba bamenola-puso le ba puso ya batho ka batho. Go sa buse lefatshe ka tshwanelo ga batho go fetoga motswako wa dipuso tse di bogale tsa bokgokgontshi le mefuta e e letlelelang diphetogo ka mo go oketsegileng ya puso ya batho ka batho. Jaaka tshipi le letsopa, tseno ga di tlhakane. Le eleng mo Merafeng e e Kopaneng ga e ngaparelane mme go na le moo, e kopanela mo dikganetsanong tse di bogale le matshosetsi Eleruri, ‘bogosi ke jo bo kgaoganeng.’—Daniele 2:41-43
17. Boperofeti bo diragadiwa jang kwa “metlheñ ea bohèlō”?
17 Ka gone, “mo metlheng ya bofelo,” kgang kgolo ya bolaodi jwa lefatshe e atamela bofelo jwa yone. Mme tharabololo ke eng? Bonang! Bogosi jwa Bomesia jwa Modimo bo setse bo ntse bo dira fa e sale ka 1914. Ke “tshilō” e e kabolotsweng mo “thabeñ” ya bolaodi jwa lobopo jwa ga Jehofa. Ga go lepolotiki lepe la motho le le nang le seabe mo go jono! Ke jone bo tsile, mo nakong tota, ka tsepamo e kgolo. Ka nako e e leng ya Modimo bo phatlakanya maoto a setshwantsho mme bo sila setshwantsho sotlhe boupi. Jaaka mmoko o phailakwa ke phefo, puso ya motho e fokelwa koo, go se na motlhala o o tlogelwang. Mme “tshilō”—Bogosi jwa Modimo o mogolo le Keresete wa gagwe—bo nna thaba e kgolo e e khurumetsang lefatshe jotlhe. Bogosi joo ‘ga bo ketla bo senngwa le gone ga bo ketla bo tlogelelwa tšhaba epe.’ Bo tla nna ka bosakhutleng. Abo re lebogela Jehofa ‘go senola’ ga gagwe esale pele masaitsiweng a a ntseng jalo jang ne!—Daniele 2:29, 44, 45.
Go “Ganèla” Ga Motlha wa Segompieno
18. (a) Ke ponatshegelo efe ya bofelo e e neng ya neelwa Daniele? (b) Ke eng seo se kgatlhisang kaga ponatshegelo eno?
18 Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se oketsegileng se Daniele a se buang kaga puso ya batho le ‘metlha ya bofelo.’ Dingwaga tse di ka nnang 70 morago ga go itsise toro ya ga Nebukadenesare, Daniele yo o tsofetseng o ne a sa ntse a le mo Babelona mme o ne a sa ntse a direla tlaseng ga Kurose, kgosi ya Peresia. Ya re a sa ntse a le fa lotshitshing lwa noka ya Hidekele, moengele a bonala mo go ene, a re: “Me yana ke tsile go gu tlhaloganyetsa se se tla dihalèlañ batho ba ga eno mo metlheñ ea bohèlō: gonne pōnatshègèlō e sa na le malatsi a le mantsi.” (Daniele 10:14) Moengele o ne a tswelela go tlhalosa ka botlalo mebuso le ditiragalo tse di neng di tla bonala mo ditsong tsa puso ya Peresia, Gerika, Egepeto, Roma, Jeremane, Britani le Amerika le ya mefuta ya bobusi ya Bojammogo. Abo e le mo go kgatlhisang he, gore ditiragalo tseno tsotlhe tse di akaretsang dingwaga tse di fetang 2 500, di bo di ile tsa kwalwa go sa na le nako! Di re neela tsholofelo e kgolo mo Lefokong ja ga Jehofa je le tlhotlheleditsweng la boperofeti!a
19. Boperofeti bo bolelela pele kaga ditiragalo dife tsa motlha wa segompieno?
19 Boperofeti jono bo bolela gore, e tla re fa nako e ntse e ya, mebuso e megolo e mebedi e bonale, “kgosi ea borwa” le “kgosi ea botsheka.” Kwa bofelong, moengele o re, kgosi ya kwa botsheka e tla “icholetsa, e itiha mogolo bogolo go medimo eotlhe, e tla bua dilō tse di gakgamatsañ kaga Modimo oa medimo”—eseng dilo tse di kgatlhang, ka jaana ‘e tlotlomatsa modimo wa dikago le botlhabanelo.’ Yo o tla tlhabantshanang le “kgosi” eno e e ikgodisang, ke “kgosi ea borwa” yo le ene a nonofileng thata kafa dibetseng. Jaaka go boleletswe pele, dikgosi tse pedi tseno, di ‘ganelela ka go kgarametsana.’ Ntwa kgolo ya molomo ya motlha wa segompieno magareng ga mebuso eno e megolo e tshwantshediwa sentle ke seno. Ka dinako tse dingwe go “ganèla” e nne mo go botlhaswa thata jaaka di gogagoganela karolonyana nngwe ya dibetsa tsa nuklea, fa gone ba godisetsa pele boipaakanyetso jwa bone jwa ntwa ka mo go sa lekanngweng.—Daniele 11:36-45.
20. Ke eng seo se tla bolelang matswela, mme “Mikaele” o kopanyelediwa jang mo go seno?
20 Lefa gone boperofeti bo bolela gore “kgosi ea botsheka” e tla tlhabana le yone jaaka setsuatsue mo mafatsheng a le mantsi, seo ga se sone se se tla atlholang kgang. Kgang e kgolo e tlhalosiwa mo go Daniele 12:1 “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno.” Mikaele yono ke Jesu Keresete, yo o ‘emetseng’ Bogosi jwa gagwe ka 1914, ka nako fela go tlosa Satane mo magodimong Mme ke yone “Kgosi ea dikgosi” eno e e tla tsayang kgato ka Aramagedona go phuthela “dikgosi tsa lehatshe yeotlhe,” go akareletsa le tseo tsa “botsheka” le tsa “borwa,” kwa tshenyegong.—Tshenolō 12:7-10; 19:11-19.
21. Ka jalo he, matswela ke afe kwa “metlheñ ea bohèlō”?
21 Kwa bofelelong jwa ‘metlha ya bofelo’ koo matswela a tla iponatsa, ka go fenya ga Bogosi jwa Modimo. Moengele o e tlhalosa ka mantswe ano a a oketsegileng: “Me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.”—Daniele 12:1; bapisa Yeremia 25:31-33; Mareko 13:19.
22. Jaaka batho ba Modimo, re tshwanetse ra itshwara jang mo dipolelelo peleng tseno le ka tebelelo efe?
22 A re tshwanetse go boifa nako eo ya pitlagano le ya dikhuduego? Fa e le gore re mo letlhakoreng la ga Jehofa nnyaa, ka go bo moengele o tswelela ka gore: “Me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Daniele 12:1) Ka gone he, a re nneng re tseneleleng ka matsetseleko mo thutong ya Bibela le go iteka ka natla mo go direleng Jehofa. Ka gone, kwa “metlheñ ea bohèlō,” ekete re ka fitlhela maina a rona ‘mo lokwalong lwa segopodiso lwa Modimo’ loo lo kwadilweng “ha pele ga gagwè, loa kwalelwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” (Malaki 3:16) Ka go dira jalo, re tla bo re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go fenyeng kwa “metlheñ ea bohèlō.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona ditlhaloso, bona buka ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ka 1958 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 220-323.
Malebana le ‘metlha ya bofelo’—
◻ Jeremia o ne a bolelela pele ka matswela afe a kagiso ya lefatshe?
◻ Tlhaselo ya Goga e felela ka go rarabololwa ga kgang kgolo efe, mme jang?
◻ Toro ya ga Nebukadenesare e supela go phelelo efe e ntle-ntle?
◻ Go lwela maemo ga “dikgosi” tse pedi go tla felela jang?
[Lebokoso mo go tsebe 24]
SETSHWANTSHO se se amogetsweng ke UN sa Ngwaga ya Kagiso ya Meraferafe (1986) se bontsha letlhare la motlhware, lephoi, le diatla tsa batho. Tseno di tlhalosiwa ka tsela e: “Lephoi ke sesupo sa kagiso e e nyalanngwang le setshwantsho sa letlhare la motlhware sa Merafe e e Kopaneng. Diatla tse di tshegetsang lephoi le le ipaakanyeditseng go fofa se tlotlomatsa seabe sa batho mo go bolokeng kagiso.”
Mo motlheng ono wa nuklea, go na le kgoeletso e ruri e tlhokafalang ya go tlhoma le go somarela kagiso. A mme diatla tsa batho di ka fitlhelela seo? Jeremia o a re gakolola: “Yehofa. kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Mme moperofeti o oketsa ka topo eno: “Yehofa. . . . Dichaba tse di sa gu itseñ, u goromeletsè cararègō ea gago mo go cōna.”—Yeremia 10:23-25.
Lephoi le letlhare la motlhware di tserwe mo pegong ya Bibela kaga Morwalela wa ga Noa. (Genesise 8:11) Kagiso e ne ya busediwa jang mo nakong eo? E ne e le ka kgato ya Modimo, morwalela wa kgolokwe o o neng wa tlosa losika lo lo boikepo. Jesu o ne a re “metlha ea ga Noa,” ka bothubaki le bosula jwa yone, e ne e tshwantshetsa lobaka lwa “go nna gone” ga gagwe, mo eleng gone jaanong.—Mathaio 24:37-39; Genesise 6:5-12.
Gape-gape, “Modimo oa kagishō” o tshwanetse go tlosa tsamaiso ya dilo ya bosatane, eo e tla reng morago ga yone “Kgōsana ea Kagishō,” Jesu Keresete, a tla tlisang kagiso ya bosakhutleng.—Baroma 16:20; Isaia 9:6, 7; 33:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Jeremia o supela go tsholofelo ya boammaaruri ya kagiso
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Esekiele o re tlhagisa gore re ipaakanyetse tlhaselo ya Magogo gone jaanong
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Daniele o senola matswela a “metlheñ ea bohèlō