Lebaka La Go Bo Modimo a Ise a Diragatse Katlholo ya Gagwe
MO E ka nnang masome a mabedi a dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete bangwe ba ne ba setse ba lebeletse katlholo ya ga Jehofa go “goroga.” Seno se ne sa tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go ba kwalela, ka gore: “Letsatsi ya [ga Jehofa] . . . ga [lo] ketla [lo] dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.” Lemororo Paulo a ne a dumela gore “bosaitsiweñ [jono] yoa boiphèhèrō mo molaoñ” bo ne bo ‘setse bo dira’ mo motlheng wa gagwe, go phepafetse gore e ne e se bokgakaleng jo bo neng bo tlhokafalela gore, letsatsi ja katlholo ya bomodimo le ka tla.—2 Bathesalonia 2:2, 3, 7, 8.
Phutho e e Sebedi
Botenegi, lemororo go ne go tlhomamisega gore bo tla tla, bo ne bo se ketla bo kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo jwa go kgetha Bakere sete ba ba ikanyegang ba ba 144 000 ba e neng e tla nna babusi mmogo le Morwawe, ebong Jesu, mo legodimong. (Bona Tshenolō 14:1-5.) E ne e tla nna fela morago ga fa palo ya bone e setse e weditswe lefa ba setse ba kannwe gotlhelele ke Modimo tiragatso ya katlholo ya ga Jehofa e neng e ka diragala. Tshenolō 7:2, 3 e tlhalosa ka gore: “[Go ne ga tewa baengele ba bane ga twe]: Lo se ka loa tlhokohatsa lehatshe, leha e le lewatlè, leha e le ditlhare, [ka go tlisa diphefo tsa tshenyo tsa katlholo ya Modimo kgatlhanong le merafe], go tlo go tsamaeè re chwaeè batlhanka ba Modimo oa rona mo diphatleñ tsa bōnè pele.” Jaaka jaanong re itse, tiro eno e ne e ise e wediwe fa Bogosi bo ne bo tlhongwa ka 1914.
Ka gone, le eleng fa bangwe ba ne ba solofetse gore go ne go ka nna jalo, tiragatso ya katlholo ya bomodimo e ne e se ketla e tla ka nako eo. Tokololo ya The Watch Tower ya January 1, 1914, e ne ya re tlogela gore re akanye jalo, e tlhalosa gore lemororo “Ngwaga wa 1914 e le wa bofelo mo go seo Bibela e se bitsang ‘Metlha ya Baditšhaba’ . . . kwantle ga pelaelo epe re na le tsholofelo ya gore ngwaga eno, 1914, e tla bona diphetogo tse dikgolo le tse di bofefo tsa taolelo ya dilo jaaka re ne re solofetse.” Lefa go ntse jalo, jaaka setlhogo se ne sa tswelela go tlhalosa, Bakeresete ba ne ba ipelela gore tlhatlhamano ya metlha ya Bibela e ne e ba tsositse maroko ka bogaufi jwa katlholo ya bomodimo. E ne ya re: “Re dumela gore tlhatlhamano ya metlha ke lesego. Fa e le gore e tshwanetse ya re tsosa metsotso e sekaenyana pele kana dioura di sekaenyana pele mo mosong go na le jaaka re ne re solofetse go tsoga, tsotlhe di apere tshiamo! Bao ba bonang lesego ke bao ba tsogileng.”
Gape gareng ga bao ba bonang lesego e tla bo e le “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō” bao ba tlhalosiwang ke Bibela. E ne ya nna fela go fitlhelela ka 1935 kutlwisiso e e tletseng ya “boidiidi yo bogolo” jono jo bo tla bong bo bopilwe ka batho “ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo” ba neng ba tlhaloganngwa ka botlalo, ke gore, bao ba huraletseng phuthego ya ga Satane mme ba ema kafa letlhakoreng la Modimo, e le gore ba tle ba falole tiragatso ya katlholo ya Modimo. Ka masome a matlhano a dingwaga jaanong, tiro ya go phutha “boidiidi yo bogolo” jono e ile ya tswelela tumalanong le boikaelelo jwa ga Jehofa. Re ka ipela ka gore katlholo ya bomodimo ga e ketla e diragadiwa go fitlhelela tiro eno e e bolokang botshelo e sena go wediwa.—Tshenolō 7:9, 14.
Ditiragalo tsa Sepolotiki
Ditiragalo tse di rileng tsa sepolotiki di ne tsa bolelelwa pele gape go diragala pele ga go diragadiwa ga katlholo ya Modimo. Tiragatso ya boperofeti jwa ga Daniele kaga “dikgosi tse pedi” (Dan kgaolo 11) jaanong bo bonala sentlentle jaaka jo bo atamelang bowelo.a Kwa bofelelong jwa tiragatso eno, Modimo o tla diragatsa katlholo.—Bapisa Daniele 2:44.
Lemororo di ganetsana, barena ba lefatshe le merafe e e ba emeng nokeng—“kgosi ea borwa” le “kgosi ea botsheka”—ka bobedi di emelwa mo lekgotleng la kgolokwe la sepolotiki leo gompieno le dirang gore batho ba ‘sale ba gakgametse.’ Abo e le tlhaloso e e tshwanelang jang ne ya Kgolagano ya Merafe ya morago ga Ntwa ya Lefatshe I le motlhatlhami wa yone wa morago ga Ntwa ya Lefatshe II, lekgotla la Merafe e e Kopaneng.—Daniele 11:40; Tshenoló 17:8
Lefa di kgaogane ka maikutlo le mo sepolotiking, mme lefa go le jalo ka nako e e tshwanang ba “kitlanye” “dikgosi tse pedi” tseno di na le mo gontsi go go bolela kaga go boloka “kagishō le thagamō” tsa lefatshe. Seno, gape, se a bonala ka go bo boperofeti jwa Bibela bo re: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” Gore ke go ya bokgakaleng jo bokae “dikgosi tse pedi” tseno, ka bogatsone mme le tumalanong le lekgotla la Merafe e e Kopaneng, di tla kgonang go rarabolola mathata a sepolotiki, a tsa itsholelo, a tsa tikologo le a botshelo jwa batho e le gore di tle di ikutlwe di siametswe ke go ka dira kgoeletso eno, mo nakong ya jaanong ga re itse.—1 Bathesalonia 5:2, 3.
Lefa go ntse jalo, seo re se itseng, ke gore e tla re nako nngwe mo pusong ya yone, lekgotla la Merafe e e Kopaneng, gammogo le merafe yotlhe e eleng maloko a lone,—go akareletsa le “dikgosi tse pedi” tse di tlotlegang fela thata tseno—di tla itemogela katlholo ya Modimo le go ‘senngwa.’ Re itse gape gore losika lwa 1914 lo setse lo le mo malatsing a lone a botsofe, ka gone go letlelela fela lobaka lo lo khutshwanyane lwa nako lwa boperofeti jono gore bo diragadiwe Mme gape re a itse—ka gobo re na le tsholofetso ya ga Jesu ka sebele—gore “losika lo ga lo ketla lo heta, go tlo go tsamaeè dilō cotlhe tse, di dihalè pele.”—Tshenolō 17:11; Mareko 13:30.
Jehofa Ga A Ketla A Diega—Wena?
Fa o ithuta Bibela le go lemoga ka maikaelelo a ga Jehofa, se diege mo go tshabeleng kwa lefelong la tshwantshetso la Modimo la tshireletso. “Batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō,” “e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:1-3.
Gakologelwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba tshaba mo Jerusalema ka 66 C.E. morago ga go lemoga sesupo seo Jesu a neng a se neela sa katlholo e e neng e atamela. Bape fela bao ba neng ba diega mo go tshabeng ga bone—e ka tswa e le ka lebaka lefe fela—ka gongwe ba ne ba tsiediwa mo boikutlong jwa maaka jwa thagamo fa Baroma bao ba neng ba dikanyeditse motse mme ya re go sa solofelwa go tswa foo ba boa ka morago, ba ne ba palelwa ke go boa. Dibeke di ne tsa feta. Dibeke tsa nna dikgwedi Dikgwedi tsa nna dingwaga. Bangwe ba ka tswa ba ile ba akanya gore Jehofa o ne a diegisa go diragatsa katlholo ya gagwe. Mme ka tshoganyetso Baroma ba ne ba boa ka 70 C.E. Ka bao ba neng ba le moteng ga motse, go ne go sena kgoro ya botso.—Luke 21:20-22.
Mo letlhakoreng le lengwe, batho bao gompieno, ba setseng ba ile ba neela matshelo a bone mo go direng thato ya Modimo mme ba ile ba tshabela mo lefelong la pabalesego, ga ba a tshwanela go diega mo go diragatseng ditlamo tsa bone tsa Bokeresete. Ga ba a tshwanela gore ba repise mo go rereng molaetsa wa katlholo ya ga Jehofa jaaka Jona a ne a leka go dira jalo fa a ne a laelwa go tlhagisa Baninefe ka katlholo ya bomodimo. Lefa e le gone gore ba tshwanetse ba ikgogona ba tsidifala ba moma molomo, jaaka a ne a dira, ka go bo dilo di ne tsa seka tsa direga jaaka ba ne ba solofetse kana ka bofefo jaaka ba ne ba lebeletse.—Yona 1:1, 2; 4:2, 5, 10, 11; 2 Petere 3:15.
Ka mo go tshwanelang The Watch Tower ya June 1, 1906, e ne ya tlhalosa jaana malebana le go diragatsa katlholo ga Modimo: “Nako e tla bonatsa ka botlalo botlhale jwa bomodimo mo go seo se bonalang mo mothong yo o pono khutshwane e le tiego e e senang bobelotlhomogi . . . Modimo ka bopelonomi o ne wa re tlisa mo ponong ya gagwe ya go leba dilo mme a re laletsa go lebelela mo isagweng e e galalelang . . . mme e le selekanyong seo re ka kgonang go se utlwisisa le go se dumela, re ka ikhutsa le go ipela mo go yone. Mme mo nakonyaneng eno, ka go bo re lapolositswe ka tsela e ntle ntle thata ka tebelelo e e itumedisang, re tshwanetse go letela ka bopelotelele bokhutlo joo, lemororo lobaka lwa go letela lo ka tswa lo utlwisa botlhoko.”
Mme gone re tla letela, ka tlhatswego pelo eno e e tletseng: “Gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.”—Habakuke 2:3.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Boperofeti jono bo tlhalosiwa ka botlalo mo bukeng ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ka 1958 ke ba Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
SEO SE TSHWANETSENG GO TLA PELE GA GO DIRAGADIWA GA KATLHOLO
Botenegi—2 BATHESALONIA 2:2, 3
Go kanwa ga ba ba 144 000—TSHENOLŌ 7:2, 3
Go phuthiwa ga “boidiidi yo bogolo” go falola—TSHENOLŌ 7:14
Go bonala ga Kgolagano ya Merafe mme morago Merafe e e Kopaneng—TSHENOLŌ 17:8
Thulano ya bolefo magareng ga merafe e megolo e mebedi_—DANIELE 11:40, 44, 45
Kgoeletso ya kgolokwe ya “Kagishō le thagamō”—1 BATHESALONIA 5:2, 3
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Petere o ne a tsaya bopelotelele jwa Modimo e le poloko, lemororo Jona a ne a ngongorega. O tla latela sekao sa ga mang?