Jehofa—A Ke Modimo o o Setlhogo Kana o o Lorato?
“MME Modimo wa Bibela ke Modimo o o setlhogo,” monna wa Mo-japane a ikepela foo. Morongwa yo o neng a eme fa kgorong a iphitlhela a lebagane le motho yo o tlwaelaneng le Lefoko la Modimo, eleng Bibela.
“Go tweng ka batho ba ba nweditsweng ke Modimo ka Morwalela?” monna o ne a tswelela. “Mme go tweng ka go fisa ga gagwe Sodoma le Gomora, re sa umake go bo a ile a letlelela Baiseraele go laila Bakanana? O ka re Modimo oo o ntseng jang fela fa e se gore o setlhogo? Kwa ntle ga moo, Modimo wa ‘Testamente e Ntšha’ o farologane gotlhelele. Jesu o ne a ruta ka ga Modimo o o kagiso le o o lorato.”
Boikutlo jono jwa gore Modimo wa “Testamente e Kgologolo” o setlhogo le gore o rata ntwa bo farafere ba le bantsi. Ka ntlha ya seno, batho bangwe ba leba le eleng Modimo wa “Testamente e Ntšha” o o lorato ka go belaela. Motho o ka gogelwa jang go direla Modimo o go bonalang a na le botho jo bo farologaneng jaana?
“Ditsela Tsa Gagwè Cotlhe Ke Tshiamishō”
Lefa go le jalo, batho ba kgakala thata go ka nna mo boemong jwa go nyatsa ditiro tsa Modimo. A ngwana o kile le ka motlha a tlhaloganya gore ke eng fa rraagwe a batla gore a itshokele botlhoko jwa go ntshiwa leino ke ngaka ya meno? Ka mo go tshwanang, re ka nna ra seka ra tlhaloganya kwa tshimologong ditiro tsotlhe tsa Modimo. “Itseñ ha Yehofa e le èna Modimo, ke èna eo o re dihileñ” ga bua jalo mopesalema.—Pesalema 100:3.
Ka jalo he, a ga se boeleele go konela ka bonako gore ditiro tsa Modimo di setlhogo? “Megopolō ea me ga se megopolō ea lona; le gōna mekgwa ea lona ga se mekgwa ea me, go bua Yehofa. Gonne yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe, yalo mekgwa ea me e kwa godimo bogolo go mekgwa ea lona, le megopolō ea me bogolo go megopolō ea lona.” (Isaia 55:8, 9) Go feta moo, Bibela e re tlhomamisetsa gore “ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō.” Jehofa o kgethololwa jaaka “Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō.” (Duteronome 32:4) Ka gone a re boneng mabaka mangwe ao Modimo a boneng go tshwanela go diragatsa katlholo.
Morwalela
“Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe.” (Genesise 6:5) Leo e ne e le lefatshe la pele ga Morwalela. Ee, Jehofa Modimo a “bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.” (Genesise 6:12) Bangwe ba ka nna ba ganela ba re Modimo o ka bo o ile wa tlogela batho, wa ba letla go dira se ba neng ba se batla. Mme go ne go santse go na le batho ba ba ikanyegang, ba ba siameng mo boitsholong ba ba neng ba santse bale mo lefatsheng A go ne go tla bo go se setlhogo gore Modimo a letlelele baikepi go phimola masalelanyana a boitsholo jo bo siameng jo bo neng bo sale gone mo lefatsheng? Ka gone Modimo o ne a rulaganyetsa ka morwalela wa kgolokwe go tlosa basenyi mo lefatsheng.
Modimo o o setlhogo o ka bo o sa dira paakanyetso epe ya go falotsa motho kana phologolo. Lefa go le jalo Jehofa o dirile jalo. Modimo o o setlhogo o ka bo o ne o sa tlhagisa ka tshenyego e e neng e tla. Lefa go le jalo o ne a abela Noa go nna “moreri oa tshiamō” mo e neng e ka nna dingwaga di le 40 kana 50! (2 Petere 2:5) Batho ba ne ba ka tlhopha phalolo kana loso.
Sodoma le Gomora
Fa baengele ba babedi ba ne ba etetse Sodoma, baagi ka bonako ba ne ba supa botho jwa bone jo bo bodileng. Banna ba Sodoma ba dika ntlo ya ga Lote, “bannye le bagolo, batho botlhe ba cwa ntlheñ cotlhe hèla; Me ba goa Lote, ba mo raea, ba re, Banna ba ba tseneñ mo go wèna sigoñ yono ba ha kae? Ba ntshetsè kwano go rona, gore re ba itse.” (Genesise 19:4, 5) Moo e ne e le go ‘latela mokgwa wa nama e sele.’—Yude 7; bona gape Baroma 1:26, 27.
Modimo, “eo o hukutsañ dipelo,” o ne a bona fa metse e ne e se e e ka falolang tshenyego. Phediso ya bone e ne e tshwanela. (Baroma 8:27) Aitsane, ga go a fitlhelwa lefa e le banna ba le some ba ba siameng mo Sodoma! (Genesise 18:32) Boitshwaro jwa Basodoma bo ne jwa tlhagisa matshosetsi a magolo go mosiami Lote le lelapa la gagwe. Ka gone, go falodisiwa ga ga Lote le barwadie ke Modimo e ne e le tiro ya lorato!—Genesise 19:12-26.
Go Bolawa ga Bakanana
Jehofa o ne a solofetsa Aberahame gore e ne e tla re moragonyana losika lwa gagwe lo tseye lefatshe la Kanana. Lefa go le jalo, elatlhoko gore, go ne go sa tshwanela go nna le polao epe mo metlheng ya ga Aberahame. Ka ntlhayang? “Gonne boikèpō yoa Moamora (lotso lo logolo lwa Kanana) ga bo e se bo tlale,” ga bua jalo Jehofa. (Genesise 15:16) Dingwaga di le 430 di ne di tla feta pele ga boikepo jwa tšhaba eo bo fitlhelela ditekanyetso tseo Moshe a neng a tla re: “Me Yehofa Modimo oa gago o lèlèka merahe e (ya Bakanana) ha pele ga gago ka ntlha ea boikèpō yoa eōna.”—Duteronome 9:5.
Buka Archaeology and the Old Testament e re: “Bosetlhogo, boiphetlho le bofafalele jwa botshelo jwa Bakanana . . . di tshwanetse tsa bo di lerile ditshekamelo tse di maswe mo baineeding ba tsone le go akaretsa ditlwaelo tse dintsi tse di senyang maitsholo tsa nako eo, tse di tshwanang le boaka jo bo boitshepo, ditlhabelo tsa bana le kobamelo ya noga . . . tshenyego e e maswe-maswe ya boitsholo le bodumedi.” Lefa go ntse jalo, Bagibione le baagi ba metse e mengwe e meraro ba ne ba bolokwa. (Yoshue 9:17, 18) A Modimo o o setlhogo o ka bo o letlile seno?
A Ke Botho Jo Bo Kgaoganeng?
Lefa go ntse jalo, bangwe ba ganeletse mo go reng Modimo wa “Testamente e Kgologolo” o ile a nna le phetogo mo bothong mo “Testamenteng e Ntšha.” Ba re ‘dithuto tsa ga Jesu di ne di lebisa mo loratong.’—Mathaio 5:39, 44, 45.
Mme gone, tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E. e ne ya tla jaaka katlholo go tswa go Jehofa, fela jaaka Jesu a ne a boleletse-pele. (Mathaio 23:37, 38; 24:2) Go feta moo, batho ba ba neng ba sa siama jaaka Ananiase, Safira, le Herode ba ne ba bolawa. Modimo o ne a ise a ke a fetoge. (Ditihō 5:1-11; 12:21-23; Malaki 3:6) Lefa e le gore dithuto tsa ga Jesu ka lorato e ne e le selo se sesha. Bogologolo thata, Molao wa ga Moshe o ne o laetse ka go re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Lefitiko 19:18) Dithuto tsa ga Jesu ka lorato lwa go intsha setlhabelo, lefa go le jalo, di ne tsa fetela kwa pele ga molao ono. (Yohane 13:34) Gakologelwa gape, gore o ne a ntsha dikgalo tse dikgolo kgatlhanong le baeteledipele ba bodumedi ba baitemokanyi. Ipalele Mathaio kgaolo 23 yotlhe mme o bone ka moo Jesu ka bogale a ileng a kgala ba ba neng ba ntse jalo ka gone.
Ka gone pego ya Bibela ga e eme, jaaka sesupo sa gore Modimo o setlhogo, mme jaaka bosupi jwa lorato lwa gagwe lo lo boteng le lo lo nnelang ruri mo bathong. Ka gone re tlhotlhelediwa go ithuta ka ga Jehofa le ditsela tsa gagwe tse di lorato ka mo go oketsegileng. Setlhogo sa rona se se latelang se ka go thusa go dira fela jalo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
A Jehofa o ne a siame ka go romela Morwalela, ka go senya Sodoma le Gomora, le ka go bolaya Bakanana?