LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/1 ts. 10-15
  • O Farologane Go Le Kana Kang le Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Farologane Go Le Kana Kang le Lefatshe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhagafala mo Tirelong ya Tshimo
  • Boitshwaro jwa Mofuta o o Farologaneng
  • Ba A Ratana
  • Ga Ba Kgopisane
  • Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • “Nnang lo Ntse Lo na Le Boitshwaro jo bo Molemo mo Ditšhabeng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/1 ts. 10-15

O Farologane Go Le Kana Kang le Lefatshe?

“Tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo Ie Rra echo, ke e, . . . motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe”​—YAKOBE 1:27.

1, 2. Ke mang yo o neng a re Bakeresete ba ne ba tla farologana le lefatshe? Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go lebelela go farologana le lefatshe?

JESU ke ene yo o neng a bolela pele gore Bakeresete ba tshwanetse go se nne karolo ya lefatshe. (Yohane 15:19) Mme mo thapelong ya gagwe go Rraagwe mo bosigong jwa pele ga a swa, o ne a utlwiwa a re: “Ke ba neile lehoko ya gago; me lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Go tswa foo, fela ka bofefo, o ne a boelela gape: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”​—Yohane 17:14, 16.

2 Ditumelo tse dintsi tsa La-Bodumedi ga di dire boiteko jwa go diragatsa mafoko ao. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore Bakeresete gompieno ga ba na kgetho epe fa e se fela go ikgaoganya le lefatshe. Ba itse gore Satane ke mmusi wa lefatshe leno. (Yohane 14:30; 1 Yohane 5:19) Go nna karolo ya lefatshe go raya go nna tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane. Jakobe o ne a tlhagisa ka gore: “Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” (Yakobe 4:4) Ka gone he, re tshwanetse go lebelela go farologana.

3. Ke dilo dife tsa motheo tseo di dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le ba ba ba dikologileng?

3 Mme Basupi ba ga Jehofa ba farologane go le kana kang? desu o ne a re Bakeresete ba ne ba se kitla ba tlosiwa mo lefatsheng. (Yohane 17:15) Mme, tota, Basupi ba ga Jehofa ba tshela mo metseng ya lone, mme bontsi jwa bone bo a nyala le go godisa malapa, fela jaaka mongwe le mongwe a dira. Le bone gape, ba tshwanelwa ke go bereka, go emelana le tlhatlogo-ditlhotlhwa le go duela makgetho a bone. Lefa go le jalo ba farologane. Mo setlhogong se se neng se bua kaga bone, mokwadi wa bodumedi wa koranta ya United States o ne a tlhalosa gore ke goreng a akanya jalo. O ne a re: “Seo se farologanyang Basupi mo banyatsing ba bantsi ba bone, ka gongwe ke gore matshelo a bone gotlhelele​—ka fa ba senyang dioura tsa bone le gore le bomang—​a nwetse fela thata-thata mo ditumelong tsa bone.” Ammaaruri tota Basupi ba ga Jehofa ba ineetse ka botlalo go Jehofa Modimo. Ba dumela eleruri ditsholofetso tsa gagwe mo Bibeleng, mme ba tsaya ditaolo tsotlhe tsa Modimo go bone ka bomasisi. (1 Yohane 5:3) Seno se a ba farologanya

4. Ke mabaka afe a a dirang gore boipharologanyo le lefatshe leno bo nne bokete? Ka gone, ke eng seo rotlhe re tshwanetseng ra se dira nako le nako?

4 Lefa go ntse jalo, boikgaoganyo jo bo ntseng jalo ga bo a tuma lefa e le gone go nna motlhofo. Mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, kgatelelo ya go itsalanya e maatla. Bontsi jwa rona re na le keletso ya tlholego ya go se farologane le ba bangwe mo go kalo kalo. Fa dikgang tse di kopanyeletsang bothokgami di tsoga, go tlhoka tlhatswego-pelo e e nonofileng go farologanya le go utlwa ditaolo tsa Modimo. (Ditihō 5:29; 15:28, 29) Ka gone, go botlhale ka motho ka bongwe go itlhatlhoba nako le nako go bona kafa a emang ka teng mo kgannyeng ya go ikgaoganya le lefatshe.​—2 Bakorintha 13:5.

Go Tlhagafala mo Tirelong ya Tshimo

5. (a) Bangwe ba bao eseng Basupi ba reng kaga tlhagafalo ya tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa? (b) Ke melao-metheo mengwe efe e e tlhotlheletsang Basupi go tlhagafala mo tirong eno?

5 Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe fela thata ka ntlha ya tlhagafalo ya bone mo go rereng. Seno eleruri se a ba farologanya Bangwe ba ba eletsa ka ntlha ya gone, fa ba bangwe ba tenwa ke gone. Barongwa ba phuthego nngwe ya boefangedi ba bega gore gongwe le gongwe kwa ba yang gone mo lefatsheng ba kopana le batho bao e leng Basupi ba ga Jehofa ba ba matlhagatlhaga le ba ba tlhoafetseng mo mafelong ao! “Bua ka lobaka lo loleele le morongwa . . . ope fela mo lefatsheng kaga maemo a mafelo a bone, mme o tla utlwa Basupi ba ga Jehofa ba umakiwa,” go ne ga bolela jalo nngwe ya dikgatiso tsa bone. Ke goreng Basupi ba le tlhaga mo tirong eno? Lebaka ke gore go rera mafoko a a molemo ke thato ya Modimo le lotshwao lo lo kgethololang Mokeresete wa Boammaaruri. (Mathaio 28:19, 20; Baefesia 6:14, 15; Tshenolō 22:17) Gompieno, thero eno ka Basupi ba ga Jehofa ke tshupo ya phatlalatsa ya boikanyegi jwa bone go Bogosi jwa Modimo le keletso ya bone go thusa ba bangwe go obamela Jehofa.​—Isaia 2:2-4; Mathaio 24:14.

6. Ke dipotso dife tseo re tshwanetseng ra di ipotsa go tlhatlhoba maikutlo a rona malebana le tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi?

6 Tiro ya go rera e botlhokwa go le kana kang go wena? Mo lefatsheng, bantsi ba ikutlwa gore go itshedisa, kana boitapoloso, bo botlhokwa le eleng mo ditirong tsa bodumedi. (2 Timotheo 3:4; 1 Yohane 2:16) Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a kwalela Timotheo ka gore: “U iponè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè ruri mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) A o na le pono eno? A o gakologelwa tlhagiso ya ga moaposetoloi Petere ya gore re tshwanetse go ‘tlhologelelwa go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa’? (2 Petere 3:12) Fa go le jalo, he itse gore go rera mafoko a a molemo a Bogosi ke kgang e e potlakileng. Seno se ka go tlhotlheletsa go dira ka ditsela tseo di ka lebegang di gakgamatsa bao eseng Basupi.

7. Ke kgato efe e bantsi ba ileng ba e tsaya malebana le tiro ya go rera? Goreng?

7 Ka sekai, John, morutabana wa sekolo mo Ghana, o ne a tsaya Dikwalo ka bomasisi. Ka jalo o ne a tlogela tiro ya gagwe e le gore a tle a senye nako e ntsi mo go boleleleng baagelani kaga Bogosi. Brian, mosimane wa Moesemane, o ne a ithontsha sebaka sa go ya kwa unibesithing e le gore a tle a nne moreri wa nako e e tletseng; mme Eva, mosetsana wa Moamerika o ne a tlogela kholetšhe morago ga dikgwedi di se kae tsa thuto ka lebaka le le tshwanang. A banana bano ba ne ba le diramatla kana ba le dieleele? Tota, go ope fela yo o tsayang Bibela ka bomasisi, seo ba ileng ba se dira se ne se utlwala tota se bile se tlhomame. Kgakala le go tsenyeng bokamoso jwa bone mo kotsing ba ne ba ithusa go bo tlhomamisa. Jaaka Paulo a ne a bua, tiro e ba neng ba e ikgethela e raya poloko, ‘go bone le bao ba neng ba tla ba reetsa.’​—1 Timotheo 4:16.

Boitshwaro jwa Mofuta o o Farologaneng

8. Ke molao-motheo ofe o o mo go Bahebera 1:9 o gape o thusang Basupi ba ga Jehofa go farologana?

8 Go na le molao-motheo ke ono o o dirang gore Bakeresete ba farologane le lefatshe: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō.” (Bahebera 1:9) Mo ditemaneng tse di dikologileng eno, mafoko ano a ne a lebisitswe go Jesu Keresete, mme Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore a baakanyetsa ka tekanyetso ya Bakeresete gape. (1 Petere 2:21) Re tshwanetse ra rata seo Modimo a reng se siame mme re tlhoe seo Modimo a reng se boikepo.

9. (a) Dibopego dingwe tsa boikepo ke dife? (b) Boikutlo jwa phuthego ya Bokeresete malebana le boikepo bo farologana jang le joo jwa lefatshe?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a kgetholola mefuta mengwe ya boikepo mo mantsweng ano: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, Go le magodu go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Gompieno, lefatshe le itaola mo go boatla fela thata, segolo mo dikgannyeng tsa boitsholo. Mme ditekanyetso tsa Bibela ga se tseo di ka mpampediwang. Bibela e re Mokeresete ope yo o tsenelelang mo mekgweng ya boitsholo jo bo maswe o tshwanetse ka lorato a thuswa go fetola tsela ya gagwe. (Bagalatia 6:1; Yakobe 5:19, 20) Fa a gana go dira phetogo, he o tshwanetse a befelwa ke Bakeresete.​—1 Bakorintha 5:9-13.

10. Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba na le go itshireletsa mo ditirong tsa boikepo?

10 Bangwe ba ile ba tlhasela ka gore tsela eno ya go tshwara dikgang ga e lorato kana ke ya bogogotlo. Ba rata go tsena dilo ka tsela ya lefatshe ya go repisa. A o ikutlwa ka tsela eo? Kana o lemoga gore dikgato tse di ntseng jalo ga di bontshe mo go kalo tlhaelo ya lorato go moleofi jaaka fa go tlhoilwe ditiro tsa gagwe tse di boikepo? A mme o utlwisisa gore phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go tsaya kgato ka tsela eno fa e le gore e tla nna e ntse e le ya Bokeresete? Jakobe o ne a re: “Bodumedi joo Modimo le Rraetsho a bo amogelang jaaka jo bo phepa le jo bo seng molato ke jo: . . . gore motho a ithibe mo go kgotlelweng ke lefatshe.” (Yakobe 1:27; New International Version) Setlhopha se ka iphaka jang gore se na le bodumedi jwa boammaaruri fa se itetlelela go kgotlelwa ke boleo jo bo masisi?

11. Ditekanyeto tsa Bokeresete di ama jang puo ya Mokeresete?

11 ‘Letlhoo la se se bosula’ la Mokeresete le ya kgakajana thata. Bibela e re: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō.” (Baefesia 5:3, 4) Ka jalo Bakeresete ba mmatota ba itsiwe gareng ga balekane ba bone ka go sa dirise puo e e leswe, go bua dinyao tse di botlhaswa, kana go kgatlhwa fela ke go tlotla ka ga dilo tse di leswe. Megopolo e e phepa le puo e e phepa di ntse di ngotlega fela thata gompieno.

12. Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le lefatshe fa go tliwa mo boitlosong-bodutu?

12 Basupi ba ga Jehofa ba farologana le eleng fa go tliwa mo boitlosong-bodutu. Ereka “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” ba ile ba ithuta go nna podimatseba kaga boitloso-bodutu jo bo ntshiwang ke lefatshe. (1 Yohane 5:19) Ba tila gotlhelele metshameko e mentsi ya diphati, dimakasine, divideo, difilimi, mmino, le thelebishene eo e bontshang gore e na le bodimona, kana mokwalo wa diaka, kana e tlotlomatsa bothubaki jo bo ferosang sebete, jwa matlhabisa ditlhong. Ba tiso, gape mo boitlosong-bodutu jo go tweng ke jwa lelapa joo bo tlotlomatsang megopolo e e bofafalele ya dikobo kana megopolo e e boitaolo eo Bakeresete ba ka se e amogeleng. (1 Bakorintha 15:33) Ope fela yo o tsayang Bibela ka bomasisi gaa kitla a lebelela boitloso-bodutu mo dilong tseo di sa tshwanelang le eleng go umakwa gareng ga Bakeresete.

13. A go ikgagamaletsa setoropo thata mo kgannyeng ya boitloso-bodutu ke go nna pono-khutshwane?

13 A eno ke pono ya gago? Kana o ikutlwa gore dipono tse di ntseng jalo di dira gore Basupi ba ga Jehofa ba nne pono-khutshwane kana ba ikgagamaletsa setoropo thata? Fa go ntse jalo akanya: Fa dijo tse di rileng go fitlhelwa gore di ile tsa kgotlegela mme ka bofefo fela di bo di tlosiwa mo dishelofong tsa mabenkele, bareki ga ba ke ba ngongorega ba re kgololesego ya bone e lekanyeditswe ka go bo ba ka se tlhole ba kgona go di reka. Go na le moo ba ipela go bo ba sireleditswe mo dijong tse di nang le tšhefi. Basupi ba ga Jehofa ga ba ke ba ngongorega gore kgololesego ya bone ka tsela nngwe e lekanyeditswe fa ba supegediwa kgotlelo ya boitloso-bodutu jo bogolo jwa lefatshe. Go na le moo, ba gololesega thata go bo ba sirelediwa mo kotsing e e tlisiwang ke kgotlelo e e ntseng jalo.

Ba A Ratana

14. Ke nonofo efe e Jesu a neng a re e ne e tla tlhomolola setlhopha sa Bakeresete mo lefatsheng le le ba dikologileng?

14 Fano ke mo boipharologanyo jwa Mokeresete bo bonalang teng gape mo lefatsheng. Bosigo jwa pele ga a swa Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Ke goreng fa lorato e tla nna lotshwao go ba ba kwa ntle? Ka go bo boemo jotlhe, bo ntse fela jaaka Paulo a ne a re bo tla nna: “Batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, . . . Ba se na loratō loa tlholègō.” (2 Timotheo 3:2, 3) Mo tikologong e e ntseng jalo, setlhopha sa batho bao ba nang le lorato gareng ga bone lefatshe ka bophara se tla tlhaolega fela thata. Bokaulengwe jo bo ntseng jalo bo gone gareng ga Basupi ba ga Jehofa.​—1 Petere 2:17.

15. Ke maemo mangwe afe ao Basupi ba ga Jehofa ba nang le sebaka sa go bontshana lorato mo go one?

15 Lorato lono lo bonatshega fela thata mme gantsi lo tsosa dikakgelo tsa ba ba kwa ntle fa Basupi ba phuthega mmogo kwa dikopanong tsa bone. Fa go na le dikudumedi tse dikgolo fela thata, Basupi ba bofefo go bonala kwa tiragalong eo, ba tlisa dithuso go bakaulengwe ba bone. Mme moteng ga phuthego Bakeresete ba mmatota ba bontshana lorato le kakanyetsano. Le eleng ko go nang le mathata a botho, ba leka thata go ‘iphapaanyana le go itshwarelana.’​—Bakolosa 3:12-14.

Ga Ba Kgopisane

16. (a) Ke seemo sefe seo Paulo a neng a se tlotla seo se neng sa neela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga paka e e molemo ya go bontshana boteng jwa lorato lwa bone? (b) Ke molao-motheo ofe o a neng a o tlhalosa o o nang le ditiriso tse dintsi gompieno?

16 Lorato lo lo ntseng jalo lo dira gore Basupi ba farologane ka tsela e nngwe gape. Gompieno, bantsi ba amegile ka ditshwanelo tsa bone le go di sireletsa thata-thata. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma boemo jo bo farologaneng: “Yalo a re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.” (Baroma 14:19) Mo ditemaneng tse di dikologileng eno, Paulo o ne a bua ka bothata jo bo neng bo le gone ka nako eo malebana le dijo. Bakeresete, ka go se tshwane le Bajuda tlaseng ga Molao wa ga Moshe, ba ne ba gololesegile go ka ja sengwe le sengwe fa fela ba ne ba se digagapa. Bangwe, lefa go le jalo, bao go tswa bonnyaneng ba neng ba leba dino tse di rileng jaaka tse di leswe ba ne ba tshwenyega fela thata fa ba ne ba bona Bakeresete ka bone ba di ja. A Bakeresete ba bangwe bao ba ne ba ganelela mo tshwanelong ya bone ya go ja sengwe le sengwe seo ba neng ba batla go se ja ka tsela epe? Nnyaa eseng fa ba ne ba latela kgakololo ya ga Paulo. O ne a re: “Go le go ya nama, go le go nwa boyalwa yoa mofine, le gotlhe mo oa gaeno o kgopiwañ ka gōna, go molemō go kgaogana nago. (Baroma 14:21) A kgakololo e e lorato ruri! A o ka bona kafa e ka re kaelang ka teng mo dikgannyeng tse dingwe?

17, 18. (a) Molao-motheo o o go Baroma 14:21 o ka dirisiwa jang mo kgannyeng ya go nwa bojalwa? (b) O ka dirisiwa jang mo kannyeng ya diaparo? (c) Ke dikarolo dife tse dingwe tseo o ka di akanyang tseo go tsone go dirisa molao-motheo o o tshwanang ono go ka re thusang go bontshana lorato?

17 Ka sekai, Bibela e dumelela Bakeresete go nwa dino tsa tagi ka tekano. (1 Timotheo 3:8; 5:23) Mme bangwe ba amega fela thata kaga bojalwa. Bangwe ga ba a bo tlwaela kana lefa e le go ka bo hupa. Fa e le gore o ne o ka nna le mongwe yo o ntseng jalo kwa kokoanong, a o ne o tla leka go mo gatelela kana go mo tlhabisa ditlhong gore a tle a nwe senō seo le wena? Kana go na le moo o ne o se kitla o ithiba ka bowena e le gore o tle o se ka wa mo tlisetsa mathata?

18 Akanyetsa sekai se sengwe: kgang ya go apara. Bibela ga e tlhalose gore ke mofuta ofe wa diaparo o Mokeresete a ka o aparang lemororo e bolela gore e le ka bori le bothakga. (1 Timotheo 2:9) Gompieno, mafatshe a a rileng a na le diaparo tseo di tsewang di amogelega mo mekgatlhong e e amogelegang. Gantsi, tekanyetso eno e dumelela mesego e e farologaneng, mme go tswa mo tseleng fela thata go ka bonala go le boatla, boikgotsofatso, kana phapogo. Bakeresete, ka bobedi banna le basadi, ba tshwanetse go gakologelwa seno. A o ikemiseditse go lekanyetsa kgololesego ya gago mo kgannyeng eno ya go apara ka ntlha ya mafoko a a molemo le gore o tle o seka wa kgopisa bakaulengwe ba gago?

19-21. (a) Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba leka thata go boloka boipharologanyo jwa bone le lefatshe? (b) Ke mo kgannyeng efe e nngwe eo re tla lekelang go farologana le lefatshe?

19 Ee, Jesu o ne a bua boammaaruri fa a ne a re Bakeresete ba ne ba se kitla ba nna “ba lehatshe.” (Yohane 17:16) Mo go rereng mafoko a a molemo, mo go ileng se se bosula, mme e le ka lorato le ka kakanyetsano, Basupi ba ga Jehofa eleruri ba farologane. Boikgaoganyo jono bo tlisetsa Basupi masego, ebile bo ba sireletsa fela thata mo mathateng a mantsi ao a tlhasetseng lefatshe gompieno.

20 A tota o rata thata le go tlhagolela boikgaoganyo jono mo botshelong jwa gago? Gakologelwa, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa farologana mo go kalo, ba ne ba tla bo ba tshwana le lefatshe, leo Satane Diabolo eleng modimo wa lone. (2 Bakorintha 4:4) Ba ne ba tla latlhegelwa ke boikgethololo jwa bone jo bo phepafetseng jaaka ‘morafe o o boitshepo,’ ebile ba ne ba tla palelwa ke go ipoloka “ba sa raraediwa ke lefatshe.” Ka gone, ba ne ba tla bo ba sa tlhole ba na le “bodumedi jo bo itshekileng, jo bo senang selabe, mo matlhong a Modimo.” (Yakobe 1:27, The Jerusalem Bible; 1 Petere 1:14-16) Fa e le gore o iphitlhela o eletsa gore o ka bo o tshwana le lefatshe thata, gakologelwa tlhagiso ya ga Yakobe 4:4.

21 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore mokgwa o mongwe o ne o tla gatelela mo lefatsheng O ne a bolela gore batho e ne e tla nna “barati ba madi.” (2 Timotheo 3:1, 2) Boammaaruring jwa mafoko a gagwe, go lelekisa madi jaanong ke nonofo e e maatla mo eleng gore go bantsi ke tlhotlheletso e e nonofileng mo matshelong a bone. A Bakeresete ba farologane mo go seno gape? A go ka kgonega go falola mo lefatsheng la gompieno kwa ntle ga go nna ‘morati wa madi’? Re tla tlotla kaga seno mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Gakologelwa?

◻ Ke goreng Mokeresete a tshwanetse go lebelela go farologana le lefatshe?

◻ Ke dikwalo dife tseo di thusang Basupi ba ga Jehofa go nna le pono e e siameng ya tiro ya go rera?

◻ Ke ka ditsela dife tse di farologaneng tseo tiriso ya Bahebera 1:9 e dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le lefatshe?

◻ Go nna le matswela afe mo boitshwarong jwa bone ka go dirisa molao-motheo o o tlhalositsweng go Baroma 14:21?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta go nna podi-matseba kaga boitloso-bodutu jo bo neelwang ke lefatshe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela