Go Lebana Le Motlha Ono wa Thubakano Ka Tsholofelo
“[Jehofa], Morena Modimo o buile, e be e le mañ eo o ka nnañ hèla a sa perofese?”—AMOSE 3:8.
1. (a) Malebana le leina la ga Jehofa, ke tshiamelo efe e kgolo e re nang le yone? (b) Ke jang Jesu le Paulo ba neng ba tlotlomatsa Jehofa le leina la gagwe?
“JEHOFA Morena Modimo”—abo mafoko ao a tlhalosa Mmusi yo Mogolo wa lobopo ka botswerere jang ne! Lemororo makoko a ditumelo a le kgatlhanong le seo, ke tshiamelo e kgolo thata go bitsa Jehofa ka leina, go nna le botsalano jo bo atamalaneng le Jehofa le go bolela leina la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe go ba bangwe. Morwawe, ebong Jesu, fa a ne a le mo lefatsheng o ne a re: “Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, . . . go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō.” Fa a ne a rapela Jehofa, o ne a re ka barutwa ba gagwe: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise.” Mme moaposetoloi Paulo, fa a ne a tsopola baperofeti ba bogologolo ba Bahebera, o ne a re: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya [ga Jehofa] o tla bolokwa.”—Luke 4:18; Yohane 17:26; Baroma 10:13; Yoele 2:32.
2. (a) Amose o ne a godisa Jehofa ka tsela efe? (b) Tumalanong le bokao jwa leina la ga Amose, o ne a amogela kabelo efe?
2 Amose e ne e le mongwe wa baperofeti bao ba bogologolo. O ne a tlotlomatsa leina la ga Jehofa, polelwana “Jehofa Morena Modimo” e bonala makgetlo a le 21 mo bukeng ya gagwe ya Bibela. Leina Amose le raya “Go Sikara Morwalo.” Ka boammaaruri, o ne a sikara morwalo o o bokete wa boikarabelo, jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa gompieno ba dira. Amose e ne e le morui wa dinku mme gape e le molemi wa ditlhare tsa maungo, mme go bonala gore o ne a se ka a rutelwa tiro ya gagwe ya boperofeti kafa mokgweng. Lefa go le jalo go bonala sentle fa a ne a tlwaelane le Lefoko la Modimo, mme moya wa ga Jehofa o ne o le mo go ene gore a diragatse kabelo ya gagwe e e bokete. Eo e ne e le eng? E ne e le go tlogela legae la gagwe mo Juda, le go ya jaaka morongwa kwa ditsong tse some tsa bogosi jwa Iseraele jwa botenegi kwa bokone. Fa a le koo, mo Iseraela, ka motse-mogolo wa yone kwa Samaria, o ne a tshwanelwa ke go bolela molaetsa wa katlholo o o sa tlwaelegang segolo-bogolo.
3. Ke “leōma” lefe le le mo nakong leo le neng la senolwa ka Amose?
3 A Amose o ne a gana kabelo eno? Gotlhelele nnya! Eo e ne e le metlha ya thubakanyo, mme batho go ne go tlhokafala gore ba gakololwe le eleng ka go atamela ga “motlha o o boshula segolo.” Matshelo a bone a ne a kgonosetse mo go jeng le go nweng. Fa ba ne ba kgophaletse mo malaong a dinaka tsa ditlou le dikanamelo tsa bone tsa letlotlo, ba ne ba sa akanye sepe kaga Jehofa le kobamelo ya gagwe ya boammaaruri. (Amose 6:3-6) Jehofa o ne a ikaelela go ba otlhaya, mme sa ntlha ba ne ba tshwanetse go amogela tlhagiso ya seperofeti. Tumalanong le seno, Jehofa ka boene o ne a re: “Ruri [Jehofa] Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”—Amose 3:7.
Tiragatso ya Motlha wa Segompieno
4. (a) Ke ka ntlhayang fa polelelo-pele ya bogolo-golo e ile ya bolokiwa? (b) Bokao jwa yone bo itsisiwe ka mosele ofe jaanong?
4 A polelelo-pele eno ya bogologolo e na le bokao go rona gompieno? Ee, e na le molaetsa o o maatla go rona! Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le ne la sobokanngwa tlase ga kaelo ya bomodimo, mme le ile la bolokiwa go tla go fitlheng le eleng “kwa motlheñ oa bokhutlō” go solegela batho ba Modimo molemo bao “dikhutlo tsa metlha di wetseñ mo go [bone].” Bokao jwa yone jwa seperofeti re bo itsisiwe ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” setlhopha seo sa Bakeresete ba ba tloditsweng bao Morena, Jesu Keresete, a ba dirisang go baakanyetsa ka “diyō [tsa semoya] ka dipaka tse e leñ cōna” go batho botlhe ba Modimo.”—Daniele 12:4; 1 Bakorintha 10:11; Mathaio 24:45-47.
5. Re tshwanetse ra arabela jang mo mafokong a ga Jehofa go Amose 3:8?
5 A re tsaya “leōma” leno la polelelo-pele ya ga Amose jaaka sengwe se se seng botlhokwa mo go kalo, seo se ka tlhokomelwang fela fa nako e le teng, jaaka go ka bo go ntse? Tota, fa e le gore re ne re le nosi mo sekgweng se se atlhameng, mme ka tshoganyetso tidimalo ya satlhamololwa ke go duma ga tau, re ne re tla itshwara jang? Mo seemong seo sa botshelo le loso, a re ne re se kitla re tsaya kgato ka potlako? Re ne re se kitla re diega! Ka jalo, a ga rea tshwanela go supa karabelo e e tshwanang mo mafokong a seperofeti a ga Jehofa? Jehofa ka boene o bolela ka go re: “Tau e dumile, e be e le mañ eo o se ketlañ a boiha? Yehofa [Morena] Modimo o buile, e be e le mañ eo o ka nnañ hèla a sa perofese?” (Amose 3:8) Ka jalo he, go botlhokwa-tlhokwa, gore re itsise ba bangwe polelelo-pele eno le bokao jwa yone. Mme jang?
‘Tsamaya O Perofese’
6. La-Bodumedi o emela ka ditsela dife Samaria wa bogologolo?
6 Taolo ya ga Jehofa e e neng e ya go Amose e ne e le: “Ea, u perofesetsè batho ba me ba Iseraela.” (Amose 7:15) Bogosi joo jwa botenegi jwa Iseraela bo na le setshwani sa jona gompieno mo go La-Bodumedi yo o lebegang a rata dilo tse di bonalang, o itshetlegile ka thubakanyo kana ka pōpō ya thubakanyo gore a falole, ebile o ferosiwa sebete ke Jehofa Morena Modimo, le go ila leina la gagwe. Fa e le kaga sereto “Bokeresete,” o apere seno fela jaaka lotshwao, ka go bo La-Bodumedi o eme kgatlhanong le Bogosi jo bo gorogang jwa ga Keresete jwa tshiamo. Jesu ka boene o tlhalosa ditumelo tseo tsa La-Bodumedi jaaka “bao ba dihañ tshiamololō.”—Mathaio 7:21-23.
7, 8. (a) Katlholo ya La-Bodumedi e ile ya ‘utlwadiwa’ jang kgato ka kgato mo dingwageng tse di fetileng? (b) Ke ‘kgololo’ efe e e ileng ya bolelelwa “batshwarwa,” mme ka matswela afe?
7 Fa e sale go tlhomiwa ga Bogosi mo magodimong ka 1914, setlhopha sa ga Amose sa motlha wa segompieno, eleng Basupi ba ga Jehofa, ba ile ba bolelela La-Bodumedi letsatsi la pusoloso la ga Jehofa. Tlhagiso e e popota e ne ya utlwadiwa go ralala La-Bodumedi ka 1919 go ya go 1939 segolo-bogolo, mme seno se tswelela nako kgolo ke eno. Mo Basuping ba ga Jehofa, dingwaga tsa Ntwa ya Lefatshe II, 1939-1945, e ne e le nako ya dipogiso, mme gape e le nako ya go rulaganngwa sesha gape. Ka 1943, Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead se ne sa simolola go thapisa barongwa go ya masimong a sele, mme kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe II bano ba ne ba romelwa mo nageng e nngwe le e nngwe go atolosa bosupi jwa Bogosi. Tiro mo mafatsheng a La-Bodumedi ka gone e ne ya atolosiwa, segolo-bogolo mo Italy, Portugal, Spain le naga e kgolo ya Latin America.
8 Pitso e ne ya nna, ‘tsamaya, o perofese’! Malapa a a ineetseng a ne a fuduga go tswa Canada, United States, British Isles, Yuropa le mafatshe a Australia le Asia go kopanela le barongwa mo masimong a masha koo tlhokafalo e neng e le kgolo gone. Ka tsholofelo ba ne ba utlwatsa seo ‘Jehofa Morena Modimo ka boene a se buileng.’ Moya wa ga Jehofa o ile wa nna mo basuping ba gagwe go bolela, mo selekanyong sa kgolokwe, “letsatsi ya pusholoshō” la Modimo mo go LaBodumedi, le gape ‘go bolelela batshwarwa ba bodumedi jwa maaka kgololo.’ (Isaia 61:1, 2; Sekaria 4:6) Ka gone, mo lobakeng lwa dingwaga tse 40, go ne ga felela ka koketsego e e gakgamatsang mo palo-gareng ya kgwedi le kgwedi ya Basupi ba ba utlwatsang Bogosi: go tswa go 109 794 ka 1943 go ya go 2 501 722 ka 1983.
Setshwani sa Kgolokwe
9, 10. (a) Mokgosi mo motlheng wa ga Amose o ne wa dirwa go ya bokgakaleng bofe, mme ke eng se se tsamaelanang le seno gompieno? (b) Jaaka go tshwantsheditswe ke polelelo-pele ya ga Amose, bao go tweng baheitane ba ile ba tla go leba La-Bodumedi jang?
9 Seno se latela setshwani sa motlha wa ga Amose, fa polelo ya katlholo e ne ya tshwanelwa ke go utlwadiwa gape le mo Ashedoda—lefelo legolo la kobamelo ya boheitane gautshwane le Filisitia—le eleng go fitlha kgakala kwa Egepeto. Ka go bo Jehofa Morena Modimo o ne a bua, a re: “Utlwatsañ mo matluñ a dikgosi kwa Ashedoda, le mo matluñ a dikgosi mo lehatshiñ ya Egepeto; me lo re, Phuthègèlañ mo dithabeñ tsa Samaria, me lo bōnè dipheretlhō tse dikgolo tsa gōna, le dipatiko tse di mo gare ga gōna. Gonne ga ba itse go diha tshiamō, go bua Yehofa, eboñ ba ba bolokañ tsa thubakanyō le bogodu mo matluñ a bōnè a dikgosi.”—Amose 3:9, 10.
10 Ka mo go tshwanang, polelo ya motlha wa segompieno ya pusoloso ya ga Jehofa e e tla diragadiwang mo go La-Bodumedi e ile ya anamela kgakala kgakala le eleng go feta sebaka sa gagwe—kwa Afrika, ditlhake tsa lewatle le dikarolo tse dintsi tsa mafatshe a Botlhaba. Jaaka Egepeto a dirisiwa mo Bibeleng jaaka setshwantsho sa lefatshe lotlhe le le boikepo le le kgaoganeng le Modimo, ka jalo molaetsa wa katlholo wa La-Bodumedi o ile wa bolelwa mo selekanyong sa kgolokwe. (Bapisa Isaia 19:19, 20.) Merafe e mentsi e go tweng ke ya “boheitane” e ile ya ela tlhoko sentle ‘tshokamo, boferefere, bokgopo, bothubaki le bogodu’ mo go La-Bodumedi. Go ralala makgolo a dingwaga, ba ile ba elatlhoko gore barongwa ba La-Bodumedi ba ile ba nna le seabe mo dintweng le ditsogologelong tsa megopolo mme ba di goga kwa pele thata mo papading ya merafe-rafe ya ditlhobolo le diokobatsi. Fa morongwa wa Watch Tower a simolola go bua le Mobuddah, gantsi o kgatlhantshiwa ke kganetso: ‘Lebelela seemo sa boitsholo jwa Bakeresete; rona Mabuddah re na le maitsholo a mantle, ka jalo ke ka baka lang fa re tshwanetse go fetoga?’ Morongwa o tshwanetse a go papamatsa gore tumelo ya La-Bodumedi e farologane thata le Bokeresete jwa Bibela. Ke fela ka go dira jalo a ka simololang go sekegelwa tsebe.
11. Sebodu sa mo Asiria se dumalana le eng gompieno?
11 Fela jaaka Samaria wa bogologolo, ka jalo mo go La-Bodumedi, mapolotiki le basimegi, bagolo le bannye, “ga ba itse go diha tshiamō.” Gape, mo mafatsheng a mantsi a go tweng ke a “Bokeresete,” bothubaki le boganana di gobea mo mebileng. (Mathaio 24:3, 12) Seno se phapaanong fela thatathata le maemo a a kagiso thata mo mafatsheng a mantsi a “e seng a Bokeresete.”
12. La-Bodumedi o ntse a ikokoanyetsa jang “thubakanyō le bogodu”?
12 “Thubakanyō le bogodu” e rulaganyediwa ka selekanyo se se tsitsibanyang mmele mo seemong sa merafe-rafe. Ga go a lekanela fela gore merafe ya La-Bodumedi e ne e le batlhotlheletsi ba dintwa tse pedi tsa lefatshe, ka go bo ka tsona ba sikere molato wa madi malebana le kgatlampolo ya batho ba ba ka nnang 69 000 000. Gone jaanong La-Bodumedi ke karolo e kgolo thata ya go betabetana magareng ga mafatshe a mabedi a a lwelang bolaodi, “kgosi ea borwa” le “kgosi ea botsheka,” mo go felelang ka gore merafe ya lone e dumalane le go beiwa ga dibetsa tse di maswe-maswe tsa nuklea mo mafatsheng a bone.
13. Babueledi ba bopolotiki ba thubakanyo ba ile ba nna le seabe sefe mo go diragatseng Daniele 11:40 le Luke 21:25?
13 Fa a ne a etetse kwa Japane, mmueledi mogolo wa “kgosi ea borwa” o ne a re: “Bomosola fela jwa go nna le dibetsa tsa nuklea ke go tlhomamisega gore di se ka tsa ba tsa dirisiwa—le ka motlha.” Tota he jaanong ke ka ntlhayang fa ba na natso? Ke ka go bo Satane modimo wa lefatshe leno, o kabeletse merafe mo kakabalong eo ba ka sekeng ba iphalotsa go yone. Malebana le go ‘kgarametsa’ ga “kgosi ea borwa,” mmueledi mogolo wa “kgosi ea botsheka” o ne a bolela gore go tlhomilwe leitlho ka dimisaele tsa nuklea tsa “medium-rage” mo nageng kgolo ya U.S. ka “go tlhoma tsa bone mo lewatleng le mo dinokeng.” Seno sotlhe se diragatsa polelelo-pele ya ga Jesu malebana le “pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintelō.”—Daniele 11:40; Luke 21:25; Tshenolō 12:9, 12.
14. Boemo jono le matswela a jone bo re gakolola ka ditsela dife ditiragalo tsa motlha wa ga Noa?
14 Nako eo setho se ileng sa lebagana le bogodu jo bo ntseng jalo ka yone, gammogo le pōpō ya bothubaki jo bogolwane, e ne e le mo metlheng ya ga Noa. Pego ya ditso ya motlha wa ga Noa e balega ka go re: “Me Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. . . . Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” Ka ntlha ya go bola le thubakanyo tseo, Jehofa o ne a senya baikepi ka Morwalela. Gape, gompieno, o ikaeletse go “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Genesise 6:5-13; Tshenolō 11:18; Luke 17:26, 27.
Go Thopiwa ga La-Bodumedi
15. Jehofa o ne a dirisa jang “moganetsi” go diragatsa katlholo mo go Asiria?
15 Bofelelo e tla nna eng ka thulano ya maatla a mabedi a lefatshe? Jehofa o na le sengwe go se bua ka ga gone, jaaka re bala mo go Amose 3:11: “Ke gōna ka mouō [Jehofa] Morèna Modimo o bua yana: a re, Go tla nna moganetsi, eboñ mo tikologoñ ea lehatshe: me o tla holosa thata ea gago mo go wèna, me matlo a gago a dikgosi a tla thopiwa.” “Moganetsi” yono ke mang? Morago koo mo motlheng wa ga Amose “moganetsi” e ne e le Bolaodi jwa Lefatshe jwa Asiria. Nonofo ya sesole sa Asiria e ne ya dirisiwa ke Jehofa mme ya dirisiwa ke ene jaaka “thobane” ya tshwantshetso go ntshetsa Samaria wa botenegi katlholo, le eleng fela jaaka go tlhalosiwa go Isaia 10:5, 6: “Hèè, Moasiria, thobane ea bogale yoa me, wèna eo serobi se se mo seatleñ sa gago e leñ kgakatsègō ea me. Ke tla mo roma a ea go tlhasèla morahe o o matlhapa, ke tla mo laèlèla batho ba ke ba galehetseñ, gore a tseè thopō, a bè a tseè kgapō, le go ba shōbōtla yaka serètsè sa mebila.”
16. (a) Tshenolō 17 e tlhalosa jang thulano e e tsamaelanang le eo gompieno? (b) Ke ditiragalo dife tse di supang gore katlholo ya La-Bodumedi e gaufi?
16 Ka mokgwa o o tshwanang, Jehofa o tla tlisa “thobane” le “selèpè” sa gagwe sa Moasiria wa motlha wa segompieno se se tlhomeletseng ka dibetsa go ntshetsa La-Bodumedi wa botenegi katlholo. Tota, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jotlhe jwa maaka, Babelona o Mogolo, ka ponyo ya leitlha o tla swafadiwa ke “dinaka” tse di galefileng mebuso ya sepolotiki ya sesole eo gompieno e leng maloko a merafe ya U.N. (Isaia 10:15; Tshenolō 17:5, 16, 17) Medumo ya go atamela ga thulano eo e ntse e utlwiwa gantsi le mo dikgannyeng tsa letsatsi. Ka sekai, U.S.News & World Report bosheng jaana e ne ya bolela seno: “.Ga se fela mo Poland mo Bokatoliki le Bokomanisi go lebegang bo tla tloga bo opana. Go ralala Yuropa Botlhaba, dikamano gareng ga kereke le mebuso ya Bokomanisi di ile tsa nna le dikgotlhang tse di maswe fela thata fa e sale John Paul II wa Poland a nna Mopapa ka 1978. Go bonala go na le boseitaileng ba bo bishopo mo gareng ga Katoliki ya Roma mo mafatsheng a Soviet. . . . Go gompala mo go golo thata ga Mopapa ka Katoliki go tlisitse boemo jwa thulano. . . . Mebuso ya Makomanisi ga e fitlhe sepe gore ga e jeswe di welang ke Mopapa.”
17. Buka ya ga Amose, le dipolelelo-pele, tse dingwe di reng ka ga go thopiwa ga bodumedi jwa maaka?
17 Ka gone go tla diragala fela jaaka Jehofa a boletse mo go Amose 3:15; “Le matlo a dinaka tsa ditlou a tla nyèlèla, le matlo a magolo a tla nna le bokhutlō, go bua Yehofa.” Letlotlo le lehumo la La-Bodumedi di tla swafadiwa gammogo le naga yotlhe ya bodumedi jwa maaka.—Esekiele 7:19; Tshenolō 18:15-17.
18. (a) Ke kgato efe ya boikgodiso eo e tla tsewang ke “Moasiria” go tswa foo? (b) Seno se tla thibogela eng, mme ka matswela afe mo bathong ba ga Jehofa?
18 Lefa go ntse jalo, a seno se tla raya kgololo ya ponyo ya leitlho go batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa—mo dikgobong, dipogisong, dikgatelelong tseo lefatshe la ga Satane le di koegileng mo go bone? Nnya, e tla bo e ise e nne nako! Ka go bo “thobane” le “selèpè”—“Moasiria” yoo o gapilweng tlhaloganyo ke bopolotiki yo Jehofa a neng a mo dirisa go ntshetsa La-Bodumedi wa motenegi katlholo—ka boikgodiso o tla itlotlomatsa kgatlhanong le Jehofa, ka go retologela mo basuping ba Gagwe ba ba ikanyegang mono mo lefatsheng. Mme ke lefela la mafela! (Isaia 10:15-19) Jaaka moaposetoloi Johane a ne a go bona mo ponatshegelong, “dikgosi tsa lehatshe,” Mebuso ya sepolotiki ya “sebatana” ya UN. e tla phuthegela go tlhabana kgatlhanong le “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna” wa Modimo yo o mo setilong sa bogosi. Seo se tla tshwaya Hara-Magedona, ntwa “ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” E tla nna nyeleletso ruri ya masomosomo otlhe a lefatshe la ga Satane, mme e bo e le poloko go “leha e le mañ eo o bitsañ leina ya [ga Jehofa].”—Tshenolō 16:14, 16; 19:11, 16, 19-21; Baroma 10:13.
19. Sekao sa ga Amose le tiragatso ya polelelopele ya gagwe kgatlhanong le Samaria se tshwanetse sa re tlhotlheletsa ka tsholofelo efe?
19 Ka jalo he, o lebana le motlha ono wa thubakanyo jang? Eleruri ka tsholofelo ya gore Jehofa o tla tlotlomatsa Lefoko la gagwe la boperofeti! Mme ka boitsetsepelo jo bo jaaka jwa ga Amose, yo o neng a rera molaetsa o o sa tlwaelegang wa katlholo go batho ba botenegi! Mme wena ka sebele, o ka falola mme wa ipelela Thulaganyo e Ntšha e ntle eo Jehofa Morena Modimo a e baakanyetsang bao ba mo ratang jang? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.
[Dipotso tsa Poeletso]
◻ Amose o ne a le sekao se se molemo jang go rona mo go lebaneng le metlha e e thubakanyang?
◻ Ke “leōma” lefe leo jaanong re nang le tshiamelo ya go le ‘utlwatsa’?
◻ Samaria wa bogologolo o tshwantshetsa La-Bodumedi ka ditsela dife?
◻ Motlha ono wa thubakanyo o tla fela jang, mme ke eng se se supang gore seno se gaufi?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Jehofa Morena Modimo o ne a romela Amose wa modisa go utlwatsa molaetsa o o sa tlwaelegang
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Go Babelona o Mogolo, ‘Go Kwala mo Leboteng’