LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/15 ts. 13-19
  • “Dinku di Sele” le Selalelo sa Morena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dinku di Sele” le Selalelo sa Morena
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tebo e e Fetogileng
  • Tlolaganyo le Segopotso
  • Botlhokwa jwa Go Nna Gone Mo Segopotsong
  • Go Bontsha Kamego e e Lorato ka Botlhe
  • Tlhokafalo ya Boitlhatlhobo
  • Keteko ka 1985
  • Lebaka La go Bo re Gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • ‘Go Itemoga Seo re Leng Sone’—Ka Nako ya Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/15 ts. 13-19

“Dinku di Sele” le Selalelo sa Morena

“[Jesu] ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yotlhe.”​—1 YOHANE 2:2.

1. Ke matswela afe a mantle ao a ileng a nna gone ka ‘go rerwa ga mafoko a a molemo a bogosi?

JESU o ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Bangwe ba losika lwa 1914 ba santse ba le gone go ka supela gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirafatsa taolo eno ka boikanyego. Ka ntlha ya gone, makgolo a dikete-kete a batho ba ba dipelo di ikanyegang, bao ba kgobilweng marapo ke go palelwa ga lefatshe leno, ba ile ba arabela sentle mafokong a a molemo. Ba ile ba ineela go Jehofa Modimo mme ba nna boikanngo mo Bogosing, ba itsise boineeelo jono ka go kolobediwa mo metsing. Go ne ga nna le ba le 179 421 bao ba neng ba tsaya kgato e e ntseng jalo ya botlhale ka 1984. Mo go ka tweng, ba reile batho ba leina la Modimo ba re: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”​—Sekaria 8:23.

2. Ke lebaka lefe leo le ileng la laola go bewa ga nako ya go phutha ga ga Jesu “dinku di sele”?

2 “Boidiidi yo bogolo” jono jo bo ntseng bo gola jwa baobamedi ke bontlhanngwe jwa bao Jesu a ba tlhalosang fa e le “dinku di sele” tsa gagwe. (Tshenolō 7:9, 15; Yohane 10:16) Ba na le tsholofelo e e molemo-lemo ya go tshelela ruri mo paradaiseng ya selefatshe. (Pesalema 37:29) Jesu o ne a bolelelapele gore o ne a tla phutha balatedi bano ba ba ikanyegang morago ga a sena go neela tlhokomelo ya gagwe ya bodisa e e kitlanyeng mo go phutheng “lecomanyane” la baseka-dinku bao e leng motsereganyi wa bone wa kgolagano e ntšha pele. (Luke 12:32; Bahebera 9:15) Fa re ntse re gopotse ka go phuthiwa ga ditlhopha tseno tsa seka-dinku tse pedi tsa batho go nna “lecomane le le leñwe hèla,” re ka tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Johane a ne a tlhalosa gore desu Keresete ke “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”​—1 Yohane 2:1, 2.

Tebo e e Fetogileng

3, 4. (a) Ke tebo efe e e fetogileng eo ba le bantsi ba ileng ba nna le yone mabapi le go keteka Selalelo sa Morena? (b) Paulo o ne a rayang fa a ne a re, “Gonne ka galè ha lo ya . . . le go nwa senwèlō”?

3 Ba le bantsi ba ba sa tswang go phuthiwa ba “dinku di sele” pele ba ne ba tle ba keteke Mesa kana Sejo sa Morena, poelelo le mokgwa oo se ketekwang ka one di laolwa ke ditumelo tsa tsamaiso e e rileng ya sedumedi eo ba neng ba e tsena. Lefa go ntse jalo, jaanong, bano ba ile ba lemoga gore Selalelo sa Morena se tshwanetse sa ketekiwa gangwe fela ngwaga le ngwaga. Ke ka baka lang fa seno se ntse jalo? Mme kana, Tlolaganyo ya Sejuda e ne e ketekiwa gangwe fela ngwaga le ngwaga, mme desu o ne a simolola Segopotso ka jone bosigo joo jwa Tlolaganyo, Nisane 14. O ne he a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna. Paulo o oketsa ka go re: “Gonne ka galè ha lo ya senkgwè se, le go nwa senwèlō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna a ba a tla a tsamaea a tle.” (1 Bakorintha 11:24-26) desu ka phepafalo o ne a raya gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba tswelela ba keteka loso lwa gagwe mo Letsatsing la Tlolaganyo, leo le neng le tla gangwe fela ngwaga le ngwaga. Ka gone, le ile la ketekwa ka “galè” mo botshelong jotlhe jwa phuthego ya Bokeresete. Tota, Segopotso se setse se ile sa ketekiwa makgetlo a le 1 952.

4 Go na le pharologanyo e nngwe gape ya tebo eo setlhopha sa “dinku di sele” se nang le go e lemoga. Mo boemong jwa go ja ga senkgwe le beine jaaka ba le bantsi ba ne ba tle ba dire pele mo dikerekeng dingwe, jaanong ba fitlhela seemo sa bone se ‘fetotswe’ go nna sa babogedi fela. Ke ka baka lang fa go ntse jalo, a mme e bile re na le tshegetso ya Dikwalo ya mokgwa oo o dumelelang gore go nne le babogedi gammogo le baji?​—2 Bakorintha 13:11; 2 Timotheo 3:16, 17.

5. (a) Tlhalosa dikgato tsa konokono tseo motho a tshwanetseng go di tsaya gore a solegelwe molemo ke setlhabelo sa ga Jesu. (b) Ke ka baka lang fa Modimo o ile wa tsaya kgato ka mo go kgethegileng malebana le balatedi ba ga Jesu ba ba 144 000.

5 Gore mang le mang fela a ka solegelwa molemo ke “seletlanyō” sa ga Keresete Jesu, go na le dikgato tse di rileng tseo di tshwanetseng go tsewa, go sa kgathalesege gore a mongwe o na le tsholofelo ya botshelo kwa legodimong kana o na le tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng la paradaise. Dikgato tseno tsa konokono ke tse di latelang: (1) go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo (Baroma 10:13-15); (2) go bontsha tumelo (Bahebera 11:6); (3) boikotlhao (Mathaio 4:17); (4) tshokologo (Ditihō 3:19); (5) boineelo (Luke 9:23); le (6) kolobetso (Mathaio 28:19). Ke morago ga fa dikgato tseno di sena go tsewa Modimo a ka tsayang kgato e e kgethegileng tebang le motho yo a tla bong a mo kgetha go nna mongwe wa ba ba 144 000, kana “lecomanyane.” Ka boikaelelo bofe? E le gore motho a nne morwa wa semoya wa Modimo ka tebelelo ya go nna moperisiti le kgosi le Keresete Jesu. (Tshenolō 20:4, 6) Go na le masalela fela a bana bao ba semoya ao a santseng a tshela, mme bano ke bone bao ka tshwanelo ba tshwanetseng go ja ga ditshwantshetso Leno he, ke lone lebaka leo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa e leng babogedi fela mme e seng baji.

Tlolaganyo le Segopotso

6. Ke ka baka lang fa bangwe ba ile ba ganelela mo go reng “dinku di sele” di tshwanetse tsa ja ga ditshwantshetso, mme ke potso efe eo seno se e tsosang?

6 Bangwe ba ile ba akantsha gore palo e e ntseng e golela-pele ya “dinku di sele” e tshwanetse ya ja ditshwantshetso Mogopolo wa bone ke o o reng: Ereka jaana “molaō, ka o no o na le moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla,” le gore e re ka nngwe ya dipatlafalo tsa Molao e ne e le gore Tlolaganyo e ketekwe ke Baiseraele le baeng ba ba rupisitsweng ka go tshwana, seno se tla kaya gore ditlhopha tsoo-pedi tsa baseka-dinku mo ‘letsomaneng le le lengwe’ tlase ga “modisa a le moñwe hèla” di je ditshwantshetso tsa Segopotso. (Bahebera 10:1; Yohane 10:16; Dipalō 9:14) Seno se tsosa potso e e botlhokwa: A Tlolaganyo e ne e le Segopotso sa mofuta mongwe?

7. Tlolaganyo e ne e le “moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di neñ di tla” ka ditsela dife?

7 Go boammaaruri gore dikarolo dingwe tsa go boloka Tlolaganyo mo Egepeto kwantle ga pelaelo di ne tsa diragadiwa mo go Jesu. Paulo o tshwantshanya Jesu le kwana ya Tlolaganyo, ka go re, “tlolaganyo ea rona e isicwe setlhabelo, eboñ Keresete.” (1 Bakorintha 5:7) Go kgatshiwa ga madi a kwana ya Tlolaganyo mo dikgorong le mo mephakalegong go ne go tlhomamisetsa phaloso ya batsalwa-pele ba legae lengwe le lengwe la Moiseraele. Ka mo go tshwanang, ke ka go kgatshiwa ga madi a ga Keresete go bo phuthego ya batsalwa pele ba ba kwadilweng kwa legodimong’ e amogela phalotso ya yone, kana “kgololo ka thekololo.” (Bahebera 12:23, 24; Baefesia 1:3, 7, NW) Gape-gape, go ne go se lerapo lepe la kwanyana ya Tlolaganyo leo le neng le tshwanetse go robiwa, mme seno le sone se ne sa bona tiragatso mo go Keresete Jesu. (Ekesodo 12:46; Pesalema 34:20; Yohane 19:36) Ka gone, go boammaaruri go bolela gore Tlolaganyo, ka ditsela tse di rileng, e ne e le nngwe fela ya dikarolo tse dintsi tsa molao tseo di neng di baakanyetsa ka “moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di neñ di tla.” Dikarolo tseno tsotlhe di ne di supela pele go Keresete Jesu, “Kwana oa Modimo.”​—Yohane 1:29.

8-10. (a) Ke mo ntlheng efe e e botlhokwa malebana le madi eo Tlolaganyo e farologanang le Segopotso? (b) Dikgolagano tseo di amana le Segopotso di supa pharologanyo e nngwe jang? (c) Seno se re gogela phetsong efe?

8 Lefa go le jalo, Tlolaganyo e ne e se setshwani sa Selalelo sa Morena tota-tota. Ka baka lang? Fa Tlolaganyo e ne e simolodisiwa mo Egepeto, nama ya kwanyana e e besitsweng e ne e jewa, mme go ne go se madi ape a kwanyana ya Tlolaganyo ao a neng a jewa. Lefa go ntse jalo, phapaanong le seo, fa Jesu a ne a simolodisa Segopotso sa loso lwa gagwe o ne a laela ka mo go tlhamaletseng bao ba neng ba le gone go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe tseo di neng di emelwa ke senkgwe le beine. (Ekesodo 12:7, 8; Mathaio 26:27, 28) Mo ntlheng eno e e botlhokwa-tlhokwa​—madi a—​Tlolaganyo e ne e se setshwani sa Selalelo sa Morena.

9 Go na le se sengwe gape seo se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho. desu o ne a bua ka dikgolagano tse pedi tse di tshwanang le barutwa ba gagwe, “kgōlaganō e ncha” le ‘kgolagano ya bogosi.’ (Luke 22:20, 28-30) Dikgolagano tsoo-pedi di ne di amana le gore ba bo ba tla nna baperisiti le dikgosi le Keresete Jesu. Mme kwa lseraele go ne go se moagi ope wa moeng yo o rupisitsweng yo o neng a ka nna moperisiti kana kgosi. Mo ntlheng eno, gape, re fitlhela phapaang magareng ga modiro wa Tlolaganyo mo lseraele le Selalelo sa Morena.

10 Jalo seno se felela ka gore re digele jang? Lebaka la go bo moeng yo o rupisitsweng a ne a ja ga senkgwe se se sa bidisiwang, digwere tse di botlhoko, le kwanyana ya Tlolaganyo ga le kae gore bao gompieno e leng ba “dinku di sele” tsa Morena ba ba leng gone mo Segopotsong ba je ga senkgwe le beine.

Botlhokwa jwa Go Nna Gone Mo Segopotsong

11. “Dinku di sele” di tshwanetse tsa nna gone mo Segopotsong ka mabaka afe a a botlhokwa?

11 Lefa go ntse jalo, a seno se supa gore ga go botlhokwa gore ba bangwe ba setlhopha sa “dinku di sele” ba nne gone mo ketekong ya Segopotso? Ruri ruri nnya! Eno ke paka ya gore balatedi botlhe ba seka-dinku ba ga Jesu ba gakologelwe Jesu ka tsela e e kgethegileng. “Dinku di sele” mo pakeng eo di gopola kafa di setseng di ile tsa solegelwa molemo ka gone ka ntlha ya tumelo ya bone mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete go ya bokgakaleng joo ka jone Jehofa a ba lebang jaaka ba ba ‘tlhatswitseng dikobo tsa bone, ba di sweufaditseng mo mading a ga Kwana.’ Ke sone se ba kgonang go “dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea [Modimo].” (Tshenolō 7:14, 15) Ba ka kgona gape go gakologelwa gore ba tshwanetse go tswelela ba ‘batla Jehofa, tshiamo, le kgobalalo’ ka tsholofelo ya go falodisiwa mo “letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa,” mme e re morago ba ipelele go bona boitekanelo jwa mmele. Labofelo ba ka kgona go kaiwa fa tota ba le tshiamo ke Jehofa, e le seo se tla nnang morago ga fa Jesu a sena go neela Rraagwe Bogosi.​—Sefania 2:2, 3; 1 Bakorintha 15:24; Tshenolō 20:5.

12. Ke melemo efe e e nnang gone ka go reetsa puo ya Segopotso?

12 Lebaka le lengwe gape le le botlhokwa la go nna gone ke ka go bo boammaaruri jo go buisanngwang ka Jone mo puong ya Segopotso bo gareng ga “dilō tse di boteñ tsa Modimo,” ‘dijo tse di loileng tsa banna ba ba godileng,’ e seng fela mashi a “ditshimologō.” (1 Bakorintha 2:10; Bahebera 5:13–6:1) Puisano ya Dikwalo e tla oketsa kanaanelo ya lorato loo Jehofa a lo supileng mo go tlhomeng thulaganyo ya Bogosi e e gakgamatsang go segofatsa losika lwa motho. Mme gape ke paka ya go ‘leba kwa go Jesu, mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona.’ Le ka motlha re seka ra tsaya ga motlhofo lorato loo Jesu a le re supeditseng, kana dipogo tseo a ileng a tsena mo go tsone ka ntlha ya rona. (Bahebera 12:2, 3) Mme gape, rotlhe re ka dumalana gore bontsi jwa dintlha tse di tlhokegang tseo Jesu a neng a di buisana le baaposetoloi ba gagwe fa a ne a simolodisa Segopotso​—dintlha mabapi le kutlwano, lorato, le go galaletsa leina la ga Jehofa—​di ka abalanwa le “dinku di sele” gammogo le ke “lecomanyane.”

Go Bontsha Kamego e e Lorato ka Botlhe

13. Ke ka baka lang fa go le botlhokwa gore ditshwantshetso di fetisediwe go botlhe ba ba gone?

13 Go botlhokwa gore mongwe le mongwe yo o gone mo selalelong sa Morena a gakololwe ka motlhala oo o neng wa simololwa ke Jesu. Go abalanwa ga senkgwe le beine go thusa go oketsa kanaanelo ya rona ka dilo tse di boitshepo tseo go ileng ga buisanngwa ka tsone mo maitseboeng ao. Go kgonisa gape gore mongwe le mongwe wa rona a itshupe kaga seo tsholofelo ya gagwe mo botshelong e leng sone​—gore a ke ya legodimo kana ya lefatshe.a Go latela motlhala o o tshwanetseng go dumalanya phuthego le seo se dirwang mo lefatsheng ka bophara mo maitseboeng ao.​—1 Bakorintha 14:40.

14. Bagolwane ba ka bontsha jang kamego e e lorato ka mongwe wa batlodiwa yo o lwalang mo bosigong jwa Segopotso?

14 A re re mongwe wa batlodiwa mo phuthegong o a lwala kana ga a kgone go nna gone mo Segopotsong. Go tweng he jaanong? Go tshwanetswe ga dirwa maiteko otlhe a gore mongwe wa bagolwane a ise ditshwantshetso go Mokeresete yoo yo o lwalang mme, fa go ka kgonega, mogolwane o ka dira dikakgelo di sekae tse di tshwanetseng pele a ka neelana ka ditshwantshetso le go tswalela ka thapelo e e tshwanelang. Abo motho yo o lwalang o tla ikutlwa a kgothaditswe jang ne! Ditiro tse di ntseng jalo tsa kamego e e lorato di etleetsa moya wa lorato moteng ga phuthego. (Bona gape tsebe 32.)​—Pesalema 133:1.

15. Tlhalosa dingwe tsa ditsela tseo ka tsone go ka bontshiwang tlotlo mo Selalelong sa Morena ka gone.

15 Go ile ga tsosiwa dipotso tse dingwe tse di tshwaegang mabapi le motlhala oo ka one Segopotso se ka tsamaisiwang ka one le mofuta wa ditshwantshetso tseo di ka dirisiwang. Dikarabo tsa dipotso tseno di tla fitlhelwa mo tsebeng ya 19 tlase ga “Go Bontsha Tlotlo mo Selalelong sa Morena.” Bagolwane ba ba ikarabelelang ba tla bo ba dira sentle fa ba ka latela ka kelotlhoko seo se rulagantsweng moo.

Tlhokafalo ya Boitlhatlhobo

16, 17. (a) Ke potso efe eo bangwe ba e boditseng mabapi le go tlhakanela mo Segopotsong, mme ke mang fela yo o ka neelang karabo? (b) Modimo o baakanyetsa jang ka bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa yo o tsetsweng ka moya wa gagwe?

16 Go na le bangwe bao ba tshwentsweng ke dipelaelo tsa gore a ba ka ne ba tshwanelegela go ja ditshwantshetso. Kakabalo eno gantsi e tsoga dibekenyana pele ga keteko e nngwe ya Selalelo sa Morena. Gantsinyana dipotso tse di ntseng jalo di tlhagisiwa ke bangwe ba bao ba sa tswang go kopanela le Basupi ba ga Jehofa bosheng. A o mongwe yoo dipelaelo tsa mofuta ono di ileng tsa kgabaganya mo mogopolong wa gago? O ka tlhomamisa jang tsela e e siameng go ka e tsaya?

17 Paulo o ne a hakela seno mabapi le Selalelo sa Morena: “Me a motho a ipotsisè, me yalo a itse go ya senkgwè le go nwa senwèlō.” (1 Bakorintha 11:28, 29) A o tlhokometse gore Paulo a re e tshwanetse ya nna wena o ‘ipotsisang’? Legale, ga go phoso go buisanya kgang e e ntseng jalo e e masisi le Mokeresete mongwe yo o godileng, mme wena o le nosi o tshwanetse wa tlhomamisa kamano ya gago ya sebele le Jehofa le Morwawe. Modimo ga a tlogele ope wa ba ba 144 000 a na le pelaelo epe. Re tlhomamisediwa jaana: “Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo.” Ke moya wa Modimo o o tsitsibosang pelo ya leloko lengwe le lengwe la mmele wa ga Keresete tlhatswegopelo ya gore ke mongwe wa barwa ba semoya ba Modimo. Yo o kgethilweng o itse seno mme ga go na gore o ka botsa mongwe o sele mo phuthegong go mo tiisetsa seno.​—Baroma 8:15, 16.

18. Ke dintlha dife tsa ditiragalo mabapi le “dinku di sele” tseo di leng botlhokwa go rona?

18 Ditiragalo tsa bosheng tsa Basupi ba ga Jehofa di bontsha gore fa e sale ka 1981 tlhokomediso e e oketsegileng e ile ya simolola go neelwa “dinku di sele” ka molaetsa wa Bogosi. Mme ya re ka May 31, 1935, ka puo e e neng e re “The Great Multitude,”b “boidiidi yo bogolo” joo moaposetoloi Johane a neng a bo bona mo ponatshegelong bo ne jwa kgethololwa ka phepafalo le “dinku di sele.” Kgatelelo e ntšha eno e ne e supa eng? Gore go phuthiwa ga “lecomanyane” eleruri go ne go fitlha mo bowelong mme jaanong nako e ne e tsile ya gore Jesu, ka tsamaiso ya “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” a lebise tlhokomelo mo go phuthiweng ga “dinku di sele.”​—Mathaio 24:45-47.

19. Ke boitlhatlhobo bofe jo bo ka tshwanelang ba ba sa leng basha bao ba ileng ba iphaka fale le bangwe ba batlodiwa?

19 Ka go tlhaloganya seno sotlhe, re raya jaana botlhe bao bosheng ba ileng ba kopanela le batho ba ga Jehofa mme gongwe ba ile ba dira boiphako jwa gore ke bangwe ba setlhopha sa batlodiwa: Tlhatlhobang ka kelotlhoko kamano ya lona le Jehofa. Ipotse, A tsholofelo ya selegodimo eo ke iphakang fa ke na nayo ka mokgwa mongwe ke masalela a dithuto tsa pele tsa kereke tsa gore maloko otlhe a kereke a ya kwa legodimong? A tsholofelo ya me ka tsela nngwe e amana le keletso nngwe ya bogagapa kana maikutlo? Paulo o ne a re: ‘Go retetse mo Modimong go aka.’ (Bahebera 6:18) Lefa e le one moya o o boitshepo o o tsalang ga o kake wa aka. Ka gone, mongwe le mongwe yo ka mmatota a tsetsweng ka moya wa Modimo ga a nnele gore ka metlha a bo a ntse a tshwenngwa ke dipelaelo mme o kgona go neela bosupi ka segakolodi sotlhe se se molemo gore ke mongwe wa bana ba Modimo.

Keteko ka 1985

20. Segopotso se na le botlhokwa bofe mo Basuping ba ga Jehofa?

20 Kwantle ga pelaelo, Selalelo sa Morena, ke keteko e kgolo mo ngwageng mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri Ga go na paka epe e nngwe e e tshwanang le yone ka botlhokwa, boikaelelo kana motlhala. Jalo he, jaaka fa lefatshe le ntse le tswelela go dikologa mo aseng ya lone, le lere kotlomelo ya letsatsi go dikologa lefatshe, phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, e kgolo kana e potlana ka go tshwana, le setlhopha sengwe le sengwe se se kwa thoko, di tla kopana mmogo ka kutlo ya taolo ya Morena.

21. Ke boikutlo bofe le ditebelelo tseo Segopotso ka 1985 se di tsosang mo dipelong tsa batho ba Modimo?

21 Barutwa botlhe ba seka-dinku ka gone ba itumedisiwa go feta ke tebelelo ya go arola mmogo mo ketekong e nngwe ya Segopotso. Ekete paka e ya ngwaga ono e ka itshupa e le nako ya kgothatso e e agang mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa. Ekete e ka tsenya mo go bone moya o o tshwanang wa tlhomamisego e e tshwanang le ya Motlhoma-sekao wa bone, Jesu Keresete, yo o neng a re: “Nametsègañ; ke hentse lehatshe.”​—Yohane 16:33.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo phuthegong nngwe e kgolo, tlwaelo e ne e le gore ba ba abang ditshwantshetso ba emele kafa bofelong jwa tlhomagano nngwe le nngwe ya ditilo mme ba kaelane ka diatla le bao ba ntseng fa fatshe. Mongwe fela yo o neng a batla go ja o ne a tshwanetse go supa seo go yo o tsamaisang. Lefa go ntse jalo, jaaka fa go supilwe fa godimo, seno ga se a tshwanela.

b Puo e ne ya neelwa kwa Washington, D.C., ke J. F. Rutherford, mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society.

A O Ka Gakologelwa–

◻ Ke ka baka lang fa Tlolaganyo e ne e se Segopotso sa mofuta mongwe?

◻ Ke dikgato dife tse thataro tseo di tshwanetseng go tsewa pele ga go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu?

◻ Ke ka baka lang fa go nna gone ga gago kwa Segopotsong go le botlhokwa-tlhokwa?

◻ Ke ka baka lang fa boitlhatlhobo bo le mosola pele ga Segopotso?

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Go Bontsha Tlotlo mo Selalelong sa Morena

Ditshwantshetso tse di Tla Dirisiwang

Senkgwe se se sa bedisiwang: Senkgwe, se se etsang di-matzoth tsa Sejuda, tseo di sa tswakiwang ka sepe, di dirilwe fela ka boupe jwa korong le metsi di ka dirisiwa. Lo seka lwa dirisa di-matzoth tseo di tswakilweng ka metswako e e etsang letswai, sukiri, momela, mae kana dikwii. Lo ka itirela senkgwe sa lona se se sa bedisiwang ka motlhala ono wa kapei: Tlhakanyang kopi e le nngwe le halofo ya boupe jwa korong (fa bo seyo, dirisang boupe jwa raese, jwa mabele kana bongwe fela) le kopi e le nngwe ya metsi, lo dira tlhama e e boruma. Go tswa foo lo bo lo papetla tlhama eno bosesane. E tsenyeng mo paneng e e besetsang le go e tlhaba-tlhaba maroba a masesane ka foroko. E beseng mo obeneng go fitlhelela e omelela le go kokoropana.

Beine: Dirisang beine e khibidu ya moretlwa (grapes) e e sa tswakanngwang le sepe jaaka Chianti, Burgundy, kana claret. Tilang dibeine tse di tlhotlhilweng tseo di pharantsweng bojalwa, jaaka sherry, port kana muscatel. Le se dirise dibeine tse di nang le metswako kana tse di lokilweng ka digwere, jaaka Dubonnet le dibeine tse dingwe tse di rokolotsang mathe. Beine e khibidu e e itiretsweng mo gae e e sa lokwang ka sukiri, e sa tswakanngwa kana e sa pharanngwa sepe, le yone e ka dirisiwa.

Paakanyetso ya Holo ya Bogosi

Tafole ya ditshwantshetso: Apesang tafole ka letsela le le phepa la tafole le dipoleiti tse di lekaneng le digalase tse di nwelang tseo di tla dirisiwang sentle. Senkgwe se ka rojwa-rojwa le beine ya tshelwa pele ga pokano. Jesu o ne a seka a tlhoma motlhala ope o o tshwanetseng go latelwa jaaka mokgwa mabapi le tiro eno. Fa maemo a batla jalo, apesang ditshwantshetso ka letsela le le phepa go di sireleletsa mo dintsing.

Baabi: Laelang go sa le gale ka motlhala o o tla latelwang gore go tilwe tiego lefa e ka nna efe kana go etsaetsega mo go abeleng botlhe ba ba gone ditshwantshetso, go akareletsa le sebui le ba ba abang.

Batlhokomedi: Go tshwanetse ga nna le batlhokomedi ba ba lekanetseng sentle pele ga pokano e simologa e le gore botlhe ba tle ba amogelwe fa ba goroga le go fiwa manno.

Mekgabiso ya dithunya: Eno e ka baakanyediwa, mme e tshwanetse ya nna motlhofo fela le go lebega sentle.

Thulaganyo ya Pokano

Nako ya keteko: Lemororo puo e ka simologa pelenyana, ditshwantshetso ga dia tshwanela go abiwa go fitlhela letsatsi le kotlomela. Go tshwanetswe ga tlhomamisiwa go ya ka maemo a lefelo gore phirimo ya letsatsi e leng ka April 4 mo nageng ya lona.

Puo ya Segopotso: Sebui se tshwanetse sa ipaakanyetsa sentle e le gore se tle se neelane ka yone go ya fela kafa nakong e e beilweng. E tshwanetswe ya neelwa ka phepafalo le go kgothatsa botlhe ba ba gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Segopotso se tiisa lorato mo go Jehofa le go Morwawe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela