LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/15 ts. 4-7
  • Pheko ya Malwetsi Otlhe E Ka Bonwa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pheko ya Malwetsi Otlhe E Ka Bonwa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo e e Itekanetseng
  • Bolwetsi Ke Eng?
  • Patlisiso ya Boitekanelo
  • Pheko e Atametse!
  • Batho Botlhe ba Tla Itekanela Sentle
    Tsogang!—1995
  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Ise go ye Kae—Batho Botlhe ba Tla Nna le Botsogo jo bo Itekanetseng!
    Tsogang!—2001
  • O ka Kgona Jang—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/15 ts. 4-7

Pheko ya Malwetsi Otlhe E Ka Bonwa!

GO KGABAGANYA dingwaga, ga go ise go nne le tlhaelo ya boiteko mo go lekeng go bona pheko ya malwetsi otlhe. Ngwaga le ngwaga dibilione tsa didolara di senngwa mo ditirelong tsa botsogo. Dineo dingwe tse dikgolo thata tsa lefatshe, go dirisiwa ga boranyane jo bo tlhabologileng thata, di dirisiwa mo patlisisong ya tsa botsogo. Lefa go le jalo batho go dikologa lefatshe ba santse ba bogisiwa ke bolwetsi, le maroborobo a mangwe a malwetsi a a boifisang a santse a tswelela le rona. Seemo sa rona ga se ise se fetoge thata e sale ka motlha wa ga Moshe. Mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng o ne a kwala jaana: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di mashomè a shupa, goñwe e ka nna dinyaga di mashomè a a hèrañ mebedi ka ntlha ea thata; leha go nntse yalo, boipelahaco yoa aōna ke tapishō le bohutsana hèla.”​—Pesalema 90:10.

Tshimologo e e Itekanetseng

Lefa go le jalo setho se ne se na le tshimologo e e itekanetseng. Adame le Efa ba ne ba tshela mo tikologong e e phepa, e e senang bolwetsi, tshimo e ntle ya Edena. Ba ne ba neilwe letlotlo la dijo tse di itekanetseng, tse di phepa. Ba ne ba na le tiro, e e tlhotlheletsang, e e duelang go e dira. Mme ba ne ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong.​—Bona Genesise 1:26-30.

Modimo gape o ne a ba bolelela ka moo ba ka somarelang seemo seo sa boitekanelo jwa bone. Sa ntlha o ne a ba bolelela seo ba tshwanetseng go se dira: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” Go tswa foo o ne a ba bolelela seo ba sa tshwanelang go se dira: “Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 1:28; 2:17) Fa e le gore bone, mme kgabagare ditlogolwana tsa bone, ba ne ba tla ikobela dikaelo tse pedi tseno tsa motheo, ba ne ba tla kgona go somarela seemo sa bone se se itumetseng, le se se fodileng, se se itekanetseng ka bosakhutleng.

Batho ba bantsi gompieno ba ikutlwa gore pego ya ga Adame le Efa ga se ya boitseanape, ke tlhamane fela. Mme go na le go kgarameletsa dikgang tseno kwa thoko motlhofo fela, a re ke re tlhotlhomiseng sentle.

Ka mareo ao re tlwaelaneng le one gompieno, taolo ya ntlha e ne e ba boleletse gore ba tshwanetse go tlhokomela tikologo ya bone. Ya bobedi e ne e ba boleletse gore ba tshwanetse go somarela mokgwa wa go tshela wa bone moteng ga melelwane e e rileng e e tlhomilweng ke Modimo. A tseno ke ditlhamane tse eseng tsa seitseanape, kgotsa a otlelela metheo ya go tshela ka boitekanelo? Elatlhoko seo buka ya Health and Disease ka René Dubos le Maya Pines e se bolelang ka kgang eno: “Nngwe ya ditlhotlheletso tse di sa lemogiweng thata tsa bolwetsi ke tikologo. Koo motho a tshelang teng le kafa a tshelang go na le tlhotlheletso e kgolo mo boitekanelong jwa gagwe​—gantsi e le ka ditsela tse di sa lemosegeng—​go na le megare eo a thulanang le yone kgotsa dibopa-bopego tseo a di jeleng boswa.”

Bolwetsi Ke Eng?

Mo dintlheng tseno, bolwetsi bo amana thata le kafa re tshelang le kafa re dirisanang ka teng le tikologo ya rona. Gompieno re ikutlwa gore tsela ya rona e e tlhabologileng ya botshelo e dirile mo gontsi go tokafatsa boemo jwa kakaretso jwa botsogo. Mme, tlhokomela seo Dubos le Pines ba se bolelang: “Banni ba tlholego ba Australia, ba ba itshelelang fela kwa bothokong ka mokgwa wa Segologolo, ka mo go gakgamatsang ga ba tlhaselwe ke bolwetsi. Tota, ke fela mo mekgatlhong e e tlhabologileng thata koo batho ba ba tlhabologileng, ka boitseanape jwa melemo ya segompieno, ba simololang go atamela gautshwane le botsogo jo bo molemo jo bo ipelelwang fela ka tlholego ke batho ba ba sa tlhabologang mo go kalo ba lefatshe.”

Bangwe ba “batho ba ba sa tlhabologang” bano ba ba umakiwang ke bakwadi ke Mabaans ba Sudan. “Mabaans ba ipelela lobaka lo loleele lwa botshelo ka mo go ka gakgamatsang mokgatlho o o tlhabologileng fela thata mo go tsa melemo. Gape gape, dingwaga tsa bone tsa botsofe ke tseo go ka tweng di gololesegile mo malwetsing a a swafatsang a a tlwaelegileng mo bogoding. Baitseanape ba sa ntse ba akabadiwa ke boitekanelo jo bo gakgamatsang thata jwa Mabaans, mme tikologo ya bone e e ritibetseng, e e tidimalo go lebega e ka tswa e le yone kgang kgolo e e botlhokwa.” Go otlelela tlhotlheletso ya tikologo, bakwadi ba oketsa ka go re: “Fa motho wa Mabaan a fuduga mo motseng a ya kwa toropong ya Khartoum, dimaele tse 650 [1 050 km] kgakala, o tlhaselwa ke ditlhabi tsa mefuta-futa tse le ka motlha a iseng a ke a di itse go le pele.”

Mo phapaanong, tsela ya rona ya botshelo e e “tlhabologileng” e tlisitse kgotlelo ya phefo le metsi, go kgaolwa ga ditlhare, go kgotlhagana ga batho le tlhaelo dikotla ya dikarolo tse dintsi tsa banni ba lefatshe. Go tshwara ka botlhaswa ga motho tikologo ga go a tlisa fela bodiphatsa jo bo masisi mo botsogong jwa gagwe gape go ile ga bōpèla tebelelo ya gagwe ya go nna ga gagwe mo lefatsheng.​—Bona Tshenolō 11:18.

Ka gone, ga go gakgamatse, gore bolwetsi ka dinako dingwe bo ile jwa tlhalosiwa e le “masalela a tsela ya botshelo jo bo tlhabologileng.” Re itsaya re tlhabologile ka go bo re sa tlhole re nna mo dikgweng Go na le moo, re ka tswa re tshela mo ditoropong re atamelanye fela thata, fa e le gore ka mmatota ga re a tlhatlagana. Tota, lefoko “tlhabologileng” le tswa mo motsweng wa Selatene o o rayang moagi kgotsa monni wa toropo. Mme tota kgopolo ya go nna mo toropong e tswa kae?

Pego ya ntlha ya yone e neelwa go Genesise 11:4: “Me ba re, Ntloñ, re ikageleñ motse, le kagō e e godileñ e setlhoa sa eōna se tla hitlhañ kwa legodimoñ, me a re itiheleñ leina; e se re kgotsa ra phatlalalèla mo lehatshiñ yeotlhe.” Kgopolo eo mo metlheng ya ga Nimerode e ne e le kgatlhanong le boikaelelo jwa Modimo jo bo tlhaloseditsweng Adame, e leng, gore batho ba ‘tlatse lefatshe le go le fenya’ go dira jalo ba ne ba tla phatlalala jaaka dipalo tsa bone di ne di oketsega. Ka go gana go dira seno, gammogo le mabaka a mangwe, Nimerode o ne a tla itsiwe jaaka ‘yo o ganetsang Jehofa.’ (Genesise 10:9) Tsela eo ya bodipa eo e neng ya tlatseletsa botsuolodi mo tshimong ya Edena e ne ya itlhagenedisetsa ibatho mo tseleng ya go swafala, bolwetsi, le oso.

Le eleng gompieno, bontsi jwa malwetsi a a tlhasetseng merafe e e humileng ke matswela a mokgwa wa bone wa botshelo.

Patlisiso ya Boitekanelo

Basimegi ba ile ba tla go lemoga gore mathata a boitekanelo jwa setho ga a rarabololwe ga motlhofo fela ka go nna le melemo e mentsi, dingaka tse dintsi, kgotsa dipatela tse dintsi, le eleng fa lemororo tseno kwa ntle le pelaelo di tla baakanyetsa ka tokafatso ya lobaka lo lokhutshwane Go na le moo, diphetogo tse dikgolo mo tseleng eo batho ba tshelang ka yone le tsela eo batho ba dirisanang le tikologo ya bone di a akanyediwa Ka sekai, Dr. Halfdan Mahler, mokaedi-mogolo wa WHO (World Health Organization), mo polelong ya Letsatsi la Boitekanelo la Mafatshe, April 7, 1983, o ne a kwala ka go re:

“Ke eng seo batho ba ka se dirang ka boitekanelo jwa bone? Go neela dikai di se kae, ba ka tsaya kgato ya motho ka bongwe le ya metse ya ga bone go tlhomamisa gore ba na le dijo tse di lekanetseng tsa mofuta o e leng one. Ba ka phuthega mmogo gore ba dirise sentle metsi a a ka tswang a babalesegile a a gone, kgotsa a ka batliwa a nna gone, mme ga tlhomamisiwa gore a sirelediwe mo kgotlelong. Ba ka ganelela mo goreng go nne le ditekanyeletso tse di amogelesegang tsa botsogo mo malapeng le go dikologa malapa a bone, mo marekisetsong le mo mabenkeleng, mo dikolong le mo difeketiring, mo dikantening le mo marekelong a dijo tse di apeilweng. Ba ka ithuta kafa ba ka tlhatlologanyang bana bao ba ba eletsang ka tsela eo e leng gore ba ka neela mongwe le mongwe wa bone sebaka sa phalolo, thutego e e utlwalang, le botshelo jo bo siameng sentle jo bo nang le boleng.”

Ka mo go phepafetseng, tseno ke dikgato malebana le botshelo jo bo molemo. Mme dipotso tse di salang ke gore: Bahumanegi mo mafatsheng a a iseng a tlhabologe ba tla bona dijo tse di siameng, metsi a a phepa le botsogo jo bo amogelegang kae? Ba tla bona kae madi le botswerere jo bo tlhokafalelang dilo tseno tse di molemo?

Ka mo go kgatlhisang, setlhogo sa World Health makasine o o dirisiwang ke ba WHO, o bolela ka go re: “Akanyetsa lefatshe le le tshwanelang leo kwa go lone botlhale jotlhe, le ditshenyegelo le batho le dilo tse di bonalang tseo gompieno di ketemelediwang mo dibetseng tsa bosole go na le moo di ne di dirisediwa go tokafatseng botshelo jwa lefatshe!” Seo se ne se tla dirang? Tota, setlhogo se ne sa lekanyetsa gore kgaisano ya dibetsa e lopa lefatshe dikete tsa dimilione tse di ka nnang 600 ka ngwaga tsa didolara, kgotsa didolara tse di sedikadike mo motsotsong, go di somarela. Lefa go le jalo “tlhabano ya dingwaga tse 14 ya go tlosa bolwetsi jo bo bolayang jwa sekgwaripana magareng ga 1967 le 1980 e ne ya lopa lefatshe dimilione tse di 300 fela tsa didolara.” Ka gone e wetsa ka go re: “Go phepafetse, gore fa le e leng karolo ya madi ao gompieno a baakanyeditsweng ditshenyegelo tsa bosole a neng a ka fudisediwa go na le moo mo thibelong le patlisiso mo lefapheng la boitekanelo lefatshe le ne le tla fiwa tlhotlheletso e e gakgamatsang fela thata malebana le mokgele wa Boitekanelo go botlhe ka ngwaga wa 2000.”

Gotweng ka batho bao ba leng mo mafatsheng a a tlhabologileng? Ba ka tswa ba le botoka mo dintlheng dingwe, mme, go ya ka Dr. Mahler, le bone gape, “ba tshwanetse go ikemela ka dinao mo maikarabelong a boitekanelo jwa bone, jaaka go ja ka botlhale, go nwa, go sa goge gotlhelele, go kgweetsa ka kelotlhoko, go itshidila mmele ka mo go lekaneng, go ithuta go tshela tlaseng ga kgatelelo ya botshelo jwa setoropo le go thusana mo go direng jalo.”

Ka gone re tshwanetse go botsa: A merafe e tla fetola melao ya yone le go baya kwa pele fela thata boitekanelo? A e tla iketleletsa go beela kwa thoko dipharologanyo tsa yone tsa sepolotiki le go momaganya madi a bone le maiteko a bone malebana le go fenya bolweetsi? Mme, a batho ba tla fetola mekgwa ya bone ya go tshela go o eleng wa boitekanelo jo bo molemo? Go bua boammaaruri, o tla tshwanelwa ke go dumela gore seo ga se kake sa kgonega. Pheko ya malwetsi otlhe ga e ketla e itemogelwa fa e le gore re ne re ka lebelela merafe go e dira.

Pheko e Atametse!

Re leba, go mang he? Tota, gakologelwa ponatshegelo e moaposetoloi Johane wa motsofe a e boneng. O e tlhalosa ka tsela eno:

“Me a mpontsha noka ea metse a botshelō, e galalèla yaka legwèka, e cwa mo setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, E le mo gare ga mmila oa motse. Me moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.”​—Tshenolō 22:1, 2.

“Noka ya metse a botshelō” ya tshwantshetso e bonwa e elela go tswa “setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana.” Ka mo go phepafetseng he, re tshwanetse go leba go Jehofa Modimo le Kgosi ya Bomesia ya Morwawe go ‘fodisa merafe.’ A seo ga se utlwale? Modimo ke mmopi wa mmele wa motho le lefatshe lotlhe. Ene​—go na le ngaka epe fela kgotsa moitseanape ope fela—​o itse kafa dikgang di ka tshwarwang ka teng e le gore malwetsi a tle a fenngwe. Tlaseng ga bobusi jwa Bogosi jwa Bomodimo setho se tla gololwa mo dikgotlelong tseo di tsalang bolwetsi le tseo di tlisang loso tseo di re tlhasetseng jaanong. Ka go tshegediwa le go otlwa ka “metse a botshelō” a a phepa, a a phatsimang le ka maungo le makakaba a “setlhare sa botshelō”​—paakanyetso yotlhe ya ga Jehofa ya go bona botshelo jo bosakhutleng—​setho se tla fodisiwa gotlhelele mo malwetsing a sone, a semoya le a mmele.a Batho ba tla busediwa gape kwa seemong se se itumedisang sa botsogo, se se itekanetseng, se se neng se ipelelwa ke bagologolwane ba bone, ebong Adame le Efa, kwa tshimologong.

Nako ya Bogosi jwa Modimo go tsaya kgato a “go senya ba ba senyañ lehatshe” e gaufi. (Tshenolō 11:18) Jalo e dikarolo tse intsi tsa boperofeti jwa Bibela di tla nna tsa mmatota mo paradaiseng e e tsosolositsweng (Isaia 33:24; 35:5, 6) Seno ke mafoko a a molemo go botlhe bao a eletsang boitekanelo jo bo molemo ka tsela ya Modimo. Gautshwanyane “lehatshe ye lesha” leo Johane a le boneng leo go lone go se ketlang go “tlhōla go le losho; le gōna ga go [se] ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.”​—Tshenolō 21:1, 4.

A o tla nna gareng ga bao ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e e kgotletsweng le e e bolang go tsena ‘lefatsheng je le lesha’ je le hepafaditsweng? Ka go dirisa ka botlhale na o eo e santseng e le gone go ithuta ka mo go oketsegileng kaga Bogosi jwa Modimo le go dira seo a se batlang, o tla kgona go bona motlha oo fa pheko ya malwetsi otlhe e tla itemogelwang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e tletseng ya ditemana Tsh 22:1, 2 tseno, tswee tswee bona “Babylon the Great Has Fallen!” God’s Kingdom Rules!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela