Jehofa—O A Boitshega mme O Lorato
“ME HOÑ, loa bo lo ka nchwantsha le mañ”? ga botsa jalo Jehofa Modimo. Lefa e le puo e e goletsegileng go le kana-kang ga e kake ya bolela ka mo go feletseng nonofo e e senang selekanyo ya Modimo le kgalalelo. Ene ka boene o re laletsa gore re eletlhoko bogolo jwa magodimo, ka go re: “Kalèlañ matlhō a lona godimo, mme lo bōne eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonoho ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ.”—Isaia 40:25, 26.
Diketekete tsa dinaledi tse di bonwang ke matlho ke palonyana fela ya dinaledi dingwe tse di dibilione tse 100 tseo di dirang losagaripana lwa rona fela! Lefa go le jalo Jehofa o badile le go raya dinaledi tsotlhe tse di mo lobopong lotlhe maina! Akanyetsa gape namane e tona ya nonofo e e bolokilweng mo dilong tse. Letsatsi la rona le na le mogote o o mo bogareng wa di dikerii di le dimilione di le 27 tsa Fahrenheit (15 million degrees Celsius). Abo e le “nonofo e kgolo” jang ne e Jehofa o tshwanetseng a bo a ile a nna le yone go bopa dibilione tsa maubelo ano a nuklea!
Jalo go tlhaloganya Jehofa go potile dinonofo tsa rona tse dipotlana ka kwa. Elehu o rile: “Kaga Mothataeotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa: o tlotlometse mo thateñ . . . Me batho ba mmoiha.” (Yobe 37:23, 24) Lefa go ntse jalo, Jehofa, o batla mo gontsi go feta go boifiwa kana go tshajwa. “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka nonohō ea gago eotlhe hèla,” Bibela e laela jalo. (Duteronome 6:5) A mme re ka rata mongwe yo re ka se mo tlhaloganyeng ka botlalo? Ee, ka go bo lefa bonno jwa ga Jehofa bo le kwa godimo mo magodimong, o dirisana le batho ba ba sa itekanelang ka lorato le go ba letla go nna le kitsonyana fela ya gagwe.—Bapisa Pesalema 113:5-9.
“Matlho,” “Ditsebe,” le “Sefatlhogo” tsa Gagwe
Tsela e nngwe eo Jehofa a re thusang go mo tlhaloganya ka yone ke ka go itetla ga gagwe go tlhalosiwa jaaka motho. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè; me sehatlhōgō sa ga Yehofa se bihetse ba ba dihañ boshula.”—1 Petere 3:12; bapisa Ekesodo 15:6; Esekiele 20:33; Luke 11:20.
Mme kana, tseno ke dipapiso, ga di a tshwanelwa go tsewa e le tsa sebele, fela jaaka Dikwalo di bitsa Modimo “letsatsi,” “thèbè” kana ”Lehikwe.” (Pesalema 84:11; Duteronome 32:4, 31) ‘A mme Bibela ga e re re dirilwe mo “chwanoñ” ya gagwe?’ bangwe ba botsa jalo. (Genesise 1:26, 27) Ee, mme go bolela gore Modimo o na le molomo, nko le ditsebe go tsosa mathata a magolo. Ka sekai, a go utlwa ga Modimo mothatayotlhe, go ka lekanyediwa ke se makhubu a a tsamaisang medumo a kgonang go se isa mo ditsebeng tsa sebele? Nnya, ka gonne Bibela e supa gore Modimo o ka “utlwa” le eleng ditlhaloso tse di sa utlwaleng tse di dirwang mo pelong ya motho. (Genesise 24:42-45) Lefa e le gore nonofo ya gagwe ya go “bōna” e ikaegile ka makhubu a lesedi.—Pesalema 139:1, 7-12; Bahebera 4:13.
Ka gone motho yo o itekanetseng o ne a sa supe, dipopego tsa mmele, mme dinonofo tsa Modimo tse di tshwanang le lorato le tshiamiso. Bakeresete segolo-bogolo ba bonatsa dinonofo tse di ntseng jalo fa ba tlhokomela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, yo o kgothaditseng ka go re: ‘Lo apare motho yo mosha, yo o ntseng a shafalediwa mo kitsong kafa setshwanong sa yo o mo tlhodileng.’—Bakolosa 3:10.
Diponatshegelo tsa Kgalalelo
Mo metlheng ya bogologolo, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ile ba nna le tshiamelo ya go amogela diponatshegelo tse di tlhotlheleditsweng tsa kgalalelo ya selegodimo ya ga Jehofa. Esekiele e ne e le mongwe wa batho bano. (Esekiele 1:1) Se a se boneng mo ponatshegelong se ne se sa tlhaloganyesege! Esekiele o ne a bona gore a dirise dipapiso le ditshwantshanyo, gantsi a tlhalosa gore se a se boneng se ne “se nntse yaka” dilo tse di bonalang tse di tlwaelegileng Ka sekai, moperofeti o ne a re:
“Go no go le sechwanō sa setulō sa bogosi, se nntse yaka pōnalō ea lencwè ya safira; me mo godimo ga sechwanō sa setulō sa bogosi go no go le sechwanō se se nntseñ yaka pōnalō ea motho mo go shōna ha godimo. Me ka bōna ekete mmala oa mocoducokwane, ekete pōnalō ea molelō mo teñ ga shōna ka ntlha cotlhe, go simolola ka pōnalō oa lothèka loa gagwè go ea kwa godimo; me go simolola ka lothèka loa gagwè go ea kwa tlhatse ka bōna ekete pōnalō ea molelō, me go no go le phatsimō ntlheñ cotlhe tsa gagwè. Yaka pōnalō ea mmola oa godimo o o mo leruñ mo motlheñ oa pula, pōnalō ea phatshimō e ne e nntse yalo mo tikologoñ. Euō e ne e le pōnalō ea kgalalèlō ea ga Yehofa.”—Esekiele 1:26-28.
Abo se Esekiele a se tlhalositseng e le kgalalelo jang ne! Moaposetoloi Johane o ne a nna le ponatshegelo e e tshwanang ya ga Jehofa, mme a kwala jaana: “Bōnañ, ga bo go beilwe setulō sa bogosi mo legodimoñ, me moñwe a bo a dutse mo go shōna setulō; Me eo o dutseñ, ea re a bōnwa, a hitlhèlwa a chwana le lencwè ya yasepera le ya saredio; me ga bo go le motshe oa godimo mo tikologoñ ea setulō sa bogosi, o o reñ o bōnwa o bo o hitlhèlwa o chwana le lencwè ya emeraleda.” (Tshenolō 4:1-3) Lefa Jehofa a emelwa ka bogolo jo bo ntseng jalo, ga a kaiwe jaaka Modimo o o setlhogo. Go na le moo, o tlhalosiwa a sisibetse, a le kagiso jaaka motshe wa godimo.—Bapisa Genesise 9:12-16.
Lebaka la gore Modimo a bo a letleletse le eleng dipono tse di ntseng jalo tse dipotlana tsa borena jwa gagwe jwa selegodimo le supa gore o na le maikaelelo a kagiso go setho. Jalo, he, bao ba ratang Modimo ba ka mo atamela ka tsholofelo jaaka ‘moutlwi wa thapelo’ yo mogolo.—Pesalema 65:2.
Monna Jobe o ne a re ka Modimo: “Bonañ, mo ke kwa dintlhaneñ hèla ga ditsela tsa ōna: me re utlwa ka phohonyeco e nnye yañ kaga ōna.” (Jobe 26:14) Tota, go na le mo gontsi go go ithuta ka ga Jehofa Modimo, yo o segofaditseng batlhanka ba gagwe ka tebelelo ya go tshelela ruri. (Yohane 17:3) Mme le eleng “bosakhutleñ” ga bo kitla bo re lekana go ka “lemogèla rure tihō e Modimo o e dihileñ go cwa tshimologoñ le go ea hèla kwa bokhutloñ.”—Moreri 3:11.
Lefa go ntse jalo, se batho ba ba dipelo di ikanyegang ba se itseng kana ba se ithutang, se ka ba tlhotlheletsa go rata le go utlwa Jehofa. (1 Yohane 5:3) A o mongwe wa batho bao? Go utlwa Modimo ga go motlhofo ka metlha. Mme fa ka boammaaruri o itse Jehofa Modimo le ditsela tsa gagwe tse di lorato, ga go nne le boiteko bope jo bo ka bonalang bo le bogolo. Ka gone, a o iketleeleditse, go itse ka botlalo Modimo ono o mogolo mme o le lorato?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Banna ba ba tshwanang le Esekiele le Johane ba nnile le diponatshegelo tseo di re nayang lesedinyana le se kae fela la kgalalelo ya ga Jehofa e e boitshegang
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go bopa le go raya dinaledi maina ga Modimo go re naya lesedi la maatla a gagwe a a senang bolekanngo