Go Hukutsa Lefoko la Modimo Thata-thata
‘Fa o mo hukuletsa jaaka dikhumo tse di subegileng, o tla bona kitso e eleng yone tota ya Modimo.’—DIANE 2:4, 5.
1. Motswedi wa boammaaruri wa boitumelo ke eng, mme ka baka lang?
“GO tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale, le motho eo o bapalañ tlhaloganyō. Gonne tlhōtlhwa ea yōna e gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda e e itshekileng. O tlhōkèga bogolo go diperela: me mo diloñ cotlhe tse u ka di eletsañ ga go na sepè se se ka chwantshiwañ naè. Bolele yoa malatsi bo mo seatleñ sa gagwè se se siameñ . . . O setlhare sa botshelō mo go ba ba mo chwarañ: me go tlhōgōnōlō moñwe le moñwe eo o mo itshadisetsañ.”—Diane 3:13-18.
2. Ke ka baka lang fa Basupi ba ga Jehofa ba itumetse, mme ke tlhagiso efe e ba e neelwang kwa tshimologong ya kolobetso ya bone?
2 Bakeresete ba boammaaruri ba itumetse eleruri, go bo ba ile ba bona botlhale. Seo se raya kgono ya go dirisa kitso ya bone ya Lefoko ja Modimo mo kobamelong ya bone e e tlhagafetseng, mo go rarabololeng mathata a bone a letsatsi le letsatsi, le mo go direng diphetso malebana le mekgele ya bone ya botshelo. Pele ga ba ka amogelwa mo kolobetsong ke Basupi ba ga Jehofa, kitso ya motheo ya Bibela ya mokolobediwa mongwe le mongwe e lekwa ka dipotso tse di tlhamaletseng tse di tlhomaganang tse di utlwalang. Nngwe ya dipotso tse di feleletsang e botsa ka gore: “Morago ga go kolobediwa ga gago mo metsing, ke ka ntlha yang fa go tla bo go le botlhokwa-tlhokwa ka wena go tshegetsa thulaganyo e e molemo ya thuto ya botho le go abalana ka metlha mo bodiheding?” Seno se gatelela mo mogopolong wa yo o yang go kolobediwa tlhokafalo ya go tswelela a ithuta go pota ka kwa dilo tsa ntlha-ntlha le go ‘gagamalela kwa boitekanelong.’ (Bahebera 6:1) A mme ke botlhe ba ba tsayang tsia kgakololo eno?
3, 4. (a) Ke eng seo Paulo a neng a se tlhalosa ka Bakeresete bangwe mo Korintha le kwa Judea? (b) Go bonala bothata e le eng ka Bakeresete bangwe gompieno?
3 Mo lokwalong lwa gagwe lwantlha go Bakeresete ba Korintha, moaposetoloi Paulo o ne a ngongorega gore o ne a sa kgone go bua le bone “yaka ba semōea,” mme o ne a tlhoka go bua le bone “yaka banyana ba bannye mo go Keresete.” (1 Bakorintha 3:1) Ka mo go tshwanang, o ne a kwala, ka gongwe go Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Judea: “Eo re nañ le dilō di le dintsi go di bua kaga gagwè, le tse di thata go phuthololwa, ka lo setse lo kabetse ditsèbè. Gonne, ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti, me lo bile lo sa nntse lo tlhōka gore bañwe ba lo rutè ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo; lo bile gapè lo ba ba chwanecweñ ke mashi, e señ ke diyō tse di loileñ. Gonne moñwe le moñwe eo o hecwañ ka mashi ga a na tlwaèlanō le lehoko ya tshiamō; gonne ke ñwanyana hèla.”—Bahebera 5:11-13.
4 Gompieno, ka mo go tshwanang, go bonala ele gore ba bangwe, fa ba setse gangwe fela ba ile ba bapala kitso e e lekanetseng ya go ineela go Jehofa, ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise, ga ba tlhagolele mekgwa e e masisi, ya lobaka lo loleele lwa go ithuta. Ba ka nna ba ikutlwa gore ba itse mo go lekanetseng go “tswelela,” re ka rialo kafa semoyeng. Ga ba pote ka kwa seemo sa “mashi.” Paulo o tlhalosa ka tlhamalalo gore ba ba ntseng jalo ba sala ba ‘sena tlwaelano le lefoko ja tshiamo,’ ke gore, ga ba a tlwaelana le go dirisa “lehoko ya tshiamō” go lekeletsa dilo. Paulo o a oketsa: “Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlo a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.”—Bahebera 5:14.
Gore O Gole O Tlhoka “Diyō tse di Loileñ”
5, 6. (a) Ke eng se se leng boammaaruri ka bangwe bao ba ileng ba nna mo boammaaruring ka dingwaga, mme ke ka baka lang seno e le ditlhong? (b) Paulo o ne a reng kaga ba be ntseng jalo, mme jalo ba tshwanetse go dira eng?
5 O na le dingwaga tse kae o ntse o le motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa? A ke o lebelele kgolo ya gago ya semoya ka dingwaga tseo. A o ka kgona go tlhalosa mo Bibeleng boammaaruri fela jwa motheo, “ditlhaka tsa tshimologo tsa mafoko a Modimo”? Ba sekae bao ba ileng ba tswelela mo tseleng ya Bokeresete dingwaga tse 10 kana 20 ba sa ntse ba le mo seemong sa “mashi.” Batho ba ne ba tla akanya jang ka ngwana wa dingwaga tse 10, kana lekawana kana kgarebana ya dingwaga tse 20, yo o neng a sa ntse a nosiwa mashi ka lebotlolo? A seo e ne e se ketla e nna ditlhong? A mashi a a ntseng jalo a ne a se ketla a hubisa go gola ga gagwe? Motho yo o ka nna a tswelela a falola, mme ga a ketla a gola go nna mogodi o o nonofileng yo o itekanetseng Go ntse fela jalo kafa semoyeng.
6 Ke ka baka lang fa bangwe bao ba ileng ba nna Bakeresete ka dingwaga ba sa nonofa kafa semoeng go kgona go tsaya karolo e e tlhagafetseng mo go thuseng “banyana” ba ba golang, bao ba sa tswang go tsaya letlhakore la bone kafa go Jehofa? Bano ba ba iseng ba golele pele mo dingwageng ba amogela nako le theetso ya bagolwane ba Bakeresete le ba bangwe ba ba itekanetseng. Ba santse, jaaka Paulo a bua, bone ka bobone ba “chwanetse [ba] bo ne ne hano [ba] le baruti.” Go nna barutisi, ba tshwanetse go tswelela pele go pota ka kwa dijo tsa “mashi” le go tlwaela go ja “diyō tse di loileñ.” Ba ka dira seno jang?—Bahebera 5:12.
7. Go ya ka Bahebera 5:14, “diyō tse di loileñ” di tshwanetse batho ba ba ntseng jang, mme Mokeresete o tla go nna mongwe wa ba ba ntseng jalo iang?
7 Paulo o bolela gore “diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ,” mme o tlhalosa ba ba ntseng jalo jaaka “bōnè ba ea reñ ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” Ka mantswe a mangwe, bao ba tlwaetseng go dirisa kitso epe fela ya Lefoko ja Modimo ba tshwanetse go farologanya molemo le bosula mme ka iketlo ba thapise maikutlo a bone mme ba tla fitlhelela bogodi jwa Bokeresete. Ba tla tlwaelana le go dirisa “lehoko ya tshiamō” go lekeletsa dilo mme ka gone ba farologanye gareng ga seo se siameng le seo se gobatsang mo boitsholong, mo semoyeng, le eleng mo mmeleng. Ka go dirisa seo ba se ithutang, ga ba ketla e nna fela ‘ba ba sa tlwaelanang le lefoko ja tshiamo.’ E tla nna “banna ba ba godileñ,” bao “diyō tse di loileñ” eleng tsa bone.—Bahebera 5:13, 14.
Tlhagolela Mekgwa e Mentle ya “Go Ja”
8. Mokeresete o ka maya jang mo dijong tsa‘ ‘mashi,” mme o ka fetola Jang mekgwa ya gagwe ya “go ja” ya semoya?
8 Balwetsi bao ba ileng ba fepiwa ka mashi ka lobaka lo loleele lwa nako ba tshwanetse go tlwaetsa mebele ya bone go ja dijo tse di loileng fa ba fola. Ka mo go tshwanang, bao ba ileng ba tlhagolela mokgwa wa go “tlotlonya” dijo tsa semoya tse di fepiwang ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” ba tlogela lekekema le lengwe la dijo mo sejaneng, jaaka go ka tualo, dithathanyana tseo tse di ikgethetsweng tseo di sa tlhokeng go “tšhotlhiwa” (akanyediwa mo go kalo kalo le go batlisisiwa), ba tla tlhoka gore ba dire boiteko jo bogolo go tlhagolela mekgwa ya “ go ja” e e siameng ya semoya. Ba tla tlhoka go ‘tsibosa dikgono tsa bone tsa go akanya ka phepafalo’ le go ‘iteka ka natla thata.’—Mathaio 24:45; 2 Petere 3:1, 2; Luke 13:24.
9. Ke eng se se ka thusang mongwe yo o ileng a latlhegelwa ke keletso ya gagwe ya dijo?
9 Go na le dilo di le tharo tse di ka thusang motho yo o neng a ntse a bobola go tokafatsa keletso ya gagwe ya dijo tse di loileng, tse di otlang: (1) tlhotlheletso e e tshwanetseng, ke gore, keletso ya go tokafala le go nonofa gape, (2) go tswela pelo dijo tse di molemo tseo di fepiwang ka dipaka tsa ka metlha, le (3) phefo e ntšha e e lekanetseng le go itshidila. Dintlha tseno di ka thusa mongwe yo o ileng a latlhegelwa ke keletso ya gagwe ya dilo tse di boteng tsa Lefoko ja Modimo jang?
10. Ke tlhotlheletso efe e e tshwanetseng eo e tshwanetseng go re tlhotlheletsa go oketsa kitso ya rona ya Lefoko ja Modimo?
10 Motho ope fela yo o neetseng botshelo jwa gagwe go Jehofa o tshwanetse a nna le tlhotlheletso e e nonofileng ya go oketsa kitso ya gagwe ya Lefoko la Modimo. Lorato lwa rona go Jehofa lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go tlwaelana botoka le dinonofo tsa gagwe tse di gakgamatsang, thato ya gagwe, le maikaelelo a gagwe. Seno se tlhoka thuto e e nonofileng le tlhatlhanyo. (Pesalema 1:1, 2; 119:97) Gape, tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise ja Modimo e ikaegile ka go tswelela ga rona re ‘gopa kitso ya Modimo o osi o o boammaaruri le ya ga Morwawe, ebong Jesu Keresete.’ (Yohane 17:3) Mme keletso ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng ga e ya tshwanela go nna tlhotlheletso ya pele pele mo go ithuteng Dikwalo. Eo e ne e le phoso e Bajuda bangwe ba ba senang tumelo ba neng ba e dira. Go ‘hukutsa Dikwalo’ ga rona go tshwanetse ga dirwa thata thata ka ntlha ya lorato lwa rona go Modimo le keletso ya go dira thato ya gagwe.—Yohane 5:39-42; Pesalema 143:10.
11. Re tsholelwa dijo tse di monate-nate ka dipaka tsotlhe jang?
11 Letlotlo la dijo tsa semoya tse di ntshang pelo le go tsholwa ka metlha le “ka dipaka tse e leñ cōna” ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa rotlhe go bontsha kanaanelo ya rona ka go solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tse di molemo tse di baakanyediwang. (Mathaio 24:45) Re tshwanetse go tlhagolela mekgwa e e molemo ya “go ja” dijo tsa semoya ka go beela kwa thoko nako e e lekanetseng go bala le go ithuta boikitsiso jotlhe jo bo molemo mo dibukeng le mo dimakasineng tse di gatisiwang ke Watch Tower Society. Dijo tsa semoya di tsholwa ka dinako tsa ka metlha kwa dipokanong tse tlhano tsa beke le beke tse di rulagantsweng mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe. A o nna teng mo dipokanong tseno tsotlhe le go ipaakanyetsa le go tšhotlha ka botlalo dijo tseo di tsholwang?
12. (a) Tsela e nngwe eo ka yone Mokeresete a ka agelelang keletso ya gagwe ya dijo ya semoya ke efe? (b) Jalo, ke dipotso dife tse re ka di ipotsang?
12 Lorato lwa Modimo gammogo le lorato lwa mongwe ka rona lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go ithuta Lefoko ja Gagwe. (Luke 10:27) Motho yoo a ileng a latlhegelwa ke keletso ya gagwe ya dijo tsa mmele o ka solegelwa molemo ke phefo e ntšha le go itshidila. Jalo, gape, Mokeresete yo o batlang go agelela keletso ya “diyō tse di loileñ” o ka thusiwa ke go tswela mo tirong ya go rera le go dirisa kitso ya gagwe go anamisa “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” le go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa.’ (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Gakologelwa, Paulo o ne a re ka bao ba ileng ba ‘tla mo go reng ba tlhoke mashi,’ kana bana ba semoya, gore “ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti.” (Bahebera 5:12) O eme kae, mo lobakeng lo o ntseng o le Mokeresete wa boammaaruri? Fa o le mokaulengwe, a o ile wa gatela pele go ya boemong joo o ka nnang mosola jaaka “moruti” mo tshimong, mme ka gongwe gape jaaka mogolwane mo phuthegong? Fa o le kgaitsadi wa Mokeresete, a o kgona go tshwara dithuto tsa Bibela tse di agelelang mo magaeng a batho ba ba bontshang kgatlhego mo boammaaruring jwa Modimo kana ka gongwe o thusa bokgaitsadi ba gago ba Bokeresete mo tirelong ya bosupi?
Dira Gore Go Ithuta Go N ne Monate
13. Pharologanyo ke eng magareng ga go bala le go ithuta?
13 Go ile ga bolelwa gore go bala go monate e re ntswa go ithuta gone e le mmereko. Go na le boammaaruri bongwe kaga seo. Go bala mo gontsi mo go agelelang go ka dirwa gore go nne monate o o itapolosang. Ke eng se se ka ipedisang fela thata go na le oura kana tse pedi tse di sentsweng o ntse sentle o bala pego go tswa go Yearbook of Jehovah’s Witnesses kana tokololo ya makasine wa Awake!? Lefa go ntse jalo, go ithuta, go raya mmereko. Buka-mantswe e go tlhalosa ka gore: “Go ithuta go akantsha boikaelelo jo bo theetso jo bo tsweledisiwang ka tlhokomelo e e manontlhotlho ka ditlhaloso tse di ka nnang gone tse di ka senogang malebana le dikgono, kafa e ka dirisiwang, dipharologanyo, kana dikamano tsa selo se se ithutiwang.” Ee, go ithuta go tlhoka boiteko. Mme fela jaaka tiro nngwe le nngwe e e dirwang sentle e ka kgotsofatsa le go duela, go ithuta go ka nna monate ebile go ka duela kafa mokgweng Ke kgatlhego ya rona gore re go dire gore go nne jalo. Jang?
14. O ka tlhoka go dira eng gore thuto ya gago ya botho e nne monate ebile e le mosola?
14 Gore go ithuta go tle go nne monate ebile go nne mosola fela thata, go a tlhokafala go beela nako e e lekanetseng go go dira. Ereka “go ithuta go akantsha phetso e e nang le boikaelelo” le “tlhokomelo e e manontlhotlho ya ditlhaloso,” ke ga kae tota o ka bolelang ka boikanyegi gore o ile wa ithuta Tora ya Tebelo ya gago kana kgatiso e e dirisiwang mo Thutong ya Buka ya Phuthego? A gone go ka seke go nne boammaaruri thata go bolela gore gantsi o okola fela boikitsiso jo bo ithutiwang mme ka bofefo o bo o thalela dikarabo tsa dipotso, kwantle ga go tsenelela kwa teng mo ditlhalosong le mabaka ka ditlhaloso tse di neetsweng? Fa e le gore go ntse jalo ka wena, ka gongwe kgato ya ntlha e o tshwanetseng go e tsaya ke go tokafatsa mekgwa ya gago ya semoya ya “go ja” ka ‘go reka nako e e siameng’ ya go ithuta. (Baefesia 5:15-17) Seno se ka raya go tlosa fela thata nako mo dilong tse dingwe tse di seng botlhokwa mo go kalo kalo. Mme gongwe o ka gakgamadiwa ke kafa go ithuta go ka nnang monate ka teng fa o na le nako ya go dira gore thuto e nne yone tota go na le gore o potlakele go fetsa fela.
15. Ke eng se sengwe gape se se leng mosola thata mo goreng thuto ka bobedi e natefe le go nna mosola semoyeng?
15 Kgang e nngwe e e nyalanang le nako ke kgang ya thapelo. Lesego la ga Jehofa le a tlhokafala mo thutong gore e nne mosola semoyeng. Re tlhoka go mo rapela, ka leina ja ga Jesu, re mo kopa gore a bule megopolo ya rona le dipelo tsa rona le gore di tle di kgone go arabela sentle boammaaruri jo bo ithutiwang. Ke ga kae o ileng wa nna fa fatshe ka potlako mme wa baakanyetsa pokano, wa tloga wa lemoga moragonyana gore o ile wa lebala go kopa Jehofa gore a go segofatse le go go fa botlhale mo go diriseng dilo tse o ileng wa di ithuta mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi? Ke ka baka lang o ikamoga thuso ya ga Jehofa fa e le gone go bao ba e kopang?—Yakobe 1:5-7.
Go Hukutsa Thata-thata
16. Tumalanong le mokwalo wa setlhogo seno sa thuto, re tshwanetse go dirang go bona kitso, tlhaloganyo, le tlhalemaleje?
16 Diane 2:4, 5 e bolela gore: ‘Fa o mo hukuletsa jaaka dikhumo tse di subegileng, o tla bona kitso e e leng yone tota ya Modimo.’ Ditemana tse di dikologileng di bua kaga tlhokafalo ya go senka “mahoko” a ga Jehofa, “ditaolō,” “botlhale,” “tlhaloganyō,” le “tlhalemaleye.” Go hukutsa dikhumo go tlhoka boiteko le boitshoko. Go tlhoka gore o epele kwa teng teng. Ga go na pharologano epe le fa o hukutsa ‘kitso e e leng yone tota ya Modimo,’ ka “tlhaloganyō,” le “tlhalemaleye.” Seno gape se tlhoka go epela kwa teng teng, kana go phunyeletsa go pota ka kwa mo godimo. O seka wa ikutlwa gore go lekanetse go okola Lefoko ja Modimo fela fa godimo.
17. Dikwalo di reng kaga megopolo ya ga Jehofa, mme ka jalo re tshwanetse go lebogela eng?
17 Mopesalema o ne a bolela ka gore: “Ana ditihō tsa gago di dikgolo yañ, Jehofa! megopolō ea gago e boteñ thata.” (Pesalema 92:5) Moaposetoloi Paulo ka mo go kgatlhang o ne a kwala ka gore: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo!” (Baroma 11:33) Mo lokwalong lo longwe, o ne a bua ka “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Go boammaaruri, jaaka Paulo a tlhalosa, Modimo o senola dilo tse di boteng tse di ntseng jalo “ka Mōea” wa gagwe, maatla a a dirang ka natla thata godimo ga Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba tlhomilweng ke Keresete Jesu go baakanyetsa ka dijo tsa semoya. Re tshwanetse ra leboga eleruri ka go epa ga semoya moo go dirwang ke setlhopha seo sa “motlhanka” se phepafatsa se ba se nna se phepafaletsa pele “dilō tse di boteñ tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:10.
18. Mokeresete mongwe le mongwe o ka epela kwa teng teng jang mo Lefokong ja Modimo, mme ke didirisiwa dife tse di kgethegileng tse di baakanyeditsweng tsa go epa?
18 Mme seo ga se imolole Mokeresete mongwe le mongwe boikarabelo jwa go hukutsa thata-thata Lefoko ja Modimo, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya ka botlalo megopolo e e tlhalosiwang Seno se akareletsa go lebelela dikwalo tse di sa tsopolwang. Go raya go bala mafoko a a kwa tlase mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo, dingwe tsa tsone e le tse di lebisang mmadi go kgatiso e kgologolo e e baakanyetsang ka tlhaloso e e tletseng ya kgang e e rileng kana boperofeti. Go tlhoka go epela kwa teng teng, go dira boiteko mo go boneng kgatiso e kgologolo mme go tswa foo o ithute ditsebe tse go lebisitsweng go tsone. Go raya gape go dirisa ka botlalo dithuso tsa go ithuta Bibela ka mo go kgethegileng tseo setlhopha sa “motlhanka” se ileng sa di gatisa ka dingwaga, jaaka indexes, dikhonkhotense, Aid to Bible Understanding, le “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial.” Ee, Bakeresete ba ile ba baakanyediwa ka didirisiwa tsa go epa tse di molemo thata, ya bosheng jaana e le Bibela e e nang le Ditshupetso e ntšha ya puo ya Seesemane, eo e tla reng nako e ntse e ya, e nne gone ka dipuo tse dingwe dile mmalwa. A re diriseng didirisiwa tseno tsa go epa gore re solegelwe molemo.
Ithute Ka Boikaelelo
19. Ke tlhagiso efe e eleng botlhokwa-tlhokwa kaga kitso?
19 Boikaelelo jwa go hukutsa thata thata Lefoko ja Modimo ga se gore re ikutlwe re le botoka mo bakaulengweng ba rona kana gore re ikgantshe ka kitsonyana ya rona. Gantsi go ntse jalo ka batho ba lefatshe. Tota-tota, seo Paulo a se kwadileng fano se boammaaruri: “Kicō ea gogomosa, me loratō loa agèlèla.” (1 Bakorintha 8:1) Lorato lo tla re tlhotlheletsa go dirisa kitso ya rona mo go rereng le mo tirong ya go dira barutwa le mo go tlatseletseng ka botlhale bomosoleng jwa semoya jwa dipokano tsa Bokeresete.
20. Paulo o neela ditlhagiso dife malebana le seno?
20 A re seka ra ‘tlhola re le banyana,’ mme “re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhogō, eboñ Keresete.” (Baefesia 4:13-15) “A re gagamaleleñ kwa boitekaneloñ.” (Bahebera 6:1) A re nneng batho ba ba itekanetseng, ba ba kgonang go nwela mo ‘dijong tse di loileng’ tseo di tla re nonotshang semoyeng le go nna mosola moteng ga phuthego ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, seno se akareletsa se se fetang go gopa kitso ka go ithuta. Go tlhoka go ikotla ka mafoko a ga Jehofa kana dipuo tse di gatisitsweng ka kanaanelo, tseo re tla di akanyetsang mo setlhogong se se latelang.—Pesalema 110:1; Isaia 56:8; 66:2.
Fa re Ikgopotsa
◻ Ke ka baka lang fa bangwe ba sala e le “banyana” ba semoya fela?
◻ Ke eng seo se ka thusang motho gore a itekanele?
◻ Re ka tlhagolela mekgwa ya “go ja” e e molemo jang?
◻ Ke eng seo se ka dirang gore thuto ya rona ya botho e nne monate thata?
◻ Ke ka baka lang fa go tlhokafala go epela kwa teng teng mo Lefokong ja Modimo?
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Mabaka a a ka thusang motho go bona boitekanelo jwa gagwe jwa semoya
1. Tlhotlheletso e e tshwanetseng: Tlhagolela keletsoe e nonofileng ya go tlwaelana botoka le Jehofa
2. Go ja ka metlha: Solegelwa molemo ke dijo tsa semoya tse di tsholwang ka metlha ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”
3. Go itshidila: O dirisa kitso go thusa ba bangwe, jaaka go tswela mo tirelong ya go rera