LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/1 ts. 8-9
  • Melaetsa E E Tswang Legodimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Melaetsa E E Tswang Legodimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melaetsa E E Tswang Legodimong
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Melaetsa e Mebedi e e Tswang Kwa Modimong
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Elisabetha o Tshola Ngwana
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “Modimo O ne A ba Tsaya ba Siame”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Melaetsa E E Tswang Legodimong

TOTA, Bibela yotlhe ke molaetsa o o tswang legodimong, e ile ya baakanyediwa ke Rre wa rona wa selegodimo taong ya rona. Lefa go ntse jalo, go na le melaetsa e mebedi e e kgethegileng e e neng ya neelwa dingwaga tse di batlileng di nna 2 000 tse di fetileng ke moengele yo o ‘emañ ha pele ga Modimo.” Leina ja gagwe ke Gabariele. A re tlhatlhobeng mabaka a maeto ano a mabedi a y a botlhokwa mo lefatsheng.

Ngwaga ke 3 B.C.E. Mo dithabeng tsa Judea, ka gongwe eseng kgakala thata le Jerusalema go nna moperisiti wa ga Jehofa; yo o bidiwang Sakarie. O tsofetse, mme le mosadi wa gagwe Elisabethe. Mme ga ba na bana. Sakarie o tsena mo tirong ya gagwe ya boperisiti mo tempeleng ya Modimo mo Jerusalema Ka tshoganyetso Gabariele o iponatsa go ene mo letsogong ja moja la sebeso sa maswalo.

Sakarie o tshogile fela thata. Mme Gabariele o ritibatsa poifo ya gagwe mme a re: ‘Modimo o utlwile dithapelo tsa gago. Elisabethe otla nna le morwa, mme o tla mmitsa Johane. O tla baakanyetsa Jehofa batho ba ba etleeleditsweng.’ Mme Sakarie ga a dumele. Go bonala go ka se kgonege, gore mo dingwageng tsa gagwe, ene le Elisabethe ba ka nna le ngwana. Ka jalo Gabariele a re: ‘Ka go bo o sa ka wa ntumela, ga o ne o kgona go bua go fitlhela dilo tse di diragala.’

Ka nako eno, tota, batho ba ba kwa ntle ba gakgamaletse gore ke goreng Sakarie a diegile mo go kana mo tempeleng. Fa labofelo a tswa, a sa kgone go bua mme a kgona go bua fela ka diatla, mme ba lemoga gore o bone sengwe se se gakgamatsang thata.

Morago ga fa Sakarie a sena go fetsa tirelo ya gagwe mo tempeleng, o boela gae. Mme ka bofefo fela morago ga fa seno se se na go diragala​—Elisabethe o a ithwala! Fa a santse a letetse ngwana wa gagwe go tsalwa, Elisabethe o a iphitlha mo m matlhong a batho ka dikgwedi tse tlhano.

Bonang! Gabariele o iponatsa gape. Mme o bua le mang? O bua le mosadi yo o sa nyalwang yo monana wa leina le go tweng Maria mo mo tseng wa Nasaretha. Ke molaetsa ofe o a o isang ka nako eno? Reetsang! ‘O tla ithwala mme o tla tshola ngwana wa mosimane, mme o tla mo raya leina o re Jesu,’ Gabariele a rialo. ‘O tla nna kgosi e kgolo, mme bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo khutla.’

Re ka tlhomamisega gore Gabariele o ne a ikutlwa a na le tshiamelo tota go neela melaetsa eno. Mme jaaka re bala kaga Johane le Jesu mo ditokololong tsa mo isagweng tsa makasine ono, re tla bona ka phepafalo mo go oketsegileng gore ke goreng melaetsa eno e e tswang legodimong e le botlhokwa mo go kalo. 2 Timotheo 3:16; Luke 1:5-33.

◆ Ke melaetsa efe e mebedi e e botlhokwa e e neng ya buiwa go tswa legodimong?

◆ Ke mang yo a neng a tlisa melaetsa eo, mme o ne a e tlisa go bomang?

◆ Ke goreng melaetsa eno e ne e le bokete go e dumela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela