Pheko ya Malwetsi Otlhe—A Ke Toro Fela?
JOHANE o ne a tsofetse fela thata. O ne a le setshwarwa mo setlhakeng se se botlana ka lobakanyana. Go ne go ka bonala ekete o tla tshela botshelo jwa gagwe kwa bothokong. Mme mo seemong seo o ne a amogela molaetsa o o tletseng ka kgothatso mo go ene—le go rona.
Mo ponatshegelong e e bonalang sentle Johane o ne a utlwa lentswe je legolo le tswa legodimong le re: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”
Go tswa foo, 0 ne a bona noka ya metsi a a phatsimang a a galalelang sentle. Mo ditshitshing tsa yone o ne a bona ditlhare tsa maungo tse di ungwileng segolo. Makakaba a ditlhare tseo a ne a na le go fodisa merafe. A boitemogelo jo bo lapolosang eleruri!
Fa o ne wa utlwa le go bona seo Johane a neng a se bona, a o ne o se ketla o kgatlhwa fela thata ke go itse gore e tla re letsatsi lengwe botlhoko le pogo tsotlhe di khutle mme le gore ditlhabi tsotlhe di tla fodisiwa? Eleruri go lebega e le toro fela!
Goreng Go Le Bokete go go Dumela
Seo se neng sa diragala koo e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng e e neng ya diragala ka ngwaga wa 96 C.E. mo setlhakeng sa Patemose, kgakajana le lotshitshi lwa Turkey ya segompieno. Johane yo o tsofetseng e ne e le moaposetoloi yo o rategang wa ga Jesu Keresete, mme seo a neng a se bona se ne sa begwa mo Bibeleng e e Boitshèpō.—Tshenolō 1:9; 21:3, 4; 22:1, 2.
Le eleng fa go ntse jalo, bontsi jwa batho gompieno ba go bona go le bokete go dumela gore go tla nna le nako eo malwetsi a tla bong a sa tlhole a le gone. Goreng? Tlholego ya setho e re ka e ntse jaaka e ntse, re sekamela mo go ganeng sengwe seo se bonalang se potile ka kwa boitemogelo jwa rona jo re bo tlwaetseng.
Malebana le kgaratlho ya lobaka lo loleele ya motho kgatlhanong le bolwetsi, Richard Fiennes, moithuta mefuta ya malwetsi go Mokgatlho wa Zoology wa Lontone, o ne a kwala mo bukeng ya gagwe Man, Nature and Disease:
“A ka gone he bokhutlo jwa ntwa bo gaufi? Motho o tlhabantsha selo se se ditlhogo dintsi. Fa tlhogo e nngwe e tlositswe, e nngwe e bonala mo go yone eo. Bolwetsi jwa maseanyana, kgolafalo, le loso e santse e le mathata a magolo fela thata a a gateletseng setho; fa mo malatsing a a fetileng sehuba sa kgotlholo e tona, go tlala metsi mo makgwafong, le loso ka nako ya botsalo jwa ngwana e ne e le mathata, gompieno, bolwetsi jwa pelo, go swa mohama, kankere, le matlhoko a mangwe a ile a itelekela.”
Dibolai tsa “malatsi a a fetileng” tota le tsone ga di a nyelediwa gotlhelele. The Economist ya Lontone e bega gore “mo Asia, Afrika le Amerika Borwa, motho a le mongwe go ba le 10 ka tsela nngwe o golafetse. Bontsi jwa bahumanegi bo tla boga malwetsi a a jaaka letshololo le legolo le go tlala metsi mo makgwafong ka nako ya go tshela ga bone. . . . Dimilione di tla tsenwa ke malwetsi a dibokwana jaaka malaria kgotsa go bola ga ditshika (ke gore bilharzia [jo bo bakiwang ke dibokwana tse di nwang madi]); ba bangwe ba tla golofadiwa ke lepero.”
Le eleng mo mafatsheng a a tlhabologileng ditlhogo tse dingwe tsa “selo se se tlhogo dintsi” di ile tsa akabatsa batlhalefi. “Dingaka gompieno di tlhabantshanya le malwetsi a a sa itsegeng a a ka nnang bolau fela thata thata go na le dibolai tse di jaaka sekgwaripana le go hupela,” go kwala Edward Edelson go New York’s Daily News.
Dingwaga di se kae tse di fetileng, khutshwafatso AIDS e ka bo e ile ya se reye sepe mo bathong ba bantsi. Gompieno, bolwetsi jono jo bo maswe-maswe tota ruri bo setse bo itsege thata. Go tshwana fela ka bolwetsi jwa Legionnaires le toxic shock syndrome. A a santseng a ipobile fa thoko ke dibolai tse dingwe tse di ka nnang kotsi: “Ebola fever,” “Lassa fever,” “Korean hemorrhagic fever,” “Reye’s syndrome,” “Kawasaki disease,” “hemolytic uremic syndrome,” jalo le jalo. “Kgang e e tshwanang mo dipolelong tsa malwetsi a seeng ke gore gantsi a palela melemo gotlhelele,” go rialo Edelson.
Go sa kgathalesege botswelopele jwa tsa kalafi, bontsi jwa batho bo ile jwa itlhoboga ba dumela gore bolwetsi le loso ke dilo tse gotlhelele di ka se tilweng. Go bokete ka bone go akanyetsa gore e tla re ka motlha ope go nne le nako eo loso, botlhoko le bolwetsi di tla bong di sa tlhole di le teng.
Gotweng he, ka ga ponatshegelo e e gwetlhang eo Johane a neng a e amogela? A e tla re kgabagare e felele e le toro e e sa diragadiwang fela? Re na le mabaka a a molemo a go dumela gore seno ga se ketla se nna jalo. Ka bofefo fela a sena go utlwa ditsholofetso tse di gakgamatsang, Johane o ne a amogela tlhomamisetso eno: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.” (Tshenolō 21:5; 22:6) Mafoko ano a tla nna boammaaruri jang? A mme re tla bona tiragatso ya one mo motlheng wa botshelo jwa rona?
[Mmapa mo go tsebe 3]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dibolai tsa nako e e fetileng di santse di jwelela mo dikarolong tse di dikgolo
Lepero
Lepero le Malaria