O Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
“Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhoka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—BAHEBERA 13:18.
1, 2. (a) Go diragetseng ka boikanyego mo motlheng wa rona? (b) Ke batho ba mofuta ofe bao ba kopanyelediwang mo gosaikanyegeng?
BATHO ba ba godileng ba gakologelwa nako eo, mo mafelong a mantsi, batho ba ne ba sa lotlele mabati a bone. Ga baa ka ba akanya ka go utswela ba bangwe kana go ba tsietsa. Fa ba ne ba adima madi, ba ne ba go tsaya e le tlotlo go a busa. Mme mafoko a bone a ne a le ‘masweu jaaka maši.’ Ke boammaaruri, go ne go na le bosaikanyegeng, mme bo ne bo sa anama mo go kalo-kalo. Lefa go ntse jalo, gompieno, go utswa, go aka, le go tsietsa di tletse gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe. Mme ditiro tse dintsi tsa bosaikanyegeng di dirwa ke batho bao go tweng ke batlotlegi bao ba nnang le go bereka mo mafelong a mantle, bao ba aparang sentle, bao ba ka tswang ba na le bodumedi, e bile ba itsaya jaaka baagedi ba ba siameng. Ruri, bosaikanyegeng bo ile jwa ntsifala thata gareng ga badirela-puso le borra-kgwebo.
2 Mo United States go feta dimilione tse 11 tsa bokebekwa jo bogolwane jo bo kopanyeletsang bosaikanyegeng bo begwa ngwaga le ngwaga. Mme, go sa bege madi a a kgethisiwang go ile ga feta R640 thousand million ka ngwaga. Mo New York City, batho ba ba ka tshwarang dikete di le lekgolo ba tila go duelela dipalangwa mo ditseleng tse di fetang ka fa tlase ga lefatshe-letsatsi le letsatsi. Mosimegi mongwe o ne a re fa batsietsi bano botlhe ba ka tshwarwa, “re ne re tla tlhomaganya ditsheko kwa ntle ga go kgaotsa mo go neng go tla re tsaya dikgwedi.” Mo Japane patlisiso ya baduedi ba makgetho e fitlhetse gore 95 mo lekgolong ba ne ba tsietsa mo makgethong, go akareletsa le 92 mo lekgolong ya diagente. Mo kgweding e le nngwe fela batho ba feta 16 000 ba ne ba tshwarwa ba palama diterena kwa ntle ga tuelo.
3. Gosaikanyegeng go ile ga nna mo go ntsifetseng go le kana kang mo lenyalong?
3 Bosaikanyegeng bo oketsegile le mo bathong ba ba nyalaneng. Dingwaga tse di fetileng patlisiso e ne ya bontsha gore 30 mo lekgolong ya basadi ba Maamerika ba ba nyetsweng “ba ne ba tlhakanela dikobo le batho ba e seng banna ba bone.” Mo patlisisong nngwe ya bosheng jaana ya basadi ba ba nyetsweng ba ba fetileng dikete di le lekgolo, ba le 50 mo lekgolong ba dumetse “fa ba kile ba ratana le batho ba e seng banna ba bone, gongwe e ka nna gangwe fela.” Moela-dilotlhoko mongwe o ile a akgela ka gore gongwe “90 lekgolong ya banna ba ba nyetseng” le bone ka mo go tswanang ba a tsietsa.
Karolo ya ‘Metlha ya Bofelo’
4. Ke eng fa go oketsega ga gosaikanyegeng e se mo go re gakgamatsang?
4 Ga se mo go gakgamatsang mo batlhankeng ba ga Jehofa go bo bosaikanyegeng bo oketsegile. Ba itse gore mo ke karolo ya sesupo sa ‘metlha e ya bofelo.’ Lefoko la Modimo le boleletse-pele gore mo metlheng ya rona batho ba tla a nna ‘baithati, barati ba madi, ba ba sa itshepang, ba sena boithibo, e se barati ba molemo gope, e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifo Modimo mme thata ya yone ba e latotse, mme ba sulafalela pele fela.’ (2 Timotheo 3:1-5, 13) “Ka mo go oketsegileng,” setlhopha sa borra-dikitso se ne sa lemoga gore, batho mo lefatsheng “ba seegela fa thoko boleng jwa tlholego jwa molemo le bosula le go tlhokomologa digakolodi.”
5. Go ile ga diragala eng fa maemo a a tshwanang le a motlha wa gompieno a ne a le gone mo bogosing jwa Iseraele wa bogologolo jwa merafe e e lesome?
5 Maemo mo lefatsheng gompieno a maswe go gaisa ka moo a neng a ntse ka teng ka nako eo pele fela ga Jehofa a diragatsa katlholo ya gagwe kgatlhanong le bogosi jwa lseraele wa bogologolo jwa merafe e e lesome. Mabapi le nako eo Hosea 4:1-3 e bolela jaana: “Yehofa o na le kgañ le banni ba lehatshe, ka go bo go sena boamarure, leha e le boutlwèlō botlhoko, leha e le kicō ea Mbdimo mo lehatshiñ. Ga go na sepè ha e se go ikana le go tlola maikanō, le go bolaea, le go ucwa, le go diha boaka; ba tla ba phomele, me madi a batho a chwaraganye le madi. Ke gōna ka mouō lehatshe le tla hutsahala, me monwe le moñwe eo o agileñ mo go yeōna o tla topetèga.” Katlholo ya ga Jehofa e e botlhoko e ne ya diragadiwa ka 740 B.C.E. fa a ne a letlelela Asiria go senya Iseraele le samaria motse-mogolo wa one le go isa baagi ba gagwe botshwarong.
6. Ke eng fa Modimo a tla diragatsa katlholo mo tsamaisong eno ya dilo ya gompieno, mme katlholo eo e tlhomamisega go le kana-kang?
6 Ka mo go tshwanang, Jehofa o na le “kgañ” kgatlhanong le lefatshe le le sa ikanyegeng le. Dikwalo di phepafatsa sentle gore le atlhotswe mo go botlhoko ke Jehofa le gore le tla a “topetèga” mo tshenyegong. “Magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” (2 Petere 3:7) Tiragatso e e tlhomame thata mo e leng gore Lefoko la Modimo le bua ka yone jaaka ekete e setse e diragetse: “Bōnañ, Yehofa o na a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, A tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa.”—Yude 14, 15.
7. Go fitlhelela Jehofa a fedisa lefatshe leno le le bodileng, ke diteko dife tseo di lebaneng le batlhanka ba gagwe?
7 Lefa go ntse jalo, go fitlhelela Modimo a fedisa lefatshe le le senang boikanyego le, batlhanka ba gagwe ba na le go tshela mo go lone. Lefa go le jalo, Bakeresete ba le “mo lehatshiñ,” jaaka Jesu a buile, “ga se ba lehatshe.” (Yohane 17:11-14) Ka jalo, letsatsi le letsatsi ba tshwanetse go tlhomamisa gore boikanyegi bo kopanyeletsang. Mo go kopanyeletsa maemo a a tsogang kwa tirong, kwa sekoleng, mo lelapeng, kana le ditsala. Mo dilong tsotlhe tse di gwetlhang digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Bibela, batlhanka ba ga Jehofa ba batla go ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—Bahebera 13:18.
Eseng Fela ‘Maikemisetso a a Botoka’
8. Ke eng fa boikanyego e le maikemisetso a batlhanka ba ga Jehofa?
8 Ga twe ‘boikanyego ke maikemisetso a a botoka,’ go tewa gore boikanyego bo tlisa matswela a a dirang. Mme go Bakeresete, ke kgang e e fetang foo. Mo go bone, boikanyego ke jone fela maikemisetso. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, ga ba a tshwanela go etsa bosaikanyegeng jwa lefatshe leo le atlhotsweng le—le ka motlha. Go na le moo, ba na le go dira ditiro tsotlhe tsa bone tumalanong le melao ya Modimo. Mme melao ya gagwe ga ya fetoga mo ntlheng e.
9. Molao wa ga Jehofa o ne o gatelela jang boikanyego go Iseraele wa bogologolo?
9 Ka motlhala, go Iseraele wa bogologolo Jehofa o ne a re: “U se ka ua diha boaka. U se ka ua ucwa. U se ka ua shupa maaka kaga moñwe ka wèna. U se ka ua eletsa . . . leha e le sepè se e leñ sa moñwe ka wèna.” (Ekesodo 20:14-17) Ka mo go tshwanang, Lefitiko 19:11, 12 e tlhalosa jaana: “Lo se ka loa ucwa; le gōna lo se ka loa diha ka tsieco, leha e le go akèlana. Le gōna lo se ka loa ikana ka leina ya me ka tsieco, ua tlhapatsa leina ya Modimo oa gago: Ke nna Yehofa.”
10. Bokeresete bo gatelela jang boikanyego?
10 Bakeresete le bone ba ile ba tlhomelwa melao ya go nna jalo. Ka jalo, Lefoko la Modimo la re: “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le ikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” Lefa e le mang yo o “ratañ a ba a diha maaka.” (1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolō 22:15) Botlhe ba ba batlang go tshela mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ba tshwanelwa ke go bontsha dinonofo tsa gagwe, nngwe ya tsone ke go re ‘Modimo ga o kake wa aka.’ (Tito 1:2; Bahebera 6:18) Satane ke ene a simolotseng bosaikanyegeng, “rra aōna maaka.”—Yohane 8:44.
11, 12. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ithuta boikanyego gone jaanong? (b) Ke eng fa re ikutlwa re sireletsegile mo phuthegong ya ga Jehofa e e bonalang?
11 Ereka ‘go tla aga tshiamo’ mo ‘lefatsheng le lesha’ leo Modimo o le solofeditseng, ‘banni ba lefatshe ba tla ithuta tshiamo.’ (2 Petere 3:13; Isaia 26:9) Ke gone mo e leng gore jaanong jaana palo e e golang thata ya bao ba tla nnang baagi ba lefatshe la Paradaise ba ‘rutwa ditsela tsa ga Jehofa,’ go akareletsa le ya boikanyego. (Isaia 2:3, 4) Ka jalo, Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: ‘Lo se ka lwa akelana. Apolang motho yo mogologolo le ditiro tsa gagwe.’ (Bakolosa 3:9) Gape lo a re: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihè, a dihè se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”—Baefesia 4:28.
12 Ka jalo batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go ikanyega mo dilong tsotlhe. Ereka ke yone tsela e mongwe le mongwe o tla tshwanelwang ke go re a ba a le ka yone mo tsamaisong e ntšha ya dilo, ke tsela e batho ba Modimo ba tshwanelwang ke go re ba bo ba ntse ka yone gompieno. Mme a bo go itumedisa jang ne go nna bontlha-bongwe jwa mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa dimilione tsa batho bao ba tlhagolelang boikanyego! A bo re ikutlwa re sireletsegile jang ne mo paradaiseng e ya semoya eo e leng leungo la moya o o boitshepo wa Modimo o o nonofileng, “o Modimo o o neileñ bōnè ba ba o utlwañ.” (Ditihō 5:32) Tshwantsha seo le moya o o leswe o o fokang mo lefatsheng le le kafa tlase ga “modimo oa lehatshe yeno,” Satane Diabolo.—2 Bakorintha 4:4; Bagalatia 5:19-24.
Boikanyego bo Lemogwa ke ba Bangwe
13, 14. Bangwe ba ile ba akgela jang ka boikanyego jwa batho ba ga Jehofa?
13 Boikanyego jwa batho ba Modimo ka metlha bo lemogwa ke ba bangwe. Ka sekai, Koranta ya ltaly Il Piccolo e ne ya gatisa lekwalo go tswa go mongwe wa babadi ba yone le le reng: “Ke leboga mosadi yo o neng a ipolela jaaka Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a fa bosupi jwa sekao sa boikanyego ka go mpusetsa, ka koranta eno, madi a mantsi ao a neng a ntatlhegetse.” Mo United States, The Indianapolis Star e ne ya kwala ka banyalani bangwe ba Basupi bao ba neng ba sela madi a a kanang ka $4,000 (R10 260) mme ba a busetsa mong wa one. Koranta eo e ne ya tlhalosa gore banyalani bao “ba ne ba sena dipelaelo ka seo ba neng ba tshwanetse go se dira.” Ka ntlha yang? Ba ne ba re: “Re ne re ka seka ra a ipolokela. Re Basupi ba ga Jehofa.”
14 Fa Mosupi mongwe mo Missouri a ne a sela madi a a kanang ka $9,500 (R24 360) mme a a isa kwa mapodising, koranta nngwe e ne ya tsopola lepodise le re: “Ke sengwe se se sa tlwaelesegang thata gore motho a ka bona madi a mofuta o o ntseng jalo mme a ba a a busa. Ga ke gakologelwe ope yo re kileng ra mmona a dira jaana. Ruri go ne go gakgamatsa.” Setlhogo seo se ne sa umaka gore Mosupi o ne a “seka a nna le mogopolo ope wa go ipeela madi.” Lepodise le le neng le le mo tirong le ne la re Mosupi yoo “o tsosolositse tumelo ya gagwe ya gore go ne go santse go na le batho ba ba ikanyegang gareng ga setho.” Mosupi o ne a arabela ka go re: “Rona jaaka batho re ikgantsha jaaka batho ba ba ikanyegang mo dilong tsotlhe.”
15, 16. Ke maitemogelo afe ao a bontshang gore boikanyego bo lemogiwa ke ba bangwe le eleng mo dilong tse dinnyennyane?
15 Ga re a tshwanela go ikanyega fela mo dilong tse dikgolo. Boikanyego bo tlhokafala gape le mo dilong tse di nnyennyane. (Luke 16:10) Ka sekai, fa lelapa lengwe la Basupi le sena go nna mo oteleng nngwe mo Florida, morwa wa bone ka go sa lemoge o ne a tsaya selopo sa mosamo, a re gongwe ke besete ya gagwe. Lelapa le ne la e romela kwa oteleng, mme molaodi wa etele o ne a kwala jaana: “Re le leboga thata ka boikanyego jwa lona. Lefa go busa selopo sa mosamo e ka tswa e le selo se se tlwaelegileng mo go lona ka ntata ya botho jwa lona, go rona e ne e le sengwe seo se akgolegang.” Ka mo go tshwanang, fa banyalani ba Basupi ba ne ba tsaya pene ka phoso go tswa mo oteleng nngwe mo Georgia mme ba bo ba e busa, molaodi o ne a kwala jaana: “Ke rata go lo lebogela go ipha sebaka sa go busa pene eo le ileng la e phutha le dilo tsa lona ka phoso. Go a lapolosa go amogela mafoko a a ntseng jaaka a lo a rometseng go tswa bathong ba ba ikanyegang le ba ba amegang!”
16 Mosimane mongwe wa Mosupi yo o neng a dira lekwalo la botlhano o ne a tshameka “baseball” kwa sekoleng. O ne a lebega ekete o tshamekile sentle ka kwa teng, mme o ne a itse gore o ka “kwantle.” Balekane ba gagwe ba setlhopha ba ne ba leka go bolela gore o ne a “fentse.” Mme leloko la setlhopha se sengwe le ne la re go ne go na le tsela e le nngwe fela ya mmatota ya go itse boammaaruri. O ne a re: “Mmotse gore a o ka kwantle kana nnyaa. Ke Mosupi, mme Basupi ga ba ake.” Boitshwaro jo bo molemo jwa mosimane mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi bo ile jwa lemogiwa ke ba bangwe. Ke boammaaruri, ka go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo, le ‘go tswa mo melomong ya bana ba ba anyang’ pako e ka ya go Jehofa.—Mathaio 21:16.
17, 18. Melao-metheo ya ga Jehofa e ka nna le diphelelo dife tse di molemo mo bathong ba ba dipelo di siameng?
17 Mo Nigeria, monna wa Mosupi mongwe o ne a le kgatlhanong thata le go ya ga gagwe kwa kopanong ya potologo. Ka jalo o ne a mo latela teng mme a leka go kgoreletsa. Morago ga pokano, monna o ne a re: “Jaanong ke tlile go le leka Basupi ke lona.” Fa go ne go sa leba ope, o ne a ntsha madi mo kgetsing ya gagwe, a a tshwaya, a a menaganya, mme a a latlhela fa fatshe. Moragonyana, o ne a umaka gore o latlhegetswe ke madi a gagwe. Lefa go ntse jalo, o ne a bolelelwa gore a seka a tshwenyega ka gore a ne a tla bonwa. O ne a boela kwa a neng a a latlhetse teng, mme a ne a seyo. “Ahee,” a rialo, “ke le tshwere le tsietsa batho ke lona!” Mme o ne a bolelelwa gore madi a ne a ka nna a bo a se foo mme a ne a tla bo a tserwe a isitswe kwa Lephateng la dilo tse di Latlhegileng. Madi a a tshwailweng a ne a fitlhelwa ka boammaaruri kwa lephateng leo mme a busediwa kwa go ene. Boitemogelo jo bo ne jwa mo kgothatsa go tlhokomela seo mosadi wa gagwe a neng a se dumela, mme gompieno ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
18 Mo lekwalong le le neng le kwaletswe ntlo-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo New York, mosadi mongwe yo e seng Mosupi o ne a re o ne a batla go re tlotlela ka se se diragaletseng morwadie kwa sekoleng. Morwadie o ne a na le ditomo tsa dipitse tse di tlhwatlhwa-kgolo tseo di neng tsa utswiwa mo go ene letsatsi lengwe. Dingwaga tse pedi moragonyana, morwadie o ne a amogela lekwalo leo le neng le re: “Lili yo o Rategang, Ditomo tsa gago tseo di neng di utswilwe mo go wena dingwaga tse pedi tse di fetileng ke tse. Ke nna ke neng ke di tsere, mme jaanong ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme segakolodi sa me se sesha ga se sa tlhole se ntetlelela go nna le tsone. Ke maswabi ruri. Tswee-tswee intshwarele.” Ee, bao ba batlang go direla Jehofa ba tshwanelwa ke go tlhagolela “segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—Bahebera 13:18.
Go Boloka Phuthego e le Phepa
19. (a) Fa Mokeresete a ka dira tiro nngwe ya boikanyologi, o tshwanetse go dira eng? (b) Fa ba sekae gareng ga rona ba tswelela-pele ka go dira ditiro tsa gosaikanyegeng, go tla diragalang ka bone, mme ka ntlha yang?
19 Fa motlhanka wa Modimo ka phoso a dira tiro ya bosaikanyegeng, o na le go dira dipaakanyo ka bofefo fela fa a lemoga kana fa a itsisiwe ka gone. Mme fa ba sekae gareng ga rona ba latlhegelwa ke kanaanelo ya melaometheo ya Bibela mme ba tswelela ka ditiro tsa bosaikanyegeng, ga ba ne ba letlelelwa go leswefatsa batho ba Modimo. Ba tla a kgaolwa. (1 Bakorintha 5:11-13) Mo kgannyeng e re ka lebelela thuso go tswa magodimong, ereka Jesu a ne a bolelela-pele jaana: “Morwa Motho o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ; . . . Hoñ basiami ba tla betlama yaka letsatsi mo bogosiñ yoa ga Rrabō.”—Mathaio 13:41-43.
20, 21. (a) Ke eng fa ka tlhomamo re ka laletsa bapelonomi go obamela Jehofa le rona? (b) Mo setlhogong se se tlang ke dintlha dife kaga boikanyego tse di tla tlotliwang mo setlhogong se se tlang?
20 Ka gone, phuthego ya ga Jehofa e bolokiwa e le phepa. Jalo, he e ‘phatsima thata’ jaaka lesedi le le bitsang batho ba dipelo tse di ikanyegang. Ke gone moo ka tlhomamo re rayang bapelonomi ba lefatshe re re: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa [lefelo le le tsholetsegileng la kobamelo ya boammaaruri] . . . o tla re ruta ditsela tsa ōna, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa ōna.”—Mika 4:2.
21 Ereka batlhanka ba ga Jehofa ba na le go dira ka boikanyegi mo dilong tsotlhe, kwa ntle ga pelaelo, mo go tla akareletsa ditirisano tsa bone tsa kgwebo le Basupi ba bangwe. Fano, le gone, dikgwetlho tsa boikanyegi di ka nna tsa tsoga. Dingwe tsa tsone ke dife? Re ka dirisana jang le tsone? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dilo tse tsa botlhokwa ka ga boikanyegi.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke eng se se diragaletseng boikanyego mo motlheng wa rona? Ka ntlha yang?
◻ Lefoko la Modimo le bua jang ka ga botlhokwa jwa boikanyego?
◻ Ke eng fa re na le go tlhagolela boikanyego le eleng pele ga tsamaiso e ntšha ya dilo?
◻ Ke maitemogelo afe a a bontshang bomosola jwa boikanyego?
◻ Ke tlhomamisetso efe e e leng teng ya gore boikanyego bo tla bolokiwa gareng ga rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Jaanong jaana, bao e tla nnang baagi ba tsamaiso e ntšha ya Modimo ba rutwa tsela ya Modimo ya boikanyego