Dipotso tse di Tswang Go Babadi
Ka ntlha ya dipego tsa gore dingaka di ka kgona go busa ka morago ikopahatso e e ikgethetsweng, a Bakeresete ka gongwe ba ka e ikgethela jaaka sebopego sengwe sa taolelo lotsalo?
Bibela e bontsha gore Modimo o tseela kwa godimo thata dirwe tsa tsalo. O ne a ikaelela gore batho ba tlatse lefatshe ka go tsala kafa losikeng lwa bone. (Genesise 1:28; 9:6, 7) Moragonyana, Baiseraele ba ne ba tsaya malapa a magolo jaaka lesego le le tswang go Jehofa, mme go tshwenyana le dirwe tsa tsalo go ne go ka dira gore o se amogelwe ke Modimo. (Pesalema 127:3-5; Duteronome 1:11; 23:1; 25:11, 12) Dintlha tse di ntseng jalo mo Dikwalong tsa Sehebera di ne tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo go akanyeng ga batlhanka ba Modimo malebana le mokgwa wa ikopahatso e e ikgethelwang.a
Lefa go ntse jalo, ke eng seo re se fitlhelang mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete se se amanang le kgang eno? Ka selo se se sengwe, re ithuta gore Bakeresete ga ba kafa tlaseng ga Molao wa ga Moshe. (Bagalatia 3:24, 25) Gape, Jesu o ne a kgothaletsa katologo ya Bokeresete ka go rera mafoko a a molemo, eseng ka lotsalo. Ereka tiro e kgolo ya thobo ya barutwa e ne e tla nna gone, Jesu o ne a gakolola barutwa bao ba neng ba ka go kgona go nna baopa ka tlhaloganyo ya semoya, a kgothaletsa boikgapo mo bathong ba ba sa nyalwang le ba ba sa nyalang. Ka jone botlhokwa jo bo tshwanang joo, moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go sa nyale mme ka gone ba nne le kgololesego e kgolwanyane mo go rereng le mo go ruteng. Ka tsela eo ba ne ba tla kgona go phutha bana ba semoya. Le eleng banyalani ba ne ba tshwanetse go gakologelwa gore“lobaka lo khutshahetse”; mo- kgele wa bone o tshwanetse go ‘gololesega mo ditlhobaelong’ tsa botshelo jwa lelapa.—1 Bakorintha 7:29-32, 35; Mathaio 9:37, 8; 19:12.
Fa re ne ra tlotla labofelo kaga ikopahatso ya boikgethelo mo kgannyeng eno* bontsi jwa dingaka bo ne bo tsaya mokgwa oo e le o o ka se busediweng ka morago mme ka gone o nnela ruri. Lefa go ntse jalo, ditlhaboloío tsa kalafi mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng di ile tsa fetola boemo ka tsela nngwe. Ka sekai, Population Reports (November-December 1983, Unibesithe ya Johns Hopkins) e re kaga methapo ya go tshola ya banna e e kabilweng: “Mo dipegong tsa bosheng jaana dipusetso morago di ile tsa kgona go tsosolosa go elela—ke gore, morotwana o ile wa fitlhelwa mo dithobeng—mo diphesenteng tse 67 go ya go 100 tsa banna. Katlego ya go bereka sentle—ke gore, boithwalo gareng ga basadi ba banna bao ba ileng ba busediwa morago—e ile ya tloga go diphesente tse 16 go ya go 85.” Mekgwa e mesha ya tsa kalafi le mefuta ya go tsenya dithibedi tsa nakwana le tsone gape di supiwa jaaka katlego ya go busetsa morago e e santseng e tla oketsega.
Ereka Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di sa neele kaelo e e tlhamaletseng modikgannyeng tse di ntseng jalo, Bakeresete ba tshwanetse go itirela diphetso tsa botho kaga go lekanyetsa bogolo jwa lelapa la bone mme le ka taolelo ya lotsalo. Fa e le kaga ikopahatso, ba tshwanetse go gakologeIwa gore le eleng fa go ka bonala ekete go busetsa morago go ka kgonega go na le jaaka go ne go ntse mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, dingaka ga di kake tsa solofetsa gore kgono ya go ka tsala e ka tsosolosiwa.
Godimo ga tsotlhe, banyalani ba tshwanetse go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa le fa pele ga Bakeresete ka bone. Fa banyalani ba akanyetsa ka ikopahatso jaaka mofuta wa taolelo tsalo, ba santse ba tshwanetse go akanyetsa matswela a dikgato tsa bone gore a tla nna jang mo go ba bangwe. Ere ntswa banyalani e se gantsi ba bua phatlalatsa ka phetso ya bone kaga taolelo tsalo, fa go ne go ka tla ga itsiwe gore banyalani ba ile ba ikgethela ikopahatso e ba e ratileng, a phuthego e tla tenwa thata le go latlhegelwa ke tlotlo ya bone? (1 Timotheo 3:2, 12, 13) Ano ke mabaka a go akanyediwa ka bomasisi thata-thata, le eleng mo kgannyeng eno ya kwa bothokong le ya botho. Kwa pheletsong, polelwana ya ga moaposetoloi Paulo e a tshwanela: “Go éma le go wa ga gagwé, e nntse ke ga moréna [Jehofa] oa gagwé.”—Baroma 14:4, 10-12.
[Ntla e e kwa tlase]
a Bona, ka sekai, “Dipotso tse di Tswang Go Babadi,” The Watchtower ya March 1, 1975.