LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 6/1 ts. 15-20
  • Sepela O Ikantse Boeteledipele jwa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sepela O Ikantse Boeteledipele jwa ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhagiso tsa Nako e e Fetileng
  • Boeteledipele jwa ga Jehofa jwa Morafe o Mosha
  • Itise Kgatlhanong le Go Tlhoka Ikanyo
  • Ka Ikanyo “Latlhèla Morwalō Oa Gago Mo go Yehofa”
  • Go Latela Keresete, Moeteledipele yo o Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Boeteledipele jo bo Molemo—Re ka Bo Bona Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Tota o Tsaya Keresete e le Moeteledipele wa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 6/1 ts. 15-20

Sepela O Ikantse Boeteledipele jwa ga Jehofa

“Lo nnè thata le pelokgale, lo se boihè, lo se ka loa ba choga; gonne Yehofa Modimo oa gago ke èna eo o tsamaeañ nau; ga a ketla a gu tlhaèla, leha e le go gu latlha.”​—DUTERONOME 31:6.

1. Jehofa o itshupile jang go nna moeteledipele yo o sa lekaneng le ope wa Baiseraele?

JEHOFA o itshupile go nna moeteledipele yo o sa lekaneng le ope fa a ne a ntsha Baiseraele mo botshwarong mo Egepeto. O ne a seka a ba goga fela fa ba raletse naga mme gape o ne a ba baakanyetsa ka dijo le dino le go ba neela tao e e senang phoso epe. Ke gone Balefi ba nako ya ga Nehemia ba neng ba ka re: “Leha go nntse yalo mo mautlweloñ botlhoko a gago [Jehofa Modimo] a mantsintsi ga ua ka ua ba latlha mo nageñ: mosipuri oa leru ga oa ka oa tloga mo godimo ga bōnè motshegare, go ba gōga mo tseleñ; leha e le mosipuri oa molelō bosigo, go ba naea lesedi, le go ba kaèla tsela e ba chwanetseñ go tsamaea mo go eōna. Le gōna ua ba naea mōea oa gago o o molemō go ba ruta, me ua se ka ua ikeola lecōgō go ba naea mana a gago mo ganoñ ya bōnè, ua ba ua ba naea metse go tima lenyōra ya bōnè. E, u nu ua ba otla ka dinyaga di le mashomè manè mo nageñ, me ba se ka ba tlhōka sepè; diaparō tsa bōnè ga dia ka tsa ōnala, le dinaō tsa bōnè ga dia ka tsa ruruga.”​—Nehemia 9:19-21.

2. Ke ka baka lang Moshe a ne a ka kgothatsa Baiseraele gore ba nne “thata le pelokgale”?

2 Ka kotlhao e e neng e diragadiwa ka bopelonomi jwa borre, Morutisi wa Bomodimo o ne a ruta Baiseraele seo se neng se kaiwa ke tshiamiso le tshiamo. Sengwe le sengwe se a neng a se dira se ne se le molemong wa bone thata-thata. Le eleng fa ba ne ba ngongorega le go tsuologa, o ne a le pelotelele mme o ne a seka a ba latlha. Jehofa o ne segolo bogolo a itshupa fa a le moeteledipele yo o setswerere fa baba ba ba maatla ba ne ba ba tlhasela mme a bo a senya batlhasedi bao. Moshe o ne a bua boammaaruri fa a ne a kgothatsa Baiseraele ka mafoko ano: “Lo nnè thata le pelokgale, lo se boihè, lo se ka loa ba choga; gonne Yehofa Modimo oa gago ke èna eo o tsamaeañ nau; ga a ketla a gu tlhaèla, leha e le go gu latlha.” (Duteronome 31:1, 6) Modimo o ne a tla ‘tsamaya’ le bone fa ba ne ba bontsha tumelo. Abo seo e le tlhotlheletso go rona go sepela re ikantse boeteledipele jwa ga Jehofa!

Ditlhagiso tsa Nako e e Fetileng

3. Ka bonakonyana fela morago ga gore ba gololwe mo bokgobeng jwa Egepeto, batho ba lseraele ba ne ba bontsha go tlhoka tebogo le tlhaelo ya ikanyo jang mo go Jehofa?

3 Lefa go le jalo, maitemogelo a Baiseraele a re baakanyetsa ditlhagiso. Lemororo ba ne ba gololesegile mo bokgobeng jwa Egepeto ka nakwana fela, ba ne ba nna ba leofela Moeteledipele wa bone yo o sa bonaleng kgapetsa-kgapetsa. Fa Moshe a ne a sa ntse a le mo Thabeng ya Sinai a amogela Molao, ba ne ba bontsha go tlhoka tebogo mo go tsotlhe tse Modimo o neng o di ba diretse. Ba ne ba pateletsa Arone go dira namane ya gouda le go e obamela ka se Arone a neng a se bitsa “modihō oa ga Yehofa.” (Ekesodo 32:1-6) Ditlhola tse 12 tse di neng tsa rongwa go tlhola Kanana di ne tsa itshupa di sena tumelo, mme ya nna Joshue le Kalebe fela ba ba neng ba kgothaletsa batho go ya mo lefatsheng le go le tsaya. Mme lseraele e ne ya seka ya bontsha tumelo mo Modimong, yo ka gone a neng a laola gore banna botlhe “go simolola ka ba ba dinyaga di mashomè mabedi le go ea kwa go bo mogolo a bōnè,” go sa akarelediwe lotso lwa ga Lefi le Kalebe le Joshue ba ba ikanyegang, ba ne ba tla swa mo lobakeng lwa dingwaga di le 40 mo nageng. (Dipalō 13:1–14:38; Duteronome 1:19-40) Ruri, sotlhe seno se tshwanetse go re tlhagisa kgatlhanong le go tlhoka tebogo mo go tshwanang le tlhaelo ya ikanyo mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa!

4. Histori ya lseraele e ne ya tshwanelegisa jang tshenyego e e wetseng Juda, Jerusalema, le tempele ka 607 B.C.E.?

4 Lemororo Baiseraele ba ne ba ralala naga ka dingwaga di le 40, Jehofa o ne a seka a ba latlha. O ne a tswelela ka go tlhabana dintwa tsa bone. Morago ga loso lwa ga Moshe le Joshue, Modimo o ne wa tsosa baatlhodi go golola batho ba gagwe mo babeng ba bone ba ba gatelelang Mme ka nako eo batho ba lseraele ba ne ba dira se se siameng mo matlhong a bone, mme thubakanyo ya boganana, boitsholo jo bo sa siamang, le kobamelo ya medimo ya disetwa di ne tsa simolola go anama. (Baatlhodi 17:6–19:30) Moragonyana, fa ba ne ba batla kgosi ya motho gore ba tshwane le merafe e e ba dikologileng, Jehofa o ne a diragatsa kopo ya bone mme a ba tlhagisa ka matswela a gone. (1 Samuele 8:10-18) Lefa go ntse jalo, le eleng bogosi jwa ntlo ya ga Dafide bo ne jwa seka jwa kgotsofatsa batho, mme ditso tse some di ne tsa tsuolola mo metlheng ya ga Rehoboame. (1 Dikgosi 11:26–12:19) Ka go oketsegela pele, mogopolo wa go etelelwa pele ke Modimo o ne wa fela mo dikakanyong tsa ba le bantsi. Tshenyego ya Jerusalema le tempele le go thankgolwa ga bogosi jwa Juda ke Bababelona ka 607 B.C.E. e ne e le dikatlholo tse di neng di tshwanela sentle mo bathong ba ba neng ba paletswe ke go sepela ba ikantse boeteledipele jwa ga Jehofa. Abo seo e le tlhagiso go rona jang ne!

Boeteledipele jwa ga Jehofa jwa Morafe o Mosha

5. Jehofa o baakanyeditse ka eng malebana le sebele sa ga Jesu, mme Jesu o ne a tla dira eng?

5 Jaaka Baiseraele ba bogologolo, batlhanka ba moragonyana ba ga Jehofa ba ile ba ralala maemo a a fetogang, mme kwa ntle ga go palelwa o ne a ba laola. Fa Jesu wa Nasaretha a ne a ineela mo kolobetsong ya metsi ka 29 C.E., Modimo o ne wa baakanyetsa ka Moperofeti le Moeteledipele yo mogolwane mo go Moshe. Jaaka Mesia, o ne a tla etelela batho pele go ba intsha mo lefatsheng leno le le boikepo le le namaletseng mo thateng ya ga Satane. (Mathaio 3:13-17; Daniele 9:25; Duteronome 18:18, 19; Ditihō 3:19-23; 1 Yohane 5:19) Mme ke batho bafe? Aitsane, ke Bajuda le ba bangwe bao ba neng ba tla bontsha tumelo mo go Mesia yo o baakanyeditsweng ke Moeteledipele yo mogolo wa selegodimo, Jehofa Modimo!

6. (a) Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba kgona go rera le go tlhokomela phuthego e e golang? (b) Ke eng moragonyana go ne ga bonala ekete lesedi la boammaaruri jwa Bibela le ne la tima?

6 Jesu o rutile balatedi ba gagwe boammaaruri jwa Modimo jo bo gaisang le go ba naya tao e e tlhokafalang ya bodihedi. (Luke 10:1-16) Ka gone fa Keresete a ne a wetsa bodihedi jwa gagwe le go ikisa setlhabelo sa setho se se leofileng, o ne a tlogela balatedi ba ba thapisitsweng go tsweledisa tiro ya go rera le go laola dikgang tsa phuthego e e golang ya bao ba dumelang mo go ene. Mo motlheng wa baaposetoloi, go ne ga nna le pogiso e e gotetseng. Mme letsogo la ga Jehofa le ne le le mo bathong ba gagwe, mme mahutsana a bone a ne a tokafadiwa ke koketsego e e gakgamatsang ya bontsi jwa badumedi. (Ditihō 5:41, 42; 8:4-8; 11:19-21) Morago ga go swa ga baaposetoloi ba ga Jesu le badiri ka bone ba ba atamalaneng, balatedi ba ba iphakang ba ga Keresete ba ne ba tla tlase ga bobusi jwa baruti le dikgosi tse di setlhogo le tse di boikgodiso. (Ditihō 20:28-30) Ereka boemo jono bo ne jwa tswelela ka makgolo a dingwaga a a ka nnang 15, go ne go bonala ekete lesedi la boammaaruri jwa Bibela le ne le timile.

7. Ke leng le jang Jehofa a ileng a tlhoma boeteledipele jwa gagwe, mme o ne a senolela batlhanka ba gagwe ba motlha wa segompieno eng?

7 Lefa go ntse jalo, go tloga foo, go ne ga tla kitsiso e e ntseng jaaka ‘lentswe la yo o goang kwa nageng,’ e re: ‘Bogosi bo atametse!’ (Bapisa Isaia 40:3-5; Luke 3:3-6; Mathaio 10:7.) Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga, Jehofa gape o ne a tlhoma boeteledipele jwa gagwe mme a simolola go bitsa baobamedi ba gagwe ba sebele go tswa mo lefatsheng leno le le boikepo le ditsamaiso tsa lone tsa bodumedi tsa Sebabelona. (Tshenolō 18:1-5) Ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng le moya wa gagwe o o boitshepo, Modimo o ne wa senolela batlhanka ba gagwe ba motlha wa segompieno gore ngwaga wa 1914 o ne o tshwaya bofelo jwa puso e e sa kgorelediwang ya merafe ya Baditšhaba mme le go tlhomiwa ga selegodimo ga ga Jesu Keresete yo o galalelang mo setilong sa bogosi, yo o tlhophilweng ke Modimo gore a nne Kgosi ya setho sotlhe.​—Luke 21:24; bona 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 34-37.

8. (a) Go tloga foo, go ne ga rulaganngwa eng? (b) Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ne ba kopana le bomang, mme boeteledipele jwa Modimo le Keresete bo ne jwa phepafala jang?

8 Go tloga foo, morafe o mosha o o neng o dirilwe ka masalela a Iseraele wa semoya o ne wa rulaganngwa, o tsenngwa lesedi le le oketsegileng go ya ka maikaelelo a Modimo le go thapisediwa bodihedi ka botlalo. Moragonyana, balatedi bano ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ne ba kopana le matshutitshuti a badumedi ba ba nang le ditsholofelo tsa selefatshe. Jaanong, ba le mmogo, basupi botlhe bano ba ga Jehofa ba bolela ka boitumelo leina la gagwe le Bogosi go ya dikhutlong tsa lefatshe. (Isaia 66:7, 8; Bagalatia 6:16; Tshenolō 7:4, 9, 10) Mo tirong e e rulagantsweng ya Basupi, boeteledipele jwa ga Jehofa le Morwawe wa segosi bo ile jwa phepafala thata, segolo bogolo mo go arabeleng ga dimilione tsa batho ba dipelo tse di ikanyegang bao ba ileng ba nna babueledi ba ba tiileng thata ba puso ya Bogosi. A o karolo ya bontsi-ntsi jono jo bo itumetseng jo bo sepelang bo ikantse boeteledipele jwa ga Jehofa?​—Mika 4:1, 2, 5.

9. Ke bokopano bofe jwa lefatshe ka bophara jo bo ileng jwa nna gone, mme ka boikutlo bofe tebang le boeteledipele jwa Modimo le puso ya bolegodimo?

9 Kgabagare, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba gagwe “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:6-8; Mareko 13:10) Ka gone, Basupi ba ga Jehofa jaanong ba bolela mafoko a a molemo a Bogosi go dikologa lefatshe, mme bao “ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ” ba kgomarela boammaaruri ka dipelo tse di itumetseng. Ba nna karolo ya bokopano jwa lefatshe ka bophara jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya bao ka go itumela ba amogetseng boeteledipele jwa Modimo mme ba ineetse pusong ya bolegodimo. (Ditihō 13:48; 1 Petere 2:17) Jaaka bone, a o na le ikanyo e e feletseng ya gore Jehofa Modimo le Morwawe wa Kgosi, Jesu Keresete, ba laola phuthego eno ya baboledi ba Bogosi?

Itise Kgatlhanong le Go Tlhoka Ikanyo

10. Ke tlhagiso efe e e tshwanetseng go tlhotlheletsa Mokeresete mongwe le mongwe go itlhatlhoba sentle ka kelotlhoko?

10 A baamogedi ba masego otlhe a a tlang ka boeteledipele jwa ga Jehofa ba ka wela mo serung sa go tlhaela tumelo le ikanyo mo go ene? Ee, ka gonne re a tlhagisiwa: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Me lo laanè ka malatsi aotlhe, ka go sa nntse go ka twe, Gompiyeno; gore opè oa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.” (Bahebera 3:12, 13) Ka gone, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhatlhoba ka kelotlhoko.

11. (a) Ke ditsela dife tseo ka tsone segakolodi sa motho se ka kgwaralalang? (b) Go ile ga diragala eng ka bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

11 Segakolodi sa motho se ka kgwaralala mo a ka sekeng a bone phoso epe ka go dira sengwe se se seng tumalanong le tsela ya Bokeresete ebile e le se se supang tlhaelo ya tumelo le ikanyo mo go Jehofa. Ka sekai, bangwe ba ka nna ba wela mo serung sa go baya ditelekiso tsa dilo tse di bonalang le dikgatlhego tsa nama mo selekanyong se le sengwe kana gongwe le eleng kwa pele ga tirelo ya bone go Modimo. Bangwe ba ka nna le boitsholo jo bo sa siamang kana ba bue maswe banna ba ba nang le boikarabelo mo phuthegong. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ba neng ba kukunetse mo phuthegong ba ne “ba leshwèhatsa nama, ba nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi” ba ba sikereng boikarabelo jwa phuthego. (Yude 4-8, 16) Bakeresete bao ba maaka ba ne ba latlhile tumelo ya boammaaruri mo go Jehofa le mo boeteledipeleng jwa gagwe. Ekete seo se ka seke se re diragalele!

12. (a) Moya wa boitaolo le wa botsuolodi o tlhokomologa eng? (b) Ke phapaano efe e e neng e le gone magareng a ga Kora le Dafide?

12 Gantsi se se tsamaelanang le go “nyatsa pushō” ke moya wa boitaolo le botsuolodi o o itlhokomolosang lebaka la gore Jehofa o laola phuthego ya gagwe. Moya ono o ne wa lere matswela a a botlhoko go Kora le ba bangwe bao ba ileng ba gwetlha taolo ya ga Moshe le Arone e ba neng ba e filwe ke Modimo. (Dipalō 16:1-35) Mme a bo e le pharologanyo jang ne e re e bonang mo go Dafide! Ka go nna pelotelele go leta mo Modimong go baakanya diphoso, Dafide o ne a seka a bolaya mmaba wa gagwe yo o boikepo eleng Kgosi Saule ka gonne e ne e le “motlodiwa oa ga Yehofa.” (1 Samuele 24:2-7) Ee, Jehofa o ne a tlhopha Moshe, Arone, Saule, Dafide, Jesu Keresete, le ba bangwe. Ka mo go tshwanang, mo phuthegong ya Modimo gompieno go tlhophelwa tirelo go dirwa tumalanong le dipatlafalo tsa kafa Dikwalong le kafa tlase ga taolo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa.​—1 Timotheo 3:1-13; Tito 1:5-9; Ditihō 20:28.

13. (a) Ke eng re tshwanetse go lebogela boeteledipele jwa ga Jehofa? (b) Re tshwanetse ra bo re sepela jaaka mang, mme ka boikutlo bofe?

13 Ereka ‘go seo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe,’ re tshwanetse go lebogela boeteledipele jwa ga Jehofa. (Yeremia 10:23) Aberahame le mosadi wa gagwe yo o neng a ineetse Sara ba ne ba utlwa Modimo le go dira ka tumelo. Boase le Ruthe ba ne ba sala dithulaganyo tsa bomodimo morago. Ee, le banna le basadi ba bangwe ba le bantsi ba ba ikanyegang ka boitumelo ba ne ba amogela kaelo ya ga Jehofa. (Bahebera 11:4-38; Ruthe 3:1–4:17) Jalo jaaka batlhanka ba pele ba Modimo, re tshwanetse go ganana le moya wa boitaolo, ka boipelo re dirisane le phuthego ya bolegodimo ya Modimo, le go sepela re ikantse ka mo go feletseng mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa.

Ka Ikanyo “Latlhèla Morwalō Oa Gago Mo go Yehofa”

14. Ke eng se se ka re thusang go itisa kgatlhanong le moya wa botsuolodi?

14 Ke eng seo se ka re thusang, jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, go itisa kgatlhanong le moya wa botsuolodi? Mme kana, sa ntlha re tshwanetse ra dumela gore go phoso go tsuolola le go tlhokomologa taolo ya Modimo ka boitaletso. (Nehemia 9:16, 28-31; Diane 11:2) Re ka rapela Rre wa rona wa selegodimo jaaka go dirile Dafide, yo o neng a itopela ka gore: “U bo u kganèlè motlhanka oa gago mo maleuñ a boitaleco; a a se nne le taolō mo go nna: hoñ ke tla nna boitekanèlō, me ke tla bo ke se molato oa tlolō e kgolo.” (Pesalema 19:13) Gape go tla thusa go gakologelwa lorato lo logolo lo Jehofa o lo re bontshitseng Seno se tshwanetse go oketsa lorato lwa rona go ene le go re tlhotlheletsa go amogela boeteledipele jwa gagwe ka dinako tsotlhe.​—Yohane 3:16; Luke 10:27.

15. Ke tsela efe e e bakiwang fa mokaulengwe a akanya gore ga a a tlhomiwa jaaka motlhanka wa bodihedi kana molebedi ka gonne bagolwane ba na le sengwe kgatlhanong le ene?

15 Ga re a tshwanela go latlhegelwa ke pono ya lebaka la gore Modimo o laola phuthego ya gagwe, lemororo go sepela ka ikanyo mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa go ka se nne motlhofo ka dinako dingwe. Go tshwantsha: A re re mokaulengwe mongwe o gopola gore ga a a tlhomiwa jaaka motlhanka wa bodihedi kana molebedi ka gonne bagolwane ba na le sengwe kgatlhanong le ene. Go na le go itshwara ka tsela e e ka kgoreletsang kagiso ya phuthego, o tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o laola phuthego ya bolegodimo. Ka jalo, mokaulengwe o ka batla tlhaloso ka mokgwa o o ikokobeditseng le o o kagiso. (Bahebera 12:14) Jalo a bo go tla bo go le botlhale ka ene go dumela makoa ape fela a a a tlhokomedisiwang, mme ka thapelo a gagamalela go itokafatsa! Morago ga foo, o ka tlogela kgang mo diatleng tsa Modimo, ka go tsamaisanya le mafoko ano: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa.” (Pesalema 55:22) Phelelong jaaka re tshwanelega semoyeng, Jehofa ruri o tla re naya mo go golo go go dira mo tirelong ya gagwe.​—Bapisa 1 Bakorintha 15:58.

16. Le eleng fa re ile ra fosediwa thata mo teng ga phuthego, ke tsela efe e re sa tshwanelang go e tsaya, mme ka ntlha yang?

16 Le eleng fa re ile ra fosediwa thata ke mokaulengwe mongwe kana kgaitsadi, a seo se tla re fa lebaka je le utlwalang la gore re kgaotse go kopanela le phuthego? Ka gone a re tla tsewa jaaka ba ba senang molato fa re ka khutlela go ntshetsa Jehofa tirelo e e boitshepo? Nnyaa, ka gore tsela eo e tla bo e le ya go sa ikanyege go Modimo le go sa lebogele boeteledipele jwa gagwe. Go ne go tla bontsha gape gore re ne re sa rate badumedi ka rona lefatshe ka bophara. (Mathaio 22:36-40; 1 Yohane 4:7, 8) Go feta moo, fa re ne re ka roba bothokgami jwa rona mo go Jehofa, seo se ne se tla neela Satane lebaka la go kgoba Modimo​—selo se tota re sa se eletseng!​—Diane 27:11.

17. (a) Ke eng se se tshwanetseng go re thusa go tshegetsa ikanyo ya rona mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa jwa phuthego ya gagwe? (b) Boitemogelo jwa ba ba tla tswelelang ba sepela ka ikanyo mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa e tla nna bofe?

17 Jalo he, a re ‘bakeng Jehofa mme re seka ra lebala dithuso tsotlhe tsa Ene yo o rwesang tlhogo ya rona ka bopelonomi le ka mautlwelo botlhoko. (Pesalema 103:2-4) Fa ka metlha re gakologelwa Modimo wa rona o o lorato le go dira tumelanong le Lefoko la gagwe, re tla tshegetsa ikanyo e e tiileng mo boeteledipeleng jwa gagwe jo bo sa palelweng. (Diane 22:19) Go tlogela Jehofa le phuthego ya gagwe, go latlhaganya taolo ya “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” le go ikaega fela mo go ipaleleng Bibela re le rosi le go e iphuthololela ke go nna jaaka setlhare se se nosi mo lefatsheng le le omeletseng. Mme phapaanong le seno, motho yo ikanyo ya gagwe e leng go Moeteledipele wa rona yo Mogolo, Jehofa, “o tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ ha metsiñ, se se namañ mecwe ha nokeñ, se se se ketlañ se boiha mogañ mogote o tlañ, me lekakaba ya shōna le tla nna letalana hèla.” Go feta moo, “ga se ketla se re ñwaga oa leuba sepè, leha e le go khutla mo go uñweñ” kgalaletsong ya Modimo. (Mathaio 24:45-47; Yeremia 17:8) Seo e ka nna boitemogelo jwa gago jo bo segofaditsweng fa o ikemiseditse go tswelela o sepela o ikantse boeteledipele jwa ga Jehofa.

A O Ka Araba?

◻ Ke ka ditsela dife Jehofa a itshupileng a le moeteledipele yo o sa lekaneng le ope wa Baiseraele?

◻ Go ya ka boeteledipele jwa ga Jehofa, Iseraele wa bogologolo o baakanyetsa ka ditlhagiso dife?

◻ Jehofa o bontsha boeteledipele godimo ga bomang gompieno?

◻ Ke eng se se ka re thusang go itisa kgatlhanong le tatlhegelo ya ikanyo mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa?

◻ Le eleng fa re ka fosediwa moteng ga phuthego, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone tebang le boeteledipele jwa ga Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ka 607 B.C.E. tshenyego e ne ya wela bao ba neng ba seka ba sepela ba ikantse boeteledipele jwa ga Jehofa. Abo go le botlhale go tlhokomela tlhagiso!

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Aberahame, Sara, Dafide, Jesu, le ba bangwe ba bantsi ba ne ba sepela ka ikanyo mo boeteledipeleng jwa ga Jehofa. A ke kafa o sepelang ka gone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela