LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 6/1 ts. 29-31
  • Go Ikobela Jehofa ka Boineelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikobela Jehofa ka Boineelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mma Go Nnè Yalo Gompiyeno”
  • Phetso E Theilwe mo Kitsong
  • Moaparo o o Tshwanetseng
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bokao Jwa Kolobetso ya Gago
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 6/1 ts. 29-31

Go Ikobela Jehofa ka Boineelo

“REA ITSE ha re le ba Modimo, me lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Ka polelo eo moaposetoloi Johane o ne a tlhomamisa boammaaruri jo batho ba bantsi ba sa bo dumeleng, eleng, gore lefatshe jotlhe le namaletse mo thateng ya “eo o boshula,” ebong Satane. Lefa go ntse jalo, Satane “ga a . . . ame” bao eleng ba Modimo wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ka gone lelapa lotlhe la setho le tshwanetse la nna kafa tlaseng ga puso ya ga Satane kana tlaseng ga puso ya ga Jehofa. Ke kgang ya boikgethelo jwa botho. O tla ineela go mang? Go Satane? kana go Jehofa?​—1 Yohane 5:18-20; New International Version; Today’s English Version.

Jaanong go feta le g eleng pele ke nako ya jeff gore mongwe le mongwe a kgethe. (Luke 21:31, 32) Jesu o ne a bontsha gore ga go kake ga nna go nna taola ya sejaro, kana go nna fela mo ketsaetsegong. O ne a re, “Eo o sa èmañ le nna o tlhabana le nna; le eo o sa phutheñ le nna oa halatsa.” (Mathaio 12:30) Re ka tlhomamisega jang gore re phutha le Keresete? Ditumelo tse dintsi tse di kgaoganeng le tse di farologaneng di iphaka go nna tsa Bokeresete, go bo di “pholositswe” le go “tsalwa sesha,” mo le one mareo ano a ileng a isiwa tlase. (Mathaio 19:16-26; Yohane 3:3; 10:9) Mokaedi ke yo: A re dumela le go bolela seo Jesu a neng a se dumela le go se bolela? Jaaka Mojuda, eleruri o ne a se ka a leka go ikgalaletsa ka go ruta thuto ya motheo ya diphera ya Tharo-nngwe. (Yohane 14:28; 17:1-5) Mme o ne a bolela molaetsa o o papametseng, oo wa Bogosi jwa Modimo. Ka a ne a tshwenyegile ka thomo ya gagwe Jesu o ne a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.”​—Luke 4:43.

“Mma Go Nnè Yalo Gompiyeno”

Pele Jesu a ne a ka simolola bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa jwa go itsise Bogosi jwa Modimo, o ne a tsaya kgato e e botlhokwa e e direlang jaaka sekao go botlhe bao, jaaka ene, ba tla ineelang go Rraagwe. Pego ya ga Mathaio e ya re bolelela: “Hoñ Yesu a cwa kwa Galilea, a tla kwa Yoredane kwa go Yohane, a tla go kolobediwa ke èna.” Fa Johane a ne a gana ka gore ke ene yo a tshwanetseng gore a kolobediwe, Jesu o ne a fetola ka gore: “Mma go nnè yalo gompiyeno: gonne go re chwanetse go dihatsa tshiamō eotlhe yalo.”​—Mathaio 3:13-15.

Ereka a ne a tlhoma sekao mo go dihatseng “tshiamō eotlhe” ka go nwediwa mo Joredane, Jesu e ne e ka re morago a neela barutwa ba gagwe taolo: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Gareng ga dilo tse dingwe, kgato eno ya kolobetso e ne e ka direla go kgetholola bao ba neng ba tla ithaopela go ineela go Modimo wa boammaaruri, Jehofa, mo boemong jwa go ineela go Satane. Mo ngwageng ya tirelo e e fetileng (September 1983–August 1984) batho ba ba batlileng ba nna 180 000 lefatshe ka bophara ba ne ba supa kgetho ya bone ka kolobetso ya metsing. Ba ne ba supa gore ba ikanya bolaodi jwa ga Jehofa go na le joo jwa ga Satane.​—Diane 27:11.

Phetso E Theilwe mo Kitsong

Ka mo go tshwanang monongwaga dikete tse dintsi di akanyetsa kgato ya kolobetso ka nako ya Kopano ya “Baboloka Bothokgami” eo e tla tshwarelwang mo mafelong a le mantsi lefatshe ka bophara. Pele ba fitlhelela ntlha eno ya kolobetso, ba ba batlang go ya metsing ka kelotlhoko ba ile ba boeletsa le bagolwane ba phuthego dithuto tsa motheo tsa konokono le dikaelo tsa Bibela tsa boitshwaro jwa Bokeresete go tlhomamisa gore a jaana ba tshwanelegela kolobetso. Ka gone phetso ya go kolobediwa ga se fela go phadimoga ka tshoganetso ga maikutlo. Go na le moo, mongwe le mongwe o ile a ‘lemoga se eleng thato ya Modimo se se molemo le se se lebosegang le se se itekanetseng’ mme a eletsa go ineela go thato eo.​—Baroma 12:2.

Kwa bowelong jwa polelo ya kolobetso ya kopano, ba ba yang kolobetsong ba tla bo ba le mo seemong sa go ka arabela ka kutlwisiso e e boteng le kanaanelo ya pelo dipotso tse pedi tse di motlhofo tse di direlang go tlhomamisa gore a ba lemoga se se kopanyelediwang mo go lateleng sekao sa ga Keresete. Potso ya ntlha ke e:

Mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago ebile o ineetse go Jehofa go dira thato ya gagwe?

Ya bobedi ke e:

A o a tlhaloganya gore boineelo jwa gago le kolobetso di go kgetholola jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo bolekaneng le phuthego e e kaelwang ka moya wa Modimo?

Fa ba sena go araba, dipotso tseno ka “ee” ba ba yang kolobetsong ba na le boemo jwa pelo jo bo siameng go ka tsenelela kolobetso ya Bokeresete.

Moaparo o o Tshwanetseng

Ka dinako tse dingwe dipotso di ile tsa bodiwa kaga mokgwa o o tshwanetseng wa go apara wa bao ba kolobediwang Bori eleruri bo tshwanetse jwa bonala mo mofuteng wa diaparo tsa go thuma tse di dirisiwang. Seno se botlhokwa gompieno fa badiri ba feshene go lebega ba batla go phaphasetsa dikgang tsa dikobo mme ba batla gore ba fitlhelele le eleng kwa bosaikategeng gotlhelele. Lebaka le lengwe go le akanyetsa ke gore diaparo dingwe tsa go thuma tseo di lebegang di le bori fa di omile ga di a nna jalo fa di le metsi. Ga go ope yo o kolobediwang yo o tla batlang gore a fatlhe ba bangwe kana a kgopise mo tiragalong eno e e masisi jaaka ya kolobetso.​—Bafilipi 1:10.

Mo nakong e e fetileng, bangwe ba ile ba tlopela mo go ntsheng dimpho tse dituru le go dira diphathi tse di tona tsa batho ba ba sa tswang go kolobediwa bosheng. Kolobetso ke paka ya boipelo jo bogolo jo bo ka abalanwang, mme gongwe lefoko la tlhagiso fano le ka tshwanela tota. Bibela e tlhalosa ka gore: “Bokhutlō yoa selō bo molemō bogolo go tshimologō ea shōna.” (Moreri 7:8) Kolobetso ke tshimologo​—tshimologo ya lobelo lwa Mokeresete mo polokong go ya botshelong. Eleruri ga go na rekoto e telele ya tirelo ya boikanyego e e setseng e tlhomilwe. Jalo ke ka baka lang fa go dirwa gore basokologi ba ba sa ntseng ba le basha ba ikutlwe ba le botlhokwa ka mo go sa tlhokafaleng?​—Bapisa 1 Timotheo 3:6.

Rekoto ya Bibela e reng kaga seo se neng sa diragala morago ga ba ba dikete tse tharo ba se na go kolobediwa ka Pentekosete 33 C.E.? “Me ba nnèla rure mo thutoñ, le mo boñweheleñ le baaposetoloi, le mo go ñathoganyeñ senkgwè, le mo merapeloñ.” Ba ne ba remelela mo dilong tsa semoya mme ba abalana go tsholana sentle ga bone. (Ditihō 2:41, 42) Kolobetso ke nako ya go tlhatlhanya le kgopolo e e sisibetseng. Re a ipela go bona diithuti tsa rona tsa Bibela di tsaya kgato eno e e botlhokwa. Mme moaparo wa rona o o tshwanetseng kwa lefelong la kolobetso o tshwanetse go supa mo balebeleding gore phetso e e botlhokwa-tlhokwa e ile ya dirwa​—go ineela go Modimo jaaka Morena wa Lobopo mme, jaaka mosupi wa ga Jehofa, go se nne karolo ya lefatshe leo le namaletseng ‘mo thateng ya yo o bosula.’​—1 Yohane 5:19; Mathaio 4:10.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 30]

Go tloga ka June 1984, go ile ga tshwarwa Dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa di le 808 tsa “Koketsego ya Bogosi” go dikologa lefatshe. Palo ya botlhe ba ba neng ba le teng e ne e le 5 002 684. Mo go bano go ne ga kolobediwa bale 63 556.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela