LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 3-5
  • A Modimo O Diegisa Katlholo ya Gagwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O Diegisa Katlholo ya Gagwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mo Lobakeñ Lo Lo Laocweñ” Lwa Modimo
  • “Losika Lo Ga Lo Ketla Lo Heta”
  • Teko ya Tumelo
  • Lebaka La Go Bo Modimo a Ise a Diragatse Katlholo ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Nako ya Gore re Nne re Thantse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Tsogang!—2010
  • “Nnang lo Disitse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 3-5

A Modimo O Diegisa Katlholo ya Gagwe?

IKAKANYE o letetse moeng yo o tswang ka kwantle ga toropo yo o boletseng letsatsi ja kgorogo ya gagwe mme a sa go bolelela oura ya gone. Jaaka nako e feta, o ntse ga a ise a tle, mme o simolola go ipotsa gore a o diegisitswe ke sengwe. A leno e ne e le lone letsatsi leo tota a rileng o tla tla ka lone? A go ka tswa go ile ga nna le tlhoka-kutlwisiso? Ka bonya, seo kwa tshimologong e neng e le bopelo-khutshwane fela se simolola go tsena mo go sengwe seo se tshwenyang thata, sengwe se se bidiwang pelaelo.

Seno se ka tswa se ka tlhalosa sentle kafa batho bangwe ba ikutlwang ka gone kaga kgorogo e e solofeditsweng ya nako ya Modimo ya go ntsha katlholo kgatlhanong le boikepo. Tota, baobamedi ba gagwe ba ile ba e letela ka lobaka lo loleele. Tsaya, ka sekai, Kgosi Dafide yo o ikanyegang Ka dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng o ne a re: “Yehofa, a le kaha lecogoñ ya gago ye legolo, o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè. O tla atlhola mo merahiñ.” Ka jalo a ope gompieno o ka bonwa phoso ka ketsaetsego ya gore, Leng?​—Pesalema 110:5, 6.

Ka go bapisa maemo a lefatshe le boperofeti jwa Bibela le go tsaya tsia tlhatlhamano ya metlha ya Bibela, diithuti tse di tlhoafetseng tsa Bibela di ile tsa tlhatswega pelo gore letsatsi la katlholo ya Modimo le atametse kwa bofelong. A mme batho ba bantsi gone mo nakong e e fetileng ga ba a ka ba ikutlwa ka tsela eo, e le fela gore e re moragonyana ba bo ba ile ba nna phoso? A go na le tlhomamisetso epe ya tsela ya go tlhotlhomisa tota gore katlholo ya Modimo e tla diragadiwa leng?

“Mo Lobakeñ Lo Lo Laocweñ” Lwa Modimo

Jesu o ne a supela gore katlholo e ne e tla diragala ka nako e e tsepameng. Mme mo tlhagisong go balatedi ba gagwe, o ne a re: “Lo lebèlèlè, . . . gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe.”​—Mareko 13:33.

Habakuke, a ne a laetswe ke Modimo makgolo a marataro a dingwaga a a fetileng go le pele o ne a kwala kaga tiragatso ya katlholo ya bomodimo, gape le ene o ne a re go tla nna le “lobaka lo lo laocweñ.” Mme e le tlhagiso kgatlhanong le go nna pelokhutshwane, kana ka gongwe le eleng go belaela, o ne a solofetsa ka kaelo ya Modimo: “Ga e ketla e aka: leha e ko e dièga, lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.”​—Habakuke 2:2, 3.

Mme fa e le gore katlholo ya Modimo ke ya “lobaka lo lo laocweñ” mme “leha e ko e dièga,” ke goreng Habakuke a re “ga e ketla e dièga”? Go bonala e le go bontsha gore batho bangwe ba Modimo ba ne ba tla e solofela go tla ka pejana go na le nako e e neng e tla tla ka yone tota. Ka goreng? Ka go bo nako e e tsepameng ya go goroga ga yone ba ne ba tla bo ba sa e itse.

Fa a ne a sale mo lefatsheng, le eleng Jesu o ne a sa itse nako e e leng yone tota, ka go bo o ile a re: “Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla.” (Mareko 13:32) Seo a neng a se itse, lefa go ntse jalo, e ne e le lobaka lwa nako leo ka lone katlholo e neng e tla direga. Ka gone, ka kopo ya barutwa ba gagwe, o ne a ba neela sesupo seo se neng se tla ba kgonisa go lemoga lobaka lwa nako eno fa fela le ne le setse le simolotse. Sesupo sa yone sa ntlha, Jesu o ne a re, e ne e tla bo e le “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” Jaanong, tota, mosadi yo o moimana yo o tsenang mo ditlhabing tsa pelegi ga a itse nako eo ka yone ngwana o tla tsholwang ka yone tota. Lefa go ntse jalo, o itse gore, losea lwa gagwe lo gaufi.​—Mathaio 24:3-8.

“Losika Lo Ga Lo Ketla Lo Heta”

Kwantle ga go itse fela gore lobaka lwa nako ya katlholo ya bomodimo e ne e tla tla leng, Jesu o ne a kgona go lekanyetsa boleele jwa yone. A dirisa setshwantsho sa setlhare sa mofeige, o ne a re: “E re ha kala ea ōna e setse e le nana, me e kukunya makakaba, lo bo lo itse ha selemō se atametse; Le lona hèla yalo, e tla re lo bōna dilō cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”​—Mathaio 24:32-34.

Ka gone katlholo e ne e tla diragadiwa ka nako nngwe mo botshelong jwa batho bao ba neng ba bone sesupo sa ntlha sa lobaka lwa nako lo lo boleletsweng pele ke Jesu. Tshimologo ya lobaka lono lwa nako e ne e tla tshwaya tshimologo ya bokhutlo jwa lefatshe la ga Satane, kgatlhanong le Bogosi jo bosha jo bo tlhomilweng jwa Modimo mo magodimong jo bo neng bo tla diragatsa katlholo ya bomodimo. Tlhatlhamano ya metlha ya Bibela le tiragatso ya boperofeti jwa Bibela e baakanyetsa ka bosupi jo bo popota jwa gore lobaka lono lwa nako lo ne lwa simolola ka 1914.a

Ka gone pele ga losika lwa 1914 lo ka swa gotlhelele, katlholo ya Modimo e tshwanetse go diragadiwa. Losika lono lo santse lo le gone ka dipalo tse dikgolo. Ka sekai, ka 1980 go ne go santse go na le batho ba ba neng ba tshela ba le 1 597 700 mo Federal Republic of Germany bao ba tsetsweng ka 1900 kana pele. Palo e ka bo e ile ya nna kgolo thata fa e se fa dimilione tsa batho ba naga eo ba ne ba a swa ba santse ba le babotlana mo dintweng tse pedi tsa lefatshe.

Mo go solofetseng gore “losika lo ga lo ketla lo heta,” Jesu o ne a dirisa ditlhakana tse pedi tsa Segerika tse di ganetsang ou le me. The Companion Bible e tlhalosa tiriso eno jaana: “Ditlhakana tse pedi tse di ganetsang fa di tshwaraganngwa mmogo di latlhegelwa ke bokao jwa tsone jo bo tlhaolegileng, mme di bopa sebopego sa tlhomamiso [tiiso] e e nonofileng le e e gatelelang fela thata thata.” Ke fela jaanong, ka nako eo go bonalang ekete losika lo ka feta pele ga tsotlhe tse di diragala, mafoko a ga Jesu “ga lo ketla” a tsaya bokao jo bo nonofileng.

Teko ya Tumelo

Mafoko a tlhagiso a ga Habakuke a supa gore go ne go tla bonala go na le tiego mo katlholong ya ga Jehofa, e direla jaaka teko ya tumelo. Sentle-ntle teko eno e ne e se ketla e tsoga go fitlhelela boaphelong jwa losika loo Jesu a neng a bua ka lone. Mo go lebiseng go sekai sa kwa tshimologong sa setlhogo seno, akanyetsa seno: Ke leng o neng o tla simolola go belaela ka bomasisi gore a jaana moeng wa gago o tla tla? Eleruri e ne e se ketla e nna ka nako ya borobonngwe mo mosong, lefa e le motshegare wa sethoboloko, gongwe le eleng mo maitseboeng Mme go bonala tumelo ya gago e ne e tla lekiwa fa lotlatlana lo ne lo setse lo itelekela. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore le eleng ka 11:30 p.m. moeng wa gago o ne a tla bo a santse a na le nako e e lekanetseng go ka diragatsa tsholofetso ya gagwe!

Ga go na lebaka la go tshwenyega ka gore Lefoko ja Modimo le tla ya le sa diragadiwa. Ga le ise le palelwe le ka motlha. Mafoko a ga Joshue go Baiseraele dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng a boammaruri jaanong fela jaaka a ne a ntse ka nako eo: “[Ga go] sepe se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona a di buileñ ka lona, di lo dihaletse cotlhe, ga go a tlhaèla sepè sa cōna.”​—Yoshue 23:14.

“Malebana le tiragatso ya boperofeti go bonala e le ga tlholego ka rona, mme le ka setho sotlhe, go nna pelokhutshwane le go lebelela dilo go dirwa ka bofefo jo bogolo go na le kafa di tshwanetseng go feta ka teng.” Go ne ga bolela jalo The Watch Tower mo tokololong ya yone ya May 1, 1910, e oketsa ka gore: “Eno ke tiegiso malebana le ditebelelo tsa rona, mme re ka tlhomamisega gore ga go na tiego mo kgannyeng e e malebana le boikaelelo jwa bomodimo . . . Ga re na pelaelo ya gore matswela a tla fitlhelelwa ka nako e e tletseng​—nako ya Modimo.”

Fa ba akanyetsa nako e e fetileng, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tshelang gompieno ba ka bona mabaka a a molemo a gore ke goreng katlholo ya Modimo e ise e diragadiwe. Tota ba a ipela go bo e ise e tle. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa gore ka goreng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tlhaloso e e tebileng e ka bonwa mo dikgaolong 16 le 18 tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ka 1982 ke ba Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ba bantsi ba losika lwa 1914 ba solofetse go bona “dilō cotlhe tse di dihale pele”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela