LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/1 ts. 8-13
  • Ke Mang Yo O Ka Lemogang “Seshupō” Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo O Ka Lemogang “Seshupō” Sentle
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Seshupō” sa Motlha wa Rona
  • Motlha o o Tshwailweng wa go Bonala ga “Seshupō”
  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Iseraela oa Modimo” le Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Kganetsano ya Bogosi e Tsholeditswe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/1 ts. 8-13

Ke Mang Yo O Ka Lemogang “Seshupō” Sentle

“Baitimokanyi ke lona, lo itse go phutholola pōnalō ea legodimo le ea lehatshe; me go nntse yañ lo sa itse go phutholola motlha ono?”​—LUKE 12:56.

1, 2. Baba ba ga Jesu ba ne ba ka lemogang ka go bonala ga loapi, mme ba ne ba sa kgone go ka tlhaloganyang?

BATSAMAI ba lewatle ba ba botlhale ba itse go keleka ponalo ya loapi, mme ba tsaya-tsia ditshupo tsa lone. Jaaka leboko le le itsegeng le baya kgang ka go re: “Loapi lo lo hibidu mo bosigong, bakgweetsi ba ipela, Loapi lo lo hibidu mo mosong, bakgweetsi ba a tlhagisega.”

2 Morena Jesu Keresete o ne a tshwaela ntlha e e tshwanang le eleng ka tsela e e gakgamatsang fa a ne a thulane le baba ba gagwe. Malebana le thulano eo mokwadi wa Efangele ya ga Luke o bega ka go re: “Me le gōna a raea machutichuti a batho, a re, Ea tle e re lo bōna leru le tlhatloga kwa bophirimatsatsi, lo tlo lo re, Go tla mookodi; me go dihale yalo. Me e re lo bōna phehō ea borwa e hoka, lo re, Go tla nna mogote o o hisañ; me go dihale. Baitimokanyi ke lona, lo itse go phutholola pōnalō ea legodimo le ea lehatshe; me go nntse yañ lo sa itse go phutholola motlha ono?”​—Luke 12:54-56.

3. Ke “seshupō” sefe seo baba ba gagwe ba neng ba ka se kgone go se kgoreletsa sa gore Jesu e ne e le Mesia?

3 Baba bao ba ba boikgantsho ba ne ba ka phutholola seemo sa loapi, mme ba ne ba le boitimokanyo thata ebile ba sena kitso ya semoya go tlhaloganya dikgang tse di botlhokwa jo bogolo. Jesu o ne a diragatsa ditshupo tse di farologaneng tse di neng di thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang go dumela mo go ene. (Yohane 2:23) Lefa go ntse jalo, segolobogolo loso lwa gagwe ka Letsatsi la Tlolaganyo ya 33 C.E. le tsogo ya gagwe mo letsatsing la boraro e ne e le “seshupō” se se supang gore e ne e le Mesia, kgotsa Keresete. (Mathaio 12:38-41; Luke 11:30) Ka tlholego fela, baba ba ga Jesu ba ne ba leka go kgoreletsa “seshupō” seo. (Mathaio 27:62–28:20; Ditihō 4:1-4) Mme pele ga a tlhatlogela legodimong Bajuda ba ba kwa godimo ga 500 ba ne ba tla go nna basupi ba tsogo ya gagwe. (1 Bakorintha 15:3-6) Ka mo go tshwanang, gompieno go na le “seshupō” seo se ka se fitlhweng. Go se lemoga sentle ke kgang ya botshelo le loso. Mme “seshupō” seo ke sefe? Mme ke mang yo o ka se lemogang ka papamalo?

“Seshupō” sa Motlha wa Rona

4. Gompieno, ke “seshupō” sefe se se bonalang, mme dingwe tsa dikarolo tsa sone ke dife? (Mathaio 24:3)

4 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmoditse ka go re: “Le seshupō e tla nna eñ sa go tla gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Mo karabelong, Keresete o ne a bolela ka dintwa tse di senang bolekanngo, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa mafatshe, le dikarolo tse dingwe tsa “seshupō” sa “go nna gone” ga gagwe mo go sa bonaleng ka maatla a Bogosi. Karolo ya konokono ke tiro e e akaretsang kgolokwe ya go rerwa ga Bogosi moo jaanong go dirwang mo mafatsheng a le 203 ke basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 2 840 000. Gangwe le gape dikgatiso tsa Watch Tower di ile tsa supela go seno le bosupi jo bongwe jaanong jo bo diragatsang “seshupō” sa “go nna gone” ga ga Jesu.​—Mathaio, dikgaolo 24, 25; Mareko kgaolo 13; Luke kgaolo 21.

5. Ke ka baka lang fa Jesu a ne a sa feteletse kgang fa a ne a bitsa Bajuda ba lekgolo la ntlhala dingwaga “losika lo lo boshula le loa boaka”?

5 Ga go na lebaka la go latofatsa gore fa e sale go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 tshupo ya tiragatso ya “seshupō” e ntse e oketsegela pele. Seno se tshwanetse sa nna le botlhokwa jo bo kae go rona? Tota, ga re batle go nna jaaka Bajuda ba makgolo a dingwaga a a 19 a a fetileng bao ba neng ba le bakeleki ba seemo sa loapi ba ba molemo, mme ba tlhokomologa bosupi jo bo pepenene jo bo mo pele ga matlho a bone mme ba seka ba batla go dira phetso eo e neng ya gogela koo ka tlhamalalo. Go le bogologolo pele ga moo, Modimo o ne wa neela Moshe dinonofo tsa go dira ditshupo tse tharo go supa thata ya gagwe ya bomodimo go Baiseraele ba ba bogang. (Ekesodo 4:1-31) Mme thulanong le ditshupo tse di fetang tse tharo Bajuda ba losika loo lwa lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa iketleeletsa go mo amogela jaaka Mesia yo Mogolwane go na le Moshe. (Yohane 4:54; Bahebera 2:2-4) Ka jalo Jesu o ne a sa feteletse kgang fa a ne a ba bitsa gore ke “losika lo lo boshula le loa boaka.”​—Mathaio 12:39.

6. Batho ba ba etseng dilo tlhoko jaanong ba bolela eng ka ga maemo a lefatshe?

6 Batho ba losika lono lwa lekgolo la dingwaga la bo-20 bao ba sa eletseng kgotsa ba sa dumeleng mo go nneng gone ga bobedi ga ga Jesu Keresete ga ba kgone go lemoga “seshupō” sa bofelo jwa tsamaiso eno sentle. Mme maemo a jaanong ga se ao a kgothatsang ka gope, jaaka go bontshiwa ke dikai tse di latelang:

“Mokwaledi Mogolo wa Merafe e e Kopaneng Javier-Perez de Cuellar o ile a bolela gore lefatshe le mo seemong se se tsitsibanyang eleruri mo phetogong ya dikgang tsa merafe-rafe le kgagamalelong e e tshiamo, e e kagiso le e e tsepameng ya tsamaiso ya merafe-rafe go bonala e ile ya koafala. . . . ‘Kwelo tlase . . . ya ikanyano gareng ga merafe e baakanyetsa ka motheo o o molemo wa kgagamalo le tshukatshukano,’ go boletse jalo Mokwaledi Mogolo wa UN.”​—Indian Express, October 22, 1983.

“Bantsi ba rona ba ile ba bolela ka dingwaga gore ntwa ya nuklea e tla bolaya dimilione tsa batho ba ba senang molato mme e tla dira dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe go sa nniwe . . . Setlhopha sa baitseanape ba ba tlotlegang ba ile ba tla mo phetsong e e bileng e boifisa le eleng go feta​—ntwa eo ya nuklea, kgotsa le eleng go lwantshana fela ga barena ba lefatshe ka nuklea, go ka kgoma seru sa seemo sa loapi sa lefatshe ka bophara seo e ka reng kgabagare sa bolaya dibilione go na le dimilione mme ka gongwe sa khutlisa le eleng botshelo jwa motho mo lefatsheng. Tlhotlhomiso ya dingwaga tse pedi e ne ya direla Phuthego ya Matswela a Lobaka-loleele a Botshelo Lefatshe ka Bophara a Ntwa ya Nuklea. Diphetso tsa yone di ne tsa gatelelwa ke baitseanape ba ba fetang 100 . . . Carl Sagan . . . o ne a supa matswela a ntwa ya nuklea ka mareo a a tsitsibanyang: ‘Nyeletso ya mefuta yotlhe ya setho e tla nna yone tota.’”​—The Express (Easton, Pa.), November 3, 1983.

7. Barati ba botshelo mo lefatsheng le le botoka ba tshwanetse ba lebelela tlhomamisetse kae?

7 Eo ke pono e e lotobo ya baakgedi bangwe ba ba rileng ba maikarabelo, ba ba nang le thata. E fifetse segolo-bogolo ka go bo ba sa supele go tsela epe ya go falola seru seo ba se bonang. Eleruri, barati ba botshelo mo lefatsheng le le botoka ba batla boikitsiso jo bo tlhotlheletsang tsholofelo. Ka mo go itumedisang, go na le kgoro ya botso mo masetlapelong a lefatshe ao a kokomogang, ka go bo gone go na le bafalodi ba kudumedi ya kgolokwe e e bopelang e e tshwanang Aitsane, fa go ne go seka ga nna le bafalodi ba Morwalela wa motlha wa ga Noa, lefatshe le ka bo le sa tlala ka banni ba batho ba ba fetang 4 000 000 000! Ke buka e le nngwe fela​—Bibela e e Boitshèpō—​eo e neelang pego e e tsepameng ya batho ba roba bobedi fela, gammogo le mefuta e e farologaneng ya botshelo jwa diphologolo, bao ba neng ba falola matlhotlhapelo ao a kgolokwe.

8. Phapaanong le ba bangwe, barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgona go dirang fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e ne e le gaufi le go tloga e tlosiwa?

8 Ereka Buka eo e e tshwanang e e ikanyegang e re neela tlhaloso ya ga Jesu ya maemo ao a tla nnang gone mo lefatsheng fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e e sugakanang e tla tlosiwang, a ga re a tshwanela go leka go lemoga “seshupō” seo sentle? Dingwaga tse di masome a mararo le bosupa nele ga Jerusalema a ne a ka senngwa ke masole a Roma ka 70 C.E., Jesu o ne a neela tlhatlhamano ya dikarolo tsa “seshupō” se se tlhakantseng seo se neng se tla etelela pele matlhotlhapelo a kgolokwe ao a neng a tshwantshediwa ke Morwalela. Mme gareng ga dilo tse dingwe, o ne a re: “Me go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa. Ediha gōna ba tla bōnañ Morwa Motho a tla ka leru, ka nonohō, le ka kgalalèlō e kgolo. Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”​—Luke 21:25-28.

9. Go tloga 1895, go fitlha go 1931, molaetsa wa kgatiso eno o ne wa supiwa jang mo khabareng ya yone e e simololang?

9 Karolo ya boperofeti joo e ne ya bonala mo khabareng ya ditokololo tsa Tora ya Tebelo tsa January 1, 1895, go ya go October 1, 1931. Mo godimo ga tsopolo ya Bibela go ne go na le tora ya tebelo e romela marang a lesedi, fa lewatle le le kgaphaselang le ne le ntaaka motheo wa lehika oo tora e neng e eme mo go ona. Ka gone kgatiso eno e ne ya supa thomo ya yone go losika, loo maloko a lone a santseng a tshela mme ebile ba bala tokololo yone eno tota.

10. Re ka tila jang go boga dipogo tseo di itemogelwang ke baetapele ba batho gompieno?

10 Gompieno, banna ba dikgang, bao dipelo tsa bone di idibalang ka ntlha ya poifo ba itirela ditlhaloso tsa bone ka dikarolo tsa “seshupō” se se tlhakantseng. Mme motlhalosi wa rona yo o molemo-lemo ke Jesu Keresete, mme fa re kgomaretsa “seshupō” botlhokwa jo a bo se neileng, ga re ketla re boga dipoifo tseo di tlwaelegileng go baetapele ba batho bao ba sa itseng kgoro ya botso mo madubedubeng a gompieno a lefatshe. Go na le moo, re tla ipela ka go bo thekololo ya rona go tswa tsamaisong eno e e boikepo ya dilo e ntse e atamela.

Motlha o o Tshwailweng wa go Bonala ga “Seshupō”

11. Jesu o ne a supa jang gore ditiragalo tsa lefatshe tse di neng di tla tshwaya bokhutlo di ne di tla diragala mo nakong tota?

11 Ditiragalo tsa lefatshe di diragala tota mo nakong. Jang jalo? Tota, pele ga Jesu a neela boperofeti jo bo begilweng go Luke 21:25-28, o ne a bolelela pele ka tshenyo ya bobedi ya Jerusalema. Boamaaruring jwa lefoko la gagwe, bo ne jwa diragala ka 70 C.E. Fa e le kaga Bajuda ba ba falolang, Jesu o ne a re: “Ba tla wa ka bogale jwa tšhaka mme ba tla isiwa ditshwarwa kwa merafeng yotlhe; me Jerusalema o tla gatakwa ke merafe, go fitlhelela metlha e e laotsweng ya merafe e diragala.” Merafe eo e ne e le bao eseng Bajuda, kgotsa Baditšhaba. Ka jalo, lobaka lwa go gataka gantsi lo lebisiwa jaaka “metlha ea Badichaba.” (Luke 21:24, NW; Bibela e e Boitshèpō) E ne ya fela leng? Tota, go na le mo gontsi mo go akarediwang go na le mo go diragetseng mo Jerusalema wa selefatshe. Ka jalo letlha leo ba lseraele ba neng ba gapa motse wa Jerusalema wa lorako lwa bogologolo ka lone, kana lebaka la go bo e le motse-mogolo wa morafe o o ipusang wa segompieno wa Iseraele, ga se lone lebaka le le sekasekang kgang. Tshupa nako ya Modimo ke yone kgang kgolo!

12. Metlha ya Baditšhaba e ne ya simolola leng, e ne e le lobaka lo lo kae, mme e ne ya fela leng?

12 Baroma ba Baditšhaba ba ne ba simolola go gataka Jerusalema ka 63 B.C.E. Mme pele ga Bagerika ba Baditšhaba, Baperesia, le Bababelona ba ne ba ile ba gataka ‘motse oo wa Kgosi e kgolo’ Jehofa. (Mathaio 5:34, 35) Bababelona ba ne ba o senya le tempele ya one ka 607 B.C.E. Go tloga nakong eo go ya pele, go gatakwa ga seo se neng se emelwa ke Bogosi jwa Modimo ke Baditšhaba go ne ga simolola, mme Metlha ya Baditšhaba eleruri e ne e simolotse. Metlha eo ya Baditšhaba e ne e tshwanetse go nna supa, mongwe le mongwe o dumalana le ngwaga wa boperofeti wa malatsi a le 360. Mo motheong wa “letsatsi leñwe le leñwe le tla èmèlwa ke ñwaga, metlha e shupa” yotlhe e ne e tla nna dingwaga tse 2 520. (Dipalō 14:34; Esekiele 4:6, Daniel, kgaolo 4) Go simolola ka tshwafatso ya Jerusalema ka 607 B.C.E., e ne e tla fela ka 1914 C.E.

13. Ke go tloga leng diithuti tsa Bibela di neng tsa itse kaga ngwaga wa go fela ga Metlha ya Baditšhaba?

13 Le eleng kwa tshimologong ka 1880, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa bolela gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tla atologela go ngwaga wa 1914. Go tswa foo ka kgatiso ya The Time Is At Hand ka 1889, diithuti tsa Bibela lefatshe ka bophara di ne tsa tsiboswa gape gape lebakeng la gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tla fela mo letlhabuleng la 1914.

14. Go sa kgathalesege seo se neng sa diragalela Jerusalema ka 1948, ke ka baka lang fa re ka bolela gore Metlha ya Baditšhaba e ne ya fela ka 1914?

14 Tota he, mo ngwageng oo, a Jerusalema o mogologolo o ne a khutlela go gatakwa ke merafe e e seng Bajuda, kgotsa Baditšhaba? Nnya, ka go bo ka 1914 motse-mogolo oo wa ditiragalo o ne o santse o le mo diatleng tsa Bobusi jwa Turkey, molekane wa mmuso wa Jeremane. Ka December 9, 1917, o ne wa tsewa ke masole a Britani mo go ba Turkey tlase ga ga General Allenby. Jerusalema o ne a tswelela tlase ga puso ya Britani ka thata ya Kgolagano ya Merafe go fitlhelela 1948. Go tswa foo Bajuda ba ne ba tsogologa mme ba gapa karolo ya bophirima ya Jerusalema wa segompieno ka kwantle ga motse o o mo loboteng. Motse o o dikaganyeditsweng o ne wa gapiwa ke Ba-Muhammadans. Re ka bolela jang he, gore Metlha ya Baditšhaba e ne ya khutla ka 1914? Ke ka go bo ka ngwaga oo puso ya Kgosi e kgolo Jehofa e ne ya tsalwa kwa legodimong.

15, 16. (a) Jerusalema wa bogologolo o ne a khutlela go nna “motse oa Kgosi e kgolo” ebong Jehofa leng, mme ke Jerusalema ofe yo mogolo yo o gone yo o tsholetsegileng? (b) Ke kae he koo, Jehofa a neng a tla tlhoma Jesu Keresete jaaka Kgosi?

15 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, tempele ya Modimo e ne ya ema mo Jerusalema, mme Jesu o ne a obamela koo. Ka jalo Jerusalema ka gone he o ne a ka bitswa “motse oa Kgosi e kgolo,” e bong Jehofa. (Mathaio 5:34, 35) Mme eleruri kwa go gagolweng ga dikgakgamatso ga losire lwa moteng ga tempele ka loso lwa ga Jesu mo Letsatsing la Tlolaganyo ya 33 C.E., e ne ya khutlela go nna motse wa segosi wa ga Jehofa. Tshenyo ya Jerusalema le tempele ya yone ke Baroma ba Baditšhaba ka 70 C.E. e ne ya rurifatsa lebaka leo. Ka mo go itumedisang go Bakeresete ba Sejuda ka nako eo, le go Bakeresete botlhe esale, go na le Jerusalema o mongwe yo o goletsegileng fela thata, “Yerusalema oa selegodimo.”​—Bahebera 12:22.

16 Tumalanong le ntlha eno, boperofeti jwa ga Jesu jo bo kwadilweng go Luke 21:24 bo ne jwa simolola ka tiriso ya Jerusalema wa selefatshe mme e tshwanetse ya felela ka tshupiso go “Yerusalema wa selegodimo.” Ee, “Yerusalema oa selegodimo” o ile a emela Jerusalema wa selefatshe jaaka “motse oa Kgosi e kgolo” ebong Jehofa Modimo. Koo, mo ‘motseng’ wa selegodimo, e ne ya nna lone lefelo le “Kgosi e kgolo” ebong Jehofa, a neng a tlhoma Morwawe yo o galaleditsweng Jesu Keresete kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914.

17. Kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba, ke taelo efe ya bomodimo eo e neng ya neelwa Kgosi e e tlhomilweng mo setulong ebong Jesu Keresete, mme ke bomang bao ba neng ba ithebolela tirelo ya gagwe ka go rata?

17 Seo e ne e le nako e e tlhomilweng ya bomodimo ka Jehofa go ntshetsa Morwawe yo o tlhomilweng Jesu Keresete taolo e e akareditsweng mo mafokong a ga Pesalema 110:2, 3: “Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Sione: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago. Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago: u re u le mo mekgaboñ ea boitshèpō, ua bo u na le monyō oa bokau yoa gago, o cwa sebopeloñ sa moshō.” Boammaaruring jwa boperofeti jono, “batho” ba ba ineetseng bao ba neng ba latela mo dikgatong tsa ga Jesu le go lemoga bofelo jwa Metlha e ya Baditšhaba ka 1914 ba ne ba ithebola ka go rata go direla jaaka ba itsise ba puso e e sa tswang go tsalwa bosheng ya ga Jehofa Modimo mo Sione wa selegodimo ka Morena Jesu Keresete. Mme merafe eo go tweng ke ya Bokeresete ga e a ka ya ineela ka go rata go Kgosi e e sa tswang go tlhongwa mo setulong ya ga Jehofa. Tota, ba ne ba itshupa e le “baba” bao ba neng ba tsenelela mo ntweng ya ntlha ya lefatshe ya ditiragalo tsa motho godimo ga kgang-kgolo ya bolaodi jwa lefatshe. Ba ile gape ba itshunya nko lefatshe ka bophara mo polelong ya Bogosi jwa Modimo.

18. Ka 1918, ke tshupo efe e e neng e le gone ya bobaba kgatlhanong le Bogosi jwa Modimo?

18 Bobaba kgatlhanong le Bogosi jwa Modimo bo ne jwa iponatsa segolo-bogolo ka 1918. Ka May 8, 1918, morulaganyi wa makasine wa Tora ya Tebelo le palo e e rileng ya badiri ka ene ba ne ba tshwarwa mo lesukasukeng la ntwa. Moragonyana ka June 21, ba ne ba atlholelwa dingwaga tse dintsi mo kgolegelong ya batlola-molao ba puso mo Atlanta, mo Georgia, mo U.S.A. E ne e le fela morago ga ntwa e sena go fela ebile ba sena go senya dikgwedi di roba-bongwe mo kgolegelong badihedi bano ba Bogosi jwa Modimo ba neng ba dumelelwa go letela tsheko ba le kwantle. Ka nako e e leng yone, ba ne ba gololwa mo ditatofatsong tsotlhe tsa maaka tseo ba neng ba di koegilwe godimo.

19. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ke seemo sefe se Kgolagano ya Lekgotla la Amerika la dikereke le neng la se tsaya malebana le Kgolagano ya Merafe?

19 Ntwa ya Lefatshe I e ne ya fela ka November 11, 1918, mme mo kgweding e e latelang Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke tsa ga Keresete mo Amerika le ne la bolela phatlalatsa gore le eme Kgolagano ya Merafe e e neng e akantshiwa ka nako eo nokeng. Setlhopha seo sa bodumedi se ne sa bolela gore Kgolagano ke “pontsho ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Fa e ne e itlhokomolosa kakgolo eo ya sedumedi, ka mabaka a sepolotiki United States of America e ne ya gana go kopanela mo Kgolaganong, e tsenelela fela Kgotla ya Ditsheko ya Lefatshe. Lefa go le jalo Kgolagano e ne ya simolola go dira kwa tshimologong ya 1920, mme maloko a Kgolagano ya Lekgotla la Dikereke a ne a le segofatsa a ba a e tshegetsa.

20. Ke seemo sefe se batho ba ga Jehofa ba neng ba se tsaya malebana le Kgolagano, mme ba ne ba simolola go itsise eng?

20 Mo letlhakoreng je lengwe, makasine wa Tora ya Tebelo le batho ba ga Jehofa bao ba o anamisang ba ne ba gana go lemoga Kgolagano ya Merafe jaaka seemedi sa bopolotiki sa Bogosi jwa Modimo. Le ka motlha ga ba ise ba ke ba le lemoge jaaka tiragatso ya thapelo ya sekao e e neng ya rutwa ke Jesu Keresete: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Ga ba a ka ba ithaopa ka go ithatela tirelong ya seemedi se se itiretsweng ke motho, tsietso eo! Go na le moo, ba ne ba supa boikanyegi jwa bone go Bogosi jwa Modimo jwa mmatota mo diatleng tsa ga Jesu Keresete go “Yerusalema oa selegodimo.” Ka thuso ya Modimo ba ne ba lemoga “seshupō” sentle sa “go nna gone [ga ga Jesu] le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” Ka jalo ba ne ba bololela go itsise Bogosi lefatshe ka bophara.

Karabo ya Gago Ke Eng?

◻ Ke “seshupō’ sefe se se bonalang gompieno mme dikarolo dingwe tsa sone ke dife?

◻ Re ka tila jang dipoifo tseo jaanong di itemogelwang ke baetapele ba batho?

◻ Metlha ya Baditshaba e ne ya simolola le go khutla leng?

◻ Jehofa o tlhomile Jesu Keresete jaaka Kgosi go “Jerusalema” ofe?

◻ Batho ba ga Jehofa ba ile ba leba Kgolagano ya Merafe jang?

[Tšhate mo go tsebe 11]

October, 607 B.C.E. — October, 1 B.C.E. = dingwaga tse 606

October, 1 B.C.E. — October, 1914 C.E. = dingwaga tse 1 914

METLHA E SUPA YA BADITŠHABA = dingwaga tse 2 520

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bao ba lemogang “seshupō” sentle ba ka falola bofelo jwa tsamaiso eno, jaaka batho ba roba bobedi ba ne ba falola Morwalela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela