Batsadi, Sireletsang Bana ba Lona
FA MORWAO a go bolelela gore o gateletswe ke balekane ba gagwe ba sekolo gore a dirise ditagi, o ne o tla dirang? Kana, fa morwadio a go bolelela gore basimanyana kwa sekolong ba a mo tshwenya, o ne o tla itshwara jang?
Eleruri o ne o se kitla o senya nako go dira sengwe kaga gone, a gago jalo? O ne o tla leka go itse kaga mabaka le go bona seo o neng o ka se dira go sireletsa ngwana wa gago. O ikutlwa gore, ke kafa wena jaaka motsadi o neng o ka arabela ka gone. Mme boammaaruri ke gore dilo ga se ka metlha di diragalang ka tsela eo. Gantsi, ka nako eo batsadi ba tlang go lemoga ka dilo tse di ntseng jalo ba setse ba siilwe ke nako. Gantsi-ntsi, karabelo e le yosi fela ke: “Seno se ne se ka diragalela morwaake (kana morwadiake) jang?”
Basha Ba Tlase ga Kgatelelo
Fa e le gore o motsadi, a o itse mofuta wa kgatelelo o bana ba gago ba leng tlase ga one? A o lemoga seo ba thulanang le’seno letsatsi le letsatsi? Moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa ka gore: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.” (1 Petere 5:8) Lemororo Satane a ikaelela go fenya le go tshwarisa batho botlhe, bannye le bagolo, ka phepafalo ke pōpō e kgolo go basha ba ba senang boitemogelo, ka gone a ba gatelela mo go botlhoko fela thata.
Akanyetsa dikai di se kae fela. Tlase ga setlhogo “Bosenyi jwa Bana Jaanong ke 52% Ya Palo-yotlhe.” Mainichi Daily News ya Japane e bega gore gare ga boganana jwa thaka e tshesane “bokebekwa jo bo dirwang ke bana ba dingwaga tse 14 bo di goga kwa pele.” Mo United States, ba ba magareng ga dingwaga tse 14 go ya go 17 ba ba dimilione tse 3,3 ke bangwe ba ba letshwenyo, mosha mongwe le mongwe mo go ba barataro o dirisa ditagi ka metlha, mme mo e ka nnang halofo ya sedikadike sa bana ba tsholwa ke bomma-bana ba basha ba ba sa nyalwang ngwaga le ngwaga. Lebaka ke gore go sa kgathalesege ko o tshelang gone, bana ba gago ga ba a dibelesega mo lekhubung la bosenyi jwa thaka e tshesane, bothubaki, le boitsholo jo bo maswe tse di raraetsang lefatshe.
O Ka Ba Thusa
Seno sotlhe se otlelela gore basha ba gompieno ba kopanyelediwa mo ntweng e e thata. Go sa kgathalesege gore ba e lemoga kana nnyaa, gore ba tle ba kgone go fenya ba tlhoka thuso go tswa bathong ba ba godileng, ba ba nang le maitemogelo Fa o le motsadi, a o mo boemong jwa go neela thuso e e ntseng jalo go bana ba gago? Mme a o ikemiseditse go dira boiteko jo bo tlhokafalang go ba thusa?
Go ile ga buiwa le go kwalwa thata kaga go thusa bana; ga go na tlhaelo ya kgakololo mo kgannyeng e. Tota, fa e le gore go na le sengwe, bothata ke go fetsa ka gore ke efe mo diponong tse dintsi tse di thulanang e motho a tshwanetseng go e latela. Ka sekai, motlhalefi mongwe o ka go bolelela gore go betsa go molemo. Fa yo mongwe a tla re le ka motlha ga go a tshwanela gore go dirwe. Kana moitseanape mongwe o ka go bolelela gore o seka wa lefa ngwana wa gago ka diphitlhelelo tse a di dirang fa e le gore ga o batle ngwana yo o senyegileng. Mme yo mongwe o tla go bolelela gore kakgolo le ditefa di a tlhokafala fa e le gore ga o batle ngwana yo o sa babalesegang. Ga go gakgamatse go bo, ka mafoko a mmereki mongwe wa Bookelo jwa Bana ba ba Lwalang mo Toronto, kwa Canada, seo re nang le sone ke “losika lwa batsadi bao gotlhelele ba tshabang go nna batsadi.”
Ka go bona boemo jo bo boifisang, le ditiragalo tse dintsi tsa go palelwa, o ka tswa o ipotsa gore a eleruri go na le kgonego ya go godisa bana go nna ba ba godileng, ba ba tekatekanyo, mme, godimo ga tsotlhe, batho ba ba boifang Modimo mo pakeng eno le mo motlheng ono. Pele ga o ka itlhoboga mo go nneng le pono ya gore seno se ka se dirwe, gakologelwa gore moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea [ga Jehofa].” (Baefesia 6:4) Eleruri, Modimo o ne o se kitla o neela batsadi boikarabelo jono fa e le gore e ne e le sengwe seo se neng se ka se dirwe.
Lelapa Le Le Sekao
Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshela mo pakeng e e tshwanang tota le ya rona. Go ya ka pego ya Bibela, ka nako eo “Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. . . . Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.”—Genesise 6:5, 12.
O ne o ka ikutlwa jang fa e ne e le gore o ne o ka godisa ngwana wa gago tlase ga maemo a a ntseng jalo? Ka go bapisa Genesise 5:32 le Genesise 7:6, re elatlhoko gore barwa ba ga Noa ba ne ba tsalwa botlhe mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo pele ga Morwalela. Mme lefa go le jalo, dingwaga tse 120 pele ga Morwalela, maemo a ne a setse a le maswe fela thata mo eleng gore Jehofa o ne a re: “Mōea oa me ga o ketla o nna o ganela le motho ka bosena bokhutlō, ka go bo le èna e bile ke nama: leha go nntse yalo malatsi a gagwè a tla nna dinyaga di le lekgolo, le mashomè mabedi.”—Genesise 6:3.
Go sa kgathalesege maemo a a maswe a a ntseng jalo, Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba atlega mo go godiseng barwa ba bone ba bararo mo go nneng makawana a a boifang Modimo. Ka tshwaragano ya bone e e kutlo le batsadi ba bone, ba ne ba falola Morwalela o o neng wa senya losika lo lo sa reng Modimo sepe.
Sephiri sa katlego ya ga Noa e ne e le eng? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore, mo go Bahebera 11:7 “Ka tumèlō Noa, e rile a tlhagisicwe ke Modimo kaga dilō tse di e señ di bonale, me a shutelediwa ke poihō ea Modimo a baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè.” Tota, Genesise 6:22 e re bolelela gore: “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.”
Kwantle ga pelaelo, boikanyegi le botswerere jwa ga Noa fa pele ga ga Jehofa di ne tsa gatelela ka tlhomamo mo megopolong ya barwa ba gagwe kafa go leng botlhokwa ka teng ka bone go bontsha dinonofo tse di tshwanang mo matshelong a bone. Ka nako ya tiro ya go aga araka, o tshwanetse a bo a ile a senya nako e ntsi a dira le bone le go buisana le bone, a abalana le go dira dilo le bone. Mme, ka e ne e le “moreri oa tshiamō,” Noa o tshwanetse a bo a ile a ruta lelapa la gagwe melao le dipatlafalo tsa ga Jehofa. Ka ntlha ya gone moo, lelapa la ga Noa le ne la falola bokhutlo jwa ‘lefatshe la batho ba ba sa reng Modimo sepe’ leo la bogologolo.—2 Petere 2:5.
Se O Ka Se Dirang
Go tshwanetse ga bo go bonala he, gore sekao sa botsadi se nna le seabe se segolo mo go atlegeng mo go ruteng le mo go thapiseng bana. Fa radikgang wa koranta nngwe a ne a kopiwa go umaka sekgoreletsi se segolo thata se batsadi ba lebaneng le sone mo go thapiseng bana, o ne a araba ga motlhofo ka gore: “Ke Bone.” Batsadi bao ba sa direng seo ba se buang ba dira kgatlhanong le dikgatlhego tsa bone le tsa bana ba bone. (Bapisa Baroma 2:21-23.) Tsepamo mo ntlheng eno e botlhokwa. Ka gone, batsadi ba tshwanetse go ipotsa jaana: Ke dilo dife tse ke dumelang gore di botlhokwa thata mo botshelong? Mekgele ya me ya botho ke efe?
Mo go Duteronome 6:7, batsadi ba laelwa ka go re: “Me u a (mafoko a ga Jehofa) rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” Seo se raya puisano Mme ga se gore go bua gongwe le gongwe ka metlha ke puisano. Mosimanyana wa dingwaga tse 17 o ne a bolela gore o ne a leka go bua gabedi le mmaagwe kaga bothata jwa diokobatsi jo a neng a bo itemogela kwa sekolong. “Mmè o ne a mpolelela gore ke intshe mo [badirising ba tsone],” a rialo. A seo se ne sa thusa? Go bonala go se jalo, ka gobo mosimane o ne a tswelela a ikutlwa a kabeletswe ke kgatelelo mme o ne a sa itse gore a ka kgaogana le yone jang.
Fa basha ba thulane le bothata jo ba ka sekeng ba bo re sepe, boikuelo jwa bone jwa ntlha ka metlha ke go retologela go batsadi ba bone go bona dikarabo, mme seno ke selo se se molemo. Mme ikanyo e e ntseng jalo e ka senngwa ga motlhofo fa e le gore batsadi ba palelwa ke go bontsha kutlwisiso ya boemo jwa bone. Le eleng fa tharabololo e e gaufi e se gone, koo kutlwisiso e bontshiwang gone ditsela tsa puisano di nna di bulegile ka metlha.
Kotlhao ke tlhokafalo e nngwe mo go thapiseng bana. Seane sa Bibela se re: “Thupa le kgalemèlō di naea motho botlhale: me ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ.”—Diane 29:15.
Nako nngwe e e fetileng, Lephata la Bopodisi, mo Houston, mo Texas, lee ne la aba pampitshana e e nang le setlhogo se se reng “melao e e 12 ya go godisa bana ba diganana.” Mokgwa wa go kwalwa ga yone o eketeng o ikela fela go sele o ka nna wa tshegisa, mme mo e ka nnang “melao” yotlhe e e utlwalang ke e e lebaneng le kotlhao kana tlhaelo ya yone. Dikai di sekae tsa yone ke tse:
◻ “Simolola go neela ngwana sengwe le sengwe se a se batlang go tloga boseeng. Ka tsela eno o tla gola a dumela gore lefatshe le mo kolota botshelo. . . .”
◻ “Fa a bua mafoko a a maswe, mo tshege. Seno se tla dira gore a akanye gore o botlhale.”
◻ “Le ka motlha se mo neele thapiso epe ya semoya. Emela go fitlhela a nna 21 mme go tswa foo o mo letle go ‘itirela ditshwetso’”
◻ “Tila go dirisa lefoko ‘phoso.’ Le ka godisa boikutlo jwa molato. . . .”
Batsadi ba Bakeresete ka tlwaelo ba amegile ka go godisetsa bana ba bone mo “kotlhaoñ le mo taoñ ea [ga Jehofa].” (Baefesia 6:4) Seno ga se diragale kwantle ga boiteko—boiteko jo bogolo eleruri. Mme ga go poelo epe ya nako le boiteko eo eleng bokete go feta fa matswela a bofelo e le botshelo go wena le bana ba gago.—Duteronome 6:2.
Kabelo e e Duelang
“Bōna, bana ke boshwa yoa ga Yehofa: le louñō loa sebopèlō, ke tuèlō ea gagwè,” go bolela jalo mopesalema. (Pesalema 127:3) Go sa kgathalesege go feta ga nako le phetogo ya mekgwa ya batho ya botshelo, polelo eo e santse e le boammaaruri. Tshupo ya seno e ka bonwa mo basheng ba bantsi-ntsi mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa bao ba ileng ba golela go nna batho ba banana ba ba boikarabelo, ba ba tlotlegang le ba ba nang le bokgoni. Ke lesego go bone, le mo batsading ba bone, mme godimo ga tsotlhe, go Mmopi wa bone, ebong Jehofa Modimo.
O ka roba tuelo ya go godisa bana ba gago ka matswela a a kgotsofatsang a a ntseng jalo fa e le gore o tsaya dikgato jaanong go ba thapisa, go ba ruta, le go ba sireletsa.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Kaelo e e tsepameng, puisano e e molemo, le kotlhao e e lorato di a tlhokafala mo go thapiseng bana ba gago