A Tota Adame le Efa Ba Kile Ba Nna Teng?
“MONNA wa ntlha e ne e le Adame mme mosadi wa ntlha e ne e le Efa; e ne e le bone batsadi ba rona ba ntlha.” Pono e e ntseng jalo e ne ya bolelwa ka 1947 go The Catechism for Use by French Dioceses, buka kgolo ya motheo ya go ruta bana ba Fora tumelo ya Katoliki.
Mme ngwaga moragonyana, ka 1948, “encyclopedia” ya Sefora e e laoletsweng ke kereke ya Catholicisme e ne ya e: “Thuto epe fela ya tlhagelelo eo e dumelelang gore moya o ne wa bopiwa ke Modimo ga se gore ga e dumalane le Bibela.” Mo ngwageng yone eo e e tshwanang, Papal Biblical Commission e ne ya tlhalosa gore pego ya ga Genesise kaga popo e ne e le “tlhaloso e e tumileng ya ditshimologo tsa lotso lwa motho” e e tlhalositseng ka “puo ya tshwantshetso e e motlhofo e e tshwanelang botlhale jwa batho ba ba neng ba sa tlhabologa mo go kalo.”
Ka 1981 Pope John Paul II o ne a bua ka tsela eno fa pele ga Papal Academy of Sciences: “Bibela ka boyone e bua ka tshimologo le tshimolodiso ya Lobopo eseng jaaka kgang ya boitseanape mme eleng go phepafatsa kamano e e tshwanetseng ya motho le Lobopo.” Mme La Bible de la Liturgie (Liturgical Bible), e e neng ya amogelwa kafa mokgweng ka 1976, e sobokanya dikgopolo tsa baruti ba bodumedi ba bantsi ba Katoliki mo kgannyeng ya pego ya ga Genesise kaga popo, ka gore: “Tota, le gone ga se gore ke boammaaruri jwa ditso kana jwa boitseanape.”
Dikereke tse dingwe tseo di ipolelang go nna tsa Bokeresete ga di gaisiwe ka sepe fa go tliwa mo go ngapareleng kgopolo ya thutotlhagelelo kafa e ntseng ka teng. Alexandre Westphal, yo e neng e le porofesa ya ditso tsa bodumedi le boruti jwa bodumedi jwa Bibela kwa Sekolong sa Boruti sa Maporosetanta mo Montauban, mo Fora, o ne a bolela go Dictionnaire Encyclopédique de la Bible ya gagwe gore pego ya ga Genesise malebana le Adame le Efa le bana ba bone ba ntlha ba babedi “ga e a tshwanela go akanyediwa jaaka tlhaloso ya ditiragalo tseo tota di neng tsa diragala mo bathong ba bane, mme ke tlhaloso fela, e e dirisang mokgwa wa tshwantshetso le kgopolo ya kakanyetso, ya ditshimologo tsa dikamano tsa setho le Modimo.” (Genesise 2:7–4:16) Ka 1949, Mobishopo yo Mogolo wa Canterbury, yo o tsewang e le bishopo yo mogolo thata wa Kereke ya Ennyelane, o ne a ya le eleng bokgakaleng jwa gore: “Kereke ya Bokeresete yotlhe e amogetse kgopolo ya thuto-tlhagelelo jaaka e le e e tsepamisitsweng kafa boitseanapeng.”
Ka gone, ka lentswe ja boikgogomoso makasine wa beke le beke wa puo ya Sefora L’Express o iphaka gore go nna ga motho mo losikeng lwa diphologolo ga go kake ga ganediwa gompieno ke ope “kwantle ga bo bosenakitso le baphadimogi ba sekaenyana.”
Pego ya Popo le Boitseanape
A mme jaanong pego ya popo, eo e neng ya amogelwa ka makgolo a dingwaga a le mantsi, jaanong e tshwanetse ya ganwa gotlhelele ka lonyatso? Go bua boammaaruri, buka ya ga Genesise ga e neele ditlhaloso tse di tsonkolotsweng tsa boranyane kafa botshelo jwa dimela le diphologolo bo neng jwa bopiwa ka teng, mme lenaneo la yone le le akaretsang le dumalana sentle-ntle le mabaka a boitseanape.
Ka motlhala, Bibela e bontsha gore batho botlhe ba na le tshimologo e le nngwe, ba tswa banyalaning ba ntlha ba batho, Adame le Efa. Fa a ne a netefatsa motswe o le mongwe wa setho, André Langaney, mothusa tlhogo ya lefapha kwa Musée de l’Homme (Museamo wa Motho) mo Paris, o ne a tlhalosa mo tokololong e e kgethegileng ya kgwedi le kgwedi ya Sefora ya Science et Vie: “Mabaka a botshelo a motho le ditso a bontsha gore kutlwano ya Motho e ya kwa tengnyana teng, e pota ka kwa dipharologanyo tsa mmala wa letlalo kana bogolo jwa dilaola-popego mo tsamaisong ya “Gm” [mokgwa o o rileng wa popego ya madi mo diporoteining tsa ditlhopha tsa batho ba ba rileng].”
Buka ya ga Genesise gape e neela boikitsiso ka dipotso tseo di potang ka kwa kutlwisiso ya baitseanape. Fa a ne a arabela potso malebana le “kakabalo e e sa itsegeng ya mokgwa wa go tsofala,” e a neng a e bodiwa ke ba L’Express ya beke le beke ya Paris, mogapasekgele sa Nobel wa moithuta matshelo a batho Francois Jacob o ne a dumela ka gore: “Mokgwa wa teng ga o tlhaloganyesege Eleruri, ke kakabalo e kgolo thata-thata gore setshedi se se neng sa kgona go itsala ka bosone ka mokgwa o o raraaneng thata-thata go feta e bo nene he jaanong se tshwanetse sa bo se palelwa ke go itshomarela mo boemong jo bo molemo. Lebaka la gore motho o ka tsalwa go tswa seleng ya lee le le ungwileng ka gongwe ke tiragalo e e boitshegang fela thata eo e ka diragalang mo lefatsheng.”
Bibela, gape, e supa gore, ka tsela nngwe ke kakabalo gore motho a bo a tshwanetse go swa. Go ya ka pego ya popo ya buka ya ga Genesise, motho o ne a bopetswe go tshela, go ‘itshomarela mo boemong jo bo molemo,’ ka bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, seno se ne se ikaegile mo go bolokeng ga gagwe dikamano tse di molemo le Ene yo o mmopileng. Fa batsadi ba ntlha ba ne ka boomo ba tsuologa kgatlhanong le dipatlafalo tsa Gagwe, ba ne ba leofa. E ne e le boleo jo bo neng jwa tlisa go setho “kakabalo” ya go swa. Boleo ‘bo ne jwa direla batho loso,’ jaaka Modimo a ne a tlhagisa gore go ne go tla nna jalo.—Baroma 7:13; Genesise 3:16-19.
Ka jalo, ga se gore ke boeleele go dumela pego ya tshimologo ya motho e e fitlhelwang mo Bibeleng. Tota, setlhogo se se latelang se tla neela bosupi go bontsha gore Mokeresete ga a kake a gana pego eno ya popo ya motho kwantle ga matswela a a maswe mo tumelong ya gagwe mo motheong o o leng one tota wa Bokeresete—loso lwa setlhabelo lwa ga Kere sete. Tswee-tswee nna o bale.