Go Aga Ka Dilo Tse Di Sa Sheng
“Bangwe ba tla dirisa gauda kana selefera kana majana a a tlhokegang go agela mo motheong; fa ba bangwe ba tla dirisa dikgong kana bojang kana dirite.”—1 BAKORINTHA 3:12, Today’s English Version.
1, 2. (a) Ke eng seo se ka hutsafatsang go feta go na le go bona ntlo ya gago e sha e sala e le molora? (b) Ke tshwabo efe e e tshwanang eo badihedi ba Bakeresete ka dinako tse dingwe ba e itemogelang?
ELERURI ke boemo jo bo hutsafatsang fa ntlo e ntle e sha e ba e sala e le molora. Mme segolo-bogolo abo go tla utlwisa botlhoko jang ne fa e le wena o e agileng! Go bona nako yotlhe ya gago le maiteko a rora e ka nna selo se se hutsafatsang tota. Mme lefa go le jalo bohutsana jono ga se sepe fa bo bapisiwa le kutlo botlhoko eo e itemogelwang ke motsadi wa Mokeresete yo morwawe kana morwadie a tlogelang boammaaruri ka ntlha ya dilo tsa lefatshe. Ga go sepe se se ka hutsafatsang go feta go bona ngwana wa gago a senyega semoyeng jalo.
2 Maikutlo a a mo dipelong tsa batsadi bao a ka tshwana ka gongwe le tshwabo eo wena jaaka modihedi wa Mokeresete o kileng wa e itemogela. Ka gongwe o simolotse thuto ya Bibela le mongwe mme go tswa foo wa senya dikgwedi kana le eleng dingwaga go mo thusa go tla mo kitsong ya boammaaruri. Wa mmona a tla dipokanong le eleng go simolola go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo. Mme go tswa foo, ka bofefo fela, a koafala semoyeng mme a tsidifala, ka gongwe a boela le eleng kwa mekgweng e e maswe ya pele. Abo go swabisa jang ne!
3. Fa re lebane le maemo a a ntseng jalo, ke dipotso dife tse ka tlholego di tlhagang, nime dikarabo di ikaegile ka eng?
3 Ka maswabi, seno se diragala gangwe le gape. Ka jalo ke ga tlholego fela go botsa jaana: Goreng go diragala? A go nale sengwe seo re ka se dirang ka ga gone? Lemororo boemo jwa pelo ya motho e ka tswa e le lebaka, go ya bokgakaleng jo bo rileng dikarabo tsa dipotso tseo di ikaegile ka karabelo potsong e nngwe: Fa o ruta ba bangwe, a o agela mo motheong o o siameng ka dilo tse di sa sheng? Go tlhaloganya ga rona ka phepafalo gore seno se rayang le gore re ka dira jang ke sephiri mo go thuseng bao re ba rutang—diithuti tsa rona tsa Bibela le bana ba rona—go ema ka nitamo mo boammaaruring.
Ke Mang yo o Agang?
4. Mo go 1 Bakorintha 3:10, 11, Paulo o tshwantsha modihedi wa Mokeresete le eng, mme jang?
4 Go araba, re retologela go Bakorintha ba Ntlha kgaolo ya 8, koo Paulo o tshwantshang modihedi wa Mokeresete le moagi gone. Re bala jaana: “Ka thaea mothèō yaka moagi eo o botlhale, kaha tshegōhacoñ ea Modimo e ke e neilweñ; me eo moñwe o aga mo go ōna. Me a motho moñwe le moñwe a itisè kaha o agañ mo go ōna ka gōna. Gonne ga go motho opè eo o ka thaeañ mothèō o sele ha e se o o theilweñ, o e leñ Yesu Keresete.”—1 Bakorintha kgaolo 3 Ditemana 10, 11.
5. (a) Go ya ka mafoko, ke mofuta ofe wa tiro wa go aga o Paulo a o tlotlang? (b) Modihedi wa Mokeresete o ‘aga batho’ ka tlhaloganyo efe?
5 Paulo o bua ka tiro ya mofuta ofe fano ya go aga? Tota, elatlhoko mafoko ano: “Lo kagō ea Modimo.” “Lo . . . tempela ea Modimo.” (1 Bakorintha 3:9, 16) Ka jalo ke tiro ya go aga ya tshwantshetso, eo e kopanyeletsang “batho.” Ke gore, modihedi wa Mokeresete ‘o aga batho’ ka tlhaloganyo ya gore o leka go agela mo bathong ba ba kgatlhegelang botho jwa Bokeresete, a ba dira barutwa.—Mathaio 28:19, 20.
6, 7. (a) Mafoko a ga Paulo mo go 1 Bakorintha 3:9-15 a lebisitse mo boikarabelong jwa ga mang? (b) Lefa go le jalo, tiro ya go aga e e kopanetsweng e akarediwa jang? (c) Kakanyetso e nngwe ya mafoko a ga Paulo e tla re thusa go bona eng?
6 A seo se akantsha gore morutisi wa Mokeresete o na le boikarabelo a le esi kafa seithuti se tla golang ka gone? Nnya. Mo lekgetlong la pele re na le Modimo jaaka ‘modiri mmogo’ le rona. Lemororo mafoko a ga Paulo mo go 1 Bakorintha 3:9-15 a lebisitse mo boikarabelong jwa yo o agang, kana yo o rutang, tota ke tiro ya go aga e e kopanetsweng eo mo go yona go kopanyelediwang le seithuti. Re ka e tshwantsha le go thapisetsa lesole ntwa. Ba bangwe ba ka mo thapisa le go mo tlhomelela, mme fa a setse a dule a le mo ntweng lesole le tshwanetse la tlhabana, le dirise seo le se ithutileng. Botshelo jwa gagwe bo ikaegile ka yone! Ka mo go tshwanang, yo o rutang o leka go aga Mokeresete wa mmatota, yo o ka kgonang go ganana le dikgatelelo le dithaelo tsa tsamaiso eno. Lefa go le jalo, ka nako e e tshwanang, seithuti se na le boikarabelo; o tshwanetse a dirisa seo a se ithutileng mo botshelong jwa gagwe.—Mathaio 7:24-27; Bafilipi 2:12, 13.
7 Lefa go le jalo, lebaka e nna gore yo o rutang o na le boikarabelo jo bo boima. Jaaka re tswelela go akanyetsa mafoko a ga Paulo, re tla bona botlhokwa jwa go ruta Lefoko la Modimo ka botswerere e le gore go tle go agiwe mo go ba bangwe kanaanelo ya Rraarona wa selegodimo.
Thaya Motheo o o Siameng
8. Mo tirong eno ya go aga ya tshwantshetso, motheo ke eng?
8 Pele ga o ka emisa kago epe, o tshwanetse lwantlha wa thaya motheo. Ka jalo mo tirong ya go aga ya go dira barutwa, motheo ke eng? Paulo o a araba: “Gonne ga go motho opè eo o ka thaeañ mothèō o sele ha e se o o theilweñ, o e leñ Yesu Keresete.” (1 Bakorintha 3:11) Ee, motheo o o siameng o re ka agelang go one ke Jesu Keresete.—Bapisa Baefesia 2:20-22 le 1 Petere 2:4-6.
9. (a) Mo go ruteng ba bangwe, ke eng seo se akarelediwang mo go thaeng Keresete jaaka motheo? (b) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore diithuti tsa rona tsa Bibela di tlhaloganye boammaaruri jotlhe ka ga Jesu?
9 Re ka thaya Keresete jaaka motheo jang fa re ruta ba bangwe? Santlha re tshwanetse go ruta boammaaruri kaga Jesu le go thusa ba bangwe go agela matshelo a bone go dikologa boammaaruri joo. Seo se akareletsa go ba thusa go nna le tumelo mo go Jesu jaaka Mothusi wa rona le Ene yo Jehofa o baakanyetsang thekololo ka ene. (Mathaio 20:28; 1 Yohane 2:1, 2) Mme seo ga se sone sotlhe. Jesu Keresete ke tlhogo ya phuthego ya Bokeresete e e tlhophilweng. (Bakolosa 1:18) Gape ke Kgosi e e tshwanetseng ya lefatshe, mme mo boemong jo o tla tloga “a cwèlèla pele go henya” kwa Hara-Magedona. (Tshenolō 6:1, 2) Go phepafetse he gore, go thaya Keresete jaaka motheo go akareletsa go ruta boammaaruri jotlhe kaga gagwe, le go thusa ba bangwe go tlhaloganya seabe sa ga Jesu mo go direng ga boikaelelo jwa Modimo. Ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa? Fa e le gore diithuti tsa rona di tla baya tumelo mo go Jesu jaaka Kgosi e e busang ya Modimo ga ba kitla ba swabisiwa ke maemo a lefatshe le mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi motlhofo.—Isaia 28:16; 1 Petere 2:6-8.
10. (a) Go ya ka Baefesia 3:17-19, ke eng se sengwe se se akarelediwang mo go thaeng Keresete jaaka motheo? (b) Re dira jang gore Keresete a ‘age mo dipelong tsa rona’?
10 Lefa go ntse jalo, go na le mo gontsi mo go kopanyelediwang mo go thayeng Keresete jaaka motheo. Re tshwanetse ra nna le boikaelelo jo bo tshwanang le jwa moaposetoloi Paulo. Thapelo ya gagwe go Baefesia e ne e le gore “Keresete a agè mo dipeduñ tsa lona ka tumèlō; e tle e re ka lo namisicwe mecwe lo nitamè mo loratoñ, Lo bo lo nonohèlè go tlhaloganya le baitshepi botlhe yo e leñ boatlhamō le bolele, le bogodimo, le boteñ, Le go itse loratō loa ga Keresete lo lo hetañ kicō, gore lo tladiwè go ea go hitlha kwa botlaloñ yotlhe yoa Modimo.” (Baefesia 3:17-19) Elatlhoko gore ‘go nama metswe le go nitamisiwa mo motheong’ go kopanyeletsa go nna le Keresete ‘mo dipelong tsa rona.’ Seno se rayang? Tota, Keresete o ‘nna mo dipelong tsa rona’ fa re letlelela sekao sa gagwe le dithuto tsa gagwe go ama maikutlo le dipelo tsa rona.
11, 12. (a) Re ka thusa jang ba bangwe gore ba nne le Keresete a ‘agile mo dipelong tsa bone’? (b) Mo godimo ga go ithuta kaga Jesu, ke eng se sengwe gape se se akarelediwang?
11 Re ka thusa jang bao re ba rutang gore Keresete a ‘age mo dipelong tsa bone’? Go fetisetsa kitso ke ga botlhokwa-tlhokwa, ka go bo ba tshwanetse go ‘nonofela go tlhaloganya’ “yo e leñ boatlhamō, le bolele, le bogodimo, le boteñ” jwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, segolo-bogolo jaaka le amana le botshelo le dithuto tsa ga Jesu Keresete. Re batla diithuti tsa rona di bapala “mogopolō oa ga Keresete,” go mo itse ka botlalo jaaka motho yo o tshelang yo o nang le boikutlo. (1 Bakorintha 2:16) Seno se tla ama dipelo tsa bone.
12 Mme elatlhoko gore Paulo gape o re: “Le go itse [Segerika, gnonaiʹ, go itse “ka tlhamalalo, ka boitemogelo”] lorato loa ga Keresete lo lo hetañ kicō.” Re ka itse “loratō” lwa ga Keresete ka go ithuta seo Bibela e se re bolelelang kaga tsela ya botshelo jwa gagwe le tsela eo a neng a dirisana le ba bangwe ka yone. Lefa go ntse jalo, ke ka go etsa mofuta wa motho o desu a leng one moo re ka anaanelang maikutlo a gagwe ka sebele. Ka tsela eno, ka boitemogelo, re ka itse “loratō loa ga Keresete lo lo hetañ kicō.”
13, 14. (a) Re ka thusa diithuti tsa rona jang go etsa dinonofo tsa ga Jesu? (b) Ke ka ntlhayang fa go leka go tshwana le Keresete go ka thusa diithuti tsa rona go tlhagolela botsalano jo bo molemo le Jehofa? (c) Mo godimo ga motheo o o siameng, ke eng se sengwe se go tshwanetsweng ga lebisiwa tlhokomelo go sone?
13 Ka jalo mo go thaeng motheo, lebisa tlhokomelo mo dinonofong tsa ga Jesu—lorato lwa gagwe (Yohane 15:13, 14), bothitho le boikutlo (Mathaio 11:28-30), boikokobetso (Yohane 13:1-15) le kutlwelo-botlhoko (Mareko 6:30-34), go umaka di se kae. Kgothaletsa seithuti sa gago go etsa dinonofo tseno mo tseleng ya botshelo jwa gagwe. Seno se tla baakanyetsa ka motheo o o molemo oo go ka agelwang dinonofo tse dingwe tse di botlhokwa go one. Ka nako tse dingwe, fa o tlotla ditiragalo tsa Bibela kaga Jesu, o ka tlhoka go kgwa mowa mme o botse go re: ‘Ke nonofo efe eo o bonang Jesu a e supa? O ka bontsha nonofo eno jang ka botlalo mo botshelong jwa gago?’ Tlhalosa gore go etsa botho jwa ga Jesu go tla thusa seithuti sa Bibela go tlhagolela botsalano jo bo nonofileng, jo bo atamalaneng le Jehofa. Jang jalo? Ka gobo Jesu o ne a supa botho jwa ga Rraagwe ka botlalo mo eleng gore fa re leka go etsa Jesu tota rea bo re etsa Jehofa ka namana!—Yohane 14:9.
14 Go nna le motheo o o siameng go botlhokwa, a mme go lekane? Paulo o araba jaana: “Me a motho moñwe le moñwe a itisè kaha o agañ mo go ōna ka gōna.” Ee, gotweng ka dilo tse re di dirisang mo go emiseng ka dinao moago o o tla emang mo godimo ga motheo?
Dilo Tse Di Sa Sheng
15, 16. (a) Mo go 1 Bakorintha 3:12, ke pharologanyo efe eo go bonalang Paulo a e tlhagisa? (b) Ka go dirisa setshwantsho sa ga Paulo, ke potso efe e e bodiwang?
15 Seno se re tlisa mo temaneng ya 12 ya 1 Bakorintha kgaolo 3 koo Paulo a tlotlang ka dilo tse di farologaneng tsa go aga gone: “Me ha moñwe leha e le mañ a aga mo motheoñ o ka gouda, le selefera, le mayè a a tlhokègañ le logoñ, le boyañ, le diritè.” Tseo ke mefuta e e farologaneng ya dilo! A Paulo o akantsha gore re age ka bobotlana nngwe le nngwe ya tsone mo diithuting tsa rona? Go bonala go se jalo. Elatlhoko kafa dithanolo tse dingwe di e bayang ka gone: “Bangwe ba tla agela mo motheong wa gouda kana selefera kana majana a a tlhokegang; fa ba bangwe ba tla dirisa logong kana bojang kana letlhaka.” (TEV) “Mo motheong ono o ka aga ka gouda, selefera le majana a mantle, kana logong, bojang kana lotlhaka.” (The Jerusalem Bible) Ka jalo go bonala fa Paulo a farologanya mefuta e mebedi ya dikago. Mo letlhakoreng le lengwe go na le, jaaka go ka twe, ntlo e ntle ya segosi e e kgabisitsweng ka gouda, selefera le majana a a tlhokegang. Go farologana le yone go na le ntlo e e agilweng ka maotwana kana ditlhomeso tse di tshegeditseng dipota tsa bojang jo bo omileng jo bo tlhakantsweng le seretse.
16 Fa go dirisiwa setshwantsho sa ga Paulo, he potso ke gore: Mo go ruteng ba bangwe, a o aga “matlo a segosi” kana “matlo a boyañ”? Lebaka la go bo basha le batla-bosheng bangwe ba wa e ka nna gore ga ba agiwa botlhe ka dilo tse di tshwanang. Pharologanyo ke efe? Boemo mo phuthegong ya bogologolo ya Korintha bo bontsha pharologanyo gareng ga kago ya dilo tse di sa sheng le tse di shang.
17, 18. (a) Ke bothata bofe jo bo masisi jo bo neng jwa nna gone mo phuthegong ya bogologolo ya Korintha, mme Paulo o ne a tlhamalatsa dikgang jang? (b) Ka jalo sephiri ke sefe mo go lemogeng gore a re aga ka “gouda” kana “boyañ”?
17 Paulo o ne a dira karolo ya gagwe mo go thaeng motheo o o tshwanetseng, mme go bonala bangwe mo Korintha ba ne ba agela mo godimo ga ona ka ‘logong, bojang le dirite’—dilo tse di sa nonofang tse di emelang dilo tse di sa nonofelang go ema. (1 Bakorintha 3:12) Ka gone, Paulo o ne a tshwanelwa gore a kwalele bakaulengwe koo: “Go na le dikgañ mo go lona. Ke bua yana, ka re, moñwe le moñwe oa lona o tla a re, Nna ke oo ra Paulo; le nna ke oo ra Apolose; le nna ke oo ra Kefase; me nna ke oo ra Keresete. A Keresete o kgaoganye?” (1 Bakorintha 1:11-13) Ka jalo maloko a phuthego a ne a kgaogane ka makokonyana. Mme ka ntlhayang? Ka gobo ba ne ba tsaya banna ba ba rileng ba le botlhokwa thata. Paulo o ne a ba tlhamalatsa, a tlhalosa ka go re: “Me hoñ Apolose e be e le mañ? le Paulo ke mañ? Ke badihedi hèla ba lo dumetseñ ka bōnè; . . . Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa.”—1 Bakorintha 3:5-7.
18 Ka bokhutshwane, bothata e ne e le jono: Ka gobo ba ne ba latela banna e le ba ba botlhokwa, maloko mangwe a phuthego mo Korintha a ne a sena botsalano jo bo atamelaneng le Jehofa. Leno ke lebaka la konokono mo go lemogeng gore a re aga ka “gouda” kana “boyañ,” re aga “matlo a segosi” kana “matlo a boyañ,” jaaka re ka bua.
19. (a) Yo o rutang ka go sa itlhokomele a ka gogela tlhokomelo e kgolo go ene kana mo mothong yo mongwe jang? (b) Fa e le gore re batla go aga ka ‘gouda, selefera le majana a a tlhokegang,’ re tshwanetse go leka go dirang?
19 Go na le thuto e e mosola go e ithuta go tswa go seno. Bangwe ba ka nna ba re, ‘Mme ga ke rute ba bangwe gore ba latele motho ope.’ Lefa go ntse jalo, seno se ka diragala ga motlhofo lemororo re sa ikaelela gore go nne jalo. Ka sekai, fa seithuti se tsosa dipotso, gangwe le gape re re, ‘Mokaulengwe (kana, Kgaitsadi) Mokete a re, . . . ,’ a re ka tswa ka go sa ikaelela ra bo re kaela tlhokomelo e ntsi mo monneng kana mosading yo o sa itekanelang? Kana fa dipotso di botswa, re bo re re, ‘Tota, ga ke tlhomamisege, mme ke ne nka re,’ a re ka tswa ka go se eletlhoko re bo re gogela tlhokomelo e kgolo go rona? Gakologelwa, go motlhofo ka seithuti go tlhagolela pono e e tlotlomaditsweng ya morutisi. (Bapisa Ditihō 10:25, 26 le Tshenolō 19:10.) Fa re batla go aga “matlo a segosi,” re tlhoka go nna kelotlhoko kgatlhanong le go aga balatedi ba batho. Mo boemong jwa seo, re tshwanetse go thusa diithuti tsa rona go tlhagolela botsalano jo bo atamalaneng le Jehofa. Ka ntlha ya sone seo re tshwanetse go aga ka ‘gouda, selefera le majana a a tlhokegang.’ Tseno di emelang?
20. ‘Gouda, selefera le majana a a tlhokegang’ a emela eng? (Diane 3:13-15)
20 Papiso ya dikwalo tse di jaaka Pesalema 19:7-11, Diane 2:1-6 le 1 Petere 1:6, 7 di bontsha gore gouda, selefera le majana a a tlhokegang ka dinako tse dingwe a dirisiwa ka tshwantshetso go emela dinonofo, tse di jaaka tumelo e e nonofileng, botlhale jwa bomodimo, temogo ya semoya, boikanngo, kanaanelo e e lorato ka Jehofa le melao ya gagwe. Dinonofo tse di ntseng jalo di tlhokafala thata mo goreng mongwe a nne le botsalano jo bo nonofileng jo bo atamalaneng le Jehofa Modimo. Dinonofo tseno di bopa botho jo bo agegileng jo re tshwanetseng go batla go bo aga mo go bao re ba rutang. A o aga ka tsela eno?
A Ba Tla Emelana le “Molelō”
21. (a) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa mo go kalo gore re agelele dinonofo tse di nnetseng ruri mo go bao re ba rutang? (b) “Molelō” o emela eng?
21 Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa mo go kalo go thusa go aga dinonofo tse di ntseng jalo tse di nnetseng ruri mo go bao re ba rutang? Moaposetoloi Paulo o tswelela ka gore: “Tiho ea moñwe le moñwe e tla bōnadiwa: gonne letsatsi le tla e bolèla, ka e senolwa ke molelō; me molelō ka osi o tla leka tihō ea moñwe le moñwe kaha e nntseñ ka gōna.” (1 Bakorintha 3:13) Ka jalo “molelō” o tla “leka” gore re aga ka tsela e e ntseng jang tota-tota. “Molelō” fano o emelang? A ke pogiso ya mmele e e mahehe? Go bonala go se jalo. Elatlhoko gore “tihō ea moñwe le moñwe” e tla bonadiwa “ka molelō.” Ga se Bakeresete botlhe ba ba amogelang pogiso e e mahehe. Ka jalo “molelō” o emela dikgatelelo kana dithaelo dife fela tseo di ka senyang bomoya jwa mongwe.
22. Dingwe tsa diteko tse di boifisang tseo ba bangwe ba ka di itemogelang ke dife?
22 Mo go ba bangwe “molelō” o ka tla ka sebopego sa kgang ya boitlhaodi. Ka sekai, bangwe ba ka gatelelwa go tlhakanela mo ditirong tsa bopolotiki kana go lebana le kgolegelo. (Yohane 15:19) Ka dinako tse dingwe “molelō” o ka nna bolalome thata. Ka gongwe ke thaelo ya go lebelela dibaesekopo kana dithulaganyo tsa TV tseo di supang go tlhakanelo dikobo le thubakanyo. Go basha ba Bakeresete “molelō” o ka tla ka sebopego sa go gatelelwa go tlhakanela mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong, ditaletso tsa go tsaya diokobatsi kana go gatelelwa go nna le seabe mo boitloso-bodutung jo bo senyang maitsholo jwa lefatshe. Keletso ya tlholego ya go amogelwa ke ba bangwe e ka tlisa kgatelelo e tona mo basheng ba Bakeresete go ineela.—1 Yohane 2:16.
23. (a) Malebana le go thulana le diteko tse di ntseng jalo, ke dipotso dife tseo di tsosiwang, mme dikarabo tsa tsone di ikaegile ka eng? (b) Ke eng se se tla tlotliwang mo setlhogong se se latelang?
23 Bakeresete ba bantsi ba boammaaruri ba ile ba atlega go emelana le diteko tse di boifisang tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, ka maswabi, ba bangwe ga baa kgona. Ka jalo, re tlhoka go ipotsa: Fa bao re ileng ra ba ruta ba lebana le “molelō,” ba tla dira jang? A ba tla tshwana le ntlo ya segosi e ntle e e kgabisitsweng ka gouda, selefera le majana a a tlhokegang a a emelanang le molelo, mme ba eme ba nitame? Kana ba tla tshwana le ntlo e e agilweng ka ditlhomeso, bojang le dirite, mme e bo e sha? Tota, mo gontsi go ikaegile ka seithuti ka bosone. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, mo gontsi-ntsi gape go ntse go ikaegile ka rona jaaka barutisi—le kafa rona ka borona re ileng ra aga ka teng. Ka jalo potso eno e santse e setse: O agelela jang dinonofo tse di ntseng jalo tse di nnetseng ruri mo go bao o ba rutang? Seno se tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.
A o ka tlhalosa:
◻ Kafa tiro ya go aga e e kopanetsweng e kopanyelediwang ka teng mo go ruteng ba bangwe?
◻ Kafa o thayang Keresete jaaka “motheo” ka gone?
◻ Seo se ka ithutiwang ka seo se diragaletseng phuthego ya Korintha wa bogologolo?
◻ Gore “molelō” ke eng, le gore seno se otlelela jang botlhokwa jwa go aga ka dinonofo tse di nnelang ruri mo go ba bangwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Fa o ruta ba bangwe, a o aga ka dilo tse di sa sheng kana tse di shang?