Lorato lo a Halotsa
BOSIMOLOGONG jwa September ngogola matsubutsubu a diphefo a mabedi a ne a rakanele mo Korea. Mo dioureng di se kaenyana fela, dikgaolo dingwe tsa bo di le maphashaphasha ka diintšhi tsa pula di feta 20 (50 cm). Ga felela ka morwalela o o maswe o o iseng o tlhasele lefatshe leo mo dingwageng tse 40. Batho ba ba fetang 200 000 ba ne ba tlogelwa ba se na magae, mme ga begwa fa ba le 181 ba sule kana ba sa bonwe. Ditshenyegelo tsa dithoto di ne tsa fitlha go dimilione tsa didolara, mme go senngwa ga dijalo go ne go boitshega tota.
Matsorotsoro a pula a ne a simolola ka Labotlhano mo maitseboeng mme a tswelela letsatsi lotlhe la Matlhatso. Matamo a le marataro kwa godimo ga noka ya Han a ne a penologa, a penolosa noka go fitlha kgato e Ienngwe le halofo (0.5 m) go feta lobota la one le le a lekanyeditsweng. Go sale gale mo mosong wa Tshipi, kwantle ga tlhagiso epe, phaephe e e fokotsang metsi mo letamong ya thubega, mme noka e e penologang ya tlhatsetsa mo metseng e e mo tikologong. Ka nako e metsi a neng a simolola go kokobela ka yone mo maitseboaneng, batho ba ka nna 60 000 mo kgaolong eo ba ne ba tlogelwa ba se na magae.
Karolo nngwe le nngwe ya naga eo e ne ya ntaakwa ke morwalela. Mme motse-mogolo Seoul, koo go nang le diphuthego di le 174 tsa Basupi ba ga Jehofa, o ne wa amega thatathata, segolo-bogolo dikgaolo tse pedi tseo di nang le Diphuthego tsa Mangwondong le Sungnaedong. Magareng ga palo ya malapa a Basupi ba le 130 ba ne ba latlhegelwa ke magae a bone. Ka bofefo fela mme e le ka boithaopo, Basupi ba ga Jehofa mo Korea ba ne ba arabela mo ditlhokafalong tsa Bakeresete ka bone.
Lemororo dipale tsa megala di ne di leleane fa fatshe mo dikgaolong tse dintsi, dipego di ne tsa simolola go tla kwa ofising ya lekala la Watchtower Society. Dikomiti tse pedi ka bofefo di ne tsa bopiwa go rulaganyetsa thuso mo Basuping mo dikarolong tse pedi tse di amegileng bomaswe thata. Balebedi ba ba etang mo Seoul ba ne ba laelwa go bonana le bakaulengwe go bona seo ba se tlhokang le seo se ka dirwang go thusa bao ba neng ba le mo dikgaolong tse di amegileng bomaswe fela thata thata tse pedi.
Basupi mo dikgaolong tse dingwe ba ne ba tla go itse ka bogolo jwa tshenyego ka dipego tsa dikgang tsa TV. Ba simolola go letsetsa mogala kwa lekaleng go botsa koo ba ka romelang meneelo teng ya bakaulengwe ba ba leng mo tlalelong. (Lekala la Watch Tower mo Japane le ne gape la letsa, go intsha setlhabelo go thusa.) Meneelo ya madi e ne ya simolola go tla go tswa mo nageng eo yotlhe. Raese, di “noodles,” le merwalo e mee ngwe ya dijo, gammogo le diaparo le dikobo, le tsone di ne tsa tla. Tseno di ne tsa abiwa ka bofefo ke dikomiti mo dikarolong tseo. Bakaulengwe ba ne ba ntshabmeneelo ka bopelotshweu mo e neng ya re ka bofefo ofisi ya Seoul ya tshwanelwa ke go itsise gore meneelo ya madi e e oketsegileng ga e sa tlhole e tlhokafala
Go tswa foo he ga tla tiro e tona ya go phepafatsa Basupi ba le makgolo a le mararo ba ne ba ithaopela tirelo eno. Ba ne ba romelwa ka bobedi ka bobedi mo legaeng lengwe le lengwe go thusa mo go phepafatseng le go dira gore dilo di boele mannong ka bofefo jo bo ka kgonegang Mongwe wa baithaopi o ne a bolela ka gore: “Thapiso eo re e bonang ka dikopano tsa rona le dikokoano tsa dithulaganyo tsa kopano, re itse kafa re dirisanang mmogo ka teng le gore dilo di dirwe.” Ba bantsi mo motseng oo ba ne ba tenega fa ba bona gore batho bangwe ba utswela ba bangwe. Mo letlhakoreng le lengwe, ba ne ba gakgamadiwa ke go bona thethebalo, boitumelo, le boikutlo jwa thuso jo bo pelotshweu jwa Basupi, le eleng tlaseng ga maemo a a maswe go le kalo.
“Go ne ga boa ga bontshiwa gape,” go boletse jalo Mosupi mongwe yo o neng a le koo, “gore dikudumedi di ka tsaya dithoto tsa rona tse di bonalang ka bofefo, mme ga di kake tsa tsaya tumelo ya rona.” Ka dikeledi tsa boitumelo, mosadi mongwe wa Mosupi o ne a re: “Lemororo re latlhegetswe ke sengwe le sengwe, ga re a itlhoboga. Lorato lo lo bothito lwa bakaulengwe ba rona le re neile nonofo.”
Eleruri, go ne go kgatlhisa thata go bona lorato lo dira. Boiteko jwa ntlha jwa Basupi mo seemong seo le karabelo e e bofefo ya bao ‘ba nyalanang le bone mo tumelong’ di ne di tlhomologile. (Bagalatia 6:10) Bakaulengwe mo Korea ba ne ba kgothadiwa fela thata ke boitemogelo jono. Ba ne ba tlhatswegile pelo gore ka thuso e e rulagantsweng sentle ka lorato lo lo kalo e ne ya supa fela gore go ka nna fela le tlhaloso e le nngwe fela fela—lorato lo ne lwa halotsa!