Abo Botsala jwa Gago Modimo, Bo Le Tlhotlhwa Kgolo Ruri!
Jaaka go boletse Daniel Sydlik
Ke tsaletswe gaufi le polase ya Belleville, mo Michigan, ka Tlhakole 1919. Mmelegisi o ne a thusa mo pelegong ya me, ereka mmè yo o fudugileng go tswa nageng e nngwe a ne a tsaya ngaka e se na mosola. “Ke goreng ke ya sepatela? Nna ga ke a lwala,” o ne a bolela jalo ka Seesemane sa gagwe se se reketlang go ope yo o neng a mmotsa gore ngwana o ne a tla tsalelwa kae.
Go ne go le bokete fela kwa polaseng. Mo go batleng botshelo jo bo botoka lelapa la rona le ne la fudugela kwa Detroit. Go ise go e kae fela thata morago ga moo Rre o ne a lwala mme a tlhokafala fa ke ne ke le dingwaga tse tharo. O ne a kopanela ka tlhagafalo le Diithuti tsa Bibela tsa Merafe-rafe, tseo gompieno di itsiweng jaaka Basupi ba ga Jehofa.
Mmè o ne a setse jaanong le bana ba le barataro le go sala a duela dikoloto. O ne a ganetsa bodumedi jwa ga Rre ka matlho a mahibidu, mme morago ga loso lwa gagwe o ne a retologela mo Bibeleng go bona gore ke eng fa e ne e mo kgatlha mo go kana kana. Morago ga dingwaga di le mmalwanyana le ene gape o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Morago ga Rre a sena go swa, Mmè o ne a direla jaaka morekisi mo dioteleng bosigo mme a tlhokomela lelapa mo motshegareng. Seno se ne sa tswelela go fitlhelela a nyalwa gape dingwaga di le mmalwa moragonyana. Rre wa bobedi o ne a ganelela a ba a atlega mo goreng lefelo le le botoka go godisa bana e ne e le kwa metseng ya selegae mme eseng mo dikagong tse di phatlaletseng tse di kgotlaganeng.
Go ne ga rekwa polase ya diekere tse 55 (22 ha) gaufi le Caro, mo Michigan. Fa re ne re goroga ka dikgakologo tsa 1927, ditlhare tsa maungo di ne di thuntse. Phefo e ne e le monatšana ka monko o o monate wa dithunya tsa naga, mme ditlhare di ne di le ditala. Go ne go na le madutlela a go thumela, ditlhare tse di ka palamiwang, le diphologolo tse go ka tshamikiwang le tsone. Botshelo fano bo ne bo le monate tota tota! Bo ne bo sa tshwane le kwa toropong. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa kwa magaeng bo ne bo le bokete thata mo go Mmè. E ne e le masimologo a jone a a makgwakgwa thata—go se na metsi a diphaephe, go se na diphaephe mo ntlong, go se na motlakase.
Mariga a ne a le maleele ebile a le tsididi thata thata. Bana re ne re robala gautshwane le borulelo, koo kapoko gantsi e neng e a tle e rothele ka marakanelo a marulelo mme tota e felele e bipile malao. Mo mosong e ne e le pogisego e e botlhoko thata go apara marokgwe a a tsididi-tsididi ao ka dinako tse dingwe a neng a gatseditswe a omeletse ke serame. Ditiro tsa go tlhokomela lefelo la polase di ne di tshwanelwa ke go dirwa pele ga sefitlholo. Go tswa foo go ne go tla nako ya go ralala dikgwa go iwa sekolong, koo go neng go na le tlelase e le nngwe koo ditlhopha di roba bobedi di neng di rutelwa gone ke morutabana a le mongwe.
Ditshimologo tsa Semoya
Mmè o ne a rata Modimo tota tota mme go ne ga re tlhotlheletsa thata rona bana. O ne a tle a re ka Se-Polish: “Modimo o re file letsatsi le le ntle.” Bananyana re bo re tswela kwantle go bona gore o a bo a bua ka eng—fa e se fela go fitlhela pula e na. Mo go Mmè sengwe le sengwe seo se neng se diragala ka tsela nngwe e ne le ka ntlha ya Modimo. Fa go ne go tsalwa namane kana fa dikoko di ne di baya mae a tsone kana fa kapoko e ne e wa, go ne go amana ka tsela nngwe le Modimo kafa a neng a ikutlwa ka teng. Modimo o ne a ikarabelela ka tsela nngwe mo dilong tseno tse di molemo.
Mmè o ne a dumela thata mo thapelong. Re rata le re sa rate thapelo e ne e tshwanetse gore e nne teng kwa dijong tsa motshegare. “Fa o o fa dintša di tsokotsa megatla. A re gaisiwa ke dintša ka kanaanelo?” o ne a tle a rialo. O ne a batla gape gore re rapele pele ga re ya go robala. Ereka go ne go se ope wa rona yo a neng a itse Thapelo ya Morena ka Seesemane, o ne a re re khubame mme re bue mantswe re mo setse morago ka Se-Polish.—Mathaio 6:9-13.
Ao e ne e le malatsi a thelebishene e neng e ise e utlwalelwe. Fa letsatsi le se na go kotlomela, go ne go se sepe go se dira fa e se go ya go robala. Mmè o ne a re kgothaletsa go bala. O ne a ipalela Bibela ka lobone lwa parafini. Mme rona bananyana re ne re bala dikgatiso tseo di neng di tsewa mo badiheding ba ba etang ba Diithuti tsa Bibela tsa Merafe-rafe, jaaka ya The Harp of God, Creation, le Reconciliation. Ka gone botsala le Modimo bo ne jwa simolola go tlhagolelwa.
Tshimologong ya bo-1930 bangwe ba Diithuti tsa Bibela go tswa Saginaw, mo Michigan, ba ne ba re etela le go re kgothatsa go rerela ba bangwe. Mme ereka go ne go se na thuto ya setlhopha e e rulagantsweng ya Bibela kana phuthego e e gaufi, maiteko a rona a go rera a ne a le mannyenyane. Kgolo ya rona ya semoya e ne ya sala e eme golo go le gongwe fela ka lobaka lo loleele.
Ka ntlha ya kwelo-tlase ya itsholelo ka bo-1930, go ne ga ntlhokafalela gore ke tlogele gae mme ke ye go batla tiro kwa Detroit. Polase e ne e wetse kwa tlase fela thata, mme e ne e le keletso ya me gore ke dire gore re moge tlaseng ga mokgweleo oo. Lefa go ntse jalo, Detroit, ka nako eo e ne e le motse wa go folelwa borotho. Diketekete tsa banna di ne di ema mo ditereseng, ka dinako tse dingwe bosigo jotlhe, ba kgobokanetse melelo ya dikgong le ya magala, ba leka bojotlhe jwa bone gore ba ithuthufatse go fitlhelela diofisi tsa khiro di bulwa. Ke ne ka nna sego go bona tiro mo feketiring ya dikoloi.
Kgolo ya Semoya
E ne ya nna fela go fitlhelela karolo ya bofelo ya lesome la dingwaga leo, fa ke ne ke le mo Long Beach, mo California, kgatlhego ya me ya semoya e neng ya shafadiwa ka tsela e e ungwang. Ke ne ka fiwa taletso ya go ya kwa puong ya phatlalatsa. Ke ne ka ya pokanong ya me ya ntlha kwa Holong ya Bogosi ka Sontaga seo. Ke ne ka rakana koo le Olive le William (Bill) Perkins, batho ba ba pelontle ba ba kamano e e tlhotlhwa kgolo ruri le Jehofa Modimo.
Kgaitsadi Perkins e ne e le morutisi yo o kgatlhisang wa Lefoko ja Modimo, a dirisa Bibela ya gagwe ka botswerere jo bo jaaka fa ngaka e dirisa thipa ya gagwe. O ne a tle a beye Bibela ya gagwe ya King James Version e kimakima mo letsogong ja gagwe ja molema, a tshase mathe monwana wa kgonope wa moja, mme a bule ditsebe kana temana go ya temaneng. Batho ba ne ba kgatlhwa thata ke botswerere jwa gagwe le seo ba neng ba se ithuta go tswa Bibeleng. O ne a nna le seabe mo go tliseng batho ba bantsi kutlwisisong ya boikaelelo jwa Modimo. Go dira le ene mo bodiheding jwa tshimo e ne e le tlhotlheletso tota. Go ne ga nkgothatsa go tsaya bodihedi jwa nako e e tletseng jwa bobulatsela ka September 1941.
Kgaitsadi Wilcox e ne e le mongwe wa bao ba neng ba nthusa. E ne e le mosadi yo moleele, yo o boitlotlo wa dingwaga tsa bo-70, a le moriri mosweu o a neng a o potoka a bo a o bofelela ka botswerere mo gare ga tlhogo ya gagwe, o bo o felela e le lefuto mo gare. Mosese wa gagwe ka metlha o ne a o rwalela tlhoro e kima e ntle e e phaphaselang. Mo moseseng wa gagwe o o rokilweng ka manontlhotlho, o o fitlhang kwa magwejaneng o ne a lebega a kgethegile, jaaka mongwe wa dingwaga tsele tsa bo-1880 a tsile mo go rona. Re ne re rera mmogo mo mafelong a papadi mo Long Beach.
Baokamedi ba ne ba kgatlhwa ka ponyo ya leitlho ke tebego ya ga Kgaitsadi Wilcox. Mme ka tlhagafalo nngwe e e rileng e e tlhobaetsang ba ne ba mo laleletsa mo diofising tsa bone. Ke ne ke mo sala morago. “Ke eng?” ba ne ba tle ba botse ka mokgwa wa tlotlo. “A ke ka go thusa?”
Kwantle ga ketsaetsego Kgaitsadi Wilcox, ka Seesemane se se mololo sa matsorotsoro jaaka seo sa porofesa, o ne a tle a fetole ka gore: “Ke fano go le bolelela ka sepepe sa bogologolo sa ga Tshenolō seo se palameng sebatana.” (Tshenolō 17:1-5) Baokamedi ba ne ba tsiboga mme ba eme sentle mo ditilong tsa bone, ba ipotsa gore jaanong he go latela eng. O ne a tle a ba tshwantshetse setshwantsho se se bonalang sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Karabelo ka metlha yotlhe e ne e le e e kgatlhisang Ba ne ba batla sengwe le sengwe se a neng a na le sone. Go bua boammaaruri letsatsi le letsatsi re ne re tsamaisa dibokoso tsa dibuka. Tiro ya me e ne e le go tshameka keralefomo fa a ne a kopa gore e tshamikiwe, le go nna pelokgale le go nna sebete ka mo go kgonegang fa a ne a bua.
Dikabelo tse Disha
Omfolopo go tswa Watchtower Society ka metlha e ne e dira gore ke tsenwe ke tsebe tsebe. E ne e le yone emfolopo e e ntseng jalo, e ke neng ka e amogela ka 1942, e e neng e tshotse kabelo ya go direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng kwa San Pedro, mo California. Bill le Mildred Taylor ba ne ba nkamogela ka diatla tsoo-pedi mo legaeng la bone koo. Go ne ga tlhoka boitao jo bogolo go dira ke le nosi mo bodiheding jwa tshimo letsatsi le letsatsi. Mme go ne ga nkatametsa gautshwane le Jehofa, ka jalo ke ne ka ikutlwela botsala jwa gagwe. Go tswa foo Mokgatlho o ne wa romela Georgia le Archie Boyd, gammogo le morwa wa bone le morwadia bone, Donald le Susan, go thusa go dira tshimo. Boora-Boyd ba ne ba nna mo tereilareng ya dikgato tse 18 (5.5 m) ka dithoto tsotlhe tsa bone le diaparo moo.
Omfolopo e nngwe go tswa Mokgatlhong e ne ya re gorogela! Re ne re fufulelwa ke letshogo jaaka re ne re bala ka kabelo ya rona e ntšha—Richmond, mo California, kwa godimo ga bokone jwa San Francisco. Go sa kgathalesege gore a jaana kara ya rona e kgologolo le tereilara ya yone di ne di tla kgona, re ne ra paka le go simolola go tsamaya. Re ne re lebega jaaka bakgarakgatshegi ba fuduga, re baakanya enjene le go phetšha dithaere mo tseleng. Fa re ne re goroga kgabagare mo Richmond, pula e ne e na matsorotsoro.
Ntwa ya Lefatshe II e ne e gaketse tota jaanong. Madirelo a dikepe a Kaiser a ne a dira ka mabetwa e pelo mo go ageng “Liberty Ships,” jaaka di ne di bidiwa. Tiro ya rona e ne e le go rerela batho ba ba neng ba ketemetsegela fa go tla go bereka. Ka makuku a naka tsa kgomo go fitlhelela bosigo, re ne re bua kaga Bogosi, gantsi re boela gae re gwaegile mantswe ka ntlha ya go bua thata. Go ne ga simololwa dithuto tsa Bibela tse dintsi. Babereki bano ba madirelo a dikepe ba ne ba le pelotshweu ba bile ba le batho ba ba tsholang baeng bao ba neng ba re neela se re se tlhokang letsatsi le letsatsi. Tshimo tota e ne e re tshegeditse kwantle ga gore re tseye ditiro tse e seng tsa nako yotlhe go itshedisa.
Maitemogelo a Kgolegelo
Makawana a ne a bidiwa gore a nne masole. Bomorwa-rre, bao e neng e se Basupi, ba ne ba italetsa mme ba ne ba direla jaaka masole a dipharatšhuti le masole ao a thusang. Ke ne ka ikopela gore ke ntelwe thoko jaaka modihedi yo o kgatlhanong ka segakolodi sa me le ntwa. Ba Lefapha la Ikwadiso ba ne ba gana go tsaya-tsia boemo jwa me jwa bodumedi. Ke ne ka tshwarwa, ka sekisiwa, mme ka July 17, 1944, ka latlhelwa dingwaga tse tharo mo kgolegelong ke bereka ka go fufula kwa McNeil Island Federal Penitentiary mo Washington State. Fa ke ne ke le mo kgolegelong ke ne ka tla go itse gore botsala jwa ga Jehofa ke jwa bosakhutleng.—Pesalema 138:8, The Bible in Living English.
Ke ne ke le mo kgolegelong ya kgaolo ya Los Angeles kgwedi yotlhe ke letetse go fudusediwa kwa McNeil Island. Dikgato tsa ntlha tsa botshelo jwa kgolegelo ga di motlhofo go lebalwa, kafa magolegwa a neng a goeletsa bokate ka matlhapa ka teng le rona jaaka re ne re tlisiwa mo teng. Kana kafa bokate ba neng ba laela: “Lo bone ditswalo!” Modumo o o gogomang wa ditswalo tsa motlakase di pitikologela go tswalwa o ne o tshwana le medumo ya tladi kgakalanyana. Jaaka ditswalo di ne di tswala bongwe ka bongwe, modumo o ne wa atamela fela thata thata go fitlhelela setswalo sa mongwe se ne se menagana go fitlhelela se ba se itswala ka go itaagana mo go golo! Ke ne ka nna le boikutlo joo jwa go kabelelwa mme le poifo e kgolo. Ke ne ka rapela Modimo ka bofefo gore a nthuse, mme ka bofefonyana fela boikutlo jo bo bothitho jwa kagiso bo ne jwa nkapesa, boitemogelo jo ke se ketlang ke bo lebala.
Ka August 16, gammogo le setlhopha sa magolegwa a mangwe, ke ne ka hakiwa ka dihaka le go bofiwa ka dikeetane. Go tswa foo, re beilwe leitlho thata thata ke sekwatla sa mapodisi a a tshotseng dibetsa, re ne ra disiwa go ralala bontsi jwa batho ka sethoboloko mo Los Angeles go tsena mo beseng mme go tswa foo re bo re tsenngwa mo tereneng ya kgolegelo ya McNeil lsland. Dikeetane tseo tsa kgolegelo di ne tsa ntlatsa ka boipelo, ka go bo di ne di nkgolaganya le setlhopha sa baaposetoloi ba ga Keresete bao gape ba neng ba bofelwa go boloka bothokgami jwa bone.—Ditihō 12:6, 7; 21:33; Baefesia 6:20.
Ya re ke santse ke kwalwa go ya kgolegelong ya McNeil, mogolwane mongwe kafa morago ga tafole o ne a mpotsa: “A o le J.W.?” Ka sala ke tshwerwe ke kgakge, ka go bo e ne e le lwantlha ke utlwa lefoko “J.W.” Mme ka bofefo ka lemoga gore o ne a bua kaga eng, ka jalo ka re’ “Ee.”
“Emela fale,” a rialo. Ke ne ka gakgamadiwa ke go mo utlwa a botsa monna yo o neng a mpotile kafa morago potso e e tshwanang: “A o le J.W.?” Monna yoo ka bofefo a araba, “Ee!”
“Wa re o maaka ne!” mogolwane yoo a rialo, a tshega. “Ga o itse le eleng gore J.W. ke eng.” Ke ne ka lemoga morago gore monna yoo e ne e le senokwane se se padileng yo o laoletsweng botshelo jwa kgolegelo. “J.W.”, tota, e ne e emela “Jehovah’s Witnesses” (Basupi ba ga Jehofa), mme gone o ne a se ene.
Go ne go setse go le bosigo, mme kate a nkisa kwa ke yang go robala teng mo lefifing. Go ne go le bokete go dumela gore ke mo kgolegelong ya puso makgolo a dimmaele kgakala le kwa gae kana go ope yo ke mo itseng. Fa ke santse ke le fela foo ka bona mongwe a tla bolebana le nna mo lefifing. “Išsh!” o ne a rialo jaaka a ne a nna go bapa le nna mo setilong. “Ke mokaulengwe. Be utlwile magatwe a re Mosupi o tla bo a tla.” O ne a impolelela mme a nneela mafoko a kgothatso, a mpolelela kaga setlhopha sa thuto ya Tora ya Tebelo se se neng sa dumelelwa mo teng ga kgolegelo mo ditshokologong tsa Sontaga. E ne e le go tlola molao gore e re dipone di tingwa o bo o le ka kwantle ga fa o robalang teng, ka jalo o ne a nna ka lobakanyana fela. Mme mo metsotswaneng e sekae eo, ke ne ka utlwa botsala jo bo tlhotlhwa kgolo jwa ga Jehofa bo iponatsa ka bojone ka motlhanka wa gagwe yo o ineetseng.
Dilo tsa botlhokwa-tlhokwa mo go nneng ga me mo kgolegelong e ne e le maeto a nako le nako a ga A. H. Macmillan go tsweng ntlongkgolo ya Mokgatlho mo Brooklyn. E ne e le “Barenabase,” mogomotsi, fa e ne e le gore go ne go kile ga nna le mongwe. Fa a tsile re ne re letlelelwa go dirisa holo e go jelwang teng, mme Basupi botlhe le magolegwa a mangwe a mantsi re ne re phuthegela go tla go mo utlwa. E ne e le sebui se se kgeleke, le eleng bagolwane ba kgolegelo ba ne ba itumelela go mo reetsa.
Re ne ra rulaganya diboloko tsa matlwana a kgolegelo le a marobalo go nna tshimo e go rerwang go yone. Mokgwa o re neng re rera mafoko a a molemo a Bogosi ka one mo dikarolong tseno o ne o tshwana fela le mo matlong a toropo ao re neng re a rerela pele re latlhelwa mo kgolegelong. Karabelo e ne e le bogorogoro fela mme go le bokete go ka bolela gore go ntse jang. Mme go ne go na le ditsebe tse di utlwang. Magodu a dibanka le ba bangwe, ba ne ba retologela go Jehofa mme ba kolobediwa. Ke sa ntse ke ntse ke ipela fa ke gakologelwa maitemogelo a a ntseng jalo.
Mesepele E E Neng ya Betla Botshelo jwa Me
Bosimologong jwa 1946, ka ntwa e ne e fedile, ke ne ka gololwa mo kgolegelong. Ke ne ke letetswe ke omfolopo e nngwe gape go tswa Mokgatlhong! Kabelo ya me e e latelang ya bobulatsela jo bo kgethegileng e ne e tla bo e le Hollywood, mo California! Naga ya ditshwantsho tsa dibaesekopo. Fa e le ka dikgwetlho ga re bue sepe! Go ne go na le dinako tseo go neng go ka nna motlhofo thata go rekisetsa Ma-Eskimo diforiji go na le gore batho bano ba ithute Bibela. Lefa go le jalo, ka bonya ka bonya ka tlhomamisego, “dinku” tsa Morena di ne tsa bonwa.
Fa ke ne ke le kwa kopanong ya merafe-rafe ya “Glad Nations” mo Cleveland, mo Ohio, ka August 1946, Milton Henschel, mokwaledi wa ga Nathan Knorr, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Watchtower Society, o ne a nkemisa mme a mpotsa: “Wa re o tla leng kwa Bethele, monna Dan?” Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke itumelela go bulatsela. “Mme re a go tlhoka kwa Bethele,” o ne a rialo. Morago ga mafoko a sekaenyana, ke ne ka tswa mo sekgoropeng. Ke ne ke rata California mme ke tlelwa ke poifo ya go akanya go tshela mo New York. Mme ke gakologelwa ke ithaya ke re, ‘Dan, fa Jehofa a go batla kwa Brooklyn, ka gone he Brooklyn ke gone ko o tshwanetseng teng.’ Ka jalo ka August 20, 1946, ke ne ka simolola tirelo ya me kwa Bethele, ntlong-kgolo ya Brooklyn ya Basupi ba ga Jehofa.
Ke ne ka dira ka dingwaga mo feketiring ya Brooklyn mo go tlamiwang dibuka ke dira ditiro tse di farologaneng tse di tlhokang nonofo ya mmele. Kgabagare ke ne ka romelwa kwa Lephateng la Dipeeletso, leo le neng le neela boikarabelo jo bosha. Go tswa foo ga tla dikgwetlho tse di batlang monna tlhaloganyo, jaaka go kwala dipampitshana tsa radio le go gasa mo seteitšhaneng sa seromamowa sa Mokgatlho sa WBBR. Ke ne ka dira gape mo Lephateng la Kwalo Dibuka ka dingwaga tse 20, ke leka go fitlhelela maemo a lone a a kwa godimo. Mo gare moo, ke ne ka nna ka tlhophiwa mo makgotleng a Pennsylvania le a New York a Watchtower Society, go kapa dithulaganyo tsa metshameko, dikabelo tsa go bua mo kopanong ya kgaolo le dikopano tsa meraferafe, le ditshiamelo tse dingwe gape tse dintsi tsa tirelo tseo ke ka sekeng ke fetse go di umaka.
Go tswa foo ka November 1974, omfolopo e nngwe e ne ya goroga. Eno e ne e tshotse kabelo e o ka sekeng wa e dumela, le go e akanya tota. Ke ne ka lalediwa go direla jaaka leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ikutlwa ke se sepe gotlhelele mme gone ka boikobo ke itumetse. Dingwaga tse di ka nnang lesome di setse di fetile fa esale go tlhomiwa moo, mme maikutlo a santse a ntse a tshwana.
Dingwaga tse di fetileng di ile tsa humisiwa ka dikamano tsa botho le banna ba ba ineetseng le ba ba intshitseng setlhabelo ba ba ratang Jehofa go na le eleng botshelo ka bojone—banna ba ba jaaka Judge Rutheford, yo ke neng ka nna le tshiamelo ya go kopana le ene kwa legaeng ja gagwe mo San Diego, mo California. E ne e le tshiamelo ya me gape go dira mmogo le banna ba bangwe ba ba ntseng jalo, go akareletsa Hugo Riemer, Nathan Knorr, Klaus Jensen, John Perry, Bert Cumming, le bontsi-ntsi jo bongwe jo e neng e le diganka tsa semoya,! “ditlhare [tse dikgolo] tsa tshiamō.”—Isaia 61:3.
Mme go nna le tshiamelo ya go bona phuthego ya ga Jehofa e gola go tswa baboleding ba sekae ba ba 50 000 ba Bogosi lefatshe ka bophara go batla e nna dimilione tse tharo ga se matshamekwane. Go a kgatlhisa go bo ke ile ka bona ka matlho kgolo ya didirisiwa tsa go gatisa di sekaenyana fela go tse dingwe tse dintsi tseo di tshegeditsweng ke makala a a 95 a a bolelang mafoko a a molemo mo dinageng di le 203 tsa lefatshe. Diphetogo le go tsamaisana le boranyane le dikhomputara go itshupile ele kgakgamatso tota. Go bona se sotlhe, ga go ka tsela epe fela fa e se gore motho a nne a boeletse mafoko a ga Mathaio 21:42 a a reng: “Go mo ga cwa kwa go Yehofa, me goa gakgamatsa mo matlhoñ a rona.”
Ke ka re fela ka re e ile ya nna botshelo jo bo humileng le jo bo duelang. Fa go ntse go iwa kwa go iwang nako e ne ya tla mme ka nyala mosetsana wa maratwa go lejwa go tswa Hebburn, mo Ennyelane. Marina, mosadi wa me, ke setshegetsi se se rometsweng ke Modimo. Abo mafoko a ga Diane 19:14 a le boammaaruri jang ne: “Ntlo le dikhumō ke boshwa yo bo cwañ mo go borra batho: me mosadi eo o bonokopela o cwa kwa go Yehofa.”
Go ralala maitemogelo a botshelo, jaaka leobo le le dikaganyetsang, go ile ga nna le maatla ao a tshegetsang ka metlha a botsala jwa Modimo. Go tlhatlhanya ka Lefoko ja ga Jehofa, go akanyetsa bokao jwa lone, le go batla temogo le kutlwisiso go ile ga tlatsa dioura tsa me tsa tebelelo ka mahumo le thethebalo ya semoya. Le eleng mo nakong yone eno, tota boitumelo jo bogolo bo a mphekeetsa fa ke bala mafoko a ga mopesalema: “Go segō morahe o Yehofa e leñ Modimo oa ōna; batho ba o ba itshenketseñ gore e nnè boshwa yoa gagwè ka esi. Mōea oa rona o nntse o lebeletse Yehofa: ke èna thushō ea rona, le thèbè ea rona. Gonne pelo ea rona e tla itumèla mo go èna, ka go bo re ikantsè mo ineñ ya gagwè ye le boitshèpō. Yehofa, a boutlwèlo botlhoko [botsala] yoa gago bo nnè mo go rona, hèla kaha re sholohetseñ mo go wèna ka gōna.”—Pesalema 33:12, 20-22.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Olive Perkins e ne ya nna tlhotlheletso e kgolo go nna
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Lelapa loora Boyd le ne la thusa go dira tshimo mo San Pedro, mo California
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kwa kopanong ya 1946 ya “Glad Nations,” mo Cleveland, mo Ohio ke na le Basupi ka nna bosheng re sa tswa go gololwa mo kgolegelong ya McNeil Island
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kgaso ya mo mosong ya Sontaga ka WBBR