Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A go na le dilo tseo re tshwanetseng go di tila fa re rapela Jehofa?
Ee, di teng Re tshwanetse go tila go bua dilo tseo mo dithapelong tsa rona di ka utlwalang e le matshamekwane le go akantsha go ba bangwe (mo dithapelong tsa phatlalatsa) gore ga re na tlotlo. Mafoko a a jaaka “Dumela Jehofa” le “Re dumedisetse Jesu,” ga go a tshwanela, lefa e le gone go dira dikakgelo tse di tshegisang kana le eleng dingwao mo dithapelong tsa rona. Ka baka lang?
Lebaka le le lengwe, fa dipolelwana tse di ntseng jalo di dirisiwa mo thapelong ya phatlalatsa, go lebega di tla tshosa kana le eleng go kgopisa bao ba reeditseng (Baroma 14:21) Mme go na le lebaka le le tebileng la gore ke ka baka lang fa dipolelo tse di ntseng jalo di tshwanetswe tsa tilwa, le eleng mo dithapelong tsa rona tsa mo sephiring Tseno ke dipolelo tseo re di dirisang mo motlotlong magareng ga bommata. Fa di dirisiwa mo thapelong di akantsha tlhaelo ya poifo le tlotlo, ebile di neela boikutlo jwa gore yo o rapelang ka gone o lebetse boemo jwa gagwe gotlhelele jwa boseng sepe fa a bapisiwa le Jehofa.—Genesise 18:27; bapisa Luke 18:9-14.
Go boammaaruri gore Bakeresete ba kgothalediwa go tlhagolela kamano e e atamalaneng le Jehofa. Re a mo rata ebile ke Rre wa rona wa selegodimo (Mathaio 6:9; 22:37) Tota, batho bangwe ba ka bidiwa ditsala tsa gagwe. (Yakobe 2:23) Mo godimo ga moo, re lalediwa go bua le Jehofa ka kgololesego ya puo le go mo tlhalosetsa megopolo ya rona e e kwa teng teng le mathata a rona a a fitlhegileng—Pesalema 55:1, 2; Bafilipi 4:6; Bahebera 4:16; 1 Yohane 3:21, 22.
Lefa go le jalo, Jehofa o batla boikutlo jo bo tshwanetseng go bao ba mo atamelang O ne a re: “Me motho ke eo, eo ke tla lebañ kwa go ena, eboñ eo o humanegiIeñ, a le mōea o o ñomogileñ, me a roroma ka lehoko ya me.” (Isaia 66:2) Patlafalo e nngwe gape ke pelo e e tlhoafetseng “Retologelañ mo go nna ka pelo eotlhe,” Jehofa o ne a raya batho ba gagwe jalo. (Yoele 2:12, 13) Ga re ka ke ra itsaya jaaka ekete re na le tshwanelo epe mo pele ga gagwe, ga go na lebaka la go ikgopola, tshwanelo ya go batla gore go nne jalo.
Bibela e neela kgakololo e nngwe gape go bao ba rapelang Jehofa: “Me batho ba mmoiha ka ntlha ea gōna mouō: ga a tlhokomele bape ba ba pelo e e tlhalehileñ.” “O tla dihatsa keleco ea ba ba mmoihañ: le gōna o tla utlwa picō ea bōne, a ba boloka.” (Yobe 37:24; Pesalema 145:19; bona gape Pesalema 39:5, 12.) Ka jalo, e re ntswa Jehofa a iketleeditse ka metlha go reetsa dithapelo tsa rona, tsela eo re mmuisang ka yone e tshwanetse go bontsha temogo ya rona ya boseng sepe, gammogo le tlotlo ya rona e kgolo go ene. Katamelo epe fela e nngwe e ka akantsha boikgopolo bobe, tlhaelo ya boikobo, kana tlhaelo ya tlhoafalo.
Ka dinako tse dingwe bana mo dithapelong tsa bone ba dirisa dipolelwana tse di tshegisang tseo di ka dirang gore batsadi ba bone ba rumarume. Mafoko a a ntseng jalo ke tshupo e e ikuelang ya botlhoka molato jwa bongwana mme e bontsha kafa Jehofa a leng wa mmatota go bone. Legale, jaaka batsadi. ka temogo ya bone e kgolwane ya seo se kopanyelediwang, ba tshwanetse go tila boithamako Ba tshwanetse go atamela Jehofa ka tlhoafalo, ka poifo, ka boikobo, le ka tlotlego le tshisibalo.—1 Bakorintha 13:11.