LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/15 ts. 8-13
  • Go Dira Le Morulaganyi wa Lobopo Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Le Morulaganyi wa Lobopo Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipono tsa Pele tsa Thulaganyo
  • Jerusalema Yo o mo Bokgobeng
  • Jerusalema yo o Gololesegileng
  • Dira Le Morulaganyi yo Mogolo
  • Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Mosadi yo o Moopa o a Ipela
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • “Tiragalo ya Tshwantshetso” e e Leng Botlhokwa mo go Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/15 ts. 8-13

Go Dira Le Morulaganyi wa Lobopo Lotlhe

“Gonne re badihi mmōgō le Modimo: lona lo temō ea Modimo, lo kagō ea Modimo.”​—1 BAKORINTHA 3:9.

1. Ke polelwana efe e e neng ya buiwa dingwaga l tse di fetang 60 tse di fetileng e e neng ya kgatlha bautlwi ba yone, mme e ne ya nna le matswela afe mo Diithuting tsa Bibela tse di tlhaga tsa nako eo?

“THULAGANYO YA MODIMO.” Polelwana eo e ne ya dirisiwa ke leloko lengwe la bakwadi ba Watch Tower Society ka nako ya puisano ya letsatsi le letsatsi ya Bibela kwa ditafoleng tsa bone tsa bojelo tsa Bethele go feta dingwaga tse 60 tse di fetileng. Abo e ile ya kgatlhisa lelapa la ntlo-kgolo mo Brooklyn, mo New York jang ne! Polelwana eno ya mofuta wa yone, “thulaganyo ya Modimo,” e ne ya direla go kaela go akanya, puo, le mokwalo wa Diithuti tseo tsa Bibela ga mo isagweng. E ne ya atolosa pono ya bone ya semoya malebana le popo yotlhe le go tlhotlheletsa ka maatla a magolo boikutlo jwa bone malebana le Morulaganyi yo o gakgamatsang wa lobopo, ebong Jehofa Modimo.

2. Jaaka go supilwe ke tlhago ya lone ya Segerika, lefoko “organization” le ka tlhalosiwa jang?

2 Gompieno, seo se ka bonala se gakgamatsa, ereka lefoko “thulaganyo” le dirisiwa ka metlha mo Basuping ba ga Jehofa, bao ba ngomaelang tshiamelo ya bone ya go dira le Morulaganyi wa lobopo. (1 Bakorintha 3:5-9) Lefoko “organization” le ntshiwa mo lereong la Segerika orʹga·non. Mo gare ga dilo tse dingwe, le kaya sedirisiwa kana selwana seo tiro e fitlhelelwang ka sone. Le bonala makgetlo a le mmalwa go Septuagint Version mme le dirisiwa go lebisa go sedirisiwa sa mmino, jaaka harepa ya ga Dafide. Motswe wa lefoko leno ke erʹgon, leina le le rayang “tiro.” Ka jalo thulaganyo ke go rulaganngwa ga dilo go go diragadiwang ka sengwe seo se dirwang kana seo se berekwang ka tsela e e molemo-lemo e e ka kgonegang mme le ka tshenyegelo e potlana ya nako le maikatlapelo.

Dipono tsa Pele tsa Thulaganyo

3. Tokololo ya March 1883 ya makasine ono e ne e reng kaga “thulaganyo ya rona”?

3 Lefa go ntse jalo, dingwaga tse di fetileng, Diithuti tsa Bibela di ne di na le bothata jwa go dirisa lefoko “thulaganyo.” Ka sekai, mo tokololong ya Watch Tower ya March 1883, go ne ga bolelwa ka gore:

“Mme, lefa go ka se kgonagale ka motho wa nama fela go bona thulaganyo ya rona, ka go bo a ka se tlhaloganye dilo tsa Semoya tsa Modimo, re dumela gore o ka bona gore Kereke ya boammaaruri e rulagantswe tota ka matsetseleko, mme ke thulaganyo e e dirang ka botswerere jo bogolo. . . . Re na le tumelo e e nonofileng mo Molaoding wa rona; mme thulaganyo eno e e itekanetseng, eo e sa bonaleng mo lefatsheng e gwantela phenyo e e rileng le e e galalelang.”

4. Ke pono efe ya go rulaganya e e neng ya neelwa go tokololo ya makasine ono ya December 1, 1894?

4 Lefa go ntse jalo, tokololo ya Watch Tower ya December 1, 1894, e ne ya re:

“Mme jaaka tiro eo ya go rulaganya kereke ya Efangele e ntšha e ne e se karolo ya tiro ya thomo ya Sejuda sa bogologolo, ka jalo tiro ya jaanong ya thobo kana ya go kotula ya thomo ya Efangele le yone e farologane ebile e kgaogane le tiro ya thomo e ntšha ya Dingwaga tse di Sekete eo jaanong e atamelang . . . Go phepafetse gore go bopiwa ga thulaganyo e e bonalang ya bao ba phuthilweng go tla bo go sa tshwanele moya wa thulaganyo ya bomodimo; mme jaanong fa go ka dirwa go ka bonala go ka supa mo letlhakoreng la kereke keletso ya go dumalana le kgopolo eo jaanong e tlwaelegileng ya thulaganyo kana morero. (Bona Isa. 8:12) Tiro jaanong ga se ya thulaganyo, mme ya kgaogano, fela jaaka go ne go ntse ka thobo e e tshwanetseng ya Sejuda. (Math. 10:34-36) . . .

“Ka gone, lemororo, re sa tseele kwa godimo thulaganyo e e bonalang ya bao ba phuthilweng go nna karolo ya thulaganyo ya Morena mo tirong ya thobo, jaaka ekete re ne re solofetse thulaganyo go utlwana fano ka motlha o mongwe, re e tseela kwa godimo go bo e le thato ya gagwe gore bao ba ratang Morena ba tshwanetse ba buisana gangwe le gape ka ditsholofelo tsa bone le maipelo a bone a a tlwaelegileng, kana diteko le dikakabalo, ba buisane mmogo kaga dilo tse di rategang tsa Lefoko la gagwe.”

5. Malebana le thulaganyo, ke eng seo se neng sa buiwa ke buka ya The New Creation?

5 Ka jalo phuthego ya Bokeresete ka nako eo e ne e sa tsewe e le thulaganyo. E ne e akanngwa fela e le paakanyo ya phuthego, kana setlhopha. Ka sekai, Study V ya buka ya The New Creation, e e neng ya gatisiwa ka 1904, e ne e na le setlhogo “The Organization of the New Creation” mme e ne ya bula ka gore: “Jaaka Popo e Ntšha e se kitla e fitlhelela boitekanelo jwa yone kana phelelo ya yone go fitlhelela Tsogo ya Ntlha, ka jalo thulaganyo le yone e tla fela ka yone nako eo fela Moago wa tempele o supa seno jaaka jaanong re bidiwa maje a a tshelang, kana re lalediwa kwa mafelong a a galalelang mo tempeleng.”

6. Buka ya Thy Kingdom Come e ne ya kgetholola “mma echo” wa maloko a “popo e ntšha” jang?

6 Ka mo go kgatlhisang, buka ya Thy Kingdom Come, e e neng ya gatisiwa ka 1891, e ne ya re malebana le batlodiwa bao ba “popo e ntšha”: “Fa e le kaga Isaia 54:1-8, Moaposetoloi Paulo o ne a latlhela lesedi mo go yone mo botlhaleng jo bo fetang motho, mme a e dirisetsa go Siona wa semoya, mmaarona kana kgolagano, e tshwantshetsa Sara. Losika lwa selefatshe lwa ga Aberahame lo ile lwa latlhiwa mo go nneng moruaboswa wa tsholofetso, mme losika lwa boammaaruri ebong Keresete (yo o tshwantshediwang ke Isake le Rebeka), lo ile lwa amogelwa jaaka losika lo le losi fela lwa tsholofetso.​—Bagal. 4:22, 24, 26-31.”

7, 8. Monna wa “mma echo” wa phuthego ya Bokeresete ke mang, mme ke eng seo Isaia 54:1-8 e se buang malebana le seno?

7 Polelwana eno e ne e sa amane ka gope le 2ionist World Organization, e e neng ya thewa ke Theodor Herzl ka 1897. Lekgotla leo le ne le dirisana le Jerusalema yo o kwa tlase, mono mo lefatsheng, eseng “Jerusalema o o kwa godimo,” “mma echo” wa phuthego ya Bokeresete. (Bagalatia 4:26) Buka ya Thy Kingdom Come e ne ya seka ya tswelela go tlhalosa ntlha ya gore monna yo eleng wa gagwe wa “mma echo” wa phuthego ya Bokeresete ke Modimo, yo o neng a tshwantshediwa ke Aberahame. Jehofa o nyetse, eseng mo kgolaganong ya ga Aberahame kana mo kgolaganong e ntšha, mme eleng go “Jerusalema o o kwa godimo,” yo o tshwantshediwang ke mmaagwe Isake eleng Sara. Fela jaaka ene, jaaka “mma echo,” “Jerusalema o o kwa godimo,” o tshwanetse ya bo e le sengwe se se tshelang se se nang le botho.

8 Ke mang he, yo e leng “Jerusalema o o kwa godimo”? Go bona seno, a lantlha re akanyetseng Isaia 54:1-8, eo e balegang jaana bontlhanngwe:

“Ōpèla, wèna moopa, wèna eo u e señ u bone ñwana; pōnyèga ka sehela, u goè thata, wèna eo u e señ u nne mo pelegoñ: gonne go bantsi bana ba eo o lore, go heta ba mosadi eo o nyecweñ; go bua Yehofa. . . . Gonne Modihi oa gago ke èna monna oa gago: Yehofa oa mashomoshomo ke leina ya gagwè; le Moitshepi oa Iseraela ke èna Morekolodi oa gago: o tla bidiwa Modimo oa lehatshe yeotlhe. Gonne Yehofa o gu biditse yaka mosadi eo o tlhadilweñ a tlhokohetse mo moeñ, eboñ mosadi eo o moroba, ha a latlhilwe, go bua Modimo oa gago. Ke gu tlhadile ka lobakanyana hèla; me ke tla gu phutha ka mautlwèlō botlhoko a magolo. Ka gu shubèla sehatlhōgō sa me ka lobakanyana hèla ka kgalehō e e belologañ: me ke tla gu utlwèla botlhoko ka pelonomi e e sa khutleñ, go bua Yehofa Morekolodi oa gago.”

9. (a) Mo go Isaia 54:1-8; ke go mang kana Jehofa o ne a bua le mang ka kgomotso? (b) Go ya ka Bagalatia 4:25, 26, “mosadi wa tshwantshetso yo go lebisiwang go ene ka tshwantshetso ke mang?

9 Koo, mo lekgetlong la pele, Jehofa o ne a sa bue le kgolagano. O ne a bua le morafe, batho ba gagwe ba ba ikgethetsweng mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe le ene. Go tswa ponong ya Modimo, morafe oo o ne o bopa “mosadi” yo o neng a tshwana le mogatse go ene. Go ya ka lokwalo lwa ga moaposetoloi Paulo go Bagalatia, “mosadi” yoo wa tshwantshetso o ne a bapisetsa, mme ga a re ke kgolagano, kana tumalano. Kgolagano e ka se ke e gomodiwe, ya namediwa. Go na le moo, Paulo o bontsha “mosadi” yo o tshwantshetsang gore ke sengwe se se tshelang, jaaka “mma echo” jaaka “monna wa [gagwe],” ebong Jehofa, o a tshela fela jaaka Motho yo o nang le botlhale le kgono ya go gomotsa. Fa a bua kaga basadi ba ditso tsa bogologolo, moaposetoloi o kwadile ka go re: “Me yana Hagare eo [lelata le le neng la emela mongwagwe Sara mo go tsholeng Ishemaela le Aberahame], ke thaba ea Sinai mo lehatshiñ ya Arabia, me [Hagare] o mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno [fa Paulo a ne a le mo lefatsheng]. Gonne o mo kgolegoñ [mo kgolaganong ya Molao wa ga Moshe] le bana ba gagwè. Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.”​—Bagalatia 4:25, 26.

Jerusalema Yo o mo Bokgobeng

10, 11. (a) Ke tiragalo efe e e lemotshegang thata e e akareletsang Baiseraele e e neng ya diragala kwa Thabeng ya Sinai? (b) Malebana le kgolagano ya Molao, go ne ga diragalang ka 33 C.E.?

10 Hagare ga a tshwantshetse, kana go emela, kgolagano ya Molao wa ga Moshe. Lefa e le gone gore kgolagano ka Melao e e Some ya yone e emelwa ke Thaba ya Sinai, eo Hagare a tshwanelanang le yone. Tota, Modimo ga o ise o ke o dire kgolagano epe le Thaba ya Sinai. Mme e ne e le gone koo a neng a tlisa Baiseraela, bao a neng a ba golola mo bokgobeng jwa Egepeto, mo botsalanong jwa kgolagano le ene, mme a dirisana le bone jaaka morafe o o gololesegileng Seno se ne sa diragala makgolo a dingwaga morago ga fa Modimo a sena go dira kgolagano ya gagwe le Aberahame fela, a mo solofetsa losika lwa senna.

11 Fa Moshe, motsereganyi wa kgolagano ya Molao, a ne a fologa a tswa mo Thabeng ya Sinai, sefatlhego sa gagwe se ne se na le kgalalelo e e fetang ya motho ka bogolo jo bo neng jwa dira gore a e apole e le gore Baiseraele ba tle ba kgone go leba kwa go ene. (2 Bakorintha 3:12-16) Mme mo Thabeng ya Sinai, Moshe o ne a sa buisane ka tlhamalalo le Jehofa, ka go bo go ne go dirisiwa moengele gore Modimo a tsene mo kgolaganong le Baiseraele. (Ditihō 7:37, 38; Bahebera 2:2) Ka tsela eo tšhaba ya Iseraele e ne ya nna kafa tlase ga kgolagano ya molao. Lefa go ntse jalo, makgolo a dingwaga moragonyana, kgolagano eo e ne ya tlosiwa, ya kokotelwa mo thupeng ya tlhokofatso ya ga Jesu ka 33 C.E.​—Bakolosa 2:13, 14.

12. (a) Jerusalema wa selegodimo e ne e le ‘mmaagwe’ mang? (b) Jerusalema mo lefatsheng o ne a le tlase ga bokgoba bofe ka makgolo a dingwaga a a 19 a a fetileng, mme ke ka ntlhayang fa le ka motlha a ise a ke a gololesege?

12 Paulo o kwadile ka gore Thaba ya Sinai e ne e nyalana le Jerusalema yo o kwa tlase wa motlha wa gagwe. Tota, Jerusalema e ne e se kgolagano; e ne e le motse-mogolo o o tlotlegang o o neng o nniwa ke Bajuda. Jaaka motse-mogolo, o ne o emela morafe mme e le sesupo sa “mma echo” wa “bana,” ke gore, wa maloko otlhe a Sejuda, kana morafe wa Iseraela. (Mathaio 23:37) Tempele ya ga Jehofa e ne ya ema mo Jerusalema, Modimo oo Baiseraele ba neng ba le mo botsalanong jwakgolagano le ene. Mme batho ba Sejuda ka nako eo ba ne ba sena bogosi jo eleng jwa bone jo bo neng bo busiwa ke setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. Ka jalo, ba ne ba sa gololesega mme ba ne ba le mo bokgobeng tlase ga ditaolo tsa sepolotiki tsa Baditšhaba. Se se botlhokwa segolo-bogolo, ba ne ba le mo bokgobeng jwa sedumedi. E ne e le Mesia yo o solofeditsweng fela, ebong Jesu Keresete, yo o neng a ka ba golola mo go seo, gammogo le mo bokgobeng jwa boleo. Mme Jerusalema o ne a se ka a amogela Jesu jaaka Mesia le Kgosi mme le ka motlha ga a ise a ke a gololesege. Go na le moo, o ne a nyelela mo diatleng tsa Baroma ka 70 C.E, ka mahutsana go “bana” ba gagwe.

Jerusalema yo o Gololesegileng

13. Paulo o ne a reng kaga kgololesego ya Jerusalema, mme “bana” ba gagwe ba tshwanetse go ema ka tsepamo mo kgololesegong efe?

13 Paulo o ne a farologanya Jerusalema wa selefatshe yo o mo bokgobeng le “Yerusalema o o kwa godimo,” yo eleng “mogololesegi hèla.” Fa a ne a tsopola mo go Isaia 54:1-8, o ne a kwala ka go re:

“Me Yerusalema o o kwa godimo o eleñ mma echo, ke mogololesegi hèla. Gonne go kwadilwe, ga twe, Itumèlè, wèna moopa eo u sa belegeñ; ponyèga u thomeletsè, wèna eo u sa boneñ pèlègō: gonne bana ba eo o lore ba heta ba eo o nañ le monna ka bontsi, Me yana ba ga echo, rona re nntse yaka Isake a na a nntse, re bana ba polèlō ea choloheco. Me yaka mo motlheñ ole, eo o na a bonywe kaha nameñ a bogisa eo o na a bonywe kaha Moeeñ, go nntse hèla yalo le gompiyeno. Me lokwalō loa reñ? Loa re, Lèlèka lelata le ñwana oa yeōna: gonne ñwana oa lelata ga a ketla a tlhakanèla boshwa le ñwana oa mosadi eo e leñ ñwana oa motse. Ke gōna, ba ga echo, ga re bana ba lelata, me re ba mosadi eo e leñ ñwana oa motse. Keresete o re golotse ka kgololō: me ke gōna, tlhōmamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.”​—Bagalatia 4:26–5:1.

14. Ke ka ntlhayang fa botsalo jwa ga Isake ‘e ne e le kafa mokgweng wa semoya’?

14 Ka gone Bakeresete ba Bagalatia ba go buiwang le bone e ne e le “bana ba Modimo ka ntlha ya tsholofetso ya gagwe.” (Bagalatia 4:28, Today’s English Version) Fa a ne a tshwantshetsa seno, Isake o ne a tsalwa ke Aberahame wa dingwaga di le lekgolo le mogatse Sara wa dingwaga tse 90 mo tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jehofa go tlhogo ya lotso e e ikanyegang. Ee, botsalo jwa ga Isake go Aberahame e ne e le dikgakgamatso, tota ‘e seng kafa mokgweng wa nama.’ (Genesise 18:11-15) Ka jalo go ne go tshwanela gore e bo e le kafa ‘mokgweng wa moya.’ Ee, moya wa ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo, ammaaruri o ne wa tlhokafala go tsosolosa dinonofo tsa lotsalo tsa mosadi yo o gololesegileng, gammogo le tseo tsa ga Aberahame. (Baroma 4:19) Go kgatlhisa thata go bo “choloheco” ka bo yone e ne e sa tsofala fa Isake a ne a tsalwa ka 1918 B.C.E., ka go bo e ne e le dingwaga tse 25 fela morago ga go tsena ga ga Aberahame mo lefatsheng la tsholofetso la Kanana ka 1943 B.C.E., fa “choloheco” e ne e simolola.

15. “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a nna moopa ka lobaka lo lo kae, mme bana ba gagwe ba ne ba simolola go nna bantsi go simologa leng?

15 “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a ‘swafetse,’ jaaka go ne go ka twe a le moopa, ka lobaka loo fela Sara a neng a ntse ka lone. Tota, “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a le mo boemong joo go tloga ka 1943 B.C.E., fa tsholofetso go Aberahame e ne e simolola, go fitlhelela Jesu a ne a kolobediwa ka 29 C.E. E ne e le gone he Jesu a neng a tsalwa ka moya wa ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa, mme a neng a tlodiwa ka moya wa Gagwe go nna Keresete kana Motlodiwa, eleng Mesia. Mme “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a tla nna le ngwana yo o fetang a le mongwe wa semoya. Ka jalo ka Pentekosete ya 33 C.E., morago ga tsogo le tlhatlogelo ya ga Jesu kwa legodimong, barutwa ba ba ikanyegang ba le 120 ba ne ba tsalwa ka moya wa ga Aberahame yo Mogolwane. Ba ne ba tlodiwa he ka moya oo go nna bonnake ba semoya ba ga Isake yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete. Moragonyana mo letsatsing leo Bajuda ba ba oketsegileng ba ba ka nnang 3 000 ba ne ba kolobediwa jaaka barutwa ba ga Jesu mme ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. (Ditihō 2:1-42) Ka gone mo letsatsing leo “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a nna “mma echo” go bana ba bantsi.

16. Setshwani sa “Yerusalema o o kwa godimo” ke eng?

16 Moaposetoloi Paulo o senola gore mosadi yo go buiwang kaga gagwe mo go Isaia 54:1-8 ke “Yerusalema o o kwa godimo.” Jehofa Modimo ke ‘monna wa gagwe,’ gammogo le Modiri yo Mogolo wa gagwe. Fa re bua ka tshwantshetso, ke “mosadi” wa gagwe, “mogatse,” kana phuthego ya seka mosadi mo legodimong kwa godimo. Jaaka monna, ke Ene yo o mo tshodisang e le gore a tle a tsale “losika” lwa boammaaruri lo lo solofeditsweng mo motlheng wa ga Aberahame.​—Bagalatia 3:16, 26-29.

17. “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a nna “mma echo” wa “losika” lwa konokono lwa ga Aberahame yo Mogolwane jang?

17 Go nna “losika” lwa konokono lwa ga Aberahame yo Mogolwane, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a tswa mo phuthegong ya bolegodimo ya seka-mosadi ya ga Jehofa. Ka gone o ne a nna jaaka “mma echo” go Morwa Modimo. Jesu Keresete e ne e se morwa wa tshwantshetso wa Jerusalema wa selefatshe mo motlheng wa gagwe mo lefatsheng, ka go bo motse ka nako eo o ne o le mo bokgobeng, mo bolateng, le “bana” ba gagwe, mme Jesu le ka motlha ga a ise a ke a nne botshwarweng. (Bagalatia 4:25) Jerusalema wa selefatshe e ne e le “mma echo” go Bajuda ba tlholego bao ba neng ba gana Jesu Keresete jaaka “losika” lo lo solofeditsweng eseng go tlhogo ya lotso Aberahame mme gape le go Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo.​—Mathaio 23:37-39.

Dira Le Morulaganyi yo Mogolo

18. Ke ka ntlhayang fa Jerusalema wa selefatshe e ne e le lefelo la tlhokomelo mo metlheng ya ga Kgosi Solomone?

18 Jesu Keresete, yo phuthego ya Modimo ya selegodimo e neng e le ‘mmaagwe,’ o ne a le mogolo ebile a le botlhale go na le Kgosi Solomone, morwa yo o tlotlegang wa ga Dafide mme ebile e le mmusi mo Jerusalema wa bogologolo wa selefatshe. Kgalalelo le botlhale tsa ga Solomone eleruri di ne tsa gogela tlhokomelo go merafe e e seng ya Iseraela, le eleng jaaka Jesu a ne a ya go supa ka go re: “Mohumagadi kgosi ea Borwa o tla èma mo tshekoñ, a èma le losika lo a lo sekisa: ka go bo èna o na a cwa dikhutloñ tsa lehatshe, a tla go utlwa botlhale yoa ga Solomone; me bōnañ, eo mogolo go heta Solomone o hano.” (Mathaio 12:42; Luke 11:31) Bobotlana, Solomone o ne a bontsha botlhale jo bo tlhomologileng ka tsela eo a neng a rulaganya dikgang tsa tsamaiso ya gagwe ka teng. Tsela eo a neng a dira gore sengwe le sengwe se rulaganngwe ka botlhale ka teng e ne e le kgakgamatso tota.

19. Ke eng seo se neng se le gone mo pusong ya ga Kgosi Solomone seo se neng sa gakgamatsa mohumagadi wa Sheba?

19 Ka mo go tshwanelang, mo go 1 Dikgosi 10:4, 5 re bala ka go re: “Mme yare kgosigadi ya Sheba e bona botlhale jotlhe jwa ga Solomone le ntlo e a e agileng, le dijo tsa lobati lwa gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le go itshola ga badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le dino tsa gagwe le ditlhabelo tsa phiso tsa gagwe, tse a neng a di dira kwa ntlong ya ga Jehofa, ga bo go sa tlhole go le moya ope mo go ene.” (NW) (Bona gape le 2 Ditihalō 9:4.) Mohumagadi wa Sheba o ne a na le lebaka la go kgatlhwa ke thulaganyo ya badiri ba ga Solomone. Mme ka go rulaganya dilo sentle, o ne a dumalana le Modimo wa Thulaganyo.​—1 Bakorintha 14:33.

20. (a) Mo karabelong ya thapelo ya ga Solomone, Jehofa o ne a mo neela eng? (b) Jaaka “eo mogolo go heta Solomone,” Jesu Keresete o dirang, mme balatedi ba gagwe ba latela tsela efe?

20 Mo go dumalaneng le thapelo e e boikokobetso ya ga Solomone, Jehofa o ne a mo neela “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyañ.” (1 Dikgosi 3:5-14) Morulaganyi yo Mogolo wa lobopo lotlhe o ne a neela Solomone kgono ya go rulaganya dilo ka ntlha ya thulaganyo e e molemo-lemo le e e matsetseleko Ka jalo, e ne ya nna tlamego ya kgosi ya batho ba kgolagano ya ga Jehofa go dira le Morulaganyi wa bomodimo wa dilo tsotlhe tse di bopilweng mo legodimong le mo lefatsheng. Ka mo go tshwanang, Jesu Keresete yo o galaleditsweng, “eo mogolo go heta Solomone,” ka botlhale o dira jalo. Ka gone, balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo lefatsheng gape ba tlhoka go dira seno, mme ba dira jalo.

◻ O ne o ka tlhalosa lefoko “organization” Jang?

◻ Jerusalema wa selefatshe e ne el le ‘mmaagwe’ bomang, mme le ka motlha ga a ise a gololwe mo bokgobeng bofe’?

◻ Setshwani sa “Yerusalema o o kwa godimo” ke eng, mme “bana” ba gagwe ke bomang?

◻ Solomone o ne a dirisa botlhale jo a bo neilweng ke Modimo jang, mme ke eng seo se dirwang ke Solomone yo Mogolwane le balatedi ba Gagwe?

[Dipotso tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jerusalema wa selefatshe o ne a le mo bokgobeng jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mohumagadi wa Sheba o ne a akabetse fa a ne a etela Solomone. O ne a dira le Morulaganyi wa lobopo. A le wena o dira le Jehofa Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela