LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 6/1 ts. 28
  • Paka e e Ipedisang E Le Tota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paka e e Ipedisang E Le Tota
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Aloga ga Setlhopha sa bo-83 sa Gileade Tiragalo e e Ipedisang e le Tota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Ipela le Setlhopha sa bo 82 sa Gileade
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tlelase ya bo-84 ya Sekolo sa Gileade—E Diragatsa se se Solofetsweng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 6/1 ts. 28

Paka e e Ipedisang E Le Tota

MARCH 3, 1985, e ne e le paka e e ipedisang e le tota segolo go baithuti ba ba 42 ba tlelase ya bo-78 ya Sekolo sa Bibela sa Gilead sa Watchtower. E ne e se letsatsi la kaloso fela​—le e neng e le lone lebaka je legolo ja boipelo-mme gape e ne e le lwantlha kaloso ya Gilead e tshwarelwa kwa Holong ya Kopano e ntsha mo Brooklyn. e e neng ya kgakolwa letsatsi pele ga foo.

Ka 10:00 a.m., holo e e nnang batho ba le 2 400 e ne e tletse ebile e penologa ka baithuti ba ba alogang, malapa a bone le ditsala tsa bone, mme, e ne e le lwantlha mo dingwageng tse dintsi. lelapa lotlhe la Bethele la Brooklyn le nna teng mo kalosong ya Gileade. O ne o bona fela gore go itumetswe. Mme motlotlo o ne o okangwe ke dikakgelo tsa kafa bakaulengwe ba ileng ba shafatsa holo bontle fela thata ka teng. Go ne go bonala sentle gore go ne go se ope yo o neng a ikgogona mo boipelong le mo tebogong tseo pelo ya gagwe e neng e tletse ka tsone.

Mo godimo ga tlhogo fela ka 10:00 a.m., Theodore Jaracz, modulasetilo wa letsatsi leo, o ne a kopa theetso mo bareetsing O ne a gwetlha go opiwa ga legofi mo go kibanyang ditsebe fa a ne a simolola fela ka gore: “Go monate go bo re le fa, a gago jalo?” Ka phepafalo, o ne a kgatlha bareetsi thata thata ka mafoko ao.

Go bonala fa kgang kaga boitumelo e ne e le mo megopolong ya dibui tsa letsatsi leo thata. George Gangas wa Setlhopha se se Laolang o ne a bua ka setlhogo se se reng “Ipeleleng Boitumelo mo Tshimong ya Borongwa​—Jang?” O ne a bolelela baithuti ba ba alogang gore jaaka Jehofa a ne a dirisa baengele mo nakong e e fetileng. “Jehofa o tla le dirisa go golola batho mo bokgobeng jwa kgolegelo ya ga Satane.” Akanya fela gore ba tla tlelwa ke boitumelo jo bo kana kang ka ntlha ya seo! Go tswa foo Daniel Sydlik o ne a gakolola baithuti go “tsamaya mmogo le tsala e ba ntshanyang seinong le yone” jaaka ba ya mo dikabelong tsa bone kwa mafatsheng a sele. Tsala eo ke Bibela. O ne a ba raya a re, fa ba le mo mathateng. ba ka ikaega ka yone. E maatla fela thata mo eleng gore seele se le sengwe. kana le eleng lefoko, le le tswang mo go yone ka dinako tse dingwe le lekanetse go thusa motho yo mongwe. E baleng le go e reetsa letsatsi le letsatsi, o ne a tlhagisa baithuti jalo, mme le thuse ba bangwe go dira se se tshwanang.

Fa a ne a tlhalosetsa pele setlhogo sa boitumelo, Robert Wallen wa Komiti ya Legae ya Bethele o ne a kgothaletsa baithuti go nna le boikutlo jwa “Ke hano, roma nna,” mme Joel Adams wa Komiti ya Lephata la Tirelo o ne a bolelela tlelase gore: “Go ipelela boitumelo ka botlalo ka mo go feletseng, re tshwanetse go ineela gotlhe-gotlhe mo go direng thato ya Modimo. Dilo tse pedi tseo ga di kgaogane.”

Baithuti gape ba ne ba amogela kgakololo e e ba tsamaisang sentle mo bathapising ba bone. Ulysses Glass o ne a ba gakolola gore “botshelo jwa borongwa ga se gore bo ile go nna phatsimo ya letsatsi le lesedi gotlhe fela.” Fa a ne a gopotsa ka tiragalo e e gakgamatsang ya ga Elija le Elisha, o ne a ba kgothaletsa go etsa setlhopha sa motlha wa segompieno sa ga Elisha mme ba ngaparele tiro ya bone go ya bofelong. Jack Redford o ne a tshwarisa mongwe le mongwe kgakge ka gore: “Ngogola ke ne ka kopana le monna yo a iseng a ke a dire phoso ka dingwaga tse 4 000.” O ne a lebisitse go setoto sa motho se se omisitsweng sa Egepeto mo museamong. Legale, ntlha ke gore, batho ba ba suleng ke bone fela ba ba sa direng diphoso. Fa re lebaganngwa le diphoso tsa rona, a re dira jaaka Saule, yo o neng a leka go siamisa diphoso tsa gagwe, kana jaaka Dafide. yo o neng a amogela tsa gagwe ka tlhamalalo? Dipotso tseo ke tse di gwetlhang maikutlo ammaaruri!

Sebui sa bofelo sa mo mosong e ne e le mookamedi wa Sekolo sa Bibela sa Gilead sa Watchtower, F. W. Franz. Erile a bitsa go tlhomiwa ga Sekolo sa Gilead “tshupo e e nonofileng thata-thata ya tumelo,” o ne a gakologelwa kafa sekolo se ileng sa fefosa thata-thata tiro ya go bolela mafoko a a molemo a Bogosi lefatshe ka bophara. Jaanong baithuti ba ba 42 ba tlelase ya bo-78 ba na le tshiamelo ya go tswela kwa ntle kwa mafatsheng a a 14 go thusa mo tirong eno e ntle thata.

Morago ga go amogela “diploma” tsa bone, mongwe wa baithuti, Gordon Grant, o ne a tla kwa pele mme a bala lokwalo lwa kanaanelo go tswa mo tlelaseng. “Re ne ra tla jaaka banna le basadi ba ba tlhokang, lemororo re ne re sa go lemoge ka nako eo,” o ne a rialo. “Gompieno, kwa bowelong jwa dikgwedi tse tlhano fela, re lemoga re humile re bile re tletse.” Ba ititeile sehuba go dirisa thapiso ya bone le mahumo a bone a semoya ka botlalo mo dikabelong tsa bone tse disha.

Thulaganyo ya mo maitseboeng e ne ya simolola ka baithuti ba tlhakanela mo Thutong ya Tora ya Tebelo e e khutshwafaditsweng e e neng e kgweediwa ke Calvin Chyke wa Komiti ya Feketiri. Go tswa foo baithuti ba ne ba dira metshameko e e khutshwafaditsweng e e nonofileng ya maitemogelo le dipina, e tlotlomatsa seo ba ileng ba se ithuta fela ka go lebelela le go kopana le lelapa la Bethele le ba bangwe. Kwa bofelong, ba ne ba tshameka motshameko wa Bibela o o amang pelo, o ikaegile ka pego e e sa lebalesegeng e e nang le bokao ya ga Josefa le bomorwa-rragwe Bareetsi ba ne ba sekile dikeledi.

E ne ya re fa modulasetilo a wetsa dithulaganyo tsa letsatsi leo. mongwe le mongwe mo bareetsing ka pelo yotlhe o ne a dumela gore go ile ga nna molemo ka bone gore ba bo ba le gone. Ee. e ile ya nna letsatsi le le tletseng ka dilo tse di molemo tsa semoya​—paka e e ipedisang e le tota!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela