LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/15 ts. 13-18
  • Go Utlwana Le Mmopi wa Thulaganyo ya Lobopo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwana Le Mmopi wa Thulaganyo ya Lobopo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tirelo e e Kutlwano
  • Nna o Sireletsegile o le Karolo ya Mokgatlho wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Lelapa la ga Jehofa Le na Le Kutlwano e e Tlhokegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • O TLHOPHA PHUTHEGO EFE—YA GA JEHOFA KANA YA GA SATANE?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Dipotso tse di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/15 ts. 13-18

Go Utlwana Le Mmopi wa Thulaganyo ya Lobopo

“Bōnañ, go molemō yañ go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.”​—PESALEMA 113:1.

1, 2. (a) Ke selo sefe se se tshwenyang seo se neng sa iponatsa dingwaga tse 6 000 tse di fetileng? (b) Bibela e bitsa mokgelogi yono eng, mme o ne a leka jang go itira jaaka Mogodimodimo?

MMOPI wa thulaganyo ya lobopo lotlhe o eletsa go e boloka e le phepa e siame, ebile e kitlane. Mme ka bofefonyana fela morago ga tshimologo ya go nna gone ga motho dingwaga tse di ka nnang 6 000 tse di fetileng, kgang nngwe e e tshwenyang e ne ya tlhagelela mo seemong sa lobopo. Seno se ne sa diragala fa moganetsi yo o fetang motho a ne a ithuhula mo thulaganyong ya Mmopi mme a ipopela thulaganyo ya gagwe e e ikemetseng ka nosi.

2 Ka go bo mokgelogi yono a ne a ganetsa Mmopi wa gagwe, Bibela e mmitsa Satane, mo go rayang “Moganetsi.” Ke moganetsi yo mogolo wa ga Jehofa, Molaodi yo o tshwanelang wa lobopo. (Yobe 1:6, 7) Ka go nna mafega go batla go tshwana le Mogodimodimo mo go nneng le thulaganyo ya gagwe, Moganetsi o ne a ka seke a thibelwe ke sepe mo go lekeng go dira jaaka morulaganyi le modimo o o ganetsang. Ka gone Satane o ne a itira wa maratwa-go-lejwa tota. Boikutlo jwa ga Satane bo ne jwa bonala mo bobusing le mo seemong sa selefatshe se se tsabakelang se se neng sa tsewa ke “kgosi ea Babelona,” yo o neng a neelwa ka tshwanelo mareo “naledi ea masa” le “Lusifa.” (Isaia 14:4, 12-14; King James Version; An American Translation) Nako kgolo ke eno, mme e le ka tumelelo ya ga Jehofa fela, Satane ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.”​—2 Bakorintha 4:4, NW.

3. (a) Moganetsi o ne a tlhasela karolo efe lwantlha ya thulaganyo ya ga Jehofa? (b) Ke ditiragalo dife tse di neng tsa nna gone ka go nna ga ga Diabolo mmusi wa badimona?

3 Go bonala e le gore gore a tle a koafatse thulaganyo ya ga Jehofa, Satane lantlha o ne a tlhasela karolo ya yone e e kwa tlase, ebong Adame, tlhogo e e tlhomilweng ya lelapa la setho. (Genesise 3:1-24; Pesalema 8:3-5; Baroma 5:12) Moragonyana, baengele ba bantsi ka botlhoka kutlo ba ne ba tlhanogela ‘boemo jwa bone jwa pele,’ kana jo eleng bonno jwa bone tota mo legodimong, mme ba ikapesa ka nama gore ba tle ba nyale le go nna mmogo le basadi ba maratwa go lejwa, lemororo ba sa itekanela. (Yude 6) Bana ba bone ba ba tswakaneng, bao ba neng ba boitshega mo mmeleng le ka nonofo, ba ne ba bidiwa Banifilimo. Lereo leno, go dumelwa le raya “merole ea meroba,” le ne le tshwanela ereka go ne go bonala ba diga batho motlhofo fela ka boikepo.​—Ka nako ya Morwalela, baengele ba ba sa utlweng ba ne ba ikapola nama mme ba boela mo sebakeng sa moya. (Genesise 6:1-7:23) Ka go ikogola ka bobone mo thulaganyong ya ga Jehofa, ba ne ba itira badimona ka bobone, Satane Diabolo a nna mmusi wa bone.​—Duteronome 32:17; Pesalema 106:37 Mathaio 12:24; Luke 11:15-19.

4. Bafalodi ba Morwalela ba ne ba dira eng, mme Satane o ne a itlhoma go dira eng, mme ka boitlhomo bofe?

4 Ka tsela eo, Satane o ne a itlhomela karolo ya semoya ya thulaganyo ya gagwe e e sa bonaleng, e e fetang motho ka nonofo. Bafalodi ba Morwalela, Noa le lelapa la gagwe, ba ne ba sala ba ntse ba utlwana le thulaganyo ya selegodimo e e sa bonaleng ya ga Jehofa. (Genesise 6:9; 8:18-21) Mme Satane o ne a ikaeletse go roba kutlwano ya ditlogolwana tse di ikanyegang tsa ga Noa. Boikaelelo jwa ga Diabolo e ne e le eng? Aitsane, e ne e le go tlisa karolo e e bonalang ya thulaganyo ya gagwe e e boikepo!

5. The Watch Tower ya May 1, 1921, e ne ya akantsha jang gore Satane o na le thulaganyo?

5 Go ne ga tsaya lobakanyana ka Diithuti tsa Merafe-rafe tsa Bibela go lemoga gore Satane o na le thulaganyo. Mme The Watch Tower ya May 1, 1921, e ne ya re: “A sa kgotsofalela seo a neng a setse a se dirile, Satane o ne a hepisetsa masomosomo ano a selegodimo mme a ba dira gore ba leswefatse batho le go tlatsa lefatshe ka thubakanyo O ne a rulaganyetsa tsamaiso e e sa bonaleng mo matlhong a motho, gammogo le tsamaiso ya mo lefatsheng e e neng e bonala mo matlhong a batho, mme a ikaelela go ferekanya karolo nngwe le nngwe e e senotsweng ya thulaganyo ya Modimo.”

6. The Watch Tower ya December 1, 1922, e ne ya reng kaga boikaelelo jwa ga Satane?

6 “Boikaelelo jwa ga Satane” e ne e le setlhogwana seo go sone The Watch Tower ya December 1, 1922, ka phepafalo e neng ya re: “Re mo motlheng o o bosula jaanong. Ntwa e tsweletse magareng ga thulaganyo ya ga Satane le thulaganyo ya Modimo. Ke ntwa e e matlho mahibidu. Satane o leka go senya boitsholo jwa thulaganyo ya Morena, mme, fa go ka kgonega, go senya maloko a ntlo ya barwa ba gagwe. Ka gone o leka maretshwa ape fela a a ka kgonegang.”

7, 8. (a) Seno se ne se le thuso jang mo go lemogeng dithulaganyo tse pedi tse di tlhoaneng? (b) Go The Watch Tower ya March 1, 1925, ke eng seo se ileng sa bontshiwa se le kgatlhanong le “ñwana oa mosimane” wa tshwantshetso?

7 Go lemoga dithulaganyo tse pedi tse di tlhoanyeng go ne ga thusa go phepafatsa dithuto tse dintsi le dipolelelo pele tsa Bibela. Ka sekai, Tshenolō 12 e ne e sa tlhaloganngwe sentle go fitlhela setlhogo sa “Birth of the Nation” se tlhaga go The Watch Tower ya March 1, 1925; Lokwalo lwa yone lwa setlhogo (Tshenolō 12:5), lo balega ka go re: “Me a bèlèga ñwana, ñwana oa mosimane, eo e leñ èna o tla busañ dichaba cotlhe ka tsamma ea tshipi: me ñwana oa gagwè a phamolwa a isiwa kwa Modimoñ, le kwa setuloñ sa ōna sa bogosi.”

8 Mo ditsebeng 67 le 68 setlhogo seno se ne sa tlhalosa go re:

“Ke karolo efe e e ileng ya tlhomologa ya thulaganyo ya bomodimo ka nako ya metlha? . . . Go tlhongwa ga bogosi joo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela. Seo se raya botsalo jwa morafe o mosha, o o tla busang le go segofatsa malapa otlhe a lefatshe. . . . Ke maatla afe ao a ganetsang ao a ileng a nna a boloka batho ba le mo botlhoka kitsong jwa morafe ono o mosha o o galalelang le masegong ao o tla a tlisang? . . . Satane diabolo, le thulaganyo ya gagwe. . . . Ntwa ya mmatota ke Modimo kgatlhanong le diabolo, bogosi jwa tshiamo bo tlosa bogosi jwa boikepo le lefifi, le go tlhoma bogosi jwa boammaaruri mo boemong jwa seo . . . Morago ga 1918 thulaganyo ya ga diabolo, ya tsa madi, ya sepolotiki le ya sedumedi segolo-bogolo ya moragonyana, e ne ya ikgaoganya mpaananeng le Morena le bogosi jwa gagwe; mme go tswa foo bogale jwa Modimo kgatlhanong le merafe bo ne jwa tuka. Go tloga nakong eo go ya pele ntwa e ile ya tswelela mo lefatsheng. Pele ga moo ntwa e ne ya lowa kwa legodimong.”

9. Ka 1925, go ne ga tlhalosiwa “mosadi” wa Tshenolō kgaolo 12 e le eng?

9 Mme ka gone he ga akanngwa ka phoso gore Isaia 66:7 le Tshenolō 12:5 di ne tsa bolelela pele ka botsalo jwa “ñwana oa mosimane” yo o tshwanang. Ka jalo Watch Tower e e tsopotsweng fa godimo gape e ne ya re:

“‘Mosadi’ go bonala ka papamalo a tshwantshetsa karolo ya Siona, thulaganyo ya Modimo, eo e tsalang goromente yo mosha kana morafe o o tla busang merafe le batho ba lefatshe ka tsamma ya tshipi le ka tshiamo. . . . (Bagalatia 4:26) Ka mantswe a mangwe Siona kana Jerusalema, eleng thulaganyo ya Modimo, ke mmaetsho yo o tsalang morafe o mosha, kana barongwa ba ba laolang. Batlodiwa mo lefatsheng ke karolo ya ‘mosadi’, mme ka boammaaruri ba emela ene. Mosadi ‘yo o apereng letsatsi’ o raya Siona kwa legodimong le ba ba amogelwang mo lefatsheng ba thulaganyo ya Modimo ka nako ya fa Morena a tla mo tempeleng ya gagwe. . . . Jaanong mo tempeleng ya gagwe e e kopanyeletsang setlhopha sa ba tempele kana a ba nonotsha ka moitlamo wa gagwe wa tshiamo, thulaganyo ya gagwe e e tsalang morafe o mosha, kana Siona o o tlhomilweng, e phatsima jaaka letsatsi.”

10. Go ne ga diragalang ka karolo ya thulaganyo ya semoya ya ga Satane, mme jaanong ke ntwa efe eo e tsweletseng?

10 “Kgōgèla,” eo jaanong e tlhaloganngwang e le Satane Diabolo ka boene, e ne ya palelwa ke go kometsa “ñwana oa mosimane,” Bogosi jwa Bomesia jo bo tsetsweng kwa magodimong kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. (Luke 21:24) Ka nako ya ntwa e e neng ya latela mo legodimong, karolo ya semoya ya thulaganyo ya ga Satane e ne ya latlhelwa fatshe mo sebakeng sa lefatshe, mme le ka motlha e se kitla e tsena mo legodimong le go nna le tlhotlheletso e e kgaoganyang koo. Thulaganyo eo e e fokoleditsweng boemo jaanong e lelekisitse karolo e e bonalang ya thulaganyo ya lobopo ya ga Jehofa, e tlhabana ntwa e e sa feleng le “ba ba setseñ ba losika loa gagwè, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.”​—Tshenolō 12:17.

Tirelo e e Kutlwano

11. (a) Mafoko a ga Paulo kaga “Yerusalema o o kwa godimo” a ka dirisiwa go bomang gompieno? (b) Dafide o ne a reng kaga Jerusalema wa selefatshe, koo ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo e neng e tlhomilwe gone?

11 “Mosadi” wa tshwantshetso wa Modimo o tshwantshanngwa le motse o o ikgethetsweng wa Jerusalema, o ka poko o bidiwang Siona. Ka gone, mafoko a ga Paulo kaga “Yerusalema o o kwa godimo” yo o gololesegileng jaanong a ka dirisiwa go “ba ba setseñ ba losika loa gagwè” kgatlhanong le bao “kgōgèla,” Satane Diabolo, a tswelelang go ‘ba tlhasela.’ (Bagalatia 4:26) Jerusalema wa selefatshe o ne a agilwe tota ebile a kitlanye mmogo sentle mo metlheng ya ga Dafide, yo o neng a re: “Erile ba nthaea, ba re, A re eeñ kwa tluñ ea ga Yehofa, ka itumèla. Dinaō tsa rona di eme mo teñ ga dikgōrō tsa gago, wèna Yerusalema; Yerusalema, u agilwe yaka motse o o kitlanyeñ; Kwa dicō di tlhatlogèlañ gōna, eboñ dicō tsa ga Yehofa, go nna chupō mo go Iseraela, go ntshetsa leina ya ga Yehofa malebogō.”​—Pesalema 122:1-4.

12. (a) Mafoko a ga Pesalema 122:1-4 a dira go kutlwano efe gompieno? (b) Jerusalema le motlaagana o o boitshepo koo di ne di na le bokao bofe mo kutlwanong ya ditso tsa Iseraele?

12 A tshwantshetso e e lorato ya kutlwano ya thulaganyo ya lobopo ya ga Jehofa! Kutlwano eo e ne ya bonala segolo-bogolo kwa meletlong ya bomorafe, fa ditso tse 12 tsa lseraele di ne di kopana mmogo mo kobamelong ya ga Jehofa kwa motlaaganeng o o boitshepo mo Jerusalema. Mme ka puso ya kgosi ya modisa wa bone Dafide, ditso di ne tsa sala di utlwana eseng fela ka ntlha ya dipofagano tsa senama mme segolo-bogolo ka go bo ba ne ba rulaganyeditse kobamelo ya Modimo wa bone. Ee, Jerusalema o ne a amogelwa ka bomodimo jaaka lefelo la kobamelo e e kutlwano, e e rulagantsweng sentle tlase ga boperesiti bo le bongwe jo bo tserweng mo lotsong lwa Lefi le lelapa la moperesiti yo mogolo wa ntlha wa Iseraele, eleng Arone, mogoloa moperofeti Moshe. Gapegape, ditso tsotlhe tse 12 di ne di le mo kgolaganong e le nngwe ya Molao o o neng o ba kgaogantse le merafe yotlhe e e obamelang badimona.

13. Dafide o ne a reng kaga kutlwano eo e neng e ipelelwa ke Baiseraele ba bogologolo?

13 Abo mabaka ano otlhe e ne e le dilo tse di kitlanyang jang ne! Di ne tsa boloka batho ba Modimo ba le kutlwano jaaka thulaganyo e le nngwe fela ya tšhaba pabalesegong le tshegofatsong ya bone. Dafide o ne a e baya ka tsela e: “Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla. Go chwana yaka lookwane lo lo tlhōkègañ lo le mo tlhogoñ, loa rèpèlèlèla le kwa diteduñ, eboñ ditedu tsa ga Arone; loa ba loa hologèla le kwa dipeelediñ tsa diaparō tsa gagwè; Go chwana yaka monyō oa Heremona, o o hologèlañ mo dithabeñ tsa Siona: gonne Yehofa o laoletse tshegōhacō gōna, eboñ botshelō ka bosakhutleñ.”​—Pesalema 133:1-3.

14. (a) Kutlwano ya setšhaba ya lseraele e boelediwa ke bomang gompieno? (b) Baiserale ba semoya ba tshwantshediwa ba eme kae, mme ke “sehela” sefe seo ba se opelang ka kutlwano?

14 Kutlwano ya bosetšhaba eo e neng e tlhotlheletsa dipolelo tse di ntseng jalo tsa pelo e a boelediwa gompieno. Ke bomang? Ke “Iseraela oa Modimo,” Baiseraele ba semoya ba bommè jo bongwe jo Paulo a neng a gakologelwa fa a ne a re: “Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.” (Bagalatia 6:16; 4:26) Ga a tsenye bana ba gagwe ba ba tsetsweng kafa moyeng mo bokgobeng jwa kgolagano ya Molao. Lemororo “Iseraela oa Modimo” a tshwantshediwa jaaka yo o bopilweng ka ditso tse 12, maloko otlhe a a 144 000 ka gone a kanelwa ka “sekanō sa Modimo o o tshedileñ” se se tshwanang, mme botlhe ba tshwantshediwa jaaka ba ba emeng mo “Thabeñ ea Sione” ya selegodimo e le nngwe. (Tshenolō 7:1-8; 14:1-4) Abo ba bopa namane e tona ya setlhopha se se opelang jaaka ba opela ka kutlwano “sehela sa ga Moshe motlhanka oa Modimo, le sehela sa ga Kwana,” ebong Jesu Keresete! (Tshenolō 15:3, 4; Yohane 1:29, 36) “Sehela” seo se kgatlha Modimo mme se bolela phenyo!

15. (a) Ba ba 144 000 ba rulaganyeditswe eng kwantle ga go opela? (b) Lefoko la tota la “thulaganyo” le tshwaya kutlwano jang?

15 Ba ba 144 000 le Moopedisi wa bone, “Kwana,” ba rulaganyeditswe mo go fetang fela gore magodimo a tlerebetse ka go opela ga bone. Ya bone ke thulaganyo ya segosi eo e tla busang ka dingwaga tse di sekete tlotlomatsong ya bolaodi jwa lobopo jwa ga Jehofa le tshegofatsong ya setho sotlhe se se arabelang. (Tshenolō 20:4-6) Lefoko “thulaganyo,” le le fapaaneng le “tlhakatlhanyo” le kaela thulaganyo ya dilo ka karolo nngwe le nngwe e bewa mo lefelong le eleng la yone le le tshwanetseng le go neela kabelo ya yone e e tshwanetseng ya tiro e le gore botlhe ba tle ba kgone go dira mmogo go tlisa matswela a a tshwanang. Ka gone, thulaganyo e direla kutlwano, tshwaragano, thulaganyo e e molemo, le tumalano​—eseng kgotlhang.

16. Go ya ka Baefesia 4:8, 11-16, ke mokgele ofe o o neng wa tlhomiwa makgolo a dingwaga a a fetang 19 a a fetileng, mme ke eng seo se ileng sa fitlhelelwa mo Basuping ba ga Jehofa?

16 Mokgele wa kutlwano ya Bokeresete o ne wa tlhomiwa makgolo a dingwaga a a fetang 19 a a fetileng, fa ‘dimpho mo bathong’ di ne di neelwa ka sebopego sa baaposetoloi, baefangedi, badisa le barutisi. Fa makasine wa Watch Tower o ne o simololwa go gatisiwa ka 1879, Modimo gape o ne wa neela ‘badisa le barutisi’ ba semoya. Paakanyetso eno e tlisitse Basupi ba ga Jehofa “mo boñweheleñ yoa tumèlō, le yoa kicō ea Morwa Modimo” ya jaanong. (Baefesia 4:8, 11-16) Abo re leboga Jehofa jang ne ka seo a se re diretseng morago ga makgolo otlhe a dingwaga a tlhakatlhakano le ketsaetsego ya lefatshe ka bophara ya bodumedi!

17. Re itse jang gore Modimo o ne a gopotse se se fetang kutlwano ya Bakeresete ba ba tloditsweng, mme Jesu o ne a bolelela pele eng malebana le seno?

17 Ka phepafalo, Modimo o ne a gopotse ka se se fetang kutlwano ya Bakeresete ba ba tloditsweng fela, ka go bo o ikaeletse “go hitlhisa sebaka sa botlalō yoa metlha mo go èna, [tsamaiso] go tla o sopanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete, eboñ dilō tse di kwa magodimoñ, le dilō tse di mo lehatsheñ.” (Baefesia 1:9, 10) Malebana le seno, Jesu o ne a bolelela pele ka gore: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.”​—Yohane 10:16.

18. (a) Ke bomang bao ba leng gare ga “dilō tse di mo lehatshiñ” bao ba tshwanetseng go phuthiwa mmogo? (b) Ka 1935, tlhokomelo e e kgethegileng e ne ya neelwa Jang “dinku di sele”?

18 “Dinku di sele” tseno di mo gare ga “dilō tse di mo lehatshiñ” tseo di tshwanetsweng go phuthiwa mmogo. Ka jalo, tlase ga tlhotlheletso ya moya wa Modimo, dingwaga tse 21 morago ga Jesu Keresete a sena go simolola go busa ka 1914, tlhokomelo e e kgethegileng e ne ya simolola go neelwa “dinku di sele.” Ka nako ya kopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., ka 1935, mookamedi wa Watch Tower Society o ne a tlhalosa gore “bontsi jo bogolo” e ne e le “dinku di sele” tseo e tla reng kgabagare di phuthiwe ke Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete. (Tshenolō 7:9-17, KJ) A Jesu o ne a phutha bape ba “dinku di sele” kwa kopanong eo e e sa lebalesegeng? Ee, batlakopanong ba le 840 ka nako eo ba ne ba itemoga jaaka bone bao ba phuthiwang ke Modisa yo o Molemo mme ba kolobediwa ka tshupo ya boineelo jwa bone go Jehofa Modimo.

19. (a) Go fitlha jaanong, “boidiidi jo bogolo” bo ne jwa nna bogolo jo bo kae? (b) Ka go kitlanya phuthego e e bonalang ya ga Jehofa, “boidiidi jo bogolo” bo ne jwa tla mo kutlwanong le bomang, mme boikemisetso jwa bone ke eng?

19 Seo se ne sa simolola fela go phutha “bontsi jo bogolo” jwa “dinku di sele,” bao ba setseng jaanong ba feta 2 800 000. Ka go ikitlanya le karolo ya phuthego e e bonalang ya ga Jehofa​—ke gore, masalela a “lecomanyane” mo ‘sakeng le’ la Modisa yo o Molemo—​ba ile ba tla mo kutlwanong le Mmopi yo Mogolo wa thulaganyo ya lobopo. Mme ba ititeile sehuba go boloka kutlwano eo go ralala botshelo jwa bone jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise le Modisa yo Mogolo, ebong Jehofa, a tla le ba baakanyetsang.​—Luke 12:32; 23:43.

20. Jaaka masalela a a tloditsweng le “boidiidi jo bogolo” ba akanyetsa seo Modisa yo Mogolo a se ba diretseng fa e sale 1914, ba tlhotlhelediwa go bolela mafoko afe?

20 Jaaka masalela a a tloditsweng le “bontsi jo bogolo” jo bo oketsegang bo akanyetsa sotlhe se Modisa yo Mogolo a se ba diretseng ka lobopo lotlhe fa e sale Metlha ya Baditšhaba e fela ka 1914, tebogo ya pelo e ba tlhotlheletsa go opela mmogo pesalema e kgolo ya go baka Jehofa: “Bakañ Yehofa, Lo bakeñ Modimo mo heloñ ga ōna ga boitshèpō: o bakeñ mo phuthologoñ ea thata ea ōna. O bakeleñ ditihō tsa ōna tsa bonatla o bakeñ kaha bogoluñ yoa ōna yo bo gaisañ. O bakeñ ka tumō ea lonaka: o bakeñ ka saletara le harepe. O bakeñ ka meropana le ka go bina: o bakeñ ka dileco tse di megala le ka ditlhaka. O bakeñ ka disemebala tse di tumō kgolo; o bakeñ ka disemebala tse di dumañ ka lencwe ye le kwa godimo. A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bakè Yehofa. Bakañ Yehofa.”​—Pesalema 150:1-6.

21. (a) “Dilō cotlhe hela tse di nañ le mōea” di tla baka Jehofa leng? (b) Maloko otlhe a phuthego ya lobopo ka nako eo he a tla dira le bomang mme ka boikaelelo bofe?

21 Ka bofefo “magodimo” le “lehatshe” tsa jaanong di tla nyerololwa ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ mme “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” tseo di saleng di lebeletswe di tla tlhomiwa ka tsepamo. (2 Petere 3:7-13; Tshenolō 16:14, 16) Go tswa foo, eleruri, “dilō cotlhe hela tse di nañ le mōea” tseo di falolelang mo lefatsheng leno le le phepafaditsweng di tla baka Jah, Mmopi yo Mogolo wa thulaganyo ya lobopo ya tshiamo. Maloko otlhe a thulaganyo e e mo legodimong le mo lefatsheng ka boipelo a tla baka Jehofa mme ka boikanyegi le ka lorato a tla dira le ene mo tlotlomatsong ya bosakhutleng ya bolaodi jwa gagwe jwa lobopo le go itshepisiweng ga leina la gagwe le le boitshegang segolo. Abo seno sotlhe se bolela kutlwano e kgolo jang ne!

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ditiragalo dife tse di neng tsa gogela mo goreng Satane e nne mmusi wa badimona?

◻ Go ne ga thusa jang go lemoga magareng ga diphuthego tse pedi tse dikgolo?

◻ Pesalema 122:1-4 e dira go kutlwano efe gompieno?

◻ Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Jehofa o ne a gopotse mo go fetang fela balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu?

◻ “Dilō cotlhe hela tse di nañ le mōea” di tla baka Jehofa Modimo leng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Batho ba ga Jehofa ka metlha ba ile ba nna mo kutlwanong mongwe go yo mongwe le Mmopi wa thulaganyo ya lobopo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela