Sepela ka Tumelo!
“Ereka re nntse re le nametsègō galè, me re itse, go re, ha re sa nntse re le mo gae mo mmediñ, re bo re seeō kwa Moreneñ. Gonne re sepela ka tumelō, e señ ka pōnō.”—2 BAKORINTHA 5:6, 7.
1. Mangwe a masego ao re a ipelelang ka ntlha ya leitlho ke afe?
SENGWE sa dikgakgamatso tsa mmele wa motho ke leitlho. Ka ntlha ya tsela eno e e gakgamatsang ya go kapa ditshwantsho, ga re tile fela dikgoreletsi mme gape re bona megopolo e le mentsi, e bontsi jwa yone bo amang dikamano tsa rona le ba bangwe. Go phepafetse gore Motlhami wa leitlho o ne a sa ikaelela gore re nnele go kaila mo lefifing mo legaeng leno la rona la polanete. Go feta moo, e ne e le boikaelelo jwa gagwe gore re bone le go itumelela popo ya gagwe e e gakgamatsang thata—batho le diphologolo, dithaba le dinoka, matšha le mawatle, dithunya le ditlhatshana tse dingwe, loapi le mebala e e galalelang ya phirimo ya letsatsi. Baboni ba ba anaanelang ba ka bua jaaka mopesalema ka gore: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”—Pesalema 104:24.
2. Ke ka ntlha yang fa go sa lekana go sepela ka pono, mme Paulo o ne a reng mabapi le seno?
2 Lefa gone pono ya senama e tshwarisa kgakge jalo, go sepela ka yone e le yosi go na le kotsi e kgolo. Gore re tle re‘ipelele kamogelo ya bomodimo, re tshwanetse go sepela ka tumelo mo Motlhaming wa leitlho la motho. Re tshwanetse go batla kaelo ya gagwe e le gore re tle re dire se se molemo. Fa a ne a kwalela Bakeresete-ka-ene ba ba tloditsweng, moaposetoloi Paulo ka mo go utlwalang o ne a bolela jaana: “Ereka re nntse re le nametsègō galè, me re itse, go re, ha re sa nntse re le mo gae mo mmediñ, re bo re seeō kwa Moreneñ. Gonne re sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō; Ka re, rea nametsèga, me re rata bogolo ra bo re se mo mmediñ, me re le kwa gae le Morèna (ka go swa le go tsosediwa botshelong jwa selegodimo). Ke gōna re tlhagahalèlañ, go re, leha re le mo gae, kgotsa re seeō, re bo re nntse re kgatlha èna hèla. Gonne rotlhe re na le go bōnadiwa ha pele ga sennō sa tshèkèlō sa ga Keresete, gore moñwe le moñwe a amogèlè dilō tse di dihilweñ mo mmediñ, kaha o dihileñ ka gōna, goñwe e le molemō, goñwe e le boshula.”—2 Bakorintha 5:6-10.
3. Keletso ya batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa e tshwanetse ya nna efe, mme ke dipotso dife tseo re tshwanelang go di akanyetsa?
3 Batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa—e kane e le ba masalela a a tloditsweng kana ba “boidiidi yo bogolo” jo bo golang jo bo nang le ditsholofelo tsa selefatshe—ba batla go dira se se molemo. (Tshenolō 7:9) Mme ke eng go ka twe go na le kotsi e kgolo mo go ‘sepeleng ka pono’? Mme go ‘sepela ka tumelo’ go raya eng?
Dikotsi tsa go ‘Sepela ka Pono’
4. (a) Ke eng re sa tshwanela go tsaya sengwe le sengwe kafa re se bonang ka teng? (b) Modiri wa leitlho o leba dilo jang?
4 Fa re tsaya sengwe le sengwe kafa re se bonang ka teng mme re ikaega ka diponalo tsa kafa ntle, go na le kotsi ya gore re ikgobatse ka go itsietsa. Ka sekai, motho o ka ne a tsamaya mo sebatleng sa motlhaba mme e re ka bonako fela a bo a bona a nwela mo motlhabeng o o metsi. Kana motho mongwe o ka forwa ke ponalo e e botsalano ya mongwe yo tota e leng ‘phiri e e apereng jaaka nku.’ (Mathaio 7:15) Jalo he re tshwanetse go nna tiso. Modiri wa leitlho ga a kaelwe fela ke ponalo e e ka kwa ntle. O ne a raya moperofeti Samuele a re: “Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ruri, Yo o bopileng leitlho o lemoga boteng jwa dikakanyo le maikaelelo, mme kanoko ya gagwe go mongwe le mongwe kana sengwe le sengwe e tlhomame ka metlha. (Bapisa Bahebera 4:12.) Fa re leba pono ya gagwe e e itekanetseng le temogo, tota ruri ke Yo o bonang gotlhe.
5. Ke ka ntlha yang go le botlhokwa gore re tlhagisiwe go sa le pele ka diphatsa tsa go ‘sepela ka pono’?
5 Lefa go ntse jalo, jaaka bathonyana fela, ga re kake ra lemoga ka phepafalo se se mo pelong ya motho yo mongwe. Le eleng ka dinonofo tse re di filweng ke Modimo, ga re a itekanela mme gantsi re ka tsiediwa. Tota-tota, pelo ya rona e ka nna ya re timetsa, ka gobo “e boherehere bogolo go dilō ootlhe, e botlhoko thata.” (Yeremia 17:9) Jalo he go botlhokwa thata go tlhagisiwa go sa le gale ka ga diphatsa tsa go ‘sepela ka pono.’ A Jehofa o re baakanyeditse kaga tlhokafalo eno e e potlakileng? Eleruri o dirile jalo! Go re laya, o dirile gore go kwalwe rekoto kaga ditiragalo tse di tlhomologileng tse di supang dikotsi tsa go sepela fela ka pono.—Baroma 15:4.
6. Go ‘sepela ka pono’ go nnile le diphelelo dife mo Baiseraeleng?
6 Maitemogelo a batho ba bogologolo ba Modimo, Baiseraele, a lebagane tota. Lemororo morafe o o neng o ratega thata oo o ne o filwe kaelo e e senang bogole ya ga Jehofa, bontsintsi jwa one jo bo senang tumelo bo ile jwa sepela ka bogoma mo “dikgakololoñ tsa bōnè hèla.” (Pesalema 81:12) Ka go ‘sepela ka pono,’ ba ne ba hapogela kwa kobamelong ya medimo ya disetwa kana medimo e e bonwang ka matlho a tlholego. Ka go kaelwa ke diponalo tsa ka fa ntle, ba ne ba tetesela ka poifo e kgolo ya bontsi-ntsi jwa baba ba bone. Go feta moo, ka ntlha ya go ‘sepela ka pono, eseng ka tumelo,’ Baiseraele gape ba ne ba gwetlha boetapele jwa ga Moshe jo a neng a bo neilwe ke Modimo mme ba ngongorega ka dilo tsa botshelo jwa bone. (Bapisa Yude 16.) Ee, mme go bonala gore bontsi jwa bone bo ne jwa fufegela se se neng se bonala jaaka ekete ke kgololesego le letlotlo mo merafing e e ba dikologileng, ba itlhokomolosa lebaka la gore batho bao ba ne ba nwetse mo podufalong le go nna tlaseng ga tlhotlheletso ya badimona.—Lefitiko 18:1-3, 30.
7. Go ne ga diragalang ka Baiseraele ba ba ganneng kaelo ya bomodimo?
7 Go ne ga diragala eng ka Baiseraele ba ba neng ba gagamalela mo go tsamaeng ka tsela ya bone, ba gana kaelo ya bo‘modimo? Aitsane, ba ne ba itumolola Jehofa, mme o ne a tlosa tshireletso ya gagwe mo go bone gore ba bo ba fenngwe ke baba ba bone! Le eleng mo Lefatsheng ja Tsholofetso, Baiseraele gantsi ba ne ba nna batlhanka ba baba ba bone ba ba seng pelo-tlhomogi. (Baatlhodi 2:17-23) Ka go sa tshwane le Moshe, yo o ganneng go itumelela boiketlo jwa selefatshe jo bo neng bo ipelelwa ke setlhopha se se busang sa Egepeto, batho ba lseraele ba ne ba batla “go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka” mme ba seka ba tswelela ba sepela jaaka ba ba “tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” Ba ne ba tlhaela tumelo. Mme gakologelwa, “kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o [Modimo] kgatlha.”—Bahebera 3:16-19; 11:6, 24-27.
8. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba tshwanetse go tsaya tlhagiso go tswa maitemogelong a Baiseraele ba bogologolo?
8 Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba ka tsaya tlhagiso go tswa ditiragalong tseo tsa nako e e fetileng. Le rona, gape, re mo kotsing ya go nna bokoa mo tumelong kana le eleng go latlhegelwa ke tumelo. A ga go boammaaruri gore re ka tlhotlhelediwa ka mo go sa tshwanelang ke ponalo ya ka fa ntle ya dilo mme ka gone re simolole gape go ‘sepela ka pono’? Ee, mme ke sone se Jehofa ka bopelonomi a baakanyeditseng ka kaelo go bao ba tla mo direlang ka tumelo. O ne a dirisa Baiseraele le ditirisanyo tsa gagwe le bone jaaka dilo tse di rutang go masika a moragonyana, go akarelediwa le a rona. (1 Bakorintha 10:11) Ka gone moo re tiisiwa ka kitso e e tlhomameng, ka tsholofelo e e tiileng, le ka boitshoko.
9. Fa re ne re ka ‘sepela ka pono,’ re ne re tla ikutlwa jang ka ditiro dingwe le ka dithulaganyo tsa bolegodimo?
9 Kwantle ga kaelo e e tlhomamisegang e go tswa go Mmopi wa rona yo o lorato, re ka nna mo kotsing ya go gwetlha Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, re lebala gore Modimo le Keresete ba laola Bakeresete ba boammaaruri gompieno. (Bapisa 1 Bakorintha 11:3; Baefesia 5:24.) Re ka nna ra leba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa jaaka e e theilweng ke motho fela mme ka gone re ikutlwe re gololesegile go dira se se bonalang se siame mo matlhong a rona. (Bapisa Baatlhodi 21:25.) Mme gape, re ka wela mo phosong ya bangwe bao go bonalang ba akanya gore fa fela tiro nngwe e e rileng e sa tshwenye segakolodi sa bone, e siame fela. Ba bangwe ba ka simolola go akanya gore phuthego ya bolegodimo e gone go ba fa boiketlo le go ba siamisetsa dilo le gore dipatlafalo tsa yone tsotlhe di tshwanetse go dirwa motlhofo, go sena go intsha setlhabelo gope mo go batlwang mo go bone. Kotsi e nngwe e ka nna ya go nna le mogopolo wa gore dithulaganyo tsa phuthego di dirwe go tshwanelegela thato ya rona go na le thato ya Modimo. Lefa go le jalo, Motlhoma-sekao wa rona, Jesu Keresete, ka metlha o ne a dira thato ya ga Rraagwe wa selegodimo ka boipelo.—Pesalema 40:8; Bahebera 10:5-10.
10. Boikutlo jwa rona tebang le bodihedi jwa tshimo le ditiro tse dingwe tsa bolegodimo di ka amega jang fa re tlodisa taolo ya bomodimo matlho kana re e tsaya motlhofo?
10 Ka ntlha ya go tlodisa taolo ya bomodimo matlho kana go e tsaya motlhofo, bangwe ba ka nna ba akanya gore dipokano tsa rona di tshwanetse go khutshwafadiwa, mafelo a kopano a seka a nna kgakala, le gore setlhogo se se ithutiwang se bo se, le motlhofo ka metlha, go sa akarelediwe “diyō tse di loileñ.” (Bahebera 5:12) Mo mafatsheng a Bakeresete ba itumelelang kagiso le tidimalo, bangwe ba ka nna ba se tsenye masego a Bogosi mo tlhogong thata, ba ikutlwa gore ga go a tshwanela go nna le boiteko mo tirelong e e boitshepo. Fa re tlhagolela maikutlo a a ntseng jalo, re ka nna ra bo ra fetoga “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo,” gongwe ebile re beela kwa thoko mafelo beke mangwe le mangwe go nna a boitapoloso go na le go dirisa nako eo mo bodiheding jwa tshimo le mo ditirong tse dingwe tsa bolegodimo tseo di bontshang boineelo jwa pelo-yotlhe go Jehofa. (2 Timotheo 3:1, 4) Fa seo se diragetse, a ka boikanyegi re ka re tota re ne re “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō”?
11. Go itepeletsa ga rona go ka nna le phelelo efe, mme go tlhokafala gore re dire eng?
11 Go na le bokotsi jo bongwe jwa gore re itepeletse. Go motlhofo go itira gore re akanye ka gore go opa ga tlhogo fela mo eseng ga sepe kana bothata bongwe jo bo tshwanang re bo tseye bo le maswe thata go na le jaaka bo ntse tota. Nama ya rona e e sa itekanelang e ka re tlhotlheletsa go dirisa seno jaaka seipato sa gore re seka ra diragatsa boikarabelo bongwe, jaaka jwa go neela puo mo Sekolong sa Bolegodimo sa Tirelo. A mme go a kgonega gore re ne re ka seke le ka motlha ra leseletsa boitsemeletso jo bo tshwanang go re kganela mo go tlhakaneleng mo mofuteng mongwe wa boitapoloso? Legale, re tshwanetse go dirisa kgopolo e e lekalekaneng mme re se ka ra tsaya malwetsi a a maswe motlhofo. Lefa go ntse jalo, re tlhoka go iteka thata. (Luke 13:24) Mme tota tumelo ya rona e tshwanetse go bonala thata mo diphetsong tsa rona e le gore re tle re seka ra ‘sepela ka pono’ fela, tumalanong le kgakololo ya rona e e senang thuso.—Baroma 12:1-3.
12. Re iphitlhela re le mo ntweng ya mofuta ofe, se he se batla boikutlo bofe mo mhameng wa rona?
12 Re seka ra lebala gore re lwa le masomosomo a meya e e boikepo. (Baefesia 6:11-18) Mmaba wa rona yo mogolo, Satane Diabolo, o ka re timetsa ka ditlhotlheletso tse dikgolo ka go konopela marumo a gagwe a a rulaganyeditsweng go senya tumelo ya rona mo go Jehofa. Satane o dirisa tshekamelo nngwe le nngwe ya bopelotshetlha mo bathong mme ga a ke a tlodisa matlho mofuta lefa e ka nna ofe wa tshusumetso eo e ka faposang go akanya ga rona. Fa re kopanela mmogo le “ba ba setseñ” ba “losika” lwa “mosadi” wa Modimo, kana phuthego ya selegodimo, re mo ntweng. Ke e mo go yone re ka se rebolesegeng go fitlhelela Jehofa, yo o re thatafatsang go emelana le tlhaselo ya bosatane, a fedisa phuthego yotlhe ya ga Diabolo. (Tshenolō 12:16, 17; 1 Petere 5:6-11) Jalo he, a jaanong re tshwanetse go nna pelokgale le go nna le boikutlo jwa potlako? Ka boammaaruri re tshwanetse!—Pesalema 31:24.
Se Go ‘Sepela ka Tumelo’ Go Se Bayang
13. Go ‘sepela ka tumelo’ go raya eng?
13 Go “sepela ka tumèlō” go raya go ralala maemo a a thata ka tumelo mo Modimong, mo kgonong ya gagwe go kaela dikgato tsa rona, le mo go rateng ga gagwe go re bona re falotse. (Pesalema 22:3-5; Bahebera 11:6) Go raya go gana go kaelwa ke diponalo tsa ka kwa ntle fela tsa dilo kana ke kakanyo ya motho e e senang thuso. Tumelo e tla re tlhotlheletsa gore re tsamaele kwa Modimo o supang teng, go sa kgathalesege gore tsela e ka ne e le thata go le kana kang. Fa re ‘sepela ka tumelo,’ re tla tshwana le Dafide. yo o buileng jaana ka Modimo: “U tla nchupetsa tsela ea botshelō: ha pele ga gago go na le letlōtlō ya boitumèlō; mo seatleñ sa gago se segolo go na le tse di yesan monate ka bosakhutleñ.” (Pesalema 16:11) Mme gape, fa re letla Jehofa go laola dikgato tsa rona, o tla re naya kagiso ya mogopolo le go re thusa gore re fenye, go sa kgathalesege gore mathata a re lebagane ka bogolo jo bo kana kang. (Yohane 16:33; Bafilipi 4:6, 7) Gareng ga dilo tse dingwe, go “sepela ka tumèlō” ka metlha go tla re kopanya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya mo go ithuteng Bibela mmogo le mo thapelong.—Bahebera 10:24, 25.
14, 15. (a) Boikutlo jwa ga Jesu tebang le dikhumo, go tuma, le go kopanyelediwa mo dipolotiking e ne e le bofe? (b) Jaaka go bontshitswe mo Dikwalong, Jesu o ne a leba kaelo ya Modimo jang?
14 Ka mo go tshwanang, go “sepela ka tumèlō” gape go re dira balekane ba batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng. Yo mogolo gareng ga bone e ne e le Jesu Keresete, “mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona.” Fa re lwela go ‘tsamaya mo dikgatong tsa gagwe tota-tota,’ re bona eng?—Bahebera 12:1-3; 1 Petere 2:21.
15 Jesu o ne a gana go kopanyelediwa mo dipolotiking tsa lefatshe ebile o ne a se ka a batla dikhumo le go tuma tse bontsi bo neng bo di lelekisitse. Go na le moo, o ne a supa gore Bogosi jwa gagwe ga se ‘karolo ya lefatshe leno,’ mme ka go sa nne morati wa dilo tse di bonalang, o ne a ‘sena fa a ka latsang tlhogo gone.’ (Yohane 6:14, 15; 18:36; Luke 9:57, 58) Lemororo Jesu a ne a na le mogopolo o o itekanetseng, o ne a seka a dira boitaolo mme o ne a leba go Rraagwe wa selegodimo go mo kaela.—Yohane 8:28, 29.
16. Go ya ka sekao sa ga Jesu, go ka tweng ka boikutlo jwa Basupi ba ga Jehofa?
16 Ponong ya sekai sa ga Jesu, go ka tweng ka Basupi ba ga Jehofa gompieno? Mme kana, jaaka babueledi ba Bogosi jwa Modimo jwa legodimo, re tlotla “babusi ba bagolo” ba bogoromente mme re tshegetsa boitlhaodi mo dikgannyeng tsa bopolotiki. (Baroma 13:1-7; Mathaio 6:9, 10; Yohane 17:16) Go na le go batla dikhumo le go tuma mo lefatsheng leno, re ‘batla pele Bogosi,’ re ikanya mo goreng Jehofa o tla re baakanyetsa ditlhokafalo tsa botshelo. (Mathaio 6:24-34; Pesalema 37:25) Mme jaaka Jesu, ga re ‘ikaege ka tlhaloganyo ya rona fela’ mme ka tebogo re amogela kaelo ya Modimo wa rona o o lorato. (Diane 3:5, 6) Eleruri, sotlhe seno se re thusa go ‘sepela ka tumelo.’
Diteko le Masego
17. Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse ba itshokela eng fa ba ‘sepela ka tumelo’? Tswee-tswee tshwantsha seno.
17 Mo mafatsheng a le mantsi basupi ka rona ba ga Jehofa ba itshokela matshwenyego a ba sa a tlwaelang le dipitlagano, le eleng pogiso e e setlhogo, fa ba ntse ba ‘sepela ka tumelo.’ Legale, diteko tsa tumelo di tla ka mefuta-futa. Ka sekai, akanyetsa mahutsana le tirelo e e boitshepo ya mokaulengwe mongwe yo o godileng wa Ecuador. O ne a kopana le boammaaruri a le dingwaga di le 80, go tloga foo a ithuta go bala le go kwala. O ne a kolobediwa dingwaga di le pedi moragonyana. Ereka a ne a nna mo sekgweng, o ne a tshwanelwa ke go tsamaya ka maoto dioura di le tharo go fitlha kwa Holong ya Bogosi. Mosadi wa gagwe yo o ganetsang o ne a fitlha diaparo tsa gagwe le madi go mo kgoba marapo gore a seka a nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete. Mme mathata ano a ne a seka a hupetsa mokaulengwe yono yo o ikanyegang. O ne a direla jaaka mmulatsela wa nakwana, kana yo o thusang, kgwedi nngwe le nngwe go fitlhelela dingwaga tse some mme a rera mo metsaneng e le mentsi, gantsi a tshwarwa bosula ke banni ba metsana eo. Lefa go ntse jalo, fa babulatsela le barongwa moragonyana ba ne ba rera mo mafelong ao, batho ba le bantsi ba ne ba ba atamela le go kopa dithuto tsa Bibela. Jalo he, dilo tse di molemo di ne tsa nna gone ka ntlha ya tiro e e maatla ya mokaulengwe yono yo o tlhaga. O ne a swa a le dingwaga tse 92 ka ntlha ya kankere mme o ne a bo a dira dioura tse 40 mo bodiheding ka yone kgwedi e a suleng ka yone.
18. (a) E le gore re tle re ipelele kamogelo ya bomodimo re tshwanetse go dira eng? (b) Ke dituelo dife tse re tla di bonang fa re tswelela ka go “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō”?
18 Le rona, gape, re tshwanetse go itshoka go sa kgathalesege mathata le mahutsana. (Mathaio 24:13) E le gore re tle re itumelele kamogelo ya bomodimo, go botlhokwa gore re dirise kgakololo ya Modimo, re ikaege ka ene, mme re nne re ntse re ikgaogantse le ’ lefatshe, maikutlo a lone, le ditsela tsa lone. (Pesalema 37:5; 1 Bakorintha 2:12; Yakobe 1:27) Jalo he a re lweleng go etsa Monei-sekao wa rona, Jesu Keresete. A re intsheng setlhabelo mme re ikemisetseng go iteka mo tirelong ya ga Jehofa e e galalelang. Fa re dira seno, re ka leba ka boikanyo tiragatsong ya ditsholofetso tse di molemo-lemo tsa Rre wa rona wa selegodimo go baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang Mme a bo se se tla gogela kwa masegong a mantle thata mo Thulaganyong ya gagwe e Ntšha e e solofeditsweng! Go feta tsotlhe, go “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō” go tla re tlisetsa tuelo ya go arola mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo.
◻ Dikotsi tsa ‘go sepela ka pono’ ke dife?
◻ Maitemogelo a Baiseraele a neela tlhagiso efe go batho ba ga Jehofa gompieno?
◻ Go na le go itepeletsa, re tshwanetse go dira eng?
◻ Go “sepela ka tumèlō” go raya go dira eng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fa Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba tshwaregile mo dikgannyeng tsa bolegodimo, a wena le lelapa la gago gantsi lo a bo lo ya kwa lefelong lengwe la boitapoloso?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Jesu Keresete o ne a re tlhomela sekao se se manontlhotlho. A Jaaka ene, o “sepela ka tumèlō”?