LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 7/1 ts. 18-23
  • Bomolemo jwa ga Jehofa mo “Metlheñ Ea Bohèlō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bomolemo jwa ga Jehofa mo “Metlheñ Ea Bohèlō”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bomolemo jwa ga Jehofa
  • Tlhagiso ya Tlhogo ya Lotso
  • Go Oologela kwa Ntlong ya Ga Jehofa
  • Mo Lefatsheng Leno le le Thubakanyo
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 7/1 ts. 18-23

Bomolemo jwa ga Jehofa mo “Metlheñ Ea Bohèlō”

“Ntloñ a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa”​—ISAIA 2:3.

1, 2. (a) Ke kotsi efe e jaanong e bopelang setho? (b) Baeteledipele ba lefatshe ba reng kaga Aramagedona?

“MO METLHEÑ EA BOHÈLŌ.” Ke ka baka lang fa boperofeti jwa Bibela gangwe le gape bo dirisa polelwana eno? A seno se raya gore malatsi a setho a badilwe le gore e tla re kgabagare lefatshe la rona le botshelo jotlhe jo bo mo go lone di tla nyelela mo masetlapelong mangwe a kgolokwe? Baeteledipele ba lefatshe gantsi ba bua ka poitshego ya kgonego e e ntseng jalo. Ka sekai, mo potsolotsong ya thelebishene ka January 13, 1985, tona ya tsa mafatshe a sele ya Moscow Andrei Gromyko o ne a tlhagisa batho ba Soviet Union gore “kotsi e kgolo, pōpō e kgolo e leketla mo godimo ga setho sotlhe.” O ne a oketsa ka gore: “Go tshwanetswe ga dirwa sengwe le sengwe se se ka kgonegang go tlosa pōpō eo, e le gore Aramagedona e batho ba ileng ba tshosiwa ka yone ka makgolo a dingwaga e se ka ya direga.”

2 Mo makgetlong a le mantsinyana, Tautona Ronald Reagan wa United States le ene o ne a lebisa go Aramagedona. Daily News ya New York ya October 30, 1983, e ne ya mo tsopola a re: “Ke gopola ka baperofeti ba lona ba bogologolo mo Testamenteng e Kgologolo le ditshupo tse di bolelelang-pele Aramagedona, mme ke iphitlhela ke ipotsa gore​—a jaana re losika loo lo tla bonang se se diragala.” Gautshwanyane jaana, ka February 8, 1985, The Wall Street Journal e ne ya bolela gore: “Tautona Reagan o bolela gore o akanya le go bua ka Aramagedona, . . . mme ga a e rulaganyetse.”

3. (a) Tota Aramagedona ke eng? (b) Go tewang ka ‘metlha ya bofelo’?

3 Ee, baeteledipele ba lefatshe ba bua ka Aramagedona. A mme ba lemoga gore lefoko leo la Bibela le raya eng? Ga go bonale go ntse jalo, ka go bo Aramagedona ga se mahumapelo a a dirilweng ke motho. Ke ntwa ya lobopo lotlhe ya Modimo eo ka yone ene le Kgosi ka ene, Jesu Keresete, ba tlisang katlholo godimo ga merafe e e boikepo le batho ba ba boikepo. E tla jaaka tlhora ya “mo metlheñ ea bohèlō.” (Daniele 10:14; Tshenolō 16:14, 16) Mme re tshwanetse go tlhaloganyang kaga ‘metlha ya bofelo’? Dithanolo tse dingwe di baya ntlha eno ka gore “metlha ya morago,” “metlha ya bofelelo.” (Rotherham, Young) Mafoko a Sehebera a a ranoletsweng jalo ke ‘a·charithʹ hay·ya·mimʹ. Go ya ka Theological Dictionary of the Old Testament, gantsi a raya “Nako ya Bofelo,” a sa bolele fela ka isagwe mme “kafa ditiragalo di tla felelang ka gone, ka gone he matswela a tsone.”

4. “Nako ya Bofelo” e tla ya tlhoreng ya yone jang, mme ka matswela afe?

4 Ka dingwaga tse di ka nnang 70, setho se ile sa tshela go ralala “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” jo bo boleletsweng pele jalo ke Jesu mo go Mathaio 24:3–25:46. Lobaka lono, lo lo simololang ka 1914, ke “Nako ya Bofelo” e ka yone ditiragalo di gatelang pele ka tlhomagano go ya bofelong jwa tsone. Seo e tla nna ka “sepitla se segolo” fa phuthego yotlhe e e boikepo ya ga Satane e tla bong e nyelediwa. (Mathaio 24:21, 22) Matswela a a molemo-lemo e tla nna go tlotlomadiwa ga leina le le boitshepo la ga Jehofa.​—Esekiele 38:16, 23.

Bomolemo jwa ga Jehofa

5. Ke mafoko afe a a kgothatsang a a bonwang mo go Hosea 3:5?

5 Jehofa ke Modimo wa kgothatso. Abo a phatlaladitse jang ne dipolelo tse di tlhotlheletsang ka mo go gakgamatsang mo Lefokong la gagwe, Bibela e e Boitshepo! Nngwe ya dipolelo tse di ntseng jalo e fitlhelwa mo go Hosea 3:5, e e balegang ka gore: “Moragō ga mouō bana ba Iseraela ba tla boea, ba batla Yehofa Modimo oa bōnè, le Dafide kgosi ea bōnè; ba tla tla ka poihō mo go Yehofa le mo molemoñ oa gagwè mo metlheñ ea moragō.”

6. lseraele wa semoya o ile a farologana jang le makoko a La-Bodumedi?

6 Masalela a Iseraela a ne a boa mo botshwarong kwa Babelona ka 537 B.C.E. go simolola go obamela Jehofa mo Jerusalema Ka mo go tshwanang mo metlheng ya gompieno, ka 1919 masalela a a tloditsweng a Iseraela wa semoya a ne a ‘boa’ go tswa botshwarong jwa phuthego ya ga Satane, ka tlhagafalo ba ‘lebelela go Jehofa Modimo wa bone.’ Abo ba farologane jang le makoko a La-Bodumedi a botenegi! Ga go ape a ano a a batlang go lemoga Jehofa jaaka “Modimo oa bōnè.” Go na le gore ba ‘batle Jehofa,’ ba tila tiriso le fa e ka nna efe ya leina la gagwe.

7. Batho ba ga Jehofa ba ile ba tlotla leina la gagwe jang?

7 Bosimologong jwa ‘metlha ya bofelo,’ tokololo ya The Watch Tower ya January 1, 1926, e ne ya gatisa setlhogo se se gwetlhang “Ke Mang Yo O Tla Tlotlang Jehofa?” Masalela a a phuthilweng gape a lseraele a ne a arabela pitso eo ka boikanyegi, mme ka 1931 ba ne ba ipelela go amogela leina la Basupi ba ga Jehofa (Isaia 43:10, 12) Nako kgolo ke eno ba tswelela go tsholeletsa leina la ga Jehofa kwa pele pele mo baaging ba lefatshe. Aitsane, ka 1984 ba ne ba gatisa, dikaelo tse di dimilione ka dipuo tse dintsi, bukanyana ya mmala o o kgatlhisang ya setlhogo se se geng Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri

8, 9. (a) Go tewang ka go ‘batla Dafide kgosi ya bone’? (b) Kgosi e ne ya tlhongwa leng mme kae? (c) Batho ba ga Jehofa ba ne ba tlhaloganya kgang eno jang?

8 Lefa go ntse jalo, Hosea o ne a bolela gape gore barwa bano ba semoya ba ne ba “tla boea, ba batla . . . Dafide kgosi ea bōnè.” Iseraela wa nama o ne a se na kgosi epe fa e sale go thankgolwa ga bogosi jwa ga Dafide ka 607 B.C.E. Seo se ne sa simolola dingwaga tse 2 520 tsa puso ya baikepi​—“Metlha ea Badichaba,” kana metlha e e laotsweng ya merafe. (Luke 21:24; Daniele 4:16) Mme ka 1914, jaaka ‘metlha ya bofelo’ e ne e simolola Modimo o ne wa tlhoma Ene yo a neng a tshwantshediwa ke Dafide​—Jesu Keresete—​jaaka Kgosi mo Sione, “Yerusalema oa selegodimo.”​—Bahebera 12:22; Pesalema 2:6.

9 Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng ba ne ba se ka ba tlhaloganya ka bofefo fela seno sotlhe. Lefa go ntse jalo, go batla ga bone ‘kgosi Dafide wa bone’ go ne ga wediwa fa The Watch Tower ya March 1, 1925, e ne e gatisa setlhogo se se reng “Birth of the Nation.” Seno se ne sa tlhoma bosupi jo bo tletseng, jo bo itshetlegileng ka Tshenolō kgaolo 12, gore Bogosi jwa Bomesia bo ile ja tsalwa kwa magodimong ka 1914 le gore Keresete jaanong o ‘busa gareng ga baba ba gagwe.’​—Pesalema 110:1, 2, King James Version; Pes 2:1-6.

10. (a) Ke mang ‘yo o tlang ka poifo mo go Jehofa,’ mme jang? (b) Ke ka baka lang fa “poihō ea ga Yehofa” e le botlhokwa mo go kalo gompieno?

10 Masalela a a tloditsweng, mme eleruri le botlhe ba ba dirang boineelo go Jehofa, ba amegile fela thata ka maleo a bone a pele. Ka boikokobetso, ba “tla ka poihō mo go Yehofa,” ba kopa boitshwarelo jwa maleo a a fetileng. Mme jaanong jaaka ‘metlha ya bofelo’ e tsamaela bofelelong jwa yone, barati ba ga Jehofa ba lebeletse ka kelotlhoko gore ba se ka ba leofela Modimo le melao ya gagwe e e tshiamo. Re tshwanetse go tswelela re “tla ka poihō mo go Yehofa,” re kgoba mebele ya rona, e le gore re tle re bone poloko mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. (1 Bakorintha 9:27) Re tshwanetse go gakologelwa ka metlha gore “go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.”​—Pesalema 111:10.

11. (a) Jehofa o molemo ka mabaka afe? (b) Ke ka baka lang fa re tshwanetse go ‘tla ka poifo kwa bomolemong jwa ga Jehofa’?

11 Ke jang he, re ka tlang “ka poihō . . . mo molemoñ oa gagwè”? Jehofa o molemo eleruri. Ke pitsa ya boitsholo jo bo ntle-ntle. O feletse mo go baakanyetseng ka tlhokafalo nngwe le nngwe ya rona. Ka gone, re ka bolela ka tshepo jaaka go ne ga dira Dafide: “Yehofa ke Modisa oa me; ga nketla ke tlhōka sepè. . . . Rure molemō o tla ntshala moragō le boutlwèlō botlhoko, ka malatsi aotlhe a go tshela ga me.” (Pesalema 23:1-6) Jaanong, le go ralala ‘metlha ya bofelo,’ re tshwanetse ‘go tla kwa molemong wa ga Jehofa ka poifo,’ re tshepa gore maleo a rona a tla bipiwa ka setlhabelo se se tlhotlhwa kgolo sa ga Morwawe, eleng Jesu. (1 Yohane 2:1, 2) Ka mo go itumedisang, re ka bolela gore: “Yehofa . . . Ana molemō oa gago o mogolo yañ, o u o beetseñ ba ba gu boihañ!”​—Pesalema 31:17, 19.

12. (a) Re ka etsa bomolemo jwa ga Jehofa jang? (b) Ke ka baka lang fa go tlhokafala gore re dire jalo?

12 Jaaka lefatshe la ga Satane le nwelela kwa teng teng mo go boleng mo go tlhabisang ditlhong, ekete re ka etsa bomolemo jwa ga Jehofa ka go itsise baagelani ba rona mafoko a a molemo a Bogosi le go supa dinonofo tsa bomodimo mo matshelong a rona. Ekete eleruri re ka tlhagolela maungo a moya, go akareletsa le bomolemo mo dikamanong tsotlhe tsa rona​—mo malapeng a rona, mo diphuthegong tsa rona, le mo go kopaneng ga rona le batho ba lefatshe. (Bagalatia 5:22, 23; Pesalema 119:65-68) Go dira seno go botlhokwa fa e le gore re tla falola ‘metlha ya bofelo.’

Tlhagiso ya Tlhogo ya Lotso

13. (a) Ke bomang bao gompieno ba ka solegelwang molemo ke go akanyetsa boperofeti jwa ga Jakobe a le mo bolaong a tloga a swa? (b) Boperofeti joo bo tshotse kgakololo efe?

13 Dingwaga tse di fetileng tse di fetang 3 700, tlhogo ya lotso Jakobe (yo gape a neng a bidiwa Iseraele) o ne a neela boperofeti a le mo bolaong jwa gagwe a tloga a swa. Fa a ne a bua le barwa ba gagwe ba ba 12, ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele, o ne a re: “Phuthègañ, gore ke tlè ke lo bolèlèlè se se tla lo dihalèlañ mo metlheñ e e tla tlañ.” Mafoko a gagwe a dira gompieno go masalela a Iseraele wa semoya le go atolosediwa go balekane ba bone, “dinku di sele.” Ga go ope wa bano yo o ka itlhokomolosang ditekanyetso tsa boitsholo tsa ga Jehofa kwa ntle ga kotlhao, jaaka Rubene a ne a dira, lefa e le gone go letlelela sebaka sa maikutlo a a thubakanyo jaaka ao a ga Simeone le Lefi. Go na le moo, ba tshwanetse go tlhagolela dinonofo tse di jaaka bopelokgale, go ikanya mo go Jehofa, le go ungwa, jaaka tse di neng tsa sutšwa ke bana ba bangwe ba Iseraele.​—Genesise 49:1, 3-7, 9, 18, 22; Yohane 10:16; bapisa 2 Petere 1:8-11.a

14. Ke boperofeti bofe jo bo nyalanang jo bo gabedi kaga “Nako ya Bofelo” jo bo baakanyetsang ka kgakololo segolo bogolo go “dinku di sele”?

14 Lefa go ntse jalo, “dinku di sele” tse di nang le tebelelo ya go falola “Nako ya Bofelo” di baakanyeditswe kgakololo e e kgethegileng. Re fitlhela seno se tlhalositswe, jaaka ekete ka go otlelelwa, mo boperofeting jo bo nyalanang jwa Bibela, mo go Isaia 2:2-5 le Mika 4:1-5.

Go Oologela kwa Ntlong ya Ga Jehofa

15. (a) Isaia 2:2 e ile ya diragadiwa jang? (b) Batho ba ba pelonomi jaanong ba bona pharologanyo efe, mme ba arabela jang?

15 Isaia 2:2 e balega ka gore: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna.” Go feta dingwaga di le 50, fa e sale 1935, ‘dilo tseno tse di eletsegang tsa merafe yotlhe’ di ntse di phuthegela kwa ntlong ya kobamelo ya ga Jehofa ‘di tlatsa ntlo eo ka kgalalelo.’ ‘Go ologela’ gono go lebega go gola jaaka ‘metlha ya bofelo’ e atamela tlhoreng ya yone ka metlha yotlhe. Thaba ya tshwantshetso ya kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e ntse e tsholetsegela godimo thata, ka jalo batho ba ba pelonomi ba ka bona kafa e fapaanang ka teng le “mantswè” le “dithaba” tsa bolekoko tsa lefatshe le le boiphefero la ga Satane. Ba ‘tswa’ mo bodumeding jwa maaka le go tshaba ka dipalo tse di golang go ya thabeng ya kobamelo ya ga Jehofa.​—Hagai 2:7; Tshenolō 18:2, 4, 5; Pesalema 37:10, 11.

16. (a) Ke pitso efe e bapelonomi ba e arabelang? (b) Jehofa o diragatsa jang tsholofetso ya gagwe go “go akohisa”?

16 Bapelonomi bano ba arabela pitso ya ga Isaia 2:3: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema.” Jehofa o setse, a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go go “akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) “Boidiidi yo bogolo . . . e le ba morahe moñwe le moñwe” ba ba oketsegang ba oologela kwa kobamelong ya ga Jehofa. Mo go bano, go ne ga kolobediwa ba le 138 540 ka 1982; 161 896 ka 1983; le 179 421 ka 1984. Ba batla go re ba bolokiwe “mo metlheñ ea bohèlō.”​—Tshenolō 7:9, 14.

17. (a) Basupi ba basha ba ka bontsha jang kanaanelo ya bone ya bomolemo jwa ga Jehofa? (b) Ke ditaolo dife tse di tsepameng tseo rotlhe re tlhokang go di utlwa?

17 Basupi ba basha bano ba anaanela bomolemo jwa ga Jehofa mo go ba tliseng mo leseding la boammaaruri, mme ba eletsa ka tlhoafalo go bontsha ba bangwe bomolemo. Ba amogela tao e Jehofa a e baakanyetsang ka Lefoko ja gagwe le phuthego ya gagwe. Molao wa ga Moshe o ne o tshotse ‘bo o se ka’ ba le bantsi, mme lseraele ka tshwanelo e ne e tshwanelwa ke go tshegetsa tseno. (Bona Ekesodo 20:3-17.) Mme ditaolo tse pedi tse dikgolo tsa Bakeresete jaaka Jesu a ne a di tlhalosa, ke ditaolo tse di tsepameng go ‘rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona, moya, tlhaloganyo le nonofo, le mongwe ka rona jaaka re ithata.’ (Mareko 12:29-31) Ka kutlwano, Basupi ba ga Jehofa jaanong ba utlwa “molaō” oo Jehofa a o romelang go tswa go “Yerusalema oa selegodimo,” ba dirisa melao-metheo ya yone e e tshiamo.

18. (a) Re tlhoka go tsaya-tsia melao ya mofuta ofe? (b) Mosola wa go utlwa melao e e itekanetseng ke eng?

18 Lefa go ntse jalo seno ga se reye gore, batho ba ga Jehofa ga ba ne ba tlhoka go elatlhoko melao epe e e rileng. Moaposetoloi Paulo o a re gakolola: “A dilō eotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.” (1 Bakorintha 14:40) Melao e se kae e ka tlhokafala mo Diholong tsa Bogosi tsa rona, ka sekai, go dirisa motlakase ka tshomarelo kana go thibela bananyana go dirisa ntlo ya Modimo ya kobamelo jaaka lefelo la botshamekelo morago ga dipokano. Ditlhogo tsa malapa di ka tlhoka dithulaganyo dingwe tse di tsamayang sentle, jaaka go baakanyetsa ka kakanyetso ya ka metlha ya temana ya letsatsi ya Bibela mo legaeng. Mo magaeng a Bethele go na le melao, jaaka e e tlhokang gore maloko a lelapa a kgabise mafoko a a molemo ka moaparo o o bori le boipaakanyo mo mmeleng jo bo bori. (1 Timotheo 2:9) “Dikwalō” tse di tla bulwang ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete kwa ntle ga pelaelo di tla bo di tshotse melao e e tla solegelang setho molemo. Go molemo jaanong go tlwaelana le go utlwa melao e e itekanetseng eo e direlwang go tsamaya ga dilo sentle le kakanyetso ya ba bangwe.​—Tshenolō 20:12; 1 Bakorintha 10:24; Bafilipi 2:3, 4.

Mo Lefatsheng Leno le le Thubakanyo

19, 20. (a) Batho ba ga Jehofa ba ile ba itshwara jang ka molao-motheo o o mo go Mika 4:3? (b) O ba solegela molemo jang ka nako ya ‘metlha ya bofelo’?

19 Re atamela ka bofefo fela thata nako eo letsogo ja mongwe le mongwe le ‘tla tsogelang letsogo ja wa ga gabo.’ (Sekaria 14:13) Jaaka lefatshe le nna boikepo le go nna thubakanyo thata-thata, batho ba ga Jehofa ba itshwara jang? Ba itshwara tumalanong le Mika 4:3, e e reng: “[Ba] tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a [bone] dithipa tse di segañ mabèlè.” Basupi ba ga Jehofa ba ganana le thubakanyo le fa e ka nna ya mofuta ofe. “Le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè.” Kwa ntle ga pelaelo, seno se tla tswelela go ba solegela molemo ka nako ya ‘metlha ya bofelo.’ E setse e ba diretse jalo gale.

20 Ka sekai, fa makasine wa Tora ya Tebelo, wa January 1, 1984 o ne o supela gore Bakeresete ga ba tshwanelwe ke ditlhobolo, Basupi ba ga Jehofa mo New Caledonia ba ne ba latlha dibetsa tsa bone. Ka bofefo fela morago ga moo, setlhopha sa naga eo sa bopolotiki se ne sa fenena toropo yotlhe, se tshuba ntlo nngwe le nngwe eo go neng go fitlhelwa dibetsa mo go yone. Mme go ne go se matlo ape a Basupi a a neng a senngwa. Boitlhaodi jo bo itsiweng ke sesireletsi se se molemo-lemo, jaaka go supilwe go le boammaaruri mo Northern Ireland, Lebanon, Zimbabwe, le mafatshe a mangwe.

21. (a) Ke pitso efe e re tshwanetseng go e arabela, mme ke boikemisetso bofe jo re tshwanetseng go bo dira fa e le gore eleruri re batla go itumela? (b) Re ka tlhomamisediwa jang mo go abalaneng mo bomolemong jwa ga Jehofa?

21 Re sego fa re arabela pitso ya ga Isaia 2:5: “Ntloñ, me a re sepeleñ mo lesediñ ya ga Yehofa.” Rotlhe bao re kopanelang mo boikemisetsong jo bo tsepameng jo bo bontshitsweng ke moperofeti Mika yoo, morago ga go tlhalosa thagamo le kagiso tsa paradaise tseo di gone gareng ga batho ba eleng ba Modimo sebele, a tswelelang ka gore: “Gonne batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Eleruri bomolemo jwa ga Jehofa bo tla bonadiwa go rona rotlhe bao re tswelelang ka kutlwano e e kagiso mo kobamelong ya boammaaruri, go falola ‘metlha ya bofelo.’

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona ditokololo tsa Watchtower ya June 15 le July 1, 1962, ka puisano e e tletseng ya boperofeti jwa ga Jakobe.

Dipotso tsa Tshobokanyo

◻ O tlhaloganya eng ka ‘metlha ya bofelo’?

◻ Re ka tla jang ‘ka poifo kwa go Jehofa le bomolemo jwa gagwe’?

◻ Boperofeti jwa ga Jakobe a le mo bolaong a tloga a swa bo baakanyetsa ka kaelo efe?

◻ Ke dikgato dife tse di tsepameng tse jaanong re tshwanetseng go di tsaya tumalanong le Isaia 2:2-5 le Mika 4:1-5?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Hosea o re kgothaletsa go etsa bomolemo jwa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jakobe o tlhalosa dinonofo tse di tlotlegang le tse di sa tlotlegeng

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Isaia o re laletsa go ‘sepela mo leseding la ga Jehofa’

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mika o re laletsa go ‘sepela ka leina la ga Jehofa ka bosakhutleng’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela