LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/1 ts. 13-18
  • Go Bona “Seshupō” Ka Kutlwisiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona “Seshupō” Ka Kutlwisiso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Phutha Bao Ba Tshwanelwang Ke Poloko
  • Tiro e e Galalelang E E Tlang Morago ga Bapalami ba Dipitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Sesupo sa Metlha ya Bofelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Lebelela mo ‘Bofelong Jwa Tsamaiso ya Dilo’
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Bapalami ba Dipitse ba Banè ba a Patakela!
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/1 ts. 13-18

Go Bona “Seshupō” Ka Kutlwisiso

“Me e rile [Jesu] a dutse mo thoteñ ea Lotlhware, barutwa ba gagwè ba ea kwa go èna kwa thokō, bare, Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga a gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?”​—MATHAIO 24:3.

1. Ke ka baka lang fa ditiragalo tse di reketlisang lefatshe fa e sale 1914 e ne e se kotsi fela, mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba ile ba mmotsang?

DITIRAGALO tse di tshikinyang lefatshe fa e sale Ntwa ya Lefatshe I ya 1914-18 ga e ya ka ya nna kotsi fela. Di ne tsa bolelelwa pele ke Jesu Keresete makgolo a dingwaga a a 19 a a fetileng. O ne a bolelela barutwa ba gagwe kaga dilo tse dintsi tse di akabatsang tse di neng di tla, mme ka lone lebaka leo ba ne ba mmotsa ka go re: “Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?”​—Mathaio 24:3.

2. Ke ka baka lang fa baaposetoloi ba ne ba batla go itse mo go oketsegileng go nale seo se neng se tla diragala fela pele ga tshenyego ya Jerusalema ka 70 C.E.?

2 Baaposetoloi bao ba ne ba batla go itse mo go oketsegileng go na le seo se neng se tla diragala magareng ga nako eo le tshenyo ya Jerusalema Jesu ga a ka a boela koo a bonala kgotsa a sa bonale mo pakeng eo ya masetlapelo. Lefa e le gone gore tsamaiso eo ya dilo e e neng e le gone fa e sale Morwalela e ne e felela ka tshenyo ya Jerusalema ka 70 C.E. Tota, “seshupō . . . sa go tla (ga ga Jesu go go sa bonaleng), . . . le sa bokhutlō yoa lehatshe” se ne se tla tloga se bonala moragonyana ga botshelo jwa selefatshe jwa baaposetoloi ba gagwe.

3. (a) Ke eng seo se bontshang gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a ne a sa rerwe ke ditumelo tsa La-Bodumedi ka nako ya botenegi jwa morago ga boaposetoloi? (b) A Bogosi jwa Modimo bo tla palelwa fa Merafe e e Kopaneng e palelwa?

3 Ka dipapiso tsa seperofeti malebana le Bogosi jwa Modimo, Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe kaga botsuolodi jwa bodumedi jo bo neng bo tla diragala morago ga go boela ga gagwe kwa legodimong le loso lwa bone. Ka nako eo yotlhe ya botenegi, a go ne go tla nna le go rerwa gope ga lefatshe ka bophara ga “Mahoko a a Molemō a, a bogosi”? (Mathaio 24:14) Mme tota eseng ka ditumelo tsa La-Bodumedi, ka jaana le eleng morago jaana ka December 1918 Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke tsa ga Keresete mo Amerika e ne ya opela legofi Kgolagano ya Merafe e e neng e akanngwa ka nako eo jaaka “pontsho ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege tshegetso eo ya bodumedi Kgolagano e ne ya palelwa ka go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe II ka 1939. Mme ka go palelwa moo, a Bogosi jwa Modimo jwa boammaaruri bo ne jwa palelwa? Nnya! Le gone ga bo ketla bo palelwa fa motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe e e Kopaneng, e palelwa gautshwanyane. Go na le moo, Bogosi joo jwa bomodimo bo tla senya Merafe e e Kopaneng go sa kgathalesege gore ke baengele ba le kae ba ba ka tlhokelwang go dira seno!

4. Ke ka baka lang fa tiro ya go rera ka Bogosi e tshwanetse go nna karolo ya “seshupō”?

4 Sotlhe se se fa godimo se re thusa go nna le kutlwisiso e e bofefo ya lebaka leno le le botlhokwa! E ne e le karabelong ya topo ya “seshupō” go bo Jesu a ileng a bolelela balatedi ba gagwe ka go re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Seno se tshwaela gore thero ya Bogosi e e ntseng jalo ya lefatshe ka bophara e ne e tla nna karolo ya “seshupō” se se tlhakantseng seo se neng se tla tshwaya “bokhutlō yoa lehatshe.” Gape e ne e tla bo e le bosupi jo bo bonalang jwa “go tla” mo go sa bonaleng ga ga Jesu Keresete. Mokgwa oo ka one Jesu a neng a tlhomaganya tlhatlhamano ya ditiragalo pele ga boperofeti jwa gagwe kaga tiro ya go rera ya Bogosi e e botlhokwa fela thata. O ne a re go se go ne ne:

5. Dingwe tsa dikarolo tsa “seshupō” tseo a neng a di umaka pele ga go bolelela pele ka go rerwa ga Bogosi lefatshe ka bophara ke dife?

5 “Me lo tla utlwèla dintwa, le medumō ea dintwa: lo bōnè gore lo se ka loa kgoberèga: gonne dilō tse di tla dihala; me e be e se e nne bokhutlō. Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. . . . Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”​—Mathaio 24:6-13.

6. Ke ka baka lang fa dikarolo tsa “seshupō” e se fela go tsweledisa motlhala wa dilo tsa pele?

6 Go boammaaruri, go ile ga nna le dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa mafatshe, le dikgogodi tsa bolwetse go ralala makgolo a dingwaga a Motlha wa rona o o leaelegileng go fitlha 1914. (Luke 21:11) Lefa go ntse jalo, ga go na sepe seo se ileng sa bapisega le seo se neng sa diragala fa e sale Metlha ya Baditšhaba e fela mo ngwageng eo e e sa lebalesegeng Letlhoo la merafe-rafe leo le neng la hutswelwa mo selemong sa 1914 le ne la gola go nna tshukatshukano ya sesole eo go yone merafe e le 28 kgabagare e neng ya nna le karolo. Go pata dikhuduego tseo tsa setho go ne ga tla dithoromo tsa lefatshe fela tsa tlholego. Go ne ga nna le ditlhaelo tsa dijo kgotsa mauba, mme ngwageng ya bofelo ya ntwa eo ya lefatshe go ne ga tla leroborobo la seka-legodu le le neng le bidiwa Spanish influenza leo le neng la gapa matshelo a batho ba ba fetang 20 000 000. Seno sotlhe e ne e se fela tswelediso ya dilo tse di neng tsa diragala go le pele di ipoeletsa. E ne e le tshimologo ya ditlhatlhamano tse di neng di bopa “seshupō” sa gore tsamaiso eno ya dilo e mo “motlheñ oa bokhutlō” wa yone o o boleletsweng pele. (Daniele 12:4) Buka ya bofelo ya Bibela​—Tshenolō—​e tlhomamisa seno.

7. Ke ka baka lang fa buka ya ga Tshenolō e ne ya kwalwa, mme dilo tse dintsi tseo di ileng tsa ‘bontshiwa ka ditshwantsho’ di tla kayang?

7 Moaposetoloi Johane yo o neng a amogela Tshenolō, o ne a laelwa go e kwala ka boikaelelo jo bo kgethegileng Ka boikaelelo bofe? Jono: “Gore a e bontshè batlhanka ba [Modimo], eboñ ea dilō tse di akohañ di dihala.” Mme kwa bofelong jwa Tshenolō Morena Jesu Keresete o ne a re: “E: Ke tloga ke tla ka bonakō.” Fela gone foo, Johane o ne a arabela ka go re: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.” Ka gone dilo tse dintsi tseo di neng tsa ‘bontshiwa . . . ka ditshupo’ di ne di tla supela, mo go bonaleng ga tsone, gore re tshela kwa “motlheñ oa bokhutlō” wa tsamaiso eno ya dilo. (Tshenolō 1:1; 22:20) Ee, di ne di tla nna thuso mo go rona mo go boneng “seshupō” se se tlhakantseng ka kutlwisiso.

8. Mopalami wa “pitse e tshweu” ke mang, mme Modimo o ne wa mo laela go tswelela pele kgatlhanong le baba ba gagwe leng?

8 Mo go Tshenolō kgaolo 6 go bonala pego ya seo se ileng sa bidiwa go palangwa ga “dipitse tse nne tsa ga Tshenolō.” Yo o bonalang lwa ntlha ke mopalami wa “pitse e tshweu,” Jesu Keresete yo o galaleditsweng, a tswela pele go tlhabantsha baba ga gagwe. Seno o ne a se laelwa ke Modimo go se dira kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba, fa baba ba ga Jesu mo legodimong le mo lefatsheng ba ne ba tshwanelwa ke go bo ba ile ba ineela go puso ya gagwe!​—Pesalema 2:1-12.

9. Ke eng seo se tshwantshediwang ke mopalami wa (a) pitse e “Khunou”? (b) “pitse e ncho”? (c) “pitse e tshetlha”?

9 Mopalami wa pitse ya bobedi e “khunou” o tshwantshetsa ntwa ya merafe-rafe, ka go bo a ne a neelwa sebetsa sa bosole “chaka e tona.” Mopalami wa boraro, “pitse e ncho,” e ne e le mopalami yo o neng a tshwantshetsa tlhaelo ya dijo. Be itse seno jang? Ka go bo a ne a tshotse selekanyo sa pego seo ka sone a neng a lekanyetsa dijo tseo di tlwaelegileng ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo. Mopalami wa bone, wa “pitse e tshetlha” e e bonalang e bobola, o ne a tshwantshetsa leroborobo la bolwetse, ka go bo pego e re: “Me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipō (lebitla) a bo a na naè a mo setse moragō.” Go boammaaruri, mopalami yono wa bone o ne a neelwa taolo ya gore a bolae ka “chaka e tona” ya ntwa le “[ka tlhaelo ya dijo] . . . le ka dibatana tsa lehatshe.” Lefa go ntse jalo, go bonala sentle, o ne a laetswe gape go bolaela ba bangwe go ya lebitleng (Hades) ka “popamō.”​—Tshenolō 6:1-8.

10. Go ne ga tshwanelwa ke go diragalang morago ga dikano tsa botlhano le borataro di sena go bulwa, mme banni ba lefatshe ba ne ba tla tshwanelwa ke go dumelang?

10 Morago ga fa moaposetoloi a sena go bona diponatshegelo tseo tsa dikarolo tse di neng di tla tshwaya “bokhutlō yoa lehatshe,” o ne a bona go kanololwa ga dikano tsa momeno wa seperofeti tsa botlhano le tsa borataro. Ka nako eo, o ne a bona ponatshegelo ya mofuta wa tlholego o o boifisang, e simolola ka “thoromō e kgolo ea lehatshe.” Kwa bofelong, banni ba lefatshe ba ne ba tlamega go goeletsa ka go re: “Gonne letsatsi ye legolo ya bogale yōa bonè [jwa ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete] le hitlhile.” Go kanelwa ga letsatsi leo la tshwantshetso la bogale go tshwaya gore kgabagare bofelo jwa batshegetsi ba lefatshe leno bo fitlhile.​—Tshenolō 6:1-17.

Go Phutha Bao Ba Tshwanelwang Ke Poloko

11. Ke setshwantsho sefe se Jesu a neng a se dirisa go bontsha boammaaruri jwa seo a neng a se boleletse pele malebana le go ‘nna gone ga gagwe’ le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo”?

11 Fa a ne a neela “seshupō” sa ‘go nna gone ga gagwe le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo,’ o ne a re: “Me yana ithuteñ ka setlhare sa mofeige sechwanchō sa ōna: e re ha kala ea ‘ōna e setse e le nana, me e kukunya makakaba, lo bo lo itse ha selemō se atametse; Le lona hèla yalo, e tla re lo bōna dilō cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”​—Mathaio 24:32-35.

12, 13. (a) Masetlapelo a morafe wa Juda a 70 C.E. a ne a sa kae eng? (b) Matlhotlha-pelo ao e ne e le tshwantshetso ya eng ya seperofeti? (c) Jesu o ne a tswela pele go bolelela pele eng malebana le go tla ga gagwe?

12 Fa Baroma ba ne ba senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E. fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, pitlagano eno e e tsitsibanyang godimo ga Bajuda e ne ya se ka ya tshwaya gore o ne a tla lwa bobedi mme le gore go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng go ne ga simolola. (Mathaio 24:15-21) Ereka Bibela e dirisa Jerusalema wa bogologolo jaaka tshwantshetso, matlhotlha-pelo ao a a tsitsibanyang a 70 C.E. eleruri ke tshwantshetso ya boperofeti. A ne a supela ka selekanyo se se botlana se se neng se tla diragala mo selekanyong sa lefatshe lotlhe morago ga Metlha ya Baditšhaba e sena go fela ka 1914 mme ka gone morago ga fa Jesu Keresete a sena go simolola go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng. Ke ka gone gape Jesu a rile:

13 “Me gauchwane, moragō ga sepitla sa metlha eōu, letsatsi le tla hihala, le kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna, dinaledi di tla wa kwa legodimoñ, le dinonohō tsa magodimo di tla reketlisiwa: Ediha gōna go tla bōnalañ seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ: hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala, me di tla bōna Morwa Motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo. Me o tla roma baengele ba gagwè ka tumō e kgolo ea lonaka, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa sekhutloñ se señwe sa legodimo go ea kwa go se señwe.”​—Mathaio 24:29-31.

14. Ke kgolagano le go intsha setlhabelo gofe tseo di lebisitsweng go Pesalema 50:5?

14 Go Phuthwa mo go boleletsweng pele ga “baitshenkedwi” bao ka nako ya bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo ke tiragatso ya taelo ya Modimo ya go re: “Phuthèlañ baitshepi ba me kwa go nna; ba ba dihileñ kgōlaganō le nna ka setlhabèlō.” (Pesalema 50:5) Ereka Jehofa a e bitsa “Kgōlaganō . . . ea me,” e ka se nne boineelo joo motho ka esi a bo dirang go Modimo mo go nneng ga gagwe Mokeresete ebile e le jo bo tla bong bo tlama ka go intsha ga gago setlhabelo. Nnya, kgolagano eno e e feditsweng magareng ga Jehofa le “baitshepi” ke “Kgolaganō e ncha” e e solofeditsweng ke Modimo le ntlo ya semoya ya Iseraela. Setlhabelo seo kgolagano e ntšha e ikaegileng ka sone se theilwe mo setlhabelong sa “Morwa Motho,” ebong Jesu Keresete.​—Yeremia 31:31-34; Mathaio 24:30.

15. “Baitshepi” ke bomang, mme jaanong ba direla jaaka eng mo lefatsheng?

15 “Baitshepi” bao ba tsenang mo kgolaganong e ntšha ba dirwa Baiseraele ba semoya. (Luke 22:19, 20) Modimo o biletsa go phuthiwa gore go diragale e le gore a tle a tlhatlhobe bao ba phuthiwang, a amogele bao ba itshepileng mme a gane bao ba sa tsheleleng maiphako a bone a go nna mo kgolaganong ya gagwe, kgolagano e ntšha. (Pesalema 50:16) Fa e sale Ntwa ya Lefatshe I, tshupo ke gore La-Bodumedi, leo le iphakang go nna mo kgolaganong e ntšha ga le a ka la itshupa le amogelwa ke Jehofa Modimo. Phapaanong segolo fela thata le seo go eme masalela a mabotlanyana a a ineetseng ka boammaaruri, barutwa ba ba kolobeditsweng ba Motsereganyi wa kgolagano e ntšha, Jesu Keresete. Ba ile ba itshupa e le Baiseraele ba semoya. Bakgomaredi bano ba ba ikanyegang ba kgolagano e ntšha ke “baitshepi” bao Morwa motho a ba phuthelang go ene ka go dirisa baengele ba gagwe. Ba diragatsa ditlamego tsa kgolagano e ntšha, “kgōlaganō . . . ea me,” jaaka Modimo a e bitsa. Ka ntlha ya tiro ya bone ya go tshegetsa Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete, ba ile ba nna ‘sesupo’ go lefatshe lotlhe.​—Isaia 8:18; Bahebera 2:13, 14.

16. (a) Go ne ga nna le go tsoga ga semoya leng ka masalela a “baitshepi”? (b) Mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome, Monyadi ke mang, mme ke bafe bao ba bopang monyadiwa wa gagwe wa tshwantshetso?

16 Ka masalela ao a “baitshepi,” go ne ga tshwanelwa ke go nna le go tsoga semoyeng ka nako ya karolo ya ntlha ya “bokhutō yoa lehatshe.” Eno e ne e le karolo e e tlhomologileng ya “seshupō” seo Jesu a neng a bolelela pele ka ga sone mo boperofeting jwa gagwe jo bogolo. Ka masalela, nako ya go tsoga moo e ne e le ya boipelo jo bogolo, boipelo jo bo tshwanang le joo jwa makgarebane a matlhano a a botlhale, kgotsa a a matseba, ao a neng a bo tsogela gareng ga bosigo ka go goa ka go re “Bōnañ, monyadi ke eo! Cwañ lo eè go mo kgatlhantsha.” (Mathaio 25:1-6) Go tsoga moo mo go ipedisang go ne ga diragala mo dikgakologong tsa 1919, fa masalela a a tloditsweng a ne a simolola go itharabologelwa mo matsweleng a pogiso ya lefatshe ka bophara le go tshwenngwa mo ba neng ba go itemogela mo lobakeng lo lo fifetseng lwa Ntwa ya Lefatshe I. Monyadi wa setshwantsho wa makgarebane a a lesome, tota, ke Jesu Keresete, mme monyadiwa wa gagwe wa tshwantshetso ke phuthego ya gagwe e e ikanyegang ya maloko a a 144 000 ao a tla kopanelang mo Bogosing jwa selegodimo. (Tshenolō 14:1-4) Tlhatlhamano ya Bibela le ditiragalo tsa segompieno di supa gore Kgosi ya Monyadi e ne ya tla mo tempeleng ya semoya ka dikgakologo tsa 1918. Go tswa foo o ne a simolola go tsosa mo baswing maloko a a ikanyegang a monyadiwa wa semoya le go ba kopanya le ene mo Bogosing jwa selegodimo. Jaaka polelwana ya masalela a monyadiwa e tshwantshediwa ke makgarebane a a botlhale, Tshenolō 19:7 e bolela ka go re: “A re itumeleñ, a re ipeleñ thata, a re o galaletseñ: gonne nyalō ea Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse.”

17. (a) Ke ka baka lang fa setlhopha sa ‘makgarebane a a botlhale’ se ipela? (b) Makgarebana a a botlhale a ne a kgona go itlela le eng mme ka gone a kgona go ka dirang?

17 Ee, nako ya go tsoga ga semoya ga setlhopha sa ‘makgarebe a a botlhale’ le go tleng go tlhaloganya ga bone “seshupō” mo go neng ga bonala ka 1914 e ne e le paka ya boipelo jo bogolo. Go tswa foo mafoko ano a ne a ka dirisetswa go bone ka tshwanelo: “Go segō ba ba lalelediwañ selalelo sa nyalō ea Kwana.” (Tshenolō 19:9) Mo setshwantshong sa ga Jesu, makgarebane a matlhano a a botlhale a ne a tla le lookwane lo lo tshubang lo lo oketsegileng e le gore ba tle ba kgone go ka tshuba dipone tsa bone mme ka gone ba kopanela mo thulaganyong ya lenyalo le le itumetseng ka dipone tse di tshubilweng. Fa Monyadi a ne a goroga, “[makgarebane] a a iketleeditseñ ba tsèna naè mo modihoñ oa nyalō; me moyakō oa cwalwa.”​—Mathaio 25:1-10.

18. (a) Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, masalela a a tloditsweng a ne a santse a na le Lefoko le le sedimosang la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo mo go bone go dirang? (b) Ke eng seo se neng sa itsisiwe kwa kopanong ya bone ya morago ga ntwa?

18 Boammaaruring jwa setshwantsho sa makgarebane a a botlhale, masalela a a tloditsweng a ne a tswelela go neela kamogelo e e phatsimang le e e kgatlhisang go Monyadi wa selegodimo, yoo nako ya gagwe ya lenyalo go phuthego ya gagwe ya monyadiwa e neng e gorogile. Morago ga maitemogelo a bone a semoya a a neng a seleka ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I ba ne ba sa ntse ba na le lesedi le le lekanetseng le le sedimosang la Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo mo go bone jaaka “diyana tsa lecopa” go tlhosetsa tiro ya bone ya go sedifatsa setho malebana le Bogosi jwa Modimo ka Kgosi ya Monyadi. (2 Bakorintha 4:7) Ka mo go tshwanelang, ka September 1-8, 1919, setlhopha sa ‘makgarebane a a botlhale’ se ne sa tshwara kopano ya sone ya ntlha ya merafe-rafe kwa Cedar Point, mo Ohio. Go ne ga bolelwa koo ka kakantsho ya go gatisa makasine o mosha go oketsa Tora ya Tebelo. Kgatiso eno e ntšha e ne ya bidiwa The Golden Age, leina le le neng le tshwanela mofuta wa motlha oo setho se se tsosolositsweng se tla o ipelelang ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya Kgosi ya Monyadi Jesu Keresete. Makasine oo o santse o ntse o gatisiwa, jaanong o bidiwa Awake!

19. (a) Setlhopha sa ‘makgarebane a a botlhale’ se ne sa tla go nna karolo e e tlhomologileng jang ya “seshupo sa “go nna gone” ga ga Jesu? (b) Ke bafe bao jaanong ba itumetseng mo lefatsheng?

19 Ka bofefo fela morago ga kopano tokololo ya ntlha ya The Golden Age​—ya October 1, 1919—​e ne ya gatisiwa. Ka kgatiso eo le dikgatiso tse dingwe tsa Watch Tower Bible and Tract Society, ‘setlhopha sa makgarebane’ se ne sa tswelela pele mo thomong ya sone ya go sedifatsa lefatshe. Ba ne ba itatlhela mo tirong ya morago ga ntwa ya ‘go rera mafoko ano a a molemo a bogosi go nna tshupo mo merafeng yotlhe’ pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ne bo ka tla. (Mathaio 24:14) Ka tsela eno masalela a a tloditsweng, setlhopha sa ‘makgarebane a a botlhale’ se ne sa nna karolo e e tlhomologileng ya “seshupō” se se tlhakantseng seo se neng se tshwaya “go tla” mo go sa bonaleng ga ga Jesu jaaka Kgosi e e neilweng maatla le “bokhutlō yoa lehatshe.” Tiro eo e e sedimosang ke bosupi jo bongwe jo bo maatla gape-gape jwa gore ‘motlha wa bokhutlo’ o ne wa simolola kwa bowelong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Go sego bao ba bonang ka kutlwisiso karolo eno e e boleletsweng pele ya “seshupō” ka bokao jotlhe jwa sone!

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Tiro ya go rera ya Bogosi ke karolo ya eng?

◻ Ke bomang kgotsa ke eng seo se tshwantshediwang ke mopalami wa pitse e tshweu; pitse e khunou; pitse e ntsho; pitse e tshetlha?

◻ Masetlapelo a bosetšhaba a Sejuda a 70 C.E. e ne e le setshwantsho sa boperofeti sa eng?

◻ Ke bomang ba ba bopang setlhopha sa ‘makgarebane a a botlhale,’ mme ke ka baka lang fa ba ipela?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

‘Re bolelele, sesupo sa go nna gone ga gago e tla nna eng?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela