LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 8-12
  • Go Amogela Kgwetlho ya Kgolo ya Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Amogela Kgwetlho ya Kgolo ya Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolo ya Semoya e Botlhokwa-tlhokwa
  • Kgolo ya Bokeresete​—Ke Eng?
  • Be Goleng ka Lorato
  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Mokeresete yo o “Godileng ka Botlalo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Gagamalela Kwa go Goleng Sentle ka Gonne “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • ‘Tswelela o Gola’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 8-12

Go Amogela Kgwetlho ya Kgolo ya Bokeresete

“Me ka go bua boamarure mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete.”​—BAEFESIA 4:15.

1, 2. (a) Ke ka tsela efe ‘loungo lwa sebopelo’ e leng tuelo? (Pesalema 127:3) (b) Ke eng se se lebeletsweng mo maseeng a a sa tswang go tsalwa?

LESEA je le itekanetseng, je le tlolakang ruri ke boipelo jo bogolo. Ga se ba bantsi ba ba ka se ipeleleng mekgwanyana ya lone e e tshegisang Ke motswedi wa boipelo jo bo sa feleng le boitumelo, gongwe le gongwe kwa le yang gone go tlhokometswe. Ka mo go utlwalang, batsadi ba le rata jaaka ‘tlotlomalo le boipelo jwa bone go sa kgathalesege tiro yotlhe le phuduego e le e lereng. Ruri, “louñō loa sebopèlō, ke tuèlō.”​—Pesalema 127:3.

2 Lefa go ntse jalo, lefa lesea le ka tswa le ratwa, go diragalang fa le palelwa ke go ntsha sesupo sepe fela sa gore le a gola? Fa le nna mo boemong jo bo ntseng jalo morago ga dikgwedi kana le e leng dingwaga tse batsadi ba ntseng bale tlhokomela ka lorato, he ka phepafalo go na le sengwe se se phoso mo go masisi. Eleruri, kgolo e ile ya nna selo se se tshwanang fela le botshelo; re e lebelela mo dilong tsotlhe tse di tshelang. Ke bosupi jwa nonofo ya go bopa ya ga Jehofa le botlhale.​—Luke 2:52.

Kgolo ya Semoya e Botlhokwa-tlhokwa

3. Ke go gola gofe mo go neng ga bolelelwa-pele ke Jesu, mme ke tiragatso efe e e bonwang?

3 Go dumalana le boperofeti jwa ga Jesu, go diragala kgolo ya mofuta o mongwe. Go dikologa lefatshe, “thōbō” ya semoya e tsweletse. (Mathaio 9:37) Ka sekai, mo ngwageng wa tirelo wa 1984, mafatshe a le marataro a begile dipalo-kakaretso tsa baboledi ba Bogosi ba ba fetang dikete di le lekgolo. Dingwaga di le tharo pelenyana fela, ka 1981, e ne ya nna mafatshe a le mabedi fela a a dirileng jalo. Mo dingwageng tse thataro tse di fetileng, basupi ba basha ba ga Jehofa ba le 827 144 ba ne ba kolobediwa mme ga tlhongwa diphuthego tse dintšha di ka feta 5 000. Jehofa o akofisitse tiro ya gagwe.​—Isaia 60:22.

4. Phelelo e ile ya nna efe ka go gola ga lefatshe ka bophara gareng ga batho ba ga Jehofa?

4 Dipalo tseno di bontsha gore mo e ka nnang a le mongwe mo bathong bangwe le bangwe ba bararo yo o kopanelang ka metlha le batho ba ga Jehofa le go arola mo tirong ya go rera gompieno o ile a kolobediwa mo dingwageng tse thataro tse di fetileng. A o mongwe wa bone? Fa go ntse jalo, o ile wa nna motswedi o mogolo wa boipelo go bao ba ileng ba go thusa go ithuta boammaaruri, mo balekaneng botlhe ba gago ba Bakeresete, le go Rraago wa selegodimo, Jehofa Modimo. (Diane 27:11) Jaaka kgato ya ntlha eo e tsewang ke lesea, kgato e o e tsereng ya go ineela go Jehofa e ne e le tiragalo e e kgatlhang thata. E ne e supa kgato e e tsamaelang kwa pele, ya botswelelo jwa gago. E ne e le sesupo sa kgolo.

5. Ke dipotso dife tseo motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go di ipotsa? Ke eng seo se ka thusang go bona dikarabo?

5 Gotweng fa e sale nakong eo? Ka tlhokomelo e e lorato ya Bakeresete-ka-wena, a ka phepafalo o supa kgolo ya semoya e e tsepameng? Gongwe o ka botsa wa re, ‘Ke ka itse jang?’ Mme kana, gakologelwa seo moaposetoloi Paulo a neng a se bua kaga kgolo: “E rile ke le ñwanyana, ka bua yaka ñwanyana, ka ikutlwa yaka ñwanyana, ka akanya yaka ñwanyana: me yanoñ ka ke le monna, ke latlhile [“mekgwa ya bonyana, NW].” (1 Bakorintha 13:11) Jalo, e ne e se go feta ga nako fela mme e leng go latlha “mekgwa ya bonyana” moo go neng ga mo dira monna yo o godileng. Mekgwa eno ya bonyana ke efe?

6, 7. (a) Tlhalosa ‘mokgwa wa bonyana’ o le mongwe le kotsi eo o e lereng. (b) Mokgwa oo o bonadiwa jang? Matswela e ka nna afe?

6 Selo sengwe kaga masea ke gore ba na le selekanyo se se khutshwane sa tlhokomelo. Lemororo ba kgatlhwa ke sengwe le sengwe seo se ba dikologileng, ba bile gape ga ba ikanngwe, ba a feto-fetoga, le go sa wela dibete. Ka phepafalo, ope fela yo o ka nnang mo boemong jo bo ntseng jalo o mo kotsing e kgolo ya semoya. Gongwe a ka nna a “heheutlelwa kwano le kwa, le go kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe ea thutō, ka boherehere yoa batho, ka bohelepa yo bo latedisañ timèlō,” jaaka go tlhalositse moaposetoloi Paulo go Baefesia 4:14.

7 Makhubu le diphefo di ka kgomoga fela ka bofefo fa di sena go gosomana. Gompieno, fa go rulaganyeditswe gore dilo di tswe mo fesheneng, ditshekamelo, diphetogo, le difeshene di a tla mme di tsamaye. Dilo tse di neng di tsewa e le tse di botlhokwa-tlhokwa mo nakong e khutshwane e e fetileng di siiwa ke nako gotlhelele di bo di lebalwa. E ka ne e le mo sebakeng sa boitloso-bodutu, mo moaparong le mo go ipaakanyeng mmeleng, lefa e ka nna eng fela, a bo go tla bo go se botlhale​—le bongwana—​go nna o tshwaregile ka metlha o batla kana o bapala sengwe le sengwe sa bosheng, mme e re ka bofefo o bo o gaisiwa le go swabisiwa. Mo dikgannyeng tsa semoya, matswela a go sa iketlang mo go ntseng jalo a ka nna a a gobatsang.​—Bapisa Yakobe 1:6-8.

8. Ke ‘mokgwa’ ofe o mongwe gape wa masea a semoya, mme ke kotsi efe eo o e lereng?

8 O mongwe ‘mokgwa wa bonyana’ ke gore ba na le kutlwisiso e potlana thata ya se se molemo le se se bosula, se se siameng kana se se sa siamang. Ka mo go tshwanang, masea a semoya ga a ise “maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula,” mme ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a kgothatsa Bakeresete-ka-ene go ‘gagamalela kwa [kgolong, NW], re sa theye motheo gape.’ (Bahebera 5:14; 6:1) Bao e sa leng masea a semoya ba tlhoka tlhomamisetso ya ka metlha gore seo ba se amogetseng jaaka boammaaruri e le ruri ke boammaaruri, le gore seo ba rutilweng go se dira ruri ke se ba tshwanetseng go se dira. Ba tlhoka thuso le e leng mo dilong tsa motheo tota. Fa go sa nna jalo ba tlhakana tlhogo fela ga motlhofo, ba a tlalelwa, le go hupediwa ke dipelaelo tseo di ka senyang tumelo ya bone.

9. Ke ka baka lang fa re tshwanetse ra amogela kgwetlho ya kgolo ya Bokeresete?

9 A o ile wa lemoga kafa bana ka metlha yotlhe ba tlhoafaletseng go dira seo ba bonang bagolo ba se dira? Legale, mo go bone, e a bo e le motshameko fela. Kwa ntle ga pelaelo, bontlhanngwe jwa monate ono, ke go bo ba kgona go dira seo ba batlang go se dira kwantle ga go amogela boikarabelo jo bo tsamaelanang le sone. Mme tota seo, ke kafa botshelo jwa ngwana bo ntseng ka teng. (Bona Mathaio 11:16, 17.) Mme kgolo le botswelelo pele di lere tlamego le boikarabelo. Ke kgwetlho eo ngwana a tshwanetseng go thusiwa go e amogela. Gore o arabela ga molemo go le kana kang go yone, go tla tlhomamisa ka selekanyo se segolo, katlego ya gagwe kana go palelwa ga gagwe mo botshelong moragonyana Ka tsela ya semoya, ke mo go bileng go le ga botlhokwa ka mo go oketsegileng gore mongwe le mongwe wa rona a akanyetse ga masisi kgwetlho ya kgolo ya Bokeresete. A o ikemiseditse, le e leng go tlhoafalela go amogela boikarabelo jo bo nnang gone ka go nna motho yo o nonofileng, yo o godileng wa semoya? Kana a o itepeleditse fela, o dira gore ba bangwe ba sikare boikarabelo jwa gago?​—Bagalatia 6:4, 5.

Kgolo ya Bokeresete​—Ke Eng?

10. Ke ka baka lang fa Paulo a ne a tlhotlheletsa Bakeresete ba Bahebera go ‘gagamalela kwa kgolong’?

10 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete go ‘gagamalela kwa kgolong,’ o ne a gopotse ka eng? (Bahebera 6:1) Ditemana tse dingwe di bontsha gore pele Paulo o ne a na le dilo tse dintsi go di bua le Bakeresete ba Bahebera malebana le “moperisiti eo mogolo kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke,” Jesu Keresete. Mme o ne a ikutlwa gore ba ne ba ise ba go ipaakanyetse ka go bo seo a neng a se gopotse se ne se le “thata go phuthololwa.” (Bahebera 5:10, 11) Go na le moo, o ne a ba gakolola a re: “Lo bile gapè le ba ba chwanecweñ ke mashi, e señ ke diyō tse di loileñ. Gonne moñwe le moñwe eo o hecwañ ka mashi ga a na tlwaèlanō le lehoko ya tshiamō; gonne ke ñwanyana hèla. Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.”​—Bahebera 5:12-14; bapisa Yude 3.

11. Ke eng seo go gola go se supang?

11 A seno he, se raya gore kgolo ke kgang fela ya go nna le kitso ya dilo tse di boteng tsa Bibela? E re ntswa kgolo ya Bokeresete gone e akareletsa kitso le kutlwisiso ya Bibela, go na le mo gontsi mo go yone. Kutlwisiso ya mafoko ao a dirisitsweng ke moaposetoloi Paulo e tla re thusa go bona kgang ka phepafalo. Lefoko la Segerika le le ranoletsweng ka gore “kgolong” ke te·lei·oʹtes, mme letlhaodi “kgolo” le ranotswe go tswa go teʹlei·os. Mafoko ano a amana le teʹlos, leo le rayang “bokhutlo.” Ka gone, Expository Dictionary of New Testament Words, ka W. E. Vine, e tlhalosa gore go gola (teʹlei·os) “go supa go fitlha kwa bokhutlong (teʹlos), go fetsa, go digela, boitekanelo.” Ka gone, Mokeresete yo o godileng ke yo o fitlhileng mo bokhutlong jo bo rileng, kana mo mokgeleng. Mokgele ono ke eng?

12. Go ya ka Baefesia 4:11-13, ke eng seo se kopanyelediwang ke kgolo?

12 Moaposetoloi Paulo, go Baefesia 4:11-13, o ne a tlhalosa gore Keresete Jesu, jaaka tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o dirile dipaakanyetso di le dintsi go thusa “baitshepi” go fitlhelela mokgeleng oo, e bong, gore “go tlo go tsamaeè re hitlhè rotlhe mo boñweheleñ yoa tumèlō, le yoa kicō ea Morwa Modimo, go ea go hitlha boemoñ yoa monna eo o godileñ, le mo selekanyoñ sa go gola ga botlalō yoa ga Keresete.” Fano, go gola, kana boitekanelo, (Segerika, teʹlei·os), ga go amane fela le go nna le ‘kitso e e tlhomameng’ mme gape le “boñweheleñ yoa tumèlō” le go itlhatlhoba go ya ka boemo jwa selekanyo sa ga Keresete.

13. Ke ka baka lang fa go ka seke go nne le kgolo epe ya Bokeresete kwantle ga ‘bongwehela jwa tumelo’?

13 ‘Bongwehela jwa tumelo’ bo kaya kutlwano. Pele ga motho a tla go itse ka “tumèlō e le ñwe hèla,” o ka nna a bo a na le megopolo ya gagwe le maikutlo gore dilo di dirwe jang, gore ke eng seo se siameng le se se sa siamang, jalo le jalo. (Baefesia 4:4, 5.) Fa a dumelela megopolo e e ntseng jalo go nnela ruri, o tla go fitlhela go le bokete go ka gola semoyeng. Nakong nngwe Paulo o ne a bitsa Bakeresete mo phuthegong ya Korintha wa bogologolo a re ke “banyana ba bannye mo go Keresete” le ba “senama” ka go bo ba ne ba kgaogantswe ke “lehuha le kgañ,” bangwe ba iphaka go latela Paulo, ba bangwe Apolose. (1 Bakorintha 3:1-4) Ka gone, go ka bonwa sentle fela, gore kutlwano, kana ‘bongwehela mo tumelong,’ di tsamaisanya le kgolo ya Bokeresete. Ga go epe e e ka nnang gone kwantle ga e nngwe. Jalo re tshwanetse go ipotsa: A re tlogetse ditsela tsa rona tsa pele tsa go akanya ga selefatshe? A re bona botlhokwa jwa kutlwano mo mogopolong le mo tirong le batho ba ga Jehofa? ‘Bongwehela jwa tumelo’ ke karolo e e ka se latlhweng ya kgolo ya Bokeresete.​—Baefesia 4:2, 3.

14. Kgolo ya Bokeresete e amana le eng gape?

14 Kgolo ya Bokeresete gape e amana le go nna le ‘selekanyo sa go gola ga botlalo jwa ga Keresete.’ Seno se kayang? Paulo o tswelapele ka go re bao ba fitlhelelang selekanyo seno ga e sa tlhole e le bana, ba “kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe ea thutō, ka boherehere yoa batho” bao ba dirang phoso ka bolalome. Go na le moo, ba na le kitso e e nepagetseng ya boammaaruri Ba godile mo go rateng Keresete, mme ba bontsha dinonofo tse dingwe tsa bomodimo, tse di jaaka botlhale, tshiamo, le maatla. (Baefesia 4:13, 14; Yohane 15:12, 13; 1 Bakorintha 1:24, 30; 2:7, 8; Diane 8:1, 22-31) Lefa rona, jaaka batho ba ba sa itekanelang, re ka se kgone go fitlhelela ka mo go feletseng ‘selekanyo sa go gola sa ga Keresete,’ ruri re ka mo dira Motlhoma-sekao wa rona, re itlhomela bokhutlo kana mokgele, wa go godisa mofuta o o tshwanang wa botho jwa bomodimo. (Bakolosa 3:9) Fa re ntse re lekela go fitlhelela mokgele ono re a gola.

Be Goleng ka Lorato

15. Kgato ya ntlha ke efe mo go batleng kgolo?

15 Fa re sena go akanyetsa seo se kaiwang ke lereo ‘kgolo ya Bokeresete,’ re tlhoka go itse gore re ka e bona jang. J aaka fa re bone, Bahebera 6:1 e bontsha gore fa re ntse re batla kgolo ya Bokeresete go na le motheo mongwe oo re tshwanetseng ra agela mo go one. Fa seno se sena go dirwa, maiteko a mangwe a ka kaelwa mo go gagamaleleng kwa kgolong. Sa ntlha gareng ga dikarolo tse di farologaneng tseo di dirang motheo oo ke “go ikwatlhaèla ditihō tse di shuleñ.”

16. Ke ‘ditiro tse di suleng’ dife tseo re tshwanetseng ra di ikwatlhaela?

16 Ka phepafalo, “ditihō tse di shuleñ” di tla akareletsa ditiro tsa nama e e leofileng, tseo, fa di sa tlhokomelwe, di tla gogelang kwa losong. Re lemoga fela ka tlhamalalo ditlolo tse di tshwanang le boaka, bomaswe, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medimo ya disetwa, le tirisa-badimo gore ke dilo tsa boleo, mme re a di gana. Mme ditiro tsa nama, “ditihō tse di shuleñ,” di akareletsa gape seo bangwe ba ka nnang ba se bitsa ba re ke mekgwa ya botho jaaka dikilano, kgang, lefufa, dikgakalo, ditomologano, dikgaogano, makoko, le dipelotshetlha. (Bagalatia 5:19-21) Fa e se fela motho a ka apola mekgwa ya botho e e ntseng jalo mme ya tseelwa sebaka ke “motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure,” ga go bonale sentle fa motho a ka atlega mo go fitlheleleng kgolo ya Bokeresete.​—Baefesia 4:22-24.

17. Ke eng gape seo se ka tsewang jaaka ‘ditiro tse di suleng’? Ka baka lang?

17 Kwantle ga ditiro tsa nama, “ditihō tse di shuleñ” tseo re tshwanetseng ra di ikapola di akareletsa gape ditiro le ditelekiso tse di suleng kafa semoyeng tsa lefela, le tse di senang mosola. E ka nna ya nna maano a go kgobokanya madi, le go huma ka potlako. Di ka nna tsa nna dithulaganyetso tsa keletso ya thutego e e kwa godimo le tse di jang nako, kana e ka nna ya nna mekgatlhonyana ya lefatshe ya go tokafatsa loago, kagiso, le tse dingwe. Dilo tseno tsotlhe di ka bonala di na le bomosola bongwe ka botsone, mme ke “ditihō tse di shuleñ” ka jaana di ka nna tsa bakela bao di ba rareetsang loso lwa semoya. Botlhe ba ba kgatlhegelang kgolo ya Bokeresete ba tshwanetse ba ‘ikwatlhaela’ kana ba khutlela go lelekisa “ditihō tse di shuleñ” tse di ntseng jalo mme ba latele tlhagiso ya ga Jesu ya go re “batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō [ya Modimo].”​—Mathaio 6:33.

18, 19. (a) Mo go Baefesia 4:15, ke eng seo se bolelwang ka “go bua boamarure”? (b) Go amana jang le kgolo ya Mokeresete?

18 Fa go sena go agiwa mo motheong, ke eng se se latelang? Paulo o a gakolola: “Me ka go bua boamarure mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete.” (Baefesia 4:15) Selo sa ntlha, re tlhokomela gore Paulo o umaka kafa go tlhokafalang ka teng “go bua boamarure.” Tlhaloso eno ka phepafalo e kopanyeletsa se se fetang fela puo ya molomo; tota tota e raya “go tshegetsa boammaaruri.” (Kingdom Interlinear) Diphetolelo tse dingwe di e kwala ka gore “go tshela ka boammaaruri”; “latela boammaaruri ka metlha yotlhe ka lorato​—o bua boammaaruri, o dirisanya ka boammaaruri, o tshela ka boammaaruri.”​—Baefesia 4:15, The Jerusalem Bible; The Living Bible.

19 Ka gone, go sala kgolo ya Bokeresete morago go tlhoka gore re tshegetse, kana re tshwarelele boammaaruring ka tsela eo re tshelang ka yone, re buang ka yone, re itshwarang ka yone, le eo re dirisanyang le ba bangwe ka yone. Seno se raya go dirisa kitso ya Bibela eo re e bapetseng mo dikgannyeng tsa rona tsa malatsi otlhe mme ka gone re nne gareng ga bao “ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Bahebera 5:14) A o dira seno? A o akanya go ya kafa melao-metheong ya Bibela nako le nako fa o lebaganye le phetso nngwe? A o amogela kgwetlho ya go nna Mokeresete yo o godileng, o tshwarelela boammaaruring ka lefoko le ka ditiro, kana bogolo o ka nna o ntse o le lesea la semoya, o sena maikarabelo ape e bile o gololesegile go lelekisa dikeletso tsa gago le dithato?

20, 21. (a) Lorato lo kopanyelediwa jang mo go yeng kwa kgolong? (b) Ke dipotso dife tse dingwe tseo di batlang puisanyo e e oketsegileng?

20 Paulo a re: “Mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eboñ Keresete.” (Baefesia 4:15) Fano, Paulo o supa mo moding tota wa kgang​—tlhotlheletso. Go 1 Bakorintha 13:1-3 o bontsha gore ditiro tseo di ka tswang di le mosola e nna tse e seng tsa sepe fa di dirwa kwantle ga tlhotlheletso e e tshwanetseng Ka gone re tshwanetse ra tlhatlhobisa tlhotlheletso ya rona ka sengwe le sengwe se re se dirang. A se direlwa go bonwa ke ba bangwe, go ba kgatlha gore ba tle ba akanye gore re godile? Kana, go na le moo, a se dirwa ka go rata Modimo le lorato lwa wa ga rona? Fa lorato e le lone tlhotlheletso, re tla ‘gola mo dilong tsotlhe,’ re tla nna Bakeresete ba ba tekatekanyo, ba ba boikanngo, ba ba godileng, ka go lemoga ka botlalo “èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete.”

21 Lefa go lekela go fitlha kgolong ya Bokeresete e le mokgele o o mosola, ga se bokhutlo. Fa motho a sena go fitlha mo mokgeleng ono, a go na le sengwe se se oketsegileng se a ka se dirang? Gotweng ka bao ba ileng ba nna mo boammaaruring dingwaganyana mme ebile ba fitlheletse mokgeleng wa kgolo ya Bokeresete? Seno ke se re tla se akanyetsang mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Mengwe ya ‘mekgwa ya bonyana,’ ke efe mme ke dikotsi dife tse e di lereng?

◻ ‘Bongwehela jwa tumelo’ le ‘botlalo mo go Keresete’ di amana jang le kgolo?

◻ Go fitlhelela kgolo ya Bokeresete, ke ‘ditiro tse di suleng’ dife tseo re tshwanetseng ra di latlha‘?

◻ Motho o ‘gola jang’ ka lorato?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 9]

MO DINGWAGENG Dl LE THATARO TSE Dl FETILENG

—Basupi ba basha ba le 827 144 ba ile ba kolobediwa

—Go ile ga dirwa diphuthego tse difetang 5 000

—Mo go bao ba arolang mo tirong ya go rera ga jaanong, a le mongwe mo go ba le bararo bangwe le bangwe o ile a kolobediwa ka nako eo

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 9]

Mo ngwageng wa tirelo wa 1984, dinaga di le thataro di nnile le palo-kakaretso ya baboledi ba Bogosi e e fetang dikete di le lekgolo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ba le bantsi gompieno ba ikgethela bodihedi go gaisa ditelekiso tsa dilo tse di bonalang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela