“Mokaedi wa Me, Mogakolodi wa Me”
Buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone e ne ya nna fela jalo go lekawana lengwe go tswa kwa Senegal, mo Afrika Bophirima. “Jaaka Momoseleme,” o a tlhalosa, “Ke ne ka kgatlhiwa fela thata ke tsela eo le tlhotlhomisang mathata a basha. Le dirisana ka botlhale le nako ya bokau le bokgarebe. Buka ya lona mo go nna ga se buka fela—ke mokaedi wa me, mogakolodi wa me, mme e tla nna jalo ka metlha.”
“Ereka ke le ngwana wa lesiela fa esale go tlogeng dingwageng tse di lesome le motso, ke ne ka nna le mme-mogolo go fitlhelela ke le dingwaga tse di lesome le boroba bongwe. Jaanong ke masome a mabedi a dingwaga. Fa e le gore botshelo jwa me bo na le tlhotlheletso e e molemo mo bathong ba ba ntikologileng, ke lebogela buka ya Bosha. Ke ka se kgone go bala gore ke e badile ga makgetlho a le kae ka ba ka nna ka e bala. Setlhogo sengwe le sengwe seo le tlotlang ka sone se neela boikutlo jwa gore eleruri se lebagane le nna tota. Ke ile gape ka abalana buka ya lona le ditsala tsotlhe tsa me. Le bone gape, ba re ke letlotlo la ntlo ya kitso.”
Dingwe tsa dikgaolo tse 24 tse di akarelediwang mo kgatisong eno ke: “O Leba Kotlhao Jang?,” “A O Tshwanetse go Nwa Dino tsa Tagi?,” “Mmino le Tantshe tse O di Tlhophang,” “A Boitsholo jo Bontle jwa Bonna le bosadi Bo a Utlwala?,” le “Thatano le Lefereo.” O ka iponela thuso eno e e molemo katlegong ya botshelo ka go tlatsa fela le go romela foromonyana e e fa tlase le tuelo ya R1,40.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192, ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Ke romela le R1,40.