Bodumedi jo bo Itiretsweng Ke Batho—A Eleruri Bo Ka Kgotsofatsa?
BODUMEDI jwa se-Hindu bo ngaparetswe ke batho ba ba ka nnang 450 000 000. Go bolela jaana motlhalefi wa se-Hindu Dr. S. Radhakrishnan: “Bodumedi ga e a tshwanela go nna tshenolo e e kalo e e ka bonwang ke rona ka tumelo jaaka boiteko jwa go bipolola magato a a boteng a bogologolo a go nna teng ga motho. O oketsa ka gore: “Kwa ntle ga pelaelo motho, ke boitshetlelo jwa dilo tsotlhe.”
Ga go thulaganyo ya konokono e e laolang baobamedi ba se-Hindu, lefa e le gone go re go na le sebopego sepe sa kobamelo. Ga gona buka epe, jaaka Bibela, e e leng motswedi wa ditumelo tsa’bone. Go ralala makgolo a dingwaga mekwalo e e farologaneng ya se-Hindu e ile ya iponatsa, mme mekwalo e le merataro e e farologaneng ya botlhalefi jwa se-Hindu e ile ya kwalwa: Nyāya (kakanyo e e seka-sekang), Vaiśeshika (kitso ya malepa a boitseanape), Sānkhya (tshobokanyo ya megopolo e e raraaneng), Yoga (go tshwaragana le modimo), Mīmāmsā (patlisiso), le Vedānta (tiragatso ya dikwalo tse di boitshepo).
Matlhajana ano a ile a godisiwa ke baruti ba ba farologaneng ba se-Hindu ka dipaka tse di sa tshwaneng tsa ditiragalo, mme nngwe le nngwe e dirisa tsela e e farologaneng ya kobamelo. Nyāya, ka boyone, e dirisa ditsamaiso tse di raraaneng tsa kakanyo go supa go nna gone ga Modimo ka kakantsho (ka sekai, e tshwantsha bommatota jwa phefo ka tshikinyego ya ditlhare).
Katamelo eno go phepafetse gore e a utlwala, jaaka fela Bibela ka mo go tshwanang e re: “Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” (Baroma 1:20) Legale, a tsamaiso ya kakanyo eleruri e ka tlwaelanya motho le Mmopi? A tsamaiso e e ntseng jalo e ka senola seo leina la gagwe le leng sone? A e ka tlhalosa tshimologo ya lobopo kana gore ke goreng fa boikepo le pogo di dumeletswe? A e ka go neela tsholofelo e e kgotsofatsang ka isagwe? A re boneng gore ke bodumedi bofe jo bo arabang dipotso tseno ka mo go kgotsofatsang—bodumedi jwa boammaaruri jo bo senotsweng kana bodumedi jo bo itiretsweng ke batho.
Dithuto tsa Motho Fa Di Bapisiwa Le Bibela
Bahindu ba ile ba akanyetsa fela thata ka tlholego ya Modimo. Botlhalefi jwa Vedānta, ka sekai, bo aegile dikgopolo tsa jone godimo ga mekwalo ya sedumedi e e bitswang Upanishads. Mekwalo eno e batlisisa ka tlholego ya Modimo le kamano ya gagwe le batho.
Lefa go ntse jalo, Bibela e gaisa thata mo go feng lesedi kaga Modimo, mme e dira jalo ka mo go phepafetseng le ka tsepamo. O kgethololwa jaaka Mmopi wa dilo tsotlhe. (Tshenolō 4:11) Mme ga a tlhalosiwe jaaka maatla fela a a senang leina. “A ba bakè leina ya ga Yehofa; gonne leina ya gagwè ke yeōna yeosi ye le goletsegileñ: kgalalèlō ea gagwè e godimo ga lehatshe le legodimo,” go rialo Bibela mo go Pesalema 148:13. O tlhalosiwa jaaka “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:6) O laletsa le eleng batho ba ba sa itekanelang go tla go mo itse le go nna le kamano le ene! (Pesalema 34:8) A seo Bibela e se bolelang kaga Modimo ga se kgotsofatse thata go na le dipatlisiso tsa botlhajana tseo di tlhakanyang tlhogo?
Upanishads e batlisisa gape ka popego ya moya wa motho. Lefa gontse jalo, Bibela ka papamalo e tlhalosa gore “me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7) Jalo motho ke moya—eseng motshodi wa moya mengwe wa seka-moriti o o nnang o tsalwa gangwe le gape. Kana le gone moya o ga se gore ga o swe. Bibela e re, “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.”—Esekiele 18:4.
Upanishads e apaapa ka tlholego ya Self le Ego. Lefa go ntse jalo, ke Bibela fela, e e neelang kutlwisiso ya konokono mo go tlhaloganyeng motho le go baya mpaananeng boleo jwa gagwe jwa tlholego. “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Ka ntlha ya gone moo, motho ka metlha o tshwanetse go lwantshana le ditshekamelo tse di phoso.—Baroma 7:20, 25.
Upanishads e hukutsa kwa teng mo dipotsong tse di mabapi le bommatota jwa boleo le thekololo. Lefa go ntse jalo, Bibela, ka phepafalo e bolela gore boikepo mo lefatsheng leno bo nna gone ka go bo motho a ile a ikgethela tsela ya boitaolo. “Bōnañ, ke bonye se, se le shosi, go re, Modimo o dihile motho a thōkgame; me ba senkile maanō a le mantsi.” (Moreri 7:29) Fa e le kaga phelelo ya thekololo ya bosula, Dikwalo di re: “O o tla naeañ moñwe le moñwe kaha ditihoñ tsa gagwè: Ke go re, ba ba batlañ kgalalèlō, le tlōtlō, . . . o ba nee botshelō yo bo sa khutleñ: Me mo go ba ba ratañ kgañ, me ba sa inele mo boamarureñ, me ba inèla mo tshiamololoñ, go tla nna bogale, le chakgalō, le pitlaganō, le tlalèlō e e mahèhè, . . . Gonne mo Modimoñ ga go na go tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho.”—Baroma 2:6-9, 11.
Mme e re ntswa Upanishads e tshwaragane le bothata go tlhalosa tsela ya phalolo, Bibela ka motlhofo e re, “Poloka ke ea ga Yehofa.” (Pesalema 3:8) Bao ba setseng morago tsela ya ga Jehofa ba solofediwa jaana: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.
Bibela e neela dikarabo tse di motlhofo, tse di tlhamaletseng, tse di tlhaloganyesegang go dipotso tseo di ileng tsa akabatsa batho ba ba hopholetsang. Ga go motlhalefi ope yo o ka tlisang dikarabo tseno ka bogagagwe.
Bibela—A Ke Tshenolo e e Tswang Modimong?
A mme he ka gone, seno se raya gore o ka ikanya Bibela jaaka tshenolo e e tswang Modimong? Go na le mabaka a mantsi a gore ke goreng o ka dira jalo.
Sa ntlha, go a utlwala sentle go gopla gore Modimo o ka itshenolela motho ka tsela nngwe. O ne o ka akanyang ka monna yo o tsholang bana a bo a ba latlhaganya le go ba phuaganya? Go tweng fa e le gore monna yoo o ne a tlogela bana ba gagwe ba le mo lefifing kaga gagwe, a sa ba tlogelele le eleng leina la gagwe? A o ne o se ketla o kgopisiwa ke motho yoo? A mme he ka gone, ga go utlwale go feleletsa ka gore Mmopi yo o lorato o ne a tla itshenolela bana ba gagwe ba selefatshe ka tsela nngwe?
‘Mme ke goreng a dira jalo ka buka?’ o ka nna wa botsa. ‘A Modimo Mothatayotlhe o ne a ka se ke a dirise sengwe se se boitshegang thata—ka gongwe lentswe go tswa mo loaping?’ Modimo o kile wa bua ka dipaka tse go dintsinyana go tswa legodimong, jaaka fa a ne a neela Melao e e Lesome. Ka nako eo batho ba ne ba boifisiwa fela thata ke tshupo ya tiragalo e e boitshegang thata eo mo ba neng ba ikuela mo go Moshe gore, “A Modimo o se buè le rona, re ka tla ra shwa.” Ka jalo ba ne ba emela kgakalanyana fa Jehofa a ne a bua le Moshe. (Ekesodo 20:18-22)a Mme le eleng Moshe o ka bo a ile a lebala mafoko ao a a neng a buiwa ke Modimo. Ka gone Jehofa ka botlhale o ne a kgetha gore Moshe mme, moragonyana, banna ba bangwe ba ba ikanyegang ba boloke mantswe a Gagwe ka go a kwala. (Ekesodo 34:28) Ka gone, batho ba ka bala megopolo ya Modimo ba iketlile. Ba ka akanyetsa, ba tlhatlhanya, le go ithuta seo Modimo a nang le go se bua.—Bona Yoshue 1:8; gape le 1 Timotheo 4:5.
Go boammaaruri, Bibela e ne ya kwalwa ke batho, fela jaaka go le boamaaruri gore batho ba ne ba kwala mekwalo ya se-Hindu. Mme batho ba ba kwadileng Bibela ba ne bale tlase ga tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo. (2 Petere 1:21) Mekwalo ya bone e ne e se ditlhatlhanyo tsa botlhajana fela. Mme Bibela e na le ditshupo tsa kaelo ya bomodimo. A go na le sengwe kwa ntle ga kaelo ya Modimo seo se ka ikarabelelang go bolela ka boammaaruri tlhomagano ya kafa botshelo bo ileng jwa tla ka teng mo lefatsheng? (Genesise, kgaolo 1) A go na le sengwe kwa ntle ga kaelo ya Modimo se se ka ikarabelelang mo go boleleng ga Bibela ka tlhomamo, go feta dingwaga tse di 2 700 tse di fetileng, gore lefatshe ga le kgolokwe fela mme le lepeletse “ko go señ sepè.” (Yobe 26:7; Isaia 40:22) A go na le sengwe kwa ntle ga kaelo ya bomodimo mo go boleleng ga Bibela kwa ntle ga go fosa fa go tliwa mo dipolelelo peleng, jaaka mo go Isaia 44:28, koo mofenyi wa Peresia eleng Kurose yo Mogolo a neng a umakiwa ka leina dingwaga tse di 130 pele ga a ne a tsalwa? A go na le motho ope yo o neng a ka bolelela pele dingwaga tse di 2 500 tse di fetileng kgolo ya mebuso e mebedi e megolo ya lefatshe e e gaisanang eo e emeng mo seraleng sa dikgang tsa lefatshe gompieno?—Daniele 11:27, 36-40.
Ka jalo go na le mabaka a a popota a go dumela Bibela jaaka tshenolo ya thato ya Modimo. Re a go laletsa go tlhatlhoba ka boammaaruri jotlhe se e nang le go se bua. Basupi ba ga Jehofa ba itumedisiwa ke go thusa batho ka bongwe go dira seno. Ka tsela eno kobamelo ya gago ga e etla e nna telekiso ya lefela ya botlhajana jwa batho. (Mathaio 15:9) Lefa e le gone gore, jaaka Basamaria ba bogologolo, o tla obamela ‘se o sa se itseng.’ (Yohane 4:22) Ka thuso ya moya wa Modimo, o ka tla go itse le eleng “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Ka go bo fa “[o] mmatla o tla bonwa ke [wena].”—2 Ditihalō 15:2.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona gape Ekesodo 33:11; Mathaio 3:17; 17:5; Yohane 12:28.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Dimilione di ngaparetse ditumelo tse di dirilweng ke batho, a mme di ile tsa baakanyetsa ka dikarabo tse di kgotsofatsang go dipotso kaga Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Bibela ga e a bolela fela gore lefatshe le kgolokwe mme gape e boletse gore le lepeletse “kwa go señ sepè.” A seno ga se neele bosupi jwa tlhotlheletso ya bomodimo?