A Re Dumalanye Bibela Le Go Nyala Lefufa?
GO Bijeen (Re Mmogo), makasine wa Roma Katoliki go tswa Netherlands, morulaganyi wa dikgang Sjef Donders o tlotla ka thulano e e gone mo dinageng dingwe tsa Aferika magareng ga taolo ya Bibela ya mosadi a le mongwe le ngwao e e amogelwang ya go nyala lefufa. Thulano eo e a rarabololwa, o ne a re, ka go “bolela fa thuto ya motheo ya kereke [ya mosadi a le mongwe] e sa bereke.”
Go supa dipono tse di bogorogoro tsa kereke, Donders o tsopola moprista wa Moamerika Eugene Hillman, leloko la Holy Ghost Fathers, lephata la Roma Katoliki le le ileng la etleetsa kwa pele tiro ya borongwa ya Bokatoliki mo Aferika. Mo bukeng e e dirisanyang le go nyala Iefufa, Hillman o ne a kwala ka gore: “Fa, ka ntlha ya kudumedi nngwe kana tse dingwe tsa tlholego kana masetlapelo a a dirwang ke motho, go ne go ka diragala gore ka tshoganyetso fela mo e ka nnang banna botlhe ba se nne gone, mme gongwe e nne fela basadi, ka jalo he go ne go tla bonwa mabaka a a rileng a a utlwalang mo Bibeleng a go dumelela banna bano go nyala basadi ba le mmalwa.”
A mme? Go sa kgathalesege dipono tse di bofafalele tsa moprista yoo, go nyala lefufa ga go mpampediwe ke Mokeresete ope go sa kgathalesege lotso le seemo. Thulaganyo ya Modimo go setho mo Edena e ne e le ya mosadi a le mongwe, mme Jesu Keresete o ne a supela gore go ne go tla tshwanelwa ke gore go boelwe koo ke phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 19:4-6) Tlaseng ga tlhotlheletso moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Ke gōna mookami oa phuthègō o na le go nna motho eo o senañ mokgōbō, e le monna eo o mosadi a le moñwe hèla.” (1 Timotheo 3:2) Mme malebana le Bakeresete botlhe, o ne a gakolola ka gore: “Leha go nntse yalo, ka ntlha ea maakahalō, a monna moñwe le moñwe a nnè le mosadi oa gagwè, le mosadi moñwe le moñwe a nnè le monna oa gagwè.” (1 Bakorintha 7:2) Seno ga se tlogelele phatlha epe ya nyalo lefufa gareng ga Bakeresete ba boammaaruri.