Kobamelo ya Boammaaruri—A E Dirilwe ke Batho kana E Senotswe ke Modimo?
MO E KA nnang sengwe le sengwe seo motho a se itseng, o ne a tshwanelwa ke gore a se iponele ka boene.
Marang a e leng one tota a kitso—kafa go ka jalwang dijo le go di apaya ka teng, kafa go ka dirwang borulelo mo godimo ga tlhogo ya gagwe ka teng—a ile a tla morago ga maiteko a a botlhoko thata le diphoso tse dintsi. Mme lekgolo la dingwaga le le fetileng le ile la bona motho a atlega ka bofefo go godisa ditlhokafalo tsa gagwe go feta tse di tlhokwang mo ntlong fela. Jaanong o kgona go aroganya atomo, o fofa ka bofefo thata go na le lobelo lwa modumo—le eleng gore gangwe le gape o romela batho mo lefaufaung Lefa go ntse jalo, a seno se raya gore, motho o itse ka mo go lekanetseng sentle go ikapaapela gore o ka direla Modimo botoka jang?
Eseng go ya ka mokwadi wa Pesalema 143:10, yo o neng a re: “U nthutè go diha go rata ga gago; gonne u Modimo oa me: mōea oa gago o molemō; u nkgōgè mo lehatshiñ ya thōkgamō.” Ka gone he mopesalema o ne a lemoga gore motho, ka kitso yotlhe ya gagwe le botswerere, o tlhoka thuso ya bomodimo e le gore a tle a kgone go ithuta thato ya Modimo. (Bapisa Yeremia 10:23.) Lefa go ntse jalo, seno se tla raya gore Modimo o tshwanetse ka tsela nngwe a itshenolela motho.
A selo sa go nna jalo se ile sa direga? Go dimilione, Bibela ke tshupo ya tshenolo e e ntseng jalo ya bomodimo e e setseng e ile ya direga. Lefa go ntse jalo, ba bangwe, ga ba dumalane. Ba tshwarisitswe kgakge ke botswerere jwa motho mo e leng gore ga ba bone tlhokafalo ya tshenolo e e ntseng jalo. Bano ba ka iphaka gore “motho mongwe le mongwe o tsetswe” ka kitso ya bodumedi kana gore kitso e e ntseng jalo “e ka bapalwa ka tiriso ya kakanyo” go na le gore “e ka tswa e le ka tshenolo kana thuto ya kereke epe.”
Lefa go ntse jalo, fa e le gore seno se ka bo se le boammaaruri, tota, go ne go tla bo go le mo magetleng a motho go ‘itshimololela’ bodumedi jwa gagwe, go itirela dithuto tsa gagwe tsa motheo le ditekanyetso tsa boitsholo. A seno se bonala se utlwala go wena? Bodumedi jo bo itiretsweng ke motho bo ne bo tla nna le boikaelelo bofe? A eleruri bo ne bo tla kgotsofatsa ditlhokafalo tsa semoya? (Mathaio 5:3) A eleruri bo ne bo ka arabela dipotso tseo batho ba ba senkang boammaaruri ba di botsang kaga Modimo?
A re fenyenkololeng dipotso tseno ka go akanyetsa ka bokhutshwane bodumedi jo bo ileng jwa leka go bona Modimo ka kakanyo ya motho le matlhajana a gagwe—tumelo ya se-Hindu.