Megopolo E E Tumileng E E Phoso Kaga Bibela
GO feta diponto di le 8 000 000! Abo e ne e le namane e tona ya tlhotlhwa go e duelela buka e le nngwe fela! Mme gone, e ne ya re fa mmapatsi ka palabalo a sena go tla mo Lontone ka December 1983, eo e ne ya nna tlhotlhwa e e neng ya duelwa ke moreki mongwe, yo a neng a tswa lefatsheng la Federal Republic of Germany. Ke buka efe eo e neng e ka ja bokalo? E ne e le bontlhanngwe jwa Bibela, tota tota e le buka ya Diefangele e e kgabisitsweng thata ya lekgolo la dingwaga la bo-12.
E ka ne mabaka e ne e le afe a go duela tlhotlhwa e e kalo kalo ka buka eno ya mokwalo wa bogologolo, ke mo go kgatlhisang go bo tlhotlhwa e e ntseng jalo e ne e le ya tiro ya botswerere ya karolo nngwe ya Bibela. Ke mo go bontshang pono e batho ba le bantsi ba nang le yone kaga Bibela gore ke e e tlhotlhwa kgolo. Lefa go ntse jalo, ba bangwe, ba leba Bibela ka leitlho le le maswe kana le eleng ka letlhoo. Ka baka lang?
Megopolo E E Tumileng E E Phoso
Batho ba le bantsi, segolo bogolo mo mafatsheng a Boganetsa-katoliki, ba iphaka gore Bibela e tshwana le seletso sa bogologolo seo se ka dirisediwang go tshameka melodi e le mentsi. Ba ikutlwa gore Bibela e ka dirisiwa go supela ditumelo tsa motheo di le dintsi tse di thulanang. Ba re: ‘Go ikaegile fela ka gore wena o e tlhalosa jang.’ A seno se boammaaruri?
Gone go ntse jalo, Bibela e ka tsopolwa ka maiteko a go tshegetsa dipono tse di farologaneng. Mme fa ditlhaloso di fapaana le mokwalo ka kakaretso, a se se kwadilweng ke mokwadi se ka se bonale e le se se ikganetsang? A mme gone, seno e tla bo e le boikanyegi? Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go bala Bibela ka boikanyegi ga go dumelele gore go ka nna le diphuthololo tse di ganetsanang tsa dithuto tsa konokono.
Bibela ka boyone e a tlhalosa, “Lo nntse lo itse mo pele, go re, ga go na polèlèlō pele epè ea dikwalō e e iphuthololèlwañ ke motho a le moñwe hèla.” (2 Petere 1:20) Ka mantswe a mangwe, maatla ao a ileng a tlhotlheletsa go kwalwa ga Dikwalo tsa boperofeti e ne e se fela maatla a motho a a tlwaelegileng, mme e ne e le moya o o boitshepo, kana maatla a a dirang, a Modimo. Ke ene moperofeti wa ntlha mo go botlhe le Motlhotlheletsi wa boperofeti jwa boammaaruri jotlhe jwa Bibela ka maatla a gagwe a a dirang a a sa bonaleng.
Mogopolo o mongwe o o phoso o o tumileng ke wa gore, lemororo Modimo wa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tse di tlhotlheleditsweng e le yo o bopelonomi le lorato, Modimo wa Dikwalo tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng ke yo o setlhogo le yo o ipusolosetsang. Mokwadi wa dipolelo wa Mofora Stendhal o ne a kwala ka gore Modimo “ke mogateledi, mme, ka tsela eo, o tletse megopolo ya go ipusolosetsa; Bibela ya gagwe e bua fela ka dikwatlhao tse di boitshegang.” Kgopolo eno ga e gakgamatse, ka jaana e tswa monneng yo o neng a itsege jaaka molatola Modimo yo o senang boitshwaro. Ka maswabi, kgopolo e e tshwanang eno e fitlhelwa le mo go ba le bantsi ba ba ipitsang ba re ke Bakeresete, go akareletsa le baruti bangwe.
Boammaaruri ke gore mo karolong e e neng e kwadilwe pele ka Sehebera le mo karolong e e kwadilweng ka Segerika, Dikwalo di tlhalosa ka tlhamalalo gore “go Modimo o le moñwe hèla.” (1 Bakorintha 8:6; Duteronome 6:4) Dikarolo tsoo pedi di bontsha gore Modimo o kutlwelo botlhoko, o tshiamiso, o lorato, ebile o tsepame. (Ekesodo 34:6, 7; Pesalema 103:6-8; 1 Yohane 4:8; Bahebera 12:28, 29) Dingwe tsa ditemana tse di maneneketso thata tsa Dikwalo di fitlhelwa mo karolong ya Sehebera ya Bibela, jaaka mo go Dipesalema. Ka mo go farologaneng, “Testamente e Ntšha” e tshotse ditlhaloso tse di gakgamatsang tsa katlholo e e botlhoko e e tla neelwang baikepi. (2 Bathesalonia 1:6-9; Tshenolō, dikgaolo 18 le 19) Bibela go tloga fela kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong e tsholetse basiami tsholofelo e e molemo-lemo. (Genesise 22:17, 18; Pesalema 37:10, 11, 29; Tshenolō 21:3, 4) Ka gone, Bibela e ya dumalana go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong.
A Ke “Buka ya Boganetsa-katoliki”?
Mogopolo o o phoso o o tlwaelegileng gareng ga makgolokgolo a dimilione tsa Makatoliki ke gore Bibela ke “buka ya Boganetsa-katoliki.” Makatoliki a a peloephepa ga a a tshwanelwa go bonwa molato ka pono eno. Ka makgolokgolo a dingwaga Kereke ya Roma Katoliki e ne e iletsa go balwa ga Bibela ka puo lefa e ka nna efe fa e se Selatine. Seno se ne sa dira gore bakereki ba ba tlwaelegileng ba Makatoliki ka bontsi ba se kgone go fitlhelela Dikwalo. Gone ke boammaaruri, fa esale ka 1897 mme segolo bogolo fa esale ka “Vatican Council” (1962-1965), Makatoliki a ile a nna le tshwanelo ya go bala Dibibela tsa dipuo tse di tlwaelegileng tseo di amogelwang ke Roma. Mme dingwao di swela thateng. Jalo mo mafatsheng ao Bokatoliki bo leng bontsi thata, go bala Bibela go sa ntse go amanngwa le Boganetsa-katoliki.
Ba le bantsi ba ba iphakang gore ke Makatoliki bao mo dingwageng tsa bosheng jaana ba ileng ba ithekela Bibela ba santse ba ka se e tshware fela kwantle ga go itewa ke letswalo. Ka baka lang go ntse jalo? Ka jaana kereke ya bone e santse e ruta gore go bala Bibela go ka nna kotsi. Ka baka lang? Ka go bo Kereke ya Roma Katoliki ya re Bibela ga e ya tshola tshenolo e e feletseng ya boammaaruri jwa Bokeresete; e tshwanetse ya wediwa ka “ngwao.” Mo bukeng ya gagwe ya La Parole de Dieu (Lefoko la Modimo), Georges Auzou, moporofesa wa Katoliki wa Dikwalo tse di Boitshepo, o ne a kwala a re: “Ngwao e etelela pele, e ya hupetsa, e tsamaisana mmogo ebile e feta Dikwalo. . . . [Seno] se re thusa go utlwisisa gore ke ka ntlha yang fa Kereke e ile ya seka ya dira gore go bala Bibela kana go e ithuta e nne tlamego e e pateletsang kana e nne tlhokafalo e e feletseng.”
Ke Eng Bibela e Tshwanetswe go Balwa?
Lefa go le jalo, Makatoliki a le mantsi ba ba pelo e phepa go dikologa lefatshe ba ntse ba itshenkela Bibela le go batla thuso ya go e utlwisisa. Go ntse fela jalo le boammaaruri ka Baganetsa-katoliki ba ba swabisitsweng mme le eleng bangwe bao ba ileng ba baya ditsholofelo tsa bone mo bokomanising, go bojammogo, kana mo boitseanapeng.
Fa a ne a nankola kgatlhego e e tlhagafetseng go dikgang dingwe tsa semoya, mokwadi wa tsa bodumedi ebong Alain Woodrow o ne a kwala jaana mo koranteng ya Paris ebong Le Monde: “Seno e nna yone karabelo ya ntlha ya tlholego mo tshwabong eo e lerilweng ke go palelwa ke ditsamaiso tse dikgolo tsa thuto, megopolo, dipolotiki, le boitseanape.” O ne a re mabaka a mangwe ke “go tlhoboga dikereke tsa motheo ka ntlha ya go itsalanya ga tsone le dipolotiki le bahumi ba madi ba lefatshe jeno,” mme, sa bofelo, e le seo a neng a se bitsa “poifo ya nyeletso.”
O ka nna wa bo o le mongwe wa bao ba ileng ba simolola go bala Bibela. Fa go ntse jalo, o tla tlhoka go itse kafa o ka dirang gore go bala Bibela ga gago e nne mo go mosola.