Ka Moo O Ka Dirang Gore Go Bala Bibela Go Go Solegele-molemo
“GO sego ba ba humanegileng mo moeng.” Ao ke mafoko a a simololang a Thero ya Thabeng ya ga Jesu e e tlotlegang, go ya ka Dibibela di le palonyana tsa puo ya Sekgoa. (Mathaio 5:3, Revised Standard Version, dikgatiso tsa Baganetsa-katoliki le tsa Katoliki) A o ka tlhaloganya seo tota Jesu a neng a se raya fa a ne a re “ba ba humanegileñ mo moeñ”? A o ne a lebisitse go bao ba kgobegileng marapo? Kana a gongwe o ka bo a ne a raya ba ba bokoa mo tlhaloganyong? Tota go bonala a.ne a ka se reye jalo, mme ruri go botlhokwa go itse.
Basupi ba ga Jehofa, bao ba lemogiwang le eleng ke bakgadi ba bone gore ke diithuti tse di molemo-lemo tsa Bibela, ba ile ba fitlhela gore New World Translation of the Holy Scriptures ka mo go kgatlhisang e fitlhelela dipatlafalo tsa go nna e e utlwalang sentle le e e tlhomameng. E baya mafoko a tselana eo ya Thero ya Thabeng ka gore: “Go itumela ba ba lemogang tlhokafalo ya bone ya semoya.”
Dikakgelo dingwe tsa Bibela di dumalana gore seno ke seo se kaiwang ke “ba ba humanegileñ mo moeñ.” Ke ka baka lang, he, diphetolelo di le dintsi tsa bosheng, jaaka Jerusalem Bible ya Katoliki le New International Version, di ganelela mo go diriseng tlhaloso “ba ba humanegileñ mo moeñ”?
Sekai seno se bontsha gore fa e le gore motho o tla dira go bala Bibela ga gagwe go mo solegela molemo, go a tlhokafala gore a kgethe thanolelo e e ikanyegang, e e utlwalang, le e e tlhaloganyesegang
Boikutlo jo bo Tshwanetseng
Go bala Bibela mo go solegelang molemo go tlhoka gape boikutlo jo bo tshwanetseng mo mmading. One mafoko a a tshwanang ao a Thero mo Thabeng a sobokanya sentle-ntle seo boikutlo jwa rona e tshwanetseng ya nna jone, ebong: “Go itumela ba ba lemogang tlhokafalo ya bone ya semoya.” A botshelo jwa gago bo tlhaela karolo nngwe ya semoya? A o lemoga lebaka la gore o tlhoka go otla mogopolo wa gago le pelo ka dijo tsa semoya? Bibela e ka go thusa go tlatsa tlhokafalo eo.
Lefa go ntse jalo, ga o na go bona dijo tsa mogopolo le pelo mo Bibeleng fa o e bala fela jaaka ekete o bala buka nngwe fela e e tlwaelegileng. O tshwanetse wa e tsaya, “e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure.” (1 Bathesalonia 2:13) O tla bo o sa bale matlhale a batho, kana ditiragalo tsa semorafe, mme eleng megopolo ya Modimo le ditiragalo tsa kafa a dirisantseng ka teng le batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. Ebile gape e tshotse dipolelelo pele tse di gakgamatsang, dingwe tsa tseno ebile di setseng di diragaditswe, fa tse dingwe di ntse di diragadiwa mo matlhong a rona kana e le tse di tlogang di diragala go tla di leretse setho molemo o mogolo.
Ereka jaana Bibela e le Lefoko la Modimo, go e bala ka mo go solegelang molemo, motho o tshwanetse a senka thuso ya Gagwe. Ka gone, thapelo go Modimo, ke selo se se tshwanetseng go tla pele ga go bala Bibela. Ka mafoko fela a a motlhofo, a a tswang mo pelong ya gago, mo kope gore a go thuse gore o tlhaloganye seo o se balang le kafa o ka se dirisang ka gone mo botshelong jwa gago jwa sebele. Fa gongwe re tlhaela kgono ya go dirisa kitso eo re e bapetseng, kgono e e leng botlhale. Bibela ka boyone e gakolola jaana: “Me ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa. Me a a lōpè ka tumèlō, a sa belaele sepè.”—Yakobe 1:5, 6.
Go Bala Ka Tumelo
O ka nna wa re: ‘Ke ka rapela jang ka tumelo le go bala jang ka tumelo fa ke tlhaela tumelo?’ Mme kana, fa o bala Bibela o ‘lemoga tlhokafalo ya gago ya semoya,’ tumelo ya gago e tla oketsega jaaka fa o ntse o bapala kitso ya ga Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe a a gakgamatsang ao a thailweng mo go Keresete. Tumelo ya boammaaruri ga e ya tshwanelwa go sa farologanngwe le tumela-fela. Bibela ka boyone e tlhalosa tumelo jaaka “go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.”—Bahebera 11:1.
Tumelo ya boammaaruri e tlhoka motheo o o kwenneng wa kitso, mme kitso e e ntseng jalo e dira gore dilo tse di solofeditsweng ke Modimo di nne tsa mmatota jaaka ekete di ne di bonwa. Ka gone, tumelo ke sengwe seo se ka bapalwang. E nna gone fa go balwa le go utlwiwa dilo tse di amanang le Modimo le maikaelelo a gagwe a mantle-ntle ka setho. Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa, “Tumèlō e cwa mo go utlweñ, me go utlwa go tle ka lehoko ya ga Keresete.”—Baroma 10:17.a
Fa tumelo ya gago e ntse e oketsega, go bala Bibela ga gago le gone go tla nna mosola thata. Ka baka lang? Ka go bo “go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ” ga gago go tla ‘tlhomamisiwa’ ka mo go oketsegileng Seno se ka tshwantshediwa ka botsalano magareng a gago le motho yo mongwe. Fa nako e ntse e feta mme o ntse o tla go itse motho yoo ga botoka, ikanyo ya gago mo mothong yoo e ya gola. Labofelo, morago ga go ralala maemo a le mantsi ao tsala ya gago e se kong e go swabise mo go ona, o simolola go ikanya motho yoo fela thata. Fa a ka go kwalela, o itse go utlwisisa seo a se buang. Le eleng fa seele sengwe se ka ne se sa utlwale sentle, o itse motho sentle-ntle mo eleng gore ga o nne le bothata jwa go tlhaloganya ntlha. O bala lokwalo lwa tsala eo ka boikanyo, eseng ka pelaelo.
Ka mo go tshwanang, fa o ntse o tla go itse Bibela ka mo go oketsegileng le Mokwadi wa yone, Jehofa Modimo, o tla nna o ntse o tswelela o ikanya Modimo le Lefoko la gagwe. Le eleng ditiragalo dingwe mo dipolelong tsa Bibela tseo di ka nnang tsa bonala ekete di thata go tlhaloganngwa ga di na go tshikinya boikanyo joo. Ka motlhala, le eleng fa lebaka la go bo Modimo o ile wa tsaya kgato e e botlhoko kgatlhanong le motho mongwe kana morafe le sa tlhaloganyesege ka bonako, o na le ikanyo ya gore e ne e tlhokafala Go ntse fela jaaka o ka nna wa re ka tsala e o e ikanyang: ‘Mme kana, fa a ile a dira jalo, go tshwanetse ga bo go ne go na le lebaka je le molemo.’
Legale, tumelo ya gago mo Modimong e tla thatafadiwa fa o ka bona lebaka la gore ke ka ntlha yang fa a ile a dira ka tsela eo kana ke eng fa ka dinako tse dingwe go bonala a diegisa go tsaya kgato kgatlhanong le baikepi. Mme o ka nna wa tlhoka thuso. Se se re tlisa mo ntlheng e nngwe gape e e botlhokwa ya go bala Bibela mo go nang le mosola.
Go Tlhoka Thuso
Ke selo se se molemo-lemo go bala Bibela yotlhe. Ka selekanyo sa kgaolo e le nngwe ka letsatsi, go ka go tsaya mo go fetang dingwaga tse tharo go fetsa Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika. Fa o bala dikgaolo tse tharo kana tse nne ka letsatsi, go ka nna ga go tsaya ngwaga. Lefa go ntse jalo, go nna le mogopolo o o atlabetseng wa gore Bibela e tshotseng, o ka nna wa simolola ka Dipesalema le Diane. Go tswa foo o bo o boela kwa go Genesise, Ekesodo, mme le Samuele wa Ntlha pele ga o ya kwa motlheng wa Bokeresete, mo go Mathaio, Ditihō, le dikwalo di sekae tseo.di neng di kwadilwe ke Bakeresete ba pele, jaaka Bafilipi, Yakobe, le Petere wa Ntlha kana wa Bobedi.
Fa o ntse o dira seno, o tla lemoga gore go bona mosola o o dirang le wa semoya go tswa mo Bibeleng, go molemo go bona gore ya reng mo kgannyeng e e rileng. Dipolelo tse di supelang setlhogo se le sengwe di mo mafelong a a farologaneng O ka nna wa fitlhela go tlhokafala dithuso tsa go ithuta Bibela tseo di tla go thusang go itse seo Dikwalo di se bolelang, setlhogo ka setlhogo. Gape, ereka jaana dibuka tsa Bibela di sa tlhomaganngwa thata ka thulaganyo ya tlhatlhamano ya metlha, dithuso tse di ntseng jalo di ka go thusa go bona tatelano ya nako. Dintlha tseo di nang le bokao jwa mafelo le jwa ditiragalo le tsone di ka thusa thata mo go tlhaloganyeng Dikwalo.
Thuso e e ntseng jalo ya Bibela e ka fitlhelwa kae? Mo dingwageng tsa bosheng jaana bakwadi ba Katoliki ba ile ba kwala dibuka di le dintsi tseo thata thata di neng di diretswe go thusa Makatoliki mo go baleng Bibela ga bone. Mme bakwadi ba ba ntseng jalo ba iphitlhela ba lebagane le nko diaboga. Fa bakwadi ba ba ntseng jalo ruri ba batla go thusa Makatoliki go tlhaloganya Bibela, bano ka bofefo ba setse ba bile ba lemoga kafa dithuto tsa motheo tsa Katoliki di seong mo go yone. Mo letlhakoreng je lengwe, fa bakwadi ba leka go ema le dithuto tsa motheo tsa Katoliki, ba ngotla ikanyo ya babadi mo Bibeleng ka jaana ba nyenyefatsa Dikwalo bogolo go ngwao ya kereke.—Bapisa Mareko 7:13.
Makatoliki a a peloephepa a le mantsi a ntse a amogela thuso go tswa Basuping ba ga Jehofa. Mo mafatsheng a le mantsi diketekete tsa batho ba Katoliki di ntse di kgaratlhela go bala Bibela le go e utlwisisa mme ba fitlhela go sena thuso e e kalo kalo mo baruting ba bone. Ba tshwana le mogolwane wa Moethiopia yo o neng a bala buka ya ga Isaia. Fa moreri Filipo a ne a mmotsa gore a o ne a tlhaloganya seo a neng a se bala, Moethiopia ka boikokobetso o ne a araba a re: “Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgoge?” (Ditihō 8:31) Filipo o ne a mo thusa, mme ya re moragonyana monna yono yo o pelo e phepa a nna Mokeresete yo o kolobeditsweng. Ka mo go tshwanang, jaaka fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo Basupi ba ga Jehofa ba kopana le Makatoliki, mme fa bano ba re ba na le Bibela mo magaeng a bone, Basupi ba botsa fa e le gore a ba ka batla thuso ya go dira gore go bala Bibela ga bone go nne le mosola.
Go Bala mo go Solegelang Molemo
Mo tirong ya bone ya go ruta Bibela, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa selekanyo se segolo sa dithuso tsa go ithuta Bibela, jaaka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela (dipolelo di le 116 tsa Bibela tse di kwadilweng ka puo e e motlhofo le ka thulaganyo ya tlhatlhamano ya metlha), Is the Bible Really the Word of God? (eo e ntshang bosupi jwa boitseanape le jwa ditiragalo tsa gore Bibela e boammaaruri), “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial” (kakaretso ya diteng tsa Bibela mo bukeng nngwe le nngwe, gammogo le boikitsiso jwa mafelo le jwa ditiragalo), le O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise (eo e sobokanyang dikwalo mo ditlhogong tse 30 tse di botlhokwa-tlhokwa, go akareletsa le tsholofelo e e molemo-lemo eo Lefoko la Modimo le e bayang fa pele ga babadi ba ba peloephepa ba Bibela gompieno).
Dithuso tseno tsa go ithuta Bibela, gammogo le thuso ya botho eo Basupi ba ga Jehofa ba itumelelang go e neela kwantle ga tuelo epe, di tla dira gore go bala Bibela ga gago go itumedise le go nna le mosola. O tla fitlhela go na le kaelo ya botshelo jwa tsatsi le letsatsi le tsholofelo e e molemo-lemo ya botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo, koo, labofelo, thato ya Modimo e tla ‘dirwang mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.’—Mathaio 6:10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona footnote, “Reference Edition” ya New World Translation of the Holy Scriptures, 1984.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Moethiopia o ne a lemoga kafa a neng a tlhoka ka teng go tlhaloganya Bibela