Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Botsalo jwa ga Jesu—Bo Nnetse Kae mme Leng?
KE GORENG Josefa a ne a tsaya loeto lo loleele, ereka nako e ne e le gaufi ya ga Maria gore a belege? Tota, mmusi wa Puso Kgolo ya Roma, ebong Caesar Augustus, o ne a dirile molao wa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go boela kwa toropong e a tsaletsweng go yone gore a kwadisiwe. Jalo Josefa o ya kwa lefelong le a tsaletsweng go lone, toropo ya Bethelehema.
Batho ba bantsi ba teng koo kwa Bethelehema go ikwadisa, mme lefelo le le losi fela le Josefa le Maria ba ka le bonang go nna mo go lone ke bojelo jwa dipitse. Jesu o tsalelwa fano, koo ditonki le diphologolo tse dingwe di tlhatlhelwang teng. Maria o mo phutha ka makgasa a matsela mme a bo a mo robatsa mo bojelong, lefelo leo le bolokang dijo tsa diphologolo.
Eleruri e ne e le ka kaelo ya Modimo go bo Caesar Augustus a ile a dira molao wa ikwadiso. Go ne ga go kgonisa gore Jesu a tsalelwe kwa Bethelehema, motse o Dikwalo bogologolo di neng tsa bolelela pele gore e ne e tla nna lefelo la botsalelo la mmusi yo o solofeditsweng
Abo jono e ne e le bosigo jo bo botlhokwa ne! Kwa sekgweng kwa madisong setlhopha sa badisa se phatsimelwa ke lesedi ka go benya tikologong ya bone. Ke kgalalelo ya ga Jehofa! Mme moengele wa ga Jehofa o a ba bolelela: ‘Go sa tswa go tsalwa fela jaana gompieno mo Bethelehema Mmoloki, yo eleng Keresete Morena. Lo tla mo fitlhela a robetse mo bojelong.’ Ka bofefo fela baengele ba bantsi gape ba a bonala le go opela: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”
Fa baengele ba emelela, badisa ba raana ba re: ‘A re tsamayeng fela gone jaana re yeng kwa Bethelehema go bona selo seno se Jehofa a se re itsisitseng.’ Ba a itlhaganela mme ba fitlhela Jesu fela fa moengele a neng a rile ba tla mo fitlhela teng. Fa badisa ba tlhalosa se moengele a se ba boleletseng, botlhe ba ba go utlwang ba a gakgamala Maria o boloka dipolelo tseno tsotlhe le go di ngomaela mo pelong ya gagwe.
Batho ba bantsi gompieno ba dumela gore Jesu o ne a tsalwa ka December 25. Mme December ke lobaka lwa dipula, lo lo tsididi kwa Bethelehema Badisa ba ne ba ka se bo ba le kwa madisong bosigogare ka matsomane a bone mo nakong eo ya ngwaga. Gape, Caesar wa Roma go ne go sa bonale a ka batla batho bao ba neng ba setse ba sekametse mo go mo tsuologeleng gore ba tsamae loeto lo loleele mo marigeng a a gaupanyang go ya go ikwadisa. Go bonala he fa Jesu a tsetswe nako nngwe mo tshimologong ya Iegwetla la ngwaga eo. Luke 2:1-20; Mika 5:2.
◆ Ke goreng Josefa le Maria ba ne ba etela kwa Bethelehema?
◆ Ke selo sefe se se gakgamatsang se se neng sa diragala mo bosigong jo Jesu a tsetsweng ka jone?
◆ Re itse jang gore Jesu a ka bo a sa tsalwa ka December 25?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]