LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/15 ts. 5-7
  • Hara-Magedona—Ntwa E E Isang Kagisong ya Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Hara-Magedona—Ntwa E E Isang Kagisong ya Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kagiso​—Ka Go Tlosa Dilo tse di Tsalang Ntwa
  • Kagiso​—Go Bao Fela Ba E Batlang
  • Kagiso​—Dingwaga tse di Sekete le Go Feta
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/15 ts. 5-7

Hara-Magedona​—Ntwa E E Isang Kagisong ya Boammaaruri

KA PUO ya bao ba dirisanang le dikamano tsa merafe-rafe, lefoko leo le dirisediwang go tlhalosa seemo sa lefatshe gompieno ke MAD​—Mutual Assured Destruction. Lereo leo le tshwanela tota. Mo dingwageng tse 40 fa e sale go thunya ga bomo ya ntlha ya atomiki mo tlhabanong kwa Hiroshima, kwa Japane, marumo a lefatshe a nuklea a ile a gola ka mo go boitshegang. Dipego dingwe di iphaka gore a lekana le dithane di le dimilione tse di dikete tse 12 tsa TNT, kgotsa mo e ka nnang dithane di le 3 mo mothong mongwe le mongwe mo lefatsheng!

Jaaka Ena ‘yo o sa bopelang lefatshe lefela, yo o le bopetseng go re le nniwe,’ Jehofa Modimo gaa ketla, tota, ebile ga kake, a letlelela merafe go tswelela mo tseleng ya yone ya boipolao. (Isaia 45:18; bona gape Pesalema 104:5.) Pele ga ba ka nna le paka ya go dirisa dibetsa tsotlhe tsa bone tse di bolau mo go ba bangwe, ebile ba le mo tseleng ya go itshenya le tikologo, Modiri le Mong wa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo godimo ga lone, o tla ema a tsaya kgato. O ile a solofetsa gore seno e tla bo e le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ Hara-Magedona ya Bibela.​—Tshenolō 16:14, 16.

Ka gone, Hara-Magedona e tla feta kgakala ntwa e nngwe fela ya go rarabolola bothata jwa bopolotiki jwa motlha wa jaanong. E tla fitlhelela seo motho go ralala dingwaga a neng a ka se solofela fela. E tla nyeletsa ditsela tsotlhe tsa ntwa ya batho. E tla tlhoma kagiso ya boamaaruri mo lefatsheng. Godimo ga tsotlhe, e tla tsosolosetsa bobusi jo bo tshwanetseng jwa Mong wa lefatshe, ebong Jehofa Modimo, mo godimo ga popō yotlhe ya gagwe. Seno sotlhe se tla fitlhelelwa jang? A re boneng.

Kagiso​—Ka Go Tlosa Dilo tse di Tsalang Ntwa

Lengwe la mabaka ao merafe e sekang ya kgona go fedisa ntwa ke gore ga ba kgone go fedisa dilo tseo di tsalang Ntwa. Lefa gone ba itse gore go kokoanngwa ga dibetsa mo go golelang godimo ke boipolao ga ba iketleeletsa go go tlogela kgotsa le eleng go go nyafatsa. Go tla bo go “gakgamatsa” eleruri fa Jehofa Modimo a tsaya kgato mme a fitlhelela seo merafe e ka se kgoneng go se dira: “O rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa ditlhabanō mo moleloñ.”​—Pesalema 46:8, 9.

Jehofa o ile a supa mo nakong e e fetileng kgono ya gagwe ya go nyerolola dibetsa tse di tlhabolotsweng segolo-bogolo kgotsa tse di nonofileng tseo merafe e neng e ka di kgatikanya. Ka sekai, o ne a golola batho ba gagwe bao go neng go bonala ba ka se iphemele, eleng Baiseraele, mo nonofong ya sesole ya bolaodi jwa lefatshe la ntlha, ebong Egepeto, ka go laola bobidibidi jwa metsi kwa Lewatleng le Lehibidu. (Ekesodo 15:3-5) Ka mo go tshwanang, dibetsa tse di tlhabolotsweng thata tse di bolalome tsa Kgosi Jabine, wa Kanana, “dikara tsa tshipi tse di makgolo a a herañ o le moñwe,” mo taolong ya ramasole wa gagwe Sisere di ne tsa dirwa dikatananyana fela fa Jehofa a ne a ntsha dinonofo tsa morwalela o o phothoselang. Ditlhopha tsa mmaba di ne tsa feretlha tota, go gogela kwa go nyelediweng ga monna wa bofelo. Matswela a nna gore ‘lefatshe la seka la nna mo kgoberegong ka dingwaga tse di masome mane.’​—Bona Baatlhodi, kgaolo 4 le 5:21, 31.

Se se botlhokwa-tlhokwa, ntwa eo ya makgaola-kgang kgatlhanong le masole a Kgosi Jabine e ne ya diragala mo mokgatšheng o o elang wa Kishona, “ha metsiñ a Megido.” (Baatlhodi 5:19-21) Ka gone he e re baakanyetsa ka pono e e gakgamatsang ya phenyo e e feletseng ya ga Jehofa mo ntweng e e tlang ya Hara-Magedona.

Gore ke masole afe a “dikgakgamatso,” fa e le gore a teng, ao Jehofa a tla a dirisang kgatlhanong le baba ba gagwe ga re itse. Seo re se itseng ke gore o ka dirisa masomosomo ao a ka nyeletsang gotlhelele dikago-kago tsa sesole tsa merafe. Baitseanape ba a lemoga gore, ka sekai, kgogedi e e maatla ya tsa motlakase ya magnet​—sengwe se eleng gore ba ka se dirisa ka go thunya mo go maatla a magolo a a boifisang a nuklea—​e ka kgona go kgautlhanya ditsamaiso tse di laolang dipuisano le sesole tsa morafe o o rileng, ka gone e tlhakatlhakanya sengwe le sengwe. Ka mo go utlwalang, Jehofa o tla nyenyefatsa marumo otlhe a merafe gore go thaiwe motheo wa kagiso ya mmatota.

Kagiso​—Go Bao Fela Ba E Batlang

Go ile ga bolelwa gangwe le gape gore dintwa di lowa ke batho, eseng dibetsa. Ka gone, e re ntswa lefa go tlhokafala gore dilo tseo di tsalang ntwa di tlosiwe, seo ka bosone ga se ketla se neela kagiso ya go ya go ile. Go a utlwala, gore fa re batla go bona kagiso ya boammaaruri, matlhoo a sepolotiti, a lotso, le a bomorafe ao a kgaogantseng lefatshe go nna mo makgamung a mantsi a a kalo le makgotlana a tshwanetse gore gape a tlosiwe. Seno, Jehofa Modimo o tla se dira ka go tlisa seo dimilione go ralala lefatshe di ileng tsa se rapelela ka go re: “Bogosi yoa gago a bo tlè.”​—Mathaio 6:9, 10.

Le eleng fa di setse di diragaditswe boperofeti jwa Bibela bo bontsha ka botlalo gore Bogosi jwa Bomesia mo diatleng tsa ga Jesu Keresete bo ne jwa tlhomiwa kwa magodimong mo ngwageng wa Ntwa ya Lefatshe I ya 1914, bo ne jwa seka jwa amogelwa ke merafe. Ga go le ope wa bone yo a neng a ka akanyetsa go baya dibetsa tsa bone fa fatshe le go tsholetsa matsogo mo bolaoding jwa bone. Go na le moo, go tatalela ga bone ka matlho-a-mahibidu bolaodi jwa lefatshe, ba tsenelela mo ntweng e kgolo e e iseng e ke e lowe go tla go fitlha nakong eo.

Ka tsela ya seperofeti, Pesalema ya bobedi e tlhalosa seemo ka go re: “Ana merahe e shakgaletseñ, le dichaba di tlhatlhanyetsañ selō sa boithamakō? Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwè.” Ke ka gone ka moo taolo ya ga Jehofa go Kgosi e e tlhomilweng, ebong Jesu Keresete, eleng: “U tla ba thubakanya ka tsamma ea tshipi; U tla ba phatlakanya yaka seyana sa mmopi.”​—Pesalema 2:1, 2, 9; 110:2.

Phenyo eno ya Modimo ka Kgosi e e tloditsweng e tlhalosiwa ka tsela ya tshwantshetso mo go Tshenolō 19:11–20:3. Lefoko la Modimo, ebong Jesu Keresete, a enngwe nokeng ke masomosomo a baengele, o bonwa a pagame pitse e tshweu, “me oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ. . . . Me mo ganoñ ya gagwè go cwa chaka e e bogale, gore a kgèmèthè merahe ka eōna.” Matswela a kgatlampolo ya baikepi ke a a rerisang tota. Mo phenyong ya gagwe ya makgaola-kgang, ka gone he Kgosi e e fentseng e tla dirisana le senokwane se eleng sone tota se se tsetseng ditatlhego le pogo e e kana mo lefatsheng morago. Ponatshegelo ya ga Tshenolō e tlhalosa seno jaaka ekete se setse se diragaditswe, ka go re: “Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dingwaga di le makgolo a le shomè.”

Kagiso​—Dingwaga tse di Sekete le Go Feta

A o ka akanya ka seo kagiso ya dingwaga tse di sekete e tla se rayang go setho? Basimegi gompieno ba lemoga gore tlala, malwetsi le lehuma, gareng ga merafe di ne di ka tlosiwa le eleng fela fa karolonyana ya makgolo a dibilione a didolara e e senngwang mo dibetseng ngwaga le ngwaga e ne e ka dirisediwa go dirisana le tsone. Akanya ka seo se tla fitlhelelwang fa ditsompelo tsotlhe tsa lefatshe di dirisediwa se se molemo. E ne e se go lora fela fa mo ponatshegelong Isaia a ne a tlhotlhelediwa go perofesa kaga puso ya “Kgōsana ea Kagishō,” ebong Jesu Keresete ka go re: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”​—Isaia 9:6, 7.

Potso e e tshwenyang ke gore: A o tla falola tshenyego kwa Hara-Magedona go ipelela kagiso e e sa feleng? O ka nna wa botsa, ‘Ke tshwanetse go dirang gore ke falole?’ Tlhagiso ya Bibela ke eno: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” (Sefania 2:2, 3) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go dira jalo. Fa go ntse jalo, Hara-Magedona e tla felela e go lwela, eseng ntwa eo e tlisang tshenyego e kgolo, mme ntwa e e gogelang kagisong ya boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jehofa o bontshitse kgono ya gagwe ya go senya dibetsa tse di boifisang tsa ntwa kwa Lewatleng le Lehibidu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela