Ditshwarwa tse Tharo etsa Tumela-botlhodi Di Bona Kgololesego
BA NE ba mmitsa M. Tout-Blanc, mo go rayang “Rre Bosweu-fela.” Moagi wa toropo ya Ivory Coast ya Dimbokro, Edmond o ne a apara matsela a masweu fela mo dingwa- geng tse 16 tse di fetileng! Mme fa o ne o botsa Edmond gore ke goreng a ne a apara bosweu fela o ne a tla go bolelela fela gore e ne e le ka ntlha ya go bo a ne a le kutlo. Mme go mang—kana go eng—o ne a ka se ke a bolele.
Khumo e e tlhotlhwa kgolo ya ga Adama e ne e le hempe ya gagwe e e logilweng ya “kgaka.” E ne e bidiwa jalo ka go bo mebala ya yone e mentsho le e mesweu e ne e le kgakololo ya kgaka. Mologo e ne e le mofuta wa tiro ya lotso lwa Tagbana lo lo mo bogarebokone jwa Ivory Coast. Adama o ne a amogela hempe a sa le ngwana, mme le eleng mo bogoding jwa gagwe o ne a e babaletse ka kelotlhoko mo lefelong le le babalesegileng O ne a ikutlwa ka tsela nngwe a tlamega go dira jalo.
Athanase ka mo go tshwanang o ne a na le lohumo longwe lo a lo ratang—lebotlolo la mafura, le le tletseng ka dilo tsa mefuta yotlhe, motswako wa boupi jwa kaolin (morwarra sewasho), motlhaba, le metsi. Lefa go le jalo o ne a tshaba go le latlha tota!
Banna ba bararo bao botlhe e ne e le ditshwarwa tsa tumela-botlhodi, dipoifo tsa bodumedi—dipoifo tseo tota di neng di ngangatletse matshelo a bone! Dimilione tse dintsi di bogisiwa ke botshwarwa jo bo tshwanang Mo Aferika bantsi ba dumela gore dilo tse di jaaka dipheko, maseka, ditlhomo, le dikaga le di na le maatla a magolo thata go feta motho go thibela mewa e e bosula. Barotloetsi ba tumela-botlhodi, jaaka boreaitse, ba itshidisa ka dipoifo tse di ntseng jalo. Mme Aferika ga e nosi fela thata mo ntlheng eno. Baagi ba bantsi ba ngwao ya Bophirima ba na le ditumelo tse di tshwanang fa go tliwa mo dilong tsa “laki,” jaaka leroo la mmutla le tlhako ya pitse. Legale, jaaka Edmond, Adama, le Athanase ba ne ba ithuta, go na le kgoro ya botso mo botshwarweng jono.
Edmond le “Moya wa Noka”
Dikgakologelo tsa bongwana tsa ga Edmond ke tseo tsa go pata batsadi ba gagwe go ya kwa thabeng e e “itshepileng” kwa ntle ga motse wa ga bone. Gautshwanyane go ne go na le noka koo go neng go dirwa ditlhabelo tsa dikgomo le dipodi go kokobetsa moya wa noka. Batho ba ne ba tla le go kopana le moya ono go rarabolola mathata a bone. Mongwe le mongwe o ne a utlwa lentswe le tswa mo pakeng eo le gantsi le neng le ba neela kgakololo.
Bana ba ba rileng mo lelapeng lengwe le lengwe go ne go bolelwa ba na le kamano e e kgethegileng le moya ono. Edmond e ne e le mongwe wa bano, go ya ka reaitse mongwe. Ka gone, o ne a ka ikaega ka moya ono gore o mo kaele. Fa Edmond a ne a setse a godile go ka bereka, o ne a tla bonana le moya ono fa go ne go ka lebega ekete babereki ba bangwe ba mo tseleng ya go tlhatlosediwa maemong ao a neng a a batla. Moya o ne o tla mmolelela gore a tlhabe koko kana nku jaaka setlhabelo. Ka gone o ne a tla kokobetsa moya, a ba a tlhomamisega gore “senyama” se ne se tla wela balekane ba gagwe. Edmond o ne a tswelela ka bofefo mme a bona boikarabelo jo bogolo koo a neng a bereka gone. Le eleng batsadi ba gagwe, ba lemoga “kamano e e kgethegileng” ya gagwe, ba ne ba tla kwa go Edmond fa e le gore ba ne ba batla go bonana le moya.
Se se gakgamatsang go feta, Edmond o ne a sa bone go na le thulano epe magareng ga go tshwaraganya tirisabadimo le Bokatoliki. Kwa Kerekeng ya Katoliki e a neng a ya go yone ka metlha, ditlwaelo tsa seheitane, jaaka go itaya tam-tams (meropa) e e boitshepo, di ne di direlwa magongwe le mediro ya “Sekeresete.”
Kgabagare, tiro ya ga Edmond e ne ya mo tlisa kwa motseng mogolo, Abidjan. E ne ya re a le koo a kgatlhegela moya o mongwe gape-gape—oo sebare sa gagwe se neng se bonana le one ka metlha. Lefa go ntse jalo, moya ono, o ne o nyalanngwa le madiba le mawatle. Ba ne ba o bitsa Mami-Wata. Gautshwanyane le lengwe la madiba go ne go na le sebatla se se tshwailweng se Edmond nako le nako a neng a se etela le gore a tle a bonane le moya ono gore o tle o mo gakolole.
Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe, moya ono go ne go bonala o tshwenyegile “Matsapa di a tsaya kae?” Edmond a botsa. Moya o ne o ngongoregela gore sebare sa ga Edmond se ne se sa tlhole se tla kwa go one go mmotsa. “Ka baka lang?” Edmond a botsa. O ne a bolelelwa gore e ne e le ka ntlha ya tumelo e ntšha ya sebare sa gagwe. Edmond o ne a akabala, ka gore o ne a le Mokatoliki, mme moya ga o ise o ngongoregele seo. Go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se farologaneng kaga bodumedi jono jo bosha. Edmond o ne a tla tloga a etelwa ke leloko la bodumedi jono, mme malatsi a gagwe a go bonana le Mami-Wata le one a ne a tla tloga a khutla.
Adama O Senka Khumo
Keletso ya ga Adama e ne e le gore mo botshelong a hume. Batsadi ba gagwe e ne le badumela-badimo, ba dumela gore sengwe le sengwe se se bonalang se na le moya. Ba ne ba mo neela motlhare wa boreaitse—hempe ya “kgaka”—e le laki ya gagwe e le gore a tle a tswerefale kwa sekolong. Lefa go ntse jalo, fa a ne a palelwa ke ditlhatlhobo tsa gagwe tsa sekolo, o ne a fetsa ka gore baithuti ba bangwe ba ne ba na le mere e e maatla thata go na le ya gagwe.
O ne a buisana le batsadi ba gagwe kaga seno, mme jaanong ba ne ba mo neela lenaka la podi. O ne a tshwanelwa ke gore a le bofelele ka tlhale e tshesane, mo lenaleng mo borulelong jwa kamore ya gagwe. Mo mosong o ne a tla buisana le more ono wa boreaitse a o bolelela sotlhe se a neng a se batla. Go tswa foo tlhale e tshesane e ne e tla kgaoga! Jaanong, go ikaegile ka gore lenaka la podi le ne le tla wela kae, o ne a tla fetsa ka gore a ke a tswelele le dithulaganyo tsa gagwe tsa letsatsi leo kana a se tswelele. More ono o mosha ga boreaitse, le one, o ne wa itirela dilo di sele fela.
Morago ga fa Adama a se na go fetsa sekolo o ne a ya kwa toropong ya Agboville. Ya re a le koo, mongwe wa ditsala tsa gagwe a mo kaela go moprista mongwe wa boreaitse, yo o neng a bolela gore o ne a ka tlhomamisetsa gore Adama a atlege mo go boneng tiro. Ka go utlwa ditaelo tsa moprista, Adama o ne a reka kgorogorwana e potlanyana. O ne a bolelelwa gore a buele mo lerobeng la kgorogorwana mme a bue dilo tsotlhe tse a neng a di batla mo botshelong. “Ke batla tiro,” a buela mo kgorogorwaneng, mme a e tswala, a letela katlego. Mme ya se ka ya tla.
Legale, Adama o ne a se ka a itlhoboga. O ne a tlhomamisega gore o ne a sa ntse a sirelediwa ke mereo ya boselamose ya hempe ya gagwe e e rategang thata ya “kgaka.”
Adama e ne ya re kgabagare a bona tiro mo toropong ya San Pedro. E ne e se tiro ya mofuta oo a neng a o batla, mme e ne e le tiro. Mo maitseboaneng Adama o ne a tle a etele legae la tsala ya gagwe. Maitseboana mangwe o ne a fitlhela gore tsala ya gagwe e ne e na le moeng—morutisi wa Bibela. Jaaka Mokatoliki yo o tlhoafetseng, Adama o ne a ganetsa seo moeng a neng a se bua. Lefa go le jalo o ne a akabadiwa ke kgopolo ya go ithuta Bibela go itse kaga Mmopi. Mo maitseboaneng mangwe fa setlhogo sa motlotlo e ne e le “A Go Na Le Meya e e Boikepo?” Adama go ne go se ka tsela epe fela fa e se go tsenelela ka tlhamalalo mo motlotlong. Malatsi a gagwe jaaka moabamedi wa boreaitse le one gape a ne a tla bokhutlong jwa one.
Athanase le Pheko ya Gagwe
Athanase o ne a godisiwa e le wa kereke ya “Harrist”—lekoko la leina fela la Bokeresete le le neng la simololwa ke William Wade Harris. E ne e le Mo-Liberia yo o neng a iphaka gore o ne a tlhomilwe jaaka moperofeti ke moengele Gabariele. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 1913, Harris o ne a fuduga kwa Liberia go ya Ivory Coast mme a simolola go rera. Buka nngwe e re: “Ka ntlha ya lentswe la gagwe, boreaitse ba ne ba nyerologa fela, bao ba neng ba obamela medimo ya disetwa ba ne ba latlha medimo ya bone ya maaka, metse yotlhe e ne ya amogela bodumedi jwa gagwe. . . . O ne a tswelela pele, a ikokotlela ka thobane e e nang le sefapaano sa logong, a setswe morago ke basadi ba le barataro ba ba neng ba apere bosweu jaaka le ene a ne a bo apere ebile a ne a ba bitsa ‘barutwa’ ba gagwe.
Rraagwe Athanase o ne a mmolelela gore o ne a tlile go nna moprista wa mo Harrist fa a ne a setse a godile. E re ntswa ba Harrist go ithewa gotwe ba nyatsa boreaitse, ba iphaka gore Bibela e na le dinonofo tsa dikgakgamatso! Jaaka mosimolodi wa bone baprista ba Harrist ba dirisa Bibela go segofatsa le go fodisa batho. Lefa go ntse jalo, Athanase o ne a lemoga gore ke ba se kae fela ba tota ba balang Bibela, mme ba sa e latele mo go kalo.
Fa a ne a fetsa sekolo, o ne a fetsa ka gore a senye dibeke tse pedi le mogolwane wa maemo wa bodumedi jwa Harrist, ka tsholofelo ya gore go ne go tla felela ka gore a bone tiro. Kgakgamalong ya gagwe, moetapele wa bodumedi o ne a mo neela pheko—lebotlolo la mafura le le tletseng ka boupi jwa kaolin, motlhaba, le metsi—mme a mmolelela gore seno se ne se tla tlhomamisetsa katlego ya gagwe mo go boneng tiro. “Mme,” mogolwane yoo a re, “fa o ka le latlha, o tla tsenwa mme e re kgabagare o swe!”
Athanase o ne a tlhakane tlhogo. O ne a sa bone pharologanyo epe magareng ga lebotlolo leno la mafura le mere e e dirisiwang ke maloko a ditumelo tse dingwe. Lefa go le jalo, ka ntlha ya go boifa batsadi ba gagwe le moetapele wa bodumedi, o ne a somarela pheko eo. E ne ya se ka ya mo tlisetsa laki epe e a neng a e mo solofeditse. Ngwaga yotlhe e ne ya senngwa mo go batleng tiro mme kwa ntle ga katlego. Legale, Athanase, le ene, o ne a tla go kopana le mongwe yo o neng a mo golola mo poifong ya pheko e.
Se Se Leng Boammaaruri Kaga Mereo
Banna bano botlhe ba bararo ba ne ba tla go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ka go ithuta Bibela le Basupi, ba ne ba ithuta ka tshimologo ya meya. Bibela e bontsha gore pele ga Morwalela wa ga Noa, baengele ba ne ba tsoulogela Modimo mme ba ikapesa ka nama e le gore ba tle ba ipelele go tlhakanela dikobo le basadi. Morwalela o ne wa pateletsa meya eno go ikapola nama, mme fa e sale ba ile ba kabelelwa mo sebakeng sa moya. Ga go gakgamatse he go bo badimona bano ba baya kotlelelo e e kana mo dilong tse di bonalang, jaaka mereo!—Genesise 6:1-5; 2 Petere 2:4.
Fa nako e ntse e ya mongwe le mongwe wa banna bano ba bararo o ne a agelela lorato lwa gagwe lwa ga Jehofa Modimo le letlhoo la ditlwaelo tsa tirisa-badimo. Bibela ka papamalo e kgala gotlhelele go senka nyalano epe le meya e e boikepo, e bua ka tsela eno go Duteronome 18:10-12: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o ralatsañ morwawè kgotsa morwadiè molelō, leha e le moñwe eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa: me Yehofa Modimo oa gago o e lèlèka ha pele ga gago ka ntlha ea cōna dilō tse di makgapha tse.” Ka go sa batle go sa amogelwe ke Jehofa, jaanong ka boraro jwa bone ba latela kgakololo ya morutwa wa Bokeresete ya ga Jakobe: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.”—Yakobe 4:7.
Lefa go ntse jalo, go ikgaoganya gotlhelele le botshwarwa jwa bodumedi go ne go se motlhofo. Edmond ka sekai, o ne a fisa mere ya gagwe e go neng go bonala e mo nyalanya le Mami-Wata. Mme o ne a tswelela pele morago moo, le eleng go neela botshelo jwa gagwe go Modimo le go kolobediwa e le tshupo ya seno. Go tswa foo, beke fela morago ga kolobetso ya gagwe, meya e ne ya simolola go mo tshwenya. Mantswe a ne a mmolelela go tlogela tumelo ya gagwe e ntšha eno. Mme Edmond o ne a rapela le go bitsa leina la ga Jehofa. Kgabagare meya e e boikepo e ne ya khutlela go mo tshwarisa bothata.—Diane 18:10.
Adama, le ene, o ne a na le mathata. Ka go eletsa go thusa batho ba bangwe go ikgaola mo tlhotlheletsong ya ga Satane, o ne a nna moreri wa nako e e tletseng. Lefa go le jalo, ka lobakanyana o ne a tlhaselwa ke maikutlo a kgobego marapo. O ne a ikutlwa gore o ne a sa dire botswelelo pele jo bo molemo mme ebile go sa kgathalesege tiro e ntsi ya Bokeresete bomoya jwa gagwe bo ne bo ya kwa tlase. Lebaka e ne e ka nna eng la maikutlo a a ntseng jalo a a sa tlhamalalang? Ka tshoganyetso Adama o ne a tla go lemoga gore hempe e a neng a e filwe ke batsadi ba gagwe ya “kgaka” e ne e santse e le teng. O ne a fenena ntlo ya gagwe, a tlosa tlhalenyana eo ya bofelo le moya wa lefatshe le go e senya. “Ke ne ka ikutlwa ke sosologile mo moyeng wa me,” o ne a rialo.
Athanase, le ene, o ne a tshwanelwa ke gore a latlhe sengwe—pheko e le e a neng a e fiwa. Morago ga go dira se, o ne a lwala thata. ‘A e ka tswa e le ka go sa utlwe taolo ya go sa e latlhe,’ o ne a ipotsa. Mme gape, le ene o ne a retologela go Jehofa ka thapelo. Go na le gore a ineele mo kgatelelong ya balosika go boela gape kwa tirisa badimong, o ne a batla kalafi ya tsa botsogo. Fa nako e ntse e ya botsogo jwa gagwe, mo mmeleng le mo semoyeng, di ne tsa tokafala. Athanase jaanong o senya mafelo beke a gagwe a thusa bangwe ka ene go ithuta boammaaruri jwa Bibela.—Yohane 8:44.
Maitemogelo a ditshwarwa tseno tsa pele tse tharo tsa tumela-botlhodi a netefatsa gore Lefoko ja Modimo le kgona go dira ka nonofo e kgolo go bao ba tlang go dumela. (1 Bathesalonia 2:13; Ditihō 19:18-20) Batho ba ba fetang 2 000 ba dira mo Ivory Goast le bannana bano ba bararo mo go thuseng batho go bona kgololesego mo botshwarong jwa sedumedi. Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong ya gago le bone, ba tla itumelela go go thusa go bona kgololesego e e ntseng jalo.