Adame le Efa—A Ke Ba Dikinane kana Ke Ba Mmatota?
“A GA se ikganetso e e maswe maswe ka Bibela gore e re Adame le Efa ba ne ba tlhaga mo losikeng lwa diphologolo?” Potso eno, e e neng ya bodiwa ke La Croix ya letsatsi le letsatsi ya Roma Katoliki, e baya ka bokhutshwanyane bothata jo Bakeresete ba bantsi ba lebaneng le jone. Ba ipotsa gore Bokeresete bo ne bo ka raya eng tota fa popo e belaelwa.
Go bona kutlwisiso e e botoka ya mathata a a kopanyelediwang, re tla tlhoka go tlhatlhobisa seo Bibela e nang le go se bua ka kgang ya boleo le loso. Sa ntlha-ntlha, re tshwanetse go boela morago kwa pegong ya seo se neng sa diragala mo tshimong ya Edena.
Boleo le Thekololo
Genesise kgaolo 2, e tlhalosa gore Modimo o ne wa neela monna wa ntlha taolo. O ne a sa tshwanela go ja setlhare sengwe se se rileng se se neng se bidiwa sa “kicō ea molemō le boshula.” (Genesise 2:17) Jaaka The Jerusalem Bible e tlhalosa mo mantsweng a a kwa tlasenyana, gore fa motho a ne a tlola taolo ya Modimo, o ne a itseela tshwanelo eo e neng e se ya gagwe, “nonofo ya go itirela diphetso kaga seo se neng se siame le seo se neng se le bosula le go dira kafa go tshwanetseng, boiphako jwa go itaola boitsholong gotlhelele jo ka jone motho a neng a gana go lemoga boemo jwa gagwe jaaka setshedi se se bopilweng.”
Ka go tlola molao wa Modimo, Adame o ne a leofa mme a tlisa bosaitekanelang mo lotsong lwa setho, ga felela ka loso jaaka Modimo a ne a boleletse pele. Ereka ba ne ba latlhegetswe ke boitekanelo, banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba ka fetisetsa fela bosaitekanelang go ditlogolwana tsa bone. Ditlogolwana tsotlhe tsa mo isagweng tsa ga Adame le Efa—ka mantswe a mangwe, lotso lotlhe lwa setho—lo ne lo tla bo lo laoletswe loso.—Genesise 3:6; Pesalema 51:5; Baroma 5:14, 18, 19.
Setho se ne se ka tsamaya sa nna le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng joo bo neng jwa latlhiwa ke Adame jang? Molao-motheo wa “botshelō a bo cwèlwè ke botshelō” o o neng wa neelwa mo Molaong wa Modimo o o neng wa neelwa ka Moshe o ne o papamatsa seo se neng se tlhokafala: botshelo jo bo itekanetseng bo ne bo tshwanelwa ke gore bo neelwe boemong jwa botshelo jo bo itekanetseng jo Adame a neng a bo latlhile. (Duteronome 19:21) Jesu, lentswe ja motheo ja Bokeresete, o ne a tshwanelegela seno ka botlalo. A gololesegile mo boleong le mo bosaitekaneleng, e ne e le ene fela yo a neng a ka kgona go neela botshelo jwa setho jo bo itekanetseng jaaka “thèkololō ea botlhe.” (1 Timotheo 2:5, 6) Keresete o ne a bontsha gore jono e ne e le bongwe jwa maikaelelo a magolo a go tla ga gagwe mo lefatsheng, fa a ne a bolela ka gore: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
Patlafalo eno e e tshwanang—eleng, gore thekololo e tshwanetse ya neelwa ke mongwe yo mogolwane go na le motho yo o sa itekanelang—e papamadiwa gape mo go Pesalema 49:7, koo re balang jaana malebana le motho: “Ga go na opè eo o ka rèkololañ ñwana oa ga rragwè ka gopè, leha e le go mo ntshetsa serekololō go se naea Modimo.” Ke goreng go se na ope yo o ka “rèkololañ ñwana oa ga rragwè”? Ke fela ka go bo ga go botshelo bope jo bo sa itekanelang joo bo neng bo tla duela botshelo jo bo itekanetseng jo Adame a bo latlhileng.
Dikai tse Pedi tsa Bosupi jo bo Nonofileng
Ka go batlisisa seo moaposetoloi Paulo le Keresete ka bobone ba neng ba se bua mo kgannyeng e, re ka ikatlholela ka borona go bona boo pego ya ga Adame le Efa e ne e le ya tshwantshetso le gore a jaana tota ba kile ba nna teng kana nnyaa.
Moaposetoloi Paulo o dira papiso magareng ga karolo e Adame a neng a e tsaya le eo Jesu a neng a e tsaya, ka go tlhalosa: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo . . . Gonne e ka re ha losho lo laotse ka eo moñwe hèla, ka ntlha ea tlolō ea eo moñwe hèla eouō; bogolo thata ba ba amogèlañ letlōtlō ya tshegōhaco le ya nèō ea tshiamo, ba tla busa mo botsheloñ ka eo moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete.” (Baroma 5:12, 17) O ntse o bua ka ntlha eno e e tshwanang mo go tse dingwe tsa dikwalo tsa gagwe, koo a bitsang Jesu “Adame oa moragō,” ka gone a bontsha gore e ne e le Jesu fela yo a neng a ka golola seo Adame a se latlhileng. Go tswa foo, morago ga tsogo ya gagwe go ya botshelong jwa semoya kwa magodimong, Jesu o ne a ka nna “mōea o o tshedisañ” mo boemong jwa botlhe bao ba tla bolokwang. (1 Bakorintha 15:45) Jaanong fa e le gore Adame e ne e le tshwantshetso fela ya setho, kana “setshedi se se mmedi,” jaaka ntlha e e kwa tlase e tlhalosa go Traduction Œcuménique de la Bible (Ecumenical Translation of the Bible) ya Sefora e bua jalo, kgang ya ga moaposetoloi Paulo e ne e tla nna le motheo ofe?
Lefa go ntse jalo, bosupi jo bo botlhokwa bogolo malebana le boammaaruri jwa pego ya ga Genesise kaga Adame le Efa bo ne jwa baakanyediwa ke Keresete ka boene, yo a neng a lebisa go jone fa a ne a bodiwa ke baetapele ba bodumedi ba motlha wa gagwe. O ne a re: “A ga lo ise lo ko lo bale (mo go Genesise) ha eo o ba dihileñ mo tshimologoñ a ba dihile nona le tshadi, A ba a re, Ke gōna ka mouō, motho o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, a ñaparèla mosadi oa gagwè; mè bobedi yo bo tla nna nama e le ñwe hèla? . . . Ke gōna se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.” (Mathaio 19:4-6) A re ka akanya Jesu a tshegeditse thuto ya gagwe kaga boitsheko jwa lenyalo mo sengweng seo e neng e le sa ikakanyetso fela kana sa ditlhamane?
Botlhale jwa Lefatshe kana Botlhale jwa Modimo?
Moprista wa Mofora wa mo Jesuit Teilhard de Chardin o ne a tlisa nngwe ya diphetogo tse dikgolo mo kgopolong ya Katoliki. O ne a tsaya thuto-tlhagelelo e le go gogela ka iketlo kwa go nneng gone ga moya. Go ya ka kgopolo ya gagwe, dibopego tsa botshelo di a tlhagelela, di tloga mo maemong a phologolo go ya mo maemong a batho, e be e re kgabagare di felele di le mo ntlheng ya konokono e e kitlaneng ya omega—Keresete. Lemororo kwa tshimologong e ne ya nyadiwa ke kereke kgopolo eno e ne ya bona kamogelo ya yone mo baruting ba bantsi ba Katoliki. Lefa go ntse jalo, e ne e thulana gotlhelele le bosupi jwa Dikwalo le go koega kgobo mo Modimong ka sebele, e latofatsa tlhokafalo ya thekololo ya setho gore ba tle ba bone botshelo jwa setho jo bo itekanetseng.
Kgopolo eno ya boitseanape jo bo boferefere e ile ya nna le matswela a a maswe fela thata mo kerekeng. Jaaka go ne ga tlhalosiwa mo bukeng ya L’épopée des adamites (The Epic of the Adamites) ke Jean Rondot: “Ditshekamelo tsotlhe tse di botlhabetsi kana tsa diphetogo mo Kerekeng, ka bobedi gareng ga baruti le bakereki, eleruri di ne tsa gogela mo phatlheng e e neng ya dirwa ke Teilhard. Ereka jaanong go ile ga nna le kgololesego nngwe e e rileng e e dumeletsweng ya go itlhalosetsa kafa o ratang Dikwalo (le eleng fa e ne e ka raya phetogo ya mogopolo wa lokwalo), ke goreng o sa dire bojotlhe jwa gago mme o agelele bodumedi jo bosha go ya kafa motho ka esi ene a ratang ka teng?”
Loungo lwa tshekamelo eno lo bonala segolo bogolo mo gompienong. Ka 1980 mo tseong dipalo e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla le le botlhokwa la Fora e ne ya bontsha gore ke diphesente tse 40 fela tsa Makatoliki a Fora a a dumelang mo go Adame le Efa le tshimologo ya boleo. Pelaelo gape e ne ya leswefatsa ka mo go tshwanang dintlha tse dingwe tse di botlhokwa, ereka e le diphesente tse 59 fela tsa Makatoliki mo Fora tse jaanong di neng di dumela motheo wa konokono wa Bokeresete wa tsogo ya ga Jesu Keresete.
Kgakala-kgakala mo go ngapareleng thuto ya Dikwalo, dikereke tse di farologaneng tseo di ileng tsa inaakanya le kgopolo ya thutotlhagelelo di senola gore di batla godimo ga tsotlhe matlhajana otlhe a a tumileng a bosheng. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba pele kgatlhanong le kakanyo e e ntseng jalo. O ne a gakolola Bakorintha gore Bokeresete bo ne bo sa amane ka gope le dikgopolonyana le matlhajana a a tumileng a motlha wa gagwe. O ne a kwala ka gore: “Motlhalehi o kae? mokwadi o kae? moganedi oa lehatshe yeno o kae? a Modimo ga oa ntsha botlhale yoa lehatshe dinyana hèla? . . . Ka Bayuda ba lōpa dichupō, le Bagerika ba batla botlhale: Me rona re rèra Keresete a bapocwe, . . . me mo go Badichaba e le dinyana hèla.”—1 Bakorintha 1:20-23.
Ka mo go tshwanang gompieno, telekiso ya “botlhale yoa lehatshe” jo bo ntseng jalo ga e ka ke ya gogela motho kwa kitsong ya Modimo lefa e le gone go bona kamogelo ya Gagwe. (Bapisa Yohane 17:3.) Poloko e e gogelang botshelong jo bo sa khutleng e gone go botlhe bao ba amogelang ka botlalo setlhabelo sa ga Keresete, thekololo eo a neng a e duela go reka gape botshelo jo bo itekanetseng jo Adame a neng a bo latlhile. E ne e le mo motheong wa setlhabelo seno fela batho ba neng ba ka atamela Modimo mme maleo a bone a neng a ka itshwarelwa. Moaposetoloi Petere o ne a tlhatswegile pelo gotlhe gotlhe kaga seno fa a ne a bolela pele ga baetapele ba bodumedi ba ba neng ba phuthegile kwa Jerusalema ka gore: “Me ga go nna poloka mo go ōpè o sele [kwantle ga ga Jesu]; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.”—Ditihō 4:12.
Makgolo a a dikete a batho a setse a ile a baya tsholofelo ya bone mo ‘moyeng ono o o tshedisang.’ Ba letetse ka tlhagafalo isagwe e e fa gaufi fa Paradaise e tla tsosolosediwa mo lefatsheng mme ba tla kgonang ka gone go itemogela tsholofelo e Adame a e latlhileng, eo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, o ka bona kitso eno e e botlhokwa-tlhokwa ya Bibela ka go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, mahala, mme o tle dipokanong tsa bone tsa Bokeresete. Ka gone o tla ithuta seo se tlhokafalang e le gore o tle o nne mongwe wa barutwa ba ga Jesu. Ka ntlha ya “Adame oa moragō,” o ka rua tshegofatso e e gakgamatsang e e tswang Modimong.—1 Bakorintha 15:45; Tshenolō 21:3, 4.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Jesu o ne a lekana le monna yo o itekanetseng Adame