Rulaganya Isagwe ya Gago Le Phuthego ya ea Jehofa
“U tlhōlè mo go boiheñ Yehofa motshegare otlhe: Gonne rure go na le tuèlō: le cholohèlō ea gago ga e ketla e kgaolwa.”—DIANE 23:17, 18.
1, 2. Mo gare ga dilo tse dingwe, ke eng seo moaposetoloi Johane a neng a se bona gaufi le bokhutlo jwa lekgolo lantlha la dingwaga C.E.?
JEHOFA o senolela batho ba gagwe dilo tsa isagwe mme seno se ba kgonisa gore ba itshware ka botlhale. (Isaia 42:9) Ka sekai, gaufi le bokhutlo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Modimo o ne a neela moaposetoloi Johane yo o neng a setse a godile diponatshegelo ka ga isagwe eo e neng e lere tsholofelo. Abo re ka itumelela go bo Jehofa a ile a supa “ka ga dilō cotlhe tse o di bonyeñ” mme le gore di ile tsa kwalwa mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō!—Tshenolō 1:1, 2.
2 Mo gare ga dilo tse dingwe, Johane o ne a bona “baengele bale banè” ba tshwere “diphehō” tseo di neng di tla lere “sepitla se segolo.” Baengele ba ne ba tla tlamega go tshwara diphefo tseo tsa tshenyo ka lobaka lo lo kae? Moengele yo mongwe o ne a ba bolelela: “Lo se ka loa tlhokohatsa lehatshe, leha e le lewatlè, leha e le ditlhare, go tlo go tsamaeè re chwaee batlhanka ba Modimo oa rona mo diphatleñ tsa bōnè pele.”—Tshenolō 7:1-3, 14; Mathaio 24:21, 22.
3. Pele ga “diphehō” tse di golotsweng di ka tlhasela phuthego ya ga Satane, ke eng seo se neng se tshwanetse go diragala mme seno se dirwa ka eng?
3 “Diphehō” tse di golotsweng di tla tlhasela phuthego ya selefatshe ya ga Satane Diabolo, di e senyetsa ruri. (Bapisa Yeremia 25:32, 33.) Mme pele ga seo se ka diragala masalela a ba ba tloditsweng a bao ba nang le go busa le Jesu Keresete mo legodimong a na le go tshwaiwa. Go tshwaiwa ga “batlhanka ba Modimo oa rona mo diphatleñ tsa bōnè” go dirwa ka moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, ao Bakeresete ba ba tloditsweng ba nang le one jaaka sesupo sa boswa jwa bone jwa selegodimo. (2 Bakorintha 1:21, 22; Baefesia 1:12-14) Go rerwa ga mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo mo “metlheñ ea moragō” go digela go phuthiwa ga “baitshenkedwi” bano.—Mika 4:1; Mathaio 24:14, 31.
4. Ke “batlhanka ba Modimo oa rona” ba le kae ba ba tla tshwaelwang ruri, mme o ka supela karabo ya gago ka Dikwalo jang?
4 Ke “batlhanka ba Modimo oa rona” ba le kae bao ba tla tshwaelwang ruri? Johane, yo o neng a le mongwe wa bone, o ne a bega jaana ka boikanyego: “Me ka utlwa palō ea bōnè ba ba chwailweñ, e le bothousanda ba le lekgolo, le ba mashomè a manè le ba le banè.” Bano ba dira “Iseraela oa Modimo,” e bong lseraele wa semoya, yo o nang le ditso tse 12 tseo longwe le longwe lo nang le 12 000. (Tshenolō 7:4-8; Bagalatia 6:16) Abo e le thulaganyo ruri! Tlase ga Kgosi Jesu Keresete, ba ba 144 000 ba tla nna “bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.”—Tshenolō 5:10; 14:1-4.
5. (a) Ke bomang ga jaanong ba ba kopanelang le masalela a lseraele wa semoya? (b) Botlhe ba ba boifang Jehofa ba bopa eng, mme go ya ka Diane 23:17, 18, ke eng se se ba emetseng?
5 Morago ga fa moaposetoloi Johane a sena go bona Iseraela wa semoya, o ne a bona “boidiidi yo bogolo” a bo a ipotsa gore e ne e le bomang. O ne a bolelelwa ga twe: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Bao ba dirang “boidiidi yo bogolo” ke babusiwa ba selefatshe ba Bogosi, mme go ne ga bolelelwa-pele gore “Kwana,” e bong Jesu Keresete, o tla “ba gogela kwa mecwediñ ea metse a botshelō”—ee, botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolō 7:9, 14, 17; Luke 23:43) Gone jaanong “dinku di sele” tseno di dira “lecomane le leñwe hèla” le masalela a baruaboswa ba Bogosi, mme botlhe ba ba ntseng jalo ba ba boifang Jehofa ke bone ba dirang phuthego ya selefatshe ya Modimo. (Yohane 10:16) Ka go nna ba ntse ba ikanyega mo go ene, ba tla nna le isagwe e e tlhogonolofaditsweng, ka jaana re a bala: “U tlhōlè mo go boiheñ Yehofa motshegare otlhe: Gonne rure go na le tuèlō: le cholohèlō ea gago ga e ketla e kgaolwa.”—Diane 23:17, 18.
Tsamaiso Eno e Kgologolo Ga e Na Isagwe!
6. Re iphitlhela re le fa kae mo dipakeng tsa nako?
6 Jaanong re tseneletse kwa teng mo ‘metlheng ya bofelo’ ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5) Ditiragalo tsa lefatshe tseo di tsamaelanang le tlhatlhamano ya metlha ya Bibela di tlhomamisa gore Jesu Keresete o ne a simolola go busa kwa magodimong ka letlhabula la 1914. (Pesalema 110:1, 2) Ka malatsi otlhe, dipego tsa dikgang di supa gore “seshupō” se se tlhakantseng sa “go nna gone” ga ga Jesu le bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo se a bonala. (Mathaio dikgaolo 24, 26) Gone go ntse jalo, “losika” loo lo neng lo le gone fa go tlhongwa Bogosi ka 1914 le ntse le tsofala. Mme mafoko a ga Jesu a supa gore “ga lo ketla lo heta” pele ga “sepitla se segolo” se khutlisa lefatshe leno la batho ba ba sa siamang ‘ba ba namaletseng fa tlase ga yo o bosula,’ e bong Satane Diabolo. Seno se tla diragala leng? Ruri go ise go ye kgakala, ka go bo ono ke ngwaga wa bo 70 ya puso wa Bogosi!—Mathaio 24:21, 34; 1 Yohane 5:19.
7. (a) Ke eng seo se tla diragalang mo karolong ya ntlha ya “sepitla se segolo”? (b) Ke eng seo se tla diragalang ka bokhutshwanyane fela morago ga tshenyego ya bodumedi jwa maaka?
7 “Sepitla se segolo” se tla simolola ka tshoganyetso e e jesang kgakge. (Mathaio 24:36-44) E tla re fa se simolola, tshenyego e tla wela “Babelona o mogolo, ” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Go senngwa ga karolo eno e kgolo ya tsamaiso ya ga Satane go tla ama makgamu a sepolotiki le kgwebo. Mabapi le seno, moaposetoloi Johane o ne a senola gore “dikgosi tsa lehatshe” di tla lela di re: “Iya! Iya! we! a motse o mogolo! Babelona motse o o thata! gonne tshekishō ea gago e hitlhile ka nakō e le ñwe hèla.” Mme go tweng ka lekgamu la kgwebo? Johane a oketsa ka go re, “Me Babapatsi ba ba mo lehatshiñ ba lela ba mo hutsahalela, gonne go sa tlholego le motho opè eo a rèkañ dithoto tsa bōne.” (Tshenolō 18:1-19) Ka bokhutshwanyane fela morago ga tshenyego ya bodumedi jwa maaka, Jesu Keresete o tla dirisa mephato ya gagwe ya selegodimo go senya kakaretso yotlhe e e setseng ya tsamaiso eno ya dilo e e boikepo. E tla nyelela mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” e e ntseng e atamela ka bofefo jo bogolo, kwa Hara-Magedona.—Tshenolō 16:14-16; 19:11-21.
8. Ke phuthego efe e e leng yone fela e e nang le isagwe e e tla nnelang ruri, mme ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
8 Seno se raya goreng mo go ba ba nang le poifo e e phepa mo go Jehofa? Aitsane, go raya gore lefatshe leno le le kafa tlase ga taolo ya ga Satane ga le na isagwe! Nako ya lone re ka re e fedile! Jalo, phuthego ya ga Jehofa ke yone fela eo go ka rulaganyediwang isagwe ya bosakhutleng le yone.
9. (a) Ponong ya se se kwa pele, ke dipotso dife tseo di ka bodiwang? (b) Ke kgakololo efe e e mo nakong sentle e e fitlhelwang go 1 Timotheo 6:17-19?
9 Ponong ya se se kwa pele, he, a go tla supa tumelo, kana le e leng tlhaloganyo, go leka go rulaganyetsa isagwe e e bolokesegileng mo sebakeng sengwe sa tsamaiso eno e e mo kotsing ya dilo? Ka sekai, o ka rulaganyetsa ka polokesego isagwe e e nnelang ruri le khampane efe ya selefatshe kana feme ya kgwebo? Ga go na epe! Jalo, a ga go botlhale go ritibadiwa ke dijo le diaparo fa o ntse o baya dikgatlhego tsa bogosi kwa pele mo botshelong? (Mathaio 6:33; 1 Timotheo 6:7-12; 2 Timotheo 2:4) Se segolo-bogolo se bile se le mo nakong ke kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo: “U laeè ba ba humileñ mo motlheñ ono, gore ba se ka ba ipègèla godimo, leha e le go sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla, o o re naeañ dilō cotlhe ka letlōtlō, gore re diyè monate; U bo u ba laeè gore ba dihè molemō, ba humè ditihō tse di molemō, ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana; Ba nntse ba ipeèlèla motlha o o tlañ mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:17-19.
Rulaganyetsa Isagwe ya Gago ka Botlhale
10. Jaaka fa “sepitla se segolo” se ntse se iponatsa fa pele ga rona, kamego-kgolo ya rona e tshwanetse ya nna eng?
10 Abo e le tekatekano ya semoya jang ne e e bonalang sentle mo mafokong ao a moaposetoloi! Mo go one batho ba ga Jehofa ba bona sephiri sa phalolo. Ke seno: Boloka dilo tse di bonalang mo lefelong le le tshwanetseng la tsone, o lemoga gore go tshwanetse ga bewa kgatelelo e seng mo “bosenañtlhōmamō yoa khumō” mme e leng go ‘huma ditiro tse di molemo.’ Seno ruri se tla akareletsa go tlhakanela mo bodiheding jwa Bokeresete ka tlhagafalo le ka metlha. Ka matsubutsubu a “sepitla se segolo” se se setseng se iponatsa mo loaping, eno ga se nako ya go rulaganyetsa isagwe e e iketlileng mo femeng nngwe ya selefatshe kana go itlhatlosa maemo mo khampaneng. Ke nako ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go tlhagisa ba ba itebetseng kaga kotsi e e tlang. Mme gape, Jesu Keresete o ile a re laela go rera le go dira barutwa. Ka gone, seo e tshwanetse ya nna kamego e kgolo ya rona jaaka Basupi ba ga Jehofa.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Isaia 43:10-12.
11. Mengwe ya melemo eo e tla nnelang ruri ya bodihedi jwa Bokeresete ke efe?
11 Ditiro di le dintsi tseo ga jaanong di berekwang ke batho ba lefatshe di tla felela ruri mo ‘sepitleng se segolo.’ Ke boammaaruri, mefuta mengwe ya ditiro e tla tsosolosiwa mo tsamaisong e ntšha ya Modimo e e solofeditsweng. Mme a o itse ka tiro epe ya motlha wa segompieno eo e nang le mesola e e tshwanang le ya bodihedi jwa Bokeresete? Kgolo ya semoya le tswelelopele tseo di tlang ka tiro eno e e ntshitsweng ke Modimo di tla nna le mosola o mogolo mo thulaganyong e ntšha. Kamano e e nonofileng le Jehofa eo e tlhagolelwang mo bodiheding e tla fetisediwa mo tsamaisong eo ya dilo. Mme botswerere jo bo tokafaditsweng jwa thuto bo ka nna jo bo thusang mo go ruteng dimilione tseo di tla bong di tsositswe.—Isaia 54:13; Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:12.
12. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, ke ditebelelo dife tse dintle-ntle tseo re nang natso, mme ke eng seo re tlhokang go se dira?
12 Fa kamego e kgolo ya rona ga jaanong e le go itumedisa Modimo le go dira thato ya gagwe, ruri re na le ditebelelo tse dintle-ntle. (Pesalema 40:8; Baroma 12:1, 2) Ruri, fa re ‘boifa Jehofa, re na le isagwe mme tsholofelo ya rona ga e kitla e kgaolwa.’ (Diane 23:17, 18) Re tla bona botshelo jo bo sa khutleng fa re tswelela re tsamaya mo ‘tseleng ya botshelo’ re boifa Modimo. (Pesalema 16:11) Lefa go le jalo, fa re ntse re tsweletse, re tlhoka go tlhoma le go fitlhelela mekgele e e utlwalang ya bolegodimo.
Mengwe ya Mekgele e e Utlwalang
13. (a) Go ya kafa Dikwalong, ke ka ntlhayang fa re ka re kobamelo ya ga Jehofa e ile ya tswelela go godisiwa? (b) Ka tlhaloganyo e nngwe, mengwe ya mekgele eo makgolo a a dikete a ileng a e fitlhelela ke efe?
13 Bangwe ba sa tswa go simolola seo se ka bidiwang ga twe ke go tlhatlogela kwa “thabeñ ea ga Yehofa, le kwa tluñ ea Modimo.” Fa e sale ka dingwaga tsa ntwa tsa 1914-18 kobamelo ya ga Jehofa, eo tempele ya gagwe kana ‘ntlo’ e neng pele e eme mo godimo ga thaba ya Jerusalema, e ile ya tswelela go golediwa. E ile ya “tlhōmamisiwa mo tlhoreñ tsa dithaba” tseo go neng go agilwe ditempele tsa medimo ya maaka gone. Ka gone kobamelo ya ga Jehofa e ile ya “golediwa mo godimo ga makhubu. ” Matshwititshwiti a ntse a ologela mo kobamelong ya ga Jehofa e e goleditsweng. (Mika 4:1-4; Isaia 2:2-4) Morago ga go bona kitso e e tlhomameng ya Dikwalo. ba a ikwatlhaya, ba a sokologa, ba ineele go Modimo ka thapelo le go tshwantshetsa seno ka go nwediwa mo metsing. (Yohane 17:3; Ditihō 2:38; 3:19) Ka tlhaloganyo e nngwe, eno ke mekgele e e fitlheletsweng ke makgolo a diketekete tsa batho go tswa mo merafeng yotlhe bao e reng morago ba direle Jehofa ka boikanyego jaaka bontlhanngwe jwa phuthego ya gagwe ya selefatshe. Abo ba itumetse jang ne go tshwarega mo kobamelong e e goleditsweng ya Modimo o o osi wa boammaaruri! Mme go tweng ka ga wena? A o tsere dikgato tseno?
14. Le e leng morago ga re sena go simolola go obamela Jehofa, re tshwanetse ra gagamalela go eng, mme seno se ka dirwa jang?
14 Le e leng morago ga re sena go simolola go obamela Jehofa le batho ba gagwe, re tlhoka go godisa le go tshegetsa keletso e e molemo ya semoya. Fa re sena go ithuta “ditshimologō tsa ntlha ntlha tsa ga Keresete,” re tshwanetse ra ‘gagamalela kwa boitekanelong’ ka go inaakanya le dipaakanyetso tsotlhe tsa semoya tseo Jehofa a di dirang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Bahebera 6:1-3; Mathaio 24:45-47) Jalo o ka nna wa ipotsa ka tshwanelo: A ke bala Lefoko la Modimo ka metlha? A ke moithuti yo o molemo wa dikgatiso tseo di baakanyeditsweng ke setlhopha sa “motlhanka”?—Bahebera 5:11-14.
15. (a) Ke kgakololo efe eo Paulo a neng a e neela go Bahebera 10:24, 25, mme ke eng seo bangwe ba ileng ba se dira? (b) Fa go na le sebaka sa go ka itokafatsa ka borona mo go nneng gone mo dipokanong kana mo bodiheding jwa Bokeresete, ke eng seo se ka akantshiwang?
15 Mme e bile gape, re tshwanetse ra reetsa kgakololo ya ga Paulo e e reng: “A re amegeng kaga bagarona, re tlhotlheletse lorato le ditiro tse di molemo. Se ikgogoneng mo dipokanong tsa botlhe, jaaka bangwe ba dira, mme kgothatsang ba bangwe gore ba ye gone; segolo-bogolo jaaka fa lo bona Motlha o atamela.” (Bahebera 10:24, 25, The Jerusalem Bible) Go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete ke bontlhanngwe jwa “tirelo e e boitshepo” ya rona. Mme bangwe ba nna gone fela mo puong ya phatlalatsa mo bekeng nngwe le nngwe, ka metlha ba tloga mo Holong ya Bogosi pele ga thuto ya Tora ya Tebelo e simolola. Ba bangwe gantsi ga ba nne gone mo Pokanong ya Tirelo. A jaanong ga e sa tlhole e raya sepe mo go bone ka go bo ba sa tlhagafala thata mo tirong ya go neela bosupi jwa ntlo le ntlo le mo dikarolong tse dingwe tsa bodihedi jwa Bokeresete? Fa o fitlhela go na le sebaka sa gore o dire tokafatso ka sebele mo go epe ya dintlha tseno, ke eng fa o sa rapele Jehofa kaga dikgang tse di ntseng jalo o mo kopa gore a go thuse go nna wa ka metlha le go tlhoma sekao mo di- ntlheng tsotlhe tsa “tirelo e e boitshepo”?—Bahebera 12:25-29, (NW).
16. (a) Ke mekgele efe e e utlwalang ya bolegodimo eo e umakiwang fano? (b) Le e leng fa maikarabelo a Dikwalo a thibela mongwe go ka fitlhelela maitlhomo a a ntseng jalo, ke eng seo se santseng se ka kgonega?
16 Mengwe ya mekgele e e utlwalang sentle ya bolegodimo ke efe? Mme kana, palo e e ntseng e golela godimo ka metlha ya batho ga jaanong ba ntse ba tsenelela mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang. A o ka atolosa bodihedi jwa gago ka ditsela tse di ntseng jalo? Legale, le e leng fa maikarabelo a gago a Dikwalo a go thibela gore o ka fitlhelela maitlhomo a a ntseng jalo, o ka tshegetsa bareri ba ka metlha fa wena ka bowena o dira kafa o ka kgonang ka gone mo tirelong ya Modimo fa maemo a gago a dumela. Ka kobamelo e e ikanyegang le tirelo mo kgalaletsong ya ga Jehofa, rotlhe re ka bontsha gore ‘ga re a tlhoma tsholofelo ya rona mo bosenangtlhomamo jwa dikhumo mme e leng mo Modimong.’ Mme mo go bao ba ka tsenelelang tiro ya bobulatsela, ruri eno ke e nngwe ya ditsela tse dintle-ntle tsa go ‘tshwara botshelo jo e leng botshelo ruri.’—1 Timotheo 6:17-19.
17. (a) Batho ba babotlana segolo-bogolo ba ka akanyetsa tshiamelo efe ya tirelo? (b) Ke kgotsofalo efe eo maloko a lelapa la Bethele a nang le yone?
17 Go direla go le lengwe la magae a Bethele go dikologa lefatshe le gone ke tshiamelo e e molemo-lemo eo batho ba babotlana segolo-bogolo ba ka e akanyetsang ka thapelo. Tirelo ya Bethele e baakanyetsa ka thapiso e ntle mo dikamanong tsa batho, ka jaana badiri ba Bethele ba dirisana mmogo thata thata go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele. Botswerere jo bo ithutiwang kwa Bethele bo ka nna le mosola mo tirong e kgolo ya go ruta e e tla diragalang mo Thulaganyong e Ntšha. Legale, e re ka jaana ba le bantsi ba tsenelela tirelo ya Bethele ba sa le basha mo botshelong, ga ba na dilo tse dintsi tse di bonalang mme ba kgotsofaditswe ke dijo le diaparo mme e bile ba na le kgorisego e e boteng ya go itse gore tiro ya bone e solegela molemo ba le bantsi mo semoyeng.—Moreri 3:12, 13.
18. Go tlhakanela mo tirelong ya nako e e tletseng go ka ruta motho eng, mme seno se tshegediwa jang ke Dikwalo?
18 Go tlhakanela mo dikarolong tse di farologaneng tsa tirelo e e tletseng go ka ruta motho go ikaega thata mo go Jehofa Modimo. Batho ba selefatshe bao ba ikanyang mo “bosenafitlhōmamō yoa khumō,” gantsi ba nna le pono ya gore motho o tshwanetse a ipabalela. Mme modihedi wa nako e e tletseng o tshwanetse segolo a lemoga gore Jehofa o baakanyetsa thata thata bao ba “batlar‘i pele bogosi yoa gagwè, le tshiamo ea gagwè.” (Mathaio 6:25-34) Diketekete tseo di ileng tsa direla mo tirelong ya bobulatsela ka dingwaga di le dintsi ba tla supela lebaka ila gore ga ba ise ba ko ba tlhaele ditlhokafalo dipe tsa botshelo. Bua le bone mme o tla fitlhela gore ba dumalana ka pelo yotlhe le mopesalema Dafide yo o neng a bua a re: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.”—Pesalema 37:25.
Rulaganyetsa isagwe e e Bolokesegileng
19, 20. (a) Ereka jaana nako e khutshwafaletse tsamaiso eno ya dilo thata, ke eng seo re tshwanetseng ra bo re se dira? (b) Jalo, re ka itshwara jang ka botlhale mabapi le isagwe?
19 Fa re le Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, re lemoga gore nako e khutshwafaletse tsamaiso eno thata. Jalo ke eng seo re tshwanetseng ra bo re se dira? Re tshwanetse ra bo re itsaya ka botlhale tumalanong le mafoko ano a ga moaposetoloi Petere: “Me ereka yana dilō cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo, ye e leñ yeōna magodimo ka a sha a tla nyèrègañ ka yeōna, le dipopō tsa magodimo a tla tlhapologa ka mogote o o tukañ?”—2 Petere 3:11, 12.
20 Moaposetoloi Johane le ene, o ne a phepafatsa gore lefatshe leno le a feta. (1 Yohane 2:15-17) Ka bonakonyana, tsamaiso e kgologolo eno e tla nyelela. Jalo he, botlhe bao ba boifang Modimo ba tshwanetse ba nna ‘mo go tsheleng gotlhe ka boitshepo le ka poifomodimo, ba ntse ba lebeletse ba bile ba tlhologeletswe go tla ga letsatsi la Modimo.’ Le ka motlha o se ka wa lebala gore phuthego ya Modimo ke yone fela e e tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso e e swang e ya dilo. Ka gone, itshware ka botlhale, mme o dire dithulaganyo tsa botshelo jo bo sa khutleng ka go rulanyetsa isagwe ya gago le phuthego ya ga Jehofa.
Jaaka Poeletso
◻ Botlhe ba ba boifang Jehofa ba bopa eng, mme Diane 23:17, 18 e ba neela tlhomamisetso efe?
◻ Ke phuthego efe e le yosi fela e e nang le isagwe, mme ke ka ntlhayang fa o araba jalo?
◻ Jaaka fa “sepitla se segolo” se atametse jaana, ke eng seo se tshwanetseng sa nna kamego-kgolo mo Basuping ba ga Jehofa?
◻ Mengwe ya mekgele ya bolegodimo eo e ka fitlhelelwang ke batho ba le bantsi ke efe?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]
Gompieo, botlhe ba ba boifang Modimo ka mmatota ba na le Jesu jaaka Modisa wa bone mme ba dira mmogo ka kutlwano jaaka phuthego ya selefatshe ya ga Jehofa
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 31]
A o rulaganyetsa isagwe ya gago le phuthego ya ga Jehofa? Tiro ya bobulatsela le tirelo ya Bethele di mo gare ga mekgele ya bolegodimo eo ba le bantsi ba e fitlheletseng
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Ka ntlha ya go segofadiwa ga bomodimo mo tirong ya go rera ka Bogosi, matshwititshwiti a ntse a ologela kobamelong e e goletsegileng ya ga Jehofa