LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/15 ts. 8-13
  • Nisane 14—Letsatsi la go Gopolwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nisane 14—Letsatsi la go Gopolwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi la go Gakologelwa
  • Go Diragetseng? Se Rayang?
  • Kgalalelo, Lorato, le Kutlwano
  • Lebaka la Go Bo Sejo sa Morena sa Maitsiboa Se go Ama
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Segopotso (Sejo sa Morena sa Maitseboa)
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/15 ts. 8-13

Nisane 14​—Letsatsi la go Gopolwa

“Dihañ mo lo nkgopole ka gona.”​—1 BAKORINTHA 11:24.

1. Jesu o ne fenya lefatshe jang?

“NAMETSÈGAÑ; ke hentse lehatshe.” Ka mafoko ao a kgomotso le kgothatso, Jesu o ne a nonotsha baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11 bosigo jwa pele ga a swa. Jesu o ne a itshupile fa a le mofenyi wa lefatshe! O ne a ile a ganetsa ka katlego thaelo nngwe le nngwe ya Mmaba wa gagwe, Satane Diabolo, go roba boikanyegi jwa gagwe go Jehofa. Mme jaanong, a lebaganwe ke loso mo thupeng ya tlhokofatso mo dioureng di sekae, o ne a tlhomamisega gore o ne a tla tshegetsa tsela ya gagwe ya bothokgami jo bo ikanyegang go ya fela kwa bofelong.​—Yohane 16:33; Bahebera 12:2.

2. Ke ka baka lang fa Jesu a ne a simolodisa “Selalèlō sa Morèna”?

2 Tiragalo eno e e botlhokwa mo lobopong lotlhe e ne ya diragala dingwaga tse di sekete, makgolo a hera bongwe, masome a matlhano le bobedi tse di fetileng, ka letsatsi la bo 14 la Nisane, kgwedi ya ntlha mo khalendareng e e boitshepo ya Sejuda. Letsatsi leno e ne e tla nna leo le neng le sena go tlhola le lebalwa ke balatedi ba gagwe ba ba ineetseng. Go tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba ka se tlodise matlho bokao jwa seo se neng se tla diragala, Jesu o ne a simolodisa selalelo se se kgethegileng sa segopodiso, seo se neng sa tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo jaaka “selalèlō sa Morèna.” A le tlhotlheletsong ya bomodimo Paulo o anela gore mo pakeng eno Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe ba ba neng ba le teng a re: “Dihañ mo lo nkgopolè ka gōna.” (1 Bakorintha 11:20, 24) Fa o amegile ka go nna mongwe wa balatedi ba ga Jesu, a o lemoga gore ke ka ntlhayang fa a ile a laola jalo, gore seo se raya gore o direng, le gore se ka rayang mo isagweng ya gago?

Letsatsi la go Gakologelwa

3. Ke ka baka lang, le tlase ga maemo afe, Nisane 14 pele-pele a neng a dirwa letsatsi la go gakologelwa?

3 E ne e se lantlha mo ditiragalong tsa motho go bo Nisane 14 a ile a beelwa kwa thoko jaaka letsatsi la go gakologelwa. Ka 1513 B.C.E., Jehofa, ka motlhanka wa gagwe Moshe, o ne a laela Baiseraele a re: “Letsatsi ye [Nisane 14] e tla nna letsatsi ya segopodishō mo go lona, me lo tla le tshegeletsa Yehofa e le letsatsi ya modihō: mo dikokomaneñ tsa lona cotlhe hèla.” Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa keteko morago koo? Jehofa ka boene o a araba: “Ke tlhabèlō ea tlolaganyō ea ga Yehofa, eo o na a tlolaganya matlo a bana ba Iseraela kwa Egepeto, ka a itaea Baegepeto.”​—Ekesodo 12:14, 27.

4. Ke dikganetsano dife tse di botlhokwa tseo di neng tsa kopanyelediwa mo kgololong ya lseraele mo Egepeto?

4 Kgololo eo e e boitshegang mo Egepeto ya motsalwa pele mongwe le mongwe wa Moiseraele, eo e neng e kopanyeletsa batho le diphologolo, e ne ya diragala mo bosigong jwa Nisane 14. E ne e le go wela ga dipetso tse di herang bongwe tse di neng di sena go feta kgatlhanong le badimo bao ba neng ba obamelwa ke Baegepeto, e le go dumalana le boikaelelo jwa pele joo Jehofa a neng a bo tlhaloseditse Faro yo o boikgogomoso: “Me rure hèla ke gu emiseditse gōna mouō, gore ke gu bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwe mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” Malatsi a sekaenyana moragonyana leina la ga Jehofa le nonofo di ne tsa bontshiwa fa a ne a golola dimilione tsa Baiseraele le bontsi jo bogolo jo bo tlhakanyeng kwa Lewatleng je Lehibidu, fa a ne a nwetsa batlhabani ba ga Faro ba ba nonofileng. Tota ga go gakgamatse go bo Moshe le bana ba lseraele ba ne ba opela ba re: “Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ”!​—Ekesodo 9:16; 15:1.

5. Keteko ya Tlolaganyo e ne ya direla boikaelelong bofe?

5 Morago ga fa Baiseraele ba sena go aga mo lefatsheng leo le neng le solofeditswe rraabo-mogolo Aberahame, go ne go tshwanetswe ga ketekwa Tlolaganyo ke morafe otlhe gangwe fela mo ngwageng mo Jerusalema, ka go utlwa taolo e e go Duteronome 16:1-8. Ka gone Jehofa o ne a rulaganyetsa gore Nisane 14 ka metlha yotlhe a tlhomologe mo megopolong ya batho ba gagwe ba sebele. Seno se ne se tla direla boikaelelong bofe? E ne e tla bo e le letsatsi la go tlotlomatsa leina la ga Jehofa, go gakologelwa ditiro tsa gagwe tse dikgolo tsa kgololo. Jalo makgolo-kgolo a dingwaga moragonyana bokao jwa Tlolaganyo bo ne jwa fela bo ntse bo tlhomologile mo dipelong le megopolong tsa batsadi ba ga Jesu bao, re bolelelwang ka go re, “ba ne ba tle ba ee Yerusalema ka dinyaga ootlhe, ba ea modihoñ oa Tlolaganyō.”​—Luke 2:41, 42.

6. E ne e le ka mabaka afe ao ka one Jesu a neng a tlhologeletswe go keteka Tlolaganyo ka 33 C.E. le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang?

6 Morago ga go kolobediwa ga ga Jesu mo Joredane le go simolola bodihedi jwa gagwe, go bonala fa a ile a tswelela ka go keteka Tlolaganyo le Marie, mmaagwe wa selefatshe le bomorwawe, bomonnawe ka mmaagwe. Lefa go ntse jalo, fa e le ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a rulaganyetsa go keteka modiro le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. Pego ya ga Luke e re bolelela kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone kaga tiragalo eno: “Ke batlile thata go ja selalelo seno sa Tlolaganyo le lona pele ga ke boga!” (Luke 22:15, Today’s English Version) Ke ka baka lang fa go ne go na le keletso e kgolo eo mo go Jesu? Ke ka go bo a ne a itse bokao jwa ditiragalo tseo di neng di tla tloga di diragala mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng leo le simologileng phirimong ya letsatsi. Jesu o ne a itse gape gore ditiragalo tse di ntseng jalo di ne di tla feta kgakala tseo di neng tsa diragala morago ka 1513 B.C.E. Di ne di tla goletsa leina la ga Jehofa go feta lefa e le leng pele le go tlhoma motheo wa gore labofelo ditshika tsotlhe tse di mo lefatsheng di segofale. Gape, o ne a na le mo gontsi moo a neng a tla go bolelela barutwa ba gagwe pele ga aa swa, a ba tsenya bopelokgale gore ba sale e le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang Dipolelo tsa diefangele tse di kwadilweng ka botlalo di re thusa go mo ikutlwela, jaaka fa re ka bua, gore Jesu o ne a reng a bo a dirang.​—Yohane 12:31; 17:26.

Go Diragetseng? Se Rayang?

7. (a) Ke ditiragalo dife mo selalelong sa bofelo sa ga Jesu sa Tlolaganyo tseo di neng tsa gogela mo go simolodiseng ga gagwe Segopotso sa loso lwa gagwe? (Yohane 13:1-30) (b) Tlhalosa motlhala oo Jesu a neng a tsamaisa Selalelo sa Morena a one.

7 Fa go ntse go jewa selalelo, Jesu o ne a ema mme a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, ka gone a tlhoma sekao se se itekanetseng sa boikokobetso. Go tswa foo Jesu a re, “Moñwe oa lona o tla nkōka.” Ka bokhutshwane morago ga moo, o ne a leba kwa go Judase mme a re, “Se u se dihañ, u se dihè ka bonakō.” Polelo ya ga Johane e a anela: “A akoha a cwèla kwa ntlè: me ga bo go le bosigo.” (Yohane 13:21, 27, 30) E ne ya nna morago ga seno fa Jesu a ne a simolodisa Segopotso sa loso lwa gagwe. A re ikutlwele yo o bonyeng ka matlho ebong Mathaio a re tlhalosetsa se se diragetseng: “Me ea re ba sa ya, Yesu a tsaea senkgwè, me a se segōhatsa, a se ñathoganya; me a se naea barutwa, a re, Tsaeañ, lo yè; se ke mmele oa me. Me a tsaea senwèlō, a leboga, a se ba naea, a re, Nwañ lotlhe ga shōna; Gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha, a a chololèlwañ ba bantsi go tla ba ichwarèlwa dibe. Me kea lo raea, Ga nketla ke nwa louñō lo loa mofine, go tlo go tsamaee go hitlhe letsatsi ye ke tla lo nwañ lo le losha le lona ka yeōna, mo bogosiñ yoa ga Rrè. Me e rile ba sena go ōpèla sehela, ba cwa ba ea kwa Thoteñ ea Lotlhware.”​—Mathaio 26:26-30; bona gape Mareko 14:22-26, Luke 22:19, 20, le 1 Bakorintha 11:23-26.

8. Ke ka baka lang fa go le botlhokwa go tlhaloganya bokao jwa mafoko a ga Jesu le ditiro fa a ne a simolodisa Segopotso?

8 Bokao jo bo tletseng jwa seo Jesu a neng a se bua ka paka eo e ne e le bofe? Paulo o ne a gatelela kafa go neng go le botlhokwa ka gone gore balatedi ba ga Keresete botlhe ba ba tloditsweng ba anaanele seno, ka go re: “Me ke gōna, eo o yañ senkgwè a ba a nwa senwèlō sa Morèna a sa chwanèla, o tla bo a leohèla mmele le madi a Morèna.” Eleruri ga go ope wa batlodiwa yo o tla batlang gore ‘a bo a sa tshwanela’ mo matlhong a ga Jehofa, go felela ka katlholo ya gagwe e e botlhoko. Mme gape, “boidiidi yo bogolo” bo tshwanetse go batla go balelwa bo tshwanelega jaaka dilekane tsa masalela a a tloditsweng Jalo, jaaka fa jaana go atamela Segopotso se sengwe ka Labone, April 4, 1985, go matshwanedi gore rotlhe re tlhatlhobisise gape kgang eno ka botlalo mmogo.​—1 Bakorintha 11:27.

9. (a) Ke ka baka lang fa tsela eo mafoko a ga Jesu a beilweng ka yone, e bong, “Se se raya mmele wa me” a tshwanela tota go feta, “Se ke mmele oa me”? (Bona mokwalo o o kwa tlase.) (b) Ke bokao bofe jo bo kgethegileng joo Jesu a neng a bo baya mo senkgweng? (c) Mo beineng?

9 Jesu o ne a re, “Se se raya mmele wa me.”a Ka go bua mafoko ano, Jesu o ne a supa fa senkgwe se na le bokao jo bo kgethegileng​—e ne e le sesupo sa mmele wa gagwe wa nama o o senang boleo oo a neng a o ntsha “gore e nnè botshelō yoa lehatshe.” (Yohane 6:51) Ka mo go tshwanang, fa a ne a bua jaana ka senwelo sa beine a re, ‘Se ke madi a me a kgolagano, . . . a a tshololelwang . . . go itshwarelwa dibe,’ o ne a dirisa beine e e bidileng mo senwelong e le sesupo sa madi a gagwe. Madi ano a ne a tshwanetse go nna motheo wa tiriso ya “kgōlaganō e ncha.” Madi a gagwe a a tsholotsweng a ne a tshwanetse gape go nna tsela ya go baakanyetsa go “ichwarèlwa dibe.”​—Mathaio 26:28; Yeremia 31:31-33; Bahebera 9:22.

10. Go ja senkgwe le beine go kaya eng?

10 Ke eng he, seo se kaiwang ke bao ba jang ga senkgwe le beine ka keteko ya Segopotso? Kgato eo ka boyone e bontsha gore baji, gammogo le babogedi, ba setse ba solegetswe molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu, mme e le ka tsela e e kgethegileng le boikaelelo jo bo kgethegileng. Seno se dira jang? Mo motheong wa tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Keresete le boineelo jwa bone go Jehofa, Modimo o tsaya fa setlhabelo sa botho sa ga Jesu se dira mo go bone. Ka boikaelelo bofe? Gore ba tle ba fiwe botho jo bo itekanetseng mme ka gone ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo. Jehofa jaanong o ba itsholela ka moya wa gagwe o o boitshepo mme ba nna bana ba gagwe ba semoya. Jaanong ba mo boemong jwa go ka latlha tshwanelo ya bone ya go tshela mo lefatsheng e le gore ba tle ba bone boswa jwa selegodimo. Seno sotlhe se ile sa diragala pele ga ba tlhakanela mo Selalelong sa Morena.​—Baroma 5:1, 2, 8; 8:16-17; Yakobe 1:18.

11, 12. (a) Ke dilo dife tse dingwe tse pedi tseo di supiwang ke go nwa beine? (b) Tlhalosa kgolagano eo Jesu a e dirang le bao ba jang.

11 Akanyetsa jaanong se sengwe gape se se kaiwang ke go nwa beine. Lemororo Jehofa a tsentse tshiamo mo barweng ba gagwe ba semoya e bile a ba itsholetse jaaka bomorwawe, ba santse ba le mo nameng e e sa itekanelang. Ba santse ba sekametse mo boleong mme ba lemoga seno. Ka go nwa beine, ka gone baa bo ba dumalana gore ba ikaegile ka malatsi otlhe mo mading a ga Keresete Jesu ao a a ‘tshololetsweng ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe.’​—1 Yohane 1:9, 10; 2:1.

12 Lefa go ntse jalo, go santse go na le sengwe, seo se kaiwang ke go nwa beine. Banwi ba neela bosupi jwa gore ba lerilwe mo ‘kgolaganong e ntšha’ eo Jehofa a neng a sa bolo go e bolelela pele ka moperofeti Jeremia. Kgolagano eno e ne ya diragadiwa ka madi a ga Jesu. Beng ba kgolagano eo ke Jehofa Modimo le bomorwawe ba semoya, bao fa ba le mmogo ba bopang lseraele wa semoya. Leloko lengwe le lengwe le kgethiwa ke Modimo. Jesu ke Motsereganyi wa kgolagano eo, eo ka yone a thusang maloko a kgolagano eo a a 144 000 go nna bontlhanngwe jwa losika lwa ga Aberahame. (Yeremia 31:31-34; 2 Bathesalonia 2:13; Bahebera 8:10, 12; 12:22-24; Bagalatia 3:29) Bano gape ke bao Jesu a ba tsenyang mo ‘kgolaganong ya bogosi.’ Jalo he, e tla re kgabagare ba dirisiwe gammogo le Kgosi ya bone Jesu Keresete go fetisetsa masego a ga Jehofa a botshelo mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe.​—Luke 22:28-30; Yohane 6:53; Tshenolō 5:9, 10; Genesise 22:15-18.

13. Ke dilo dife tseo ga jaanong di tshwanetsweng go gakologelwa ka Nisane 14?

13 Ruri, fa re tlhatlhobisa bokao jo bo tletseng jwa mafoko ao Jesu a a buileng mo letsatsing leno la go gakologelwa, re gakololwa tota-tota ka lorato lwa ga Jehofa mo go direng paakanyetso ka Morwawe yo o rategang. Re gakololwa gape ka lorato lwa ga Jesu mo paakanyetsong ka botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya setho sotlhe se se dumelang. (Yohane 3:16; Baroma 5:8; 1 Timotheo 2:5, 6) Lefa go ntse jalo, go na le boammaaruri jo bongwe jo bo tlhokegang thata joo Jesu a neng a bo buisanya le balatedi ba gagwe mo maitseboeng ao. Mo bakwading ba Bibela, ke moaposetoloi Johane fela yo o neng a kwala puisano eno e e atamalaneng.

Kgalalelo, Lorato, le Kutlwano

14. (a) Jehofa o galalediwa jang mo ketekong nngwe le nngwe ya Segopotso? (b) Ke karolo efe eo lorato lo nang le yone mo go gakologelweng Jesu, mme ke boitlhatlhobo bofe jo bo tshwanetseng jwa tlhotlheletsa megopolo ya botlhe ba ba tlhakanelang?

14 Jesu o ne a re: “Yanoñ Morwa Motho o galaledicwe, le Modimo o galaledicwe mo go èna.” (Yohane 13:31) Fa e sale lseraele a gololwa mo Egepeto, Nisane 14 o ile a amanngwa le go ntlafadiwa ga leina la Modimo, bolaodi jwa gagwe, le nonofo ya gagwe. Jaanong, ka go ikanyega ga ga Jesu go ya losong le go baa a tsosediwa gape kgalalelong ka nonofo ya Modimo, leina la Modimo le ne le ntse le neelwa tlotlo e e oketsegileng le kgalalelo. (Bapisa Diane 27:11.) Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla neela bosupi jwa gore ke barutwa ba gagwe ka go boloka “taolō e ncha” ebong go ‘ratana hela jaaka a ba ratile.’ (Yohane 13:34, 35) Boteng jwa lorato lwa rona lwa bokaulengwe ke pontsho ya go anaanela ga rona lorato loo Jesu a ileng a lo re bontsha ka nako eo.​—1 Yohane 4:19.

15. (a) Ke tsholofelo efe ya botshelo eo e beilweng pele ga bao ba jang kafa tshwanelong? (b) Lorato mo go Jesu le supiwa jang?

15 Tsholofelo ya gore e tla re letsatsi lengwe ba bo ba tshela kwa legaeng la legodimo ke bontlhanngwe jwa boitumelo joo bo beilweng pele ga bao ba kgethilweng go nna babusi-mmogo le Keresete. (Tshenolō 20:6) Jesu o baya pele tsholofetso eno, ka go re: “Ke ea go lo baakanyetsa bonnō. . . . Ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla.” (Yohane 14:2-4) Abo bao ba ikanyegang go ya fela kwa bofelong ba lebeletse go amogelwa kwa gae jang ne! Ka gone, Jesu o ne a gakolola, “Ha lo nthata, lo tla tshegetsa ditaolo tsa me.” Seno se raya ditaolo tsotlhe tsa gagwe, go akareletsa le taolo ya go ruta le go dira barutwa.​—Yohane 14:15, 21; Mathaio 28:19, 20.

16. (a) Jesu o ne a otlelela tlhokafalo ya kutlwano jang gareng ga balatedi ba gagwe, mme ke ka baka lang fa kutlwano eno e le botlhokwa? (b) Ke eng seo balatedi ba ga Jesu ba tshwanetseng go lebana le sone, mme ke eng seo se ba thusang go dira seno?

16 Abo go le botlhokwa jang ne gore balatedi ba ga Jesu ba nne kutlwanong le ene le go mongwe le mongwe wa bone! Jesu o dirisa setshwantsho sa mofine le dikala tsa sone go otlelela lebaka leno. Kutlwano e felela ka go nna le maungo mme seno, morago, se galaletse Rara. (1 Bakorintha 1:10; Yohane 15:1, 5, 8) Pogiso le kganetso di lebane le balatedi botlhe ba ga Jesu. Mme abo go tiisa tumelo jang ne go itse gore Jesu o ne a boloka bothokgami jwa gagwe jaaka mofenyi wa lefatshe go sa kgathalesege ditlhaselo tsotlhe tsa ga Satane!​—Yohane 15:18-20; 16:2, 33.

17. Tlhalosa dingwe tsa ditopo tsa ga Jesu mo thapelong ya gagwe e e kwadilweng mo go Yohane kgaolo 17.

17 Jesu o digela maitseboa ao ka thapelo e e tswang mo pelong go Rraagwe. Go galalediwa ga ga Rraagwe go a diragala mo topong eno ya gagwe. O rapelela gore balatedi ba gagwe ba sirelediwe mo go yo o boikepo, Satane, fa ba ntse ba ikgaogantse le lefatshe. Mme gape o rapelela gore kutlwano e e tshwanang e e lorato e e leng gone magareng a gagwe le Rraagwe ekete e ka tswelela go gola gareng ga palo eo e neng e tla tswelela ka go gola ya balatedi ba dikgato tsa gagwe.​—Yohane 17.

18. Fa go akanyediwa palo-kakaretso ya bao ba ileng ba nna gone Segopotsong sa 1984, ke ka baka lang fa e le ba sekae fela bao ba ileng ba ja ga ditshwantsetso?

18 Re akanyeditse fela boammaaruri bo se bo nene le dintlha tseo Jesu a neng a di abalana le barutwa ba gagwe mo bosigong jwa mo e ka nnang dingwaga tse 1 952 tse di fetileng, mme tota ruri tseno di re thusa go tlhaloganya gore ke ka baka lang fa Nisane 14 e le letsatsi la go gakologelwa. Ga go gakgamatse he, go bo ngogola, Basupi ba ga Jehofa le ditsala tsa bone ba le 7 416 974 ba neng ba bona botlhokwa jwa go kopana mmogo go keteka Selalelo sa Morena. Mme gone, mo bontsintsing jo bogolo joo, ba le 9 081 ke bone fela ba ba neng ba ja ditshwantshetso Ka baka lang? Ka go bo bontsintsi jo bogolo jwa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba itsaya e le bontlhanngwe jwa “boidiidi yo bogolo” joo bo ‘emeng fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana.’ Bano ba lebile-pele nakong ya fa ba tla bong ba tshela mo naletsaneng e go tweng lefatshe e le legae labone la bosakhutleng, e seng go ya go tshela kwa legodimong koo ba ba 144 000 ba tla bong ba ‘busa le [Keresete] ka dingwaga di le makgolo a some.’​—Tshenolō 7:9; 20:6; Pesalema 37:11.

19. Ke eng seo se tlhomang motheo wa thuto ya beke e e latelang, mme ke ka baka lang fa go le botlhokwa gore botlhe ba nne gone?

19 Lefa go ntse jalo, go ile ga tsoga dipotso dingwe mabapi le kamano e e magareng ga Selalelo sa Morena le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Go bonala he go tshwanela, gore go buisanngwe ka dikgang tseno mo setlhogong se se latelang, e le gore go se nne le go tlhoka kutlwisiso epe mo go ope jaaka fa e le jaana re atamela keteko e nngwe ya Segopotso.​—1 Bathesalonia 5:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Diphetolelo dingwe tsa Bibela di balega di re, “Se ke mmele oa me.” (Bona King James Version, Douay Version ya Katoliki, The New English Bible, Bibela e e Boitshèpō ya Setswana, le diphetolelo tse dingwe tsa segompieno.) Lefa go ntse jalo, lefoko la Segerika le le diriseditsweng “ke” ke e·stin, ka tlhaloganyo ya go kaya, botlhokwa, go emela. (Bona mikwalo o o kwa tlase mo go Mathaio 26:26, go NW Ref. Bi.) Lefoko le le tshwanang la Segerika le bonala go Mathaio 9:13 le Mat 12:7 mme ka bobedi le ranoletswe ka gore “meaneth” (KJ) le “means” kana “raya” (NE le dithanolelo tse dingwe tsa semgopieno).

A O Ka Gakologelwa—

◻ Ke bomang ba ba jang ditshwantshetso tsa Segopotso?

◻ Ke dikgang dife tsa botlhokwa tseo re tshwanetseng ra di gakololwa ka Segopotso?

◻ Kgakologelo ya malatsi otlhe ya ga Jesu e supiwa jang?

◻ Ke kgang efe e e botlhokwa e ka metlha e amanngwang le Nisane 14?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela