Pego ya Baboledi ba Bogosi
Patlisiso ya Boammaaruri e Duetswe
BIBELA e re bolelela go ‘batla Jehofa, . . . go mmitsa.’ (Isaia 55:6) Solomone o ne a itsisiwe ke Jehofa gore: “Ha u [batla Jehofa], o tla bōnwa ke wèna.” (1 Ditihalō 28:9) Mosetsanyana mongwe mo Finland o ne a batla boammaaruri kaga Jehofa mme o ne a duelwa ka mo go humileng.
O ne a le wa Kereke ya Puso ya Finland mme a tsena Sekolo sa Tlhomamiso, ka tsholofelo ya gore o ne a tla bona boammaaruri kaga Modimo. Lefa go ntse jalo, o ne a swaba. Ba ne ba sa bale Bibela mo go kalo mo sekolong. Tota, moprista o ne a mo tlhagisa go sa e bale, ka go bo e ka mo tobekanya tlhaloganyo.
Lefa go le jalo, o ne a simolola go bala Bibela morago ga go fetsa sekolo. O ne a ya gape kwa kerekeng, mme a seka a bona thethebalo epe koo. O ne he a ya kwa Kerekeng ya Pentekosete koo a neng a “tsena mo tumelong.” Ba ne ba mo rapelela mme ba mmolelela gore jaanong o bone tumelo. Mme o ne a seka a ikutlwa a atamalane ka gope le Modimo go na le jaaka a ne a ikutlwa go le pele.
O ne a kwalela go “Gang and Street Service Center” gore ba mo thuse, mme ba ne ba mo neela nomoro ya mogala fela. Fa a ne a founa, founu e ne ya arabiwa ke Mowesele yo a neng a mo rapelela mme a mmolelela gore ga go re sepe gore o ne a tsena kereke efe fa fela gone a ne a ka se ke a tsena ya Basupi ba ga Jehofa le ya Mormons!
O ne a ya kwa go ba People’s Mission mme o ne a fiwa dipampitshana go di aba tsa setlhogo se se reng Jehovah’s Witnesses, the Deception of the Time of the End. Seno lefa go le jalo ga se a ka sa kgotsofatsa patlisiso ya gagwe ya boammaaruri kana tsa mo neela boikaelelo mo botshelong.
Go tswa foo he o ne a etela rakgadiagwe yo o neng a mo kgaola pelo ka go mmolelela gore o ne a dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ruta boammaaruri. Rakgadiagwe ka iketlo o ne a mmalela dikwalo go tswa Bibeleng tseo di neng di supa gore ke boikaelelo jwa Modimo go dira lefatshe leno paradaise, mme go tswa foo a mo neela buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Mosetsanyana o ne a bala buka e ka boikaelelo jwa go e bona molato—go e tshwaya diphoso—mme go na le moo o ne a tloga a lemoga gore e ne e tshotse boammaaruri, e mmontsha boikaelelo mo botshelong jo a neng a ntse a bo batla. O ne a kwalela bagatisi a kopa dibuka tse dingwe mme a ba a kopa gore mongwe a mo etele. Malatsi a le mabedi fela moragonyana, bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela ba ne ba goroga kwa ntlong ya gagwe. Thuto ya Bibela e ne ya rulaganyediwa mme mosetsanyana a simolola go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi, koo a neng a kgatlhiwa fela thata thata le go amiwa ke moya wa lorato o o neng o le teng koo. O ne a tsweledisa thuto ya gagwe ya Bibela, mme o ne a kolobediwa ngwaga moragonyana, a simolola bobulatsela, mme a bo a tsenelela Sekolo sa Tirelo sa Babulatsela. “Kwa moragoragong he jaanong ke itumetse,” o ne a bolela. Patlisiso ya gagwe ya boammaaruri e ne ya duelwa.
Maitemogelo a a tshwanang a ile a boaboelediwa diketekete tsa nako ka nako ya ‘bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo’ fa Jesu, Modisa yo o Molemo, a phutha “dinku di sele” tsa gagwe jaaka go boleletswe pele mo go Yohane 10:16. (Mathaio 24:3) Go sego bao he, ba batlang boammaaruri jwa Bibela mme Modimo a ba duela.—Mathaio 7:7.