Lebaka La Go Bo Hara-Magedona E Tshwanetswe Go Tlhabanwa
“MODIMO O LORATO.” Ga se fela gore Modimo o bontsha lorato, go bolela jalo moaposetoloi Johane, mme gape ke lorato—motswe wa mmatota wa lorato.—1 Yohane 4:8.
Lefa go le jalo, Modimo ono o o tshwanang o o lorato gantsi o supiwa ke bangwe jaaka modimo o o itlotlomatsang o o tlisang kwatlhao e e setlhogo go bao ba ileng ba tlhaela kamogelo ya gagwe. Ka ntlha ya gone moo, bantsi ba ka tswa ba ile ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo Modimong kgotsa ba ile ba nyatsa Bibela, ba iphaka gore e ka bo e sa tswe Modimong o o ntseng jalo. Segolo-bogolo dikarolo tsa yone tsa buka ya ga Tshenolō di supiwa ka monwana ka ke koo dikatlholo tsa Modimo godimo ga baikepi di tlhalosiwang di bo di felela ka ntwa ya Hara-Magedona gone.
Ka sekai, Joseph Wheless o kwala mo bukeng ya gagwe, Is It God’s Word? ka go re: “Ammaaruri mmadi yo o pelontle o ka se itshokele ponatshegelo ya tshenolo e e senolang moya o o ikwatlhaileng ka bopelontle gareng ga baleofi ba ba tlhomolang pelo (e ka tswa e le ba tshimologo kgotsa ba sebe se se bolayang), bao koo ‘ba tlhokofadiwang ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga ga Kwana,’ bao botlhe ba lebegang ba iketlile fela ntswa ‘mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae: mme ba sena tapologo motshegare le bosigo’ go tswa bogaleng jo bo boifisang jwa Modimo Mothatayotlhe (Tshen. 14:10, 11). Eno ke tshenolo e e tlhotlheleditsweng ya Modimo wa lorato lotlhe.”
Mongwe yo gape o ganetsanang le pego ya ga Tshenolō, Moperofesa Gerald A. Larue wa Unibesithi ya Southern California yo bosheng jaana a neng a kwala go makasine wa Free Inguiry ka go re: “Bao eseng badumedi ba latlhelwa mo moleteng. Kotlhao ga se lex talionis, katlholo ya leitlho le tswelwe ke leitlho; lefa e le gore ke kotlhao ya tshololo ya madi, koo setlhopha se se ntsi se ka nnang sa nyelediwa (go batla go tshwana le Gen 4:23, [24]; Yosh. 6; jalo le jalo). Fano kotlhao ke ya bosaengkae. Ga go kutlwelo botlhoko. Kotlhao ke e e sa feleng. Ga go na boitshwarelo, ke kotlhao eo e itlhokomolosang kagiso ya go nyelediwa ruri. Yone ga se setshwano sa ga Jesu yo o pelontle le bonolo.” Go tswa foo, a tsopola Tshenolō 14:9-11, o tswelela ka go re: “Ga go na go isa lerama je lengwe fano—fa e se kgamolo fela e mpe, e e ferosang sebete ka bosetlhogo jo bogolo mo dipogiso tsa Bonazi di nnang selonyana fa di bapisiwa.”
Go a utlwala gore, megopolo ya pogo e e setlhogo fa baleofi ba ntse ba bogisiwa ka bosaengkae e ka tsosa dipotso kaga ‘Modimo wa lorato.’ Mme dikgopolo tse di ntseng jalo di ikaegile ka go sa utlwisise Bibela le gore moya ke o o sa sweng. Go na le moo, Dikwalo di supela gore “maduō a boleo ke losho”—eseng pogo ya bosaengkae—le gore ka nako ya loso maikutlo a motho, go akareletsa le kgono ya go utlwa botlhoko, a a khutla.—Baroma 6:23; Moreri 9:5, 10.
Ke kotlhao, eseng go otlhaiwa, mo eleng ga bosaengkae—jaaka baikepi ba nyelelediwa ruri mo “bodibeñ yoa molelō,” sesupo sa tshenyego ya go ya go ile. (Tshenolō 20:14, 15; 21:8) Lefa go le jalo, ntwa ya Hara-Magedona e tla tlisa pogo e e senang bolekanngo le matshwenyego go setho, mme e tla nna ntwa e e matlho-mahibidu go di feta tsotlhe tse di kileng tsa lowa. (Mathaio 24:21, 22; Tshenolō 14:20; 19:17, 18) A eno e ka tswa go ‘Modimo wa lorato?’ A Modimo eleruri o tla tlisa ntwa e e ntseng jalo?
Tshupo ya Lorato lwa Modimo
Tota, ke ka ntlha ya lorato lwa Modimo go bo ntwa ya Hara-Magedona e tshwanetswe go lowa. Boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka lefatshe ke go le busetsa kwa boemong jwa lone jwa tshimologo jwa Paradaise, le gore go nne le batho ba tshela mo go yone ka kagiso le boitekanelo ‘go se ope yo o tla ba boifisang.’ (Esekiele 34:28; Mika 4:3, 4; Tshenolō 21:4) Go tshwanetswe ga dirwang he ka bao, ka bokebekwa le bothubaki jwa bone, ba tla maramarang pabalesego ya Paradaise e e tsosolositsweng? Ga go tsamaiso epe e e ileng ya logwa ke motho eo lefa go le jalo ka katlego e ileng ya dirisana le bothata jo bo ntseng jalo. Tsela e le yosi fela go tlhomamisetsa kagiso e e itekanetseng ke go tlosa le eleng pōpō ya boikepo. Ee, Modimo o tshwanetse go senya baikepi ba diganana ka ntlha ya bao ba batlang go dira se se siameng. Ka ntlha ya lorato, o tsaya kgato go phepafatsa lefatshe go bao ba tla le senyang.—Tshenolō 11:18.
Ga go ope yo o tlhokang go swa. “[Modimo o rata] gore batho botlhe ba kè ba bolokwè” go kwala jalo moaposetoloi Paulo. (1 Timotheo 2:4) Mme Petere, fa a ne a kwala gape tlase ga tlhotlheletso, o ne a re: “[Ga a] rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Modimo o ile wa rulaganyetsa go bolelwa ga “Mahoko a a Molemo a, a bogosi” e le gore motho mongwe le mongwe o tla nna le sebaka go itirela poloko ya gagwe ka esi. (Mathaio 24:14; Bafilipi 2:12; Bagalatia 6:5) O ka tshelela ruri mo boitekanelong mo lefatsheng la paradaise. Kgetho ke ya gago. (Baroma 2:5-9; Esekiele 18:23, 32) A seno ga se se o ka se solofelang mo Modimong wa Lorato?
Kgang-kgolo ya Bolaodi
E le gore go tle go tlhomamisediwe pabalesego ya kagiso le tidimalo, go tla nna fela le puso e le nngwe e busa lefatshe lotlhe—Bogosi jwa Modimo. A ga se gone gore mebuso e mentsi ya batho, yotlhe e gakaletse go nna le mekgele ya yone ya bomorafe e e bogagapa, mo go dirileng tshukatshukano le tshololo ya madi e e kana-kana lefatshe ka bophara? Mebuso eno e tshwanetswe go tlosiwa go sutela puso ya tshiamo tlase ga Bogosi jwa Modimo ka Keresete. (Daniele 2:44) O ile wa rapelela puso eo ya selegodimo fa o ne wa boaboeletsa thapelo ya sekao eo Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.
Mme ke puso efe eo o e itseng eo e iketleeditseng go latofatsa borena jwa yona le go ineela ka boyona ka botlalo go Bogosi jwa Modimo? A go na le moo mebuso ga e ngaparele ka matlho a mahibidu bolaoding jwa bone ka sebele, ba tswelela ba batla go atolosa tlhotlheletso ya bone ya bobusi go dipela Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo? (Pesalema 2:1-9) A tota le ka motlha go kile ga nna le tshupo ya gore merafe e batla go tlogela mebuso ya yone go e neela Modimo le Keresete? Go sa nonofang ga lekgotla la Merafe e e Kopaneng jaaka sedirisiwa sa kagiso ya lefatshe go supa go sa iketleetse ga merafe go ineela fa dikgatlhego tsa bomorafe tsa bogagapa e le tsone tsa konokono le go ineela go taolo e le nngwe. Merafe e ititeile sehuba go tsweledisa dikgang tsa lefatshe ka tsela ya yone. (Tshenolō 17:13, 14; 19:19) Ka jalo ntwa ya Hara-Magedona e tshwanetse go tlhabanwa go kgabaganya setlhabi seno mme ka metlha e rarabolole kgang ya yo o nang le tshwanelo ya go busa lefatshe.
Go Kgotsofatsa Ditlhokafalo tsa Batho
Dikgato tsa ga Jehofa ka Hara-Magedona di tla bo di le tsholegelong molemo ya setho. Akanya. O ikutlwa jang kaga maemo a lefatshe a jaanong? A o a rata jaaka a ntse? A o ikutlwa o babalesegile tlase ga pōpō ya nyeletso ya nuklea? A o a tlakasela go bona bothubaki bo oketsega, boago jwa gago sebele bo nnela maswe pele? A o boifela bana ba gago le isagwe ya bone? Ke kgololo efe e o e bonang? A puso epe fela le ka motlha e kile ya supa gore e tla tlisa kagiso le tlhogonolofalo go setho sotlhe? A go na le epe le ka motlha e e kileng ya kgona go tlosa bolwetse kgotsa loso mo lefatsheng? Go na le moo, a maemo a lefatshe ka bophara ga a ka a senyegela pele go sa kgathalesege diphitlhelelo tsa boranyane tsa motho, le gantsi a nnela maswe pele ka ntlha ya ditlhabololo tse di ntseng jalo? Ke Bogosi jwa tshiamo jwa Modimo fela jo bo tla kgotsofatsang ditlhokafalo tsa setho. Ke fela ka jone kagiso ya boammaaruri e tla renang godimo ga lefatshe jotlhe. Ntwa ya Hara-Magedona e tshwanetse go tlhabanwa!
Mme gotweng kaga pogo le mathata a setho ao a tla nnang gone jaaka Modimo o tsaya kgato go phepafatsa lefatshe? Tseno e ile ya nna matswela a ka metlha a ntwa. Di tla diragala ka Hara-Magedona fela ka go bo merafe e ganeletse mo go ganetseng puso ya bolegodimo. Ba ititeile sehuba go tlhabana le go gana. (Pesalema 2:2, 3) Seo ga se molato wa Modimo. O ba neela tlhagiso e e tshwanetseng: “Ke gōna yana tlhalehañ, lona dikgosi: lo rutègè, lona baatlhodi ba lehatshe. Dihèlañ Yehofa ka poihō, me lo itumèlè ka tlakasèlō.”—Pesalema 2:10, 11.
Akanya jaanong. Maemo a lefatshe a ne a tla nna jang fa e le gore Modimo o ne o ka ikgogona mo go tseneleleng go tlhamalatsa dikgang tsa lefatshe? A dintwa, bokebekwa, le matlhoo di ne di se ketla di tswelela kwantle ga go sa kokobele go ralala makgolo a dingwaga a bobusi jwa motho? A ga di oketsege le eleng jaana go ya bokgakaleng jwa gore setho sotlhe se bopelwa ke mahumapelo a tlhabano ya nuklea le tšhefi ya yone ya marang? Hara-Magedona tota ke selo se se molemo seo se ka diragalelang kgolokwe ya rona! E tla khutlisa tsela ya boipolao e e bogagapa ya merafe. E tla phepafatsa ditsamaiso tseo di tlisang matlhotlhapelo go setho le go baakanya tsela ya tsamaiso e ntšha ya dilo ya tshiamo ya boammaaruri koo mahutsana otlhe a a itiretsweng ke motho, kutlobotlhoko, le loso di tla tlosediwang ruri. ‘Dilō tsa pele di tla bo di fetetse ruri,’ Modimo o solofetsa jalo.—Tshenolō 21:4; 2 Petere 3:13.
Re tshwanetse ra gakologelwa gore Modimo mo botlhaleng jwa gagwe o itse seo se leng molemo go setho le seo se tlhokafalelang go se fitlhelela. Le eleng mebuso ya batho e ile ya akantsha le go tsenelela mo ntweng go baakanya seo se bonalang ekete ke ditshiamololo kgotsa go lwela seo se neng se akanngwa e le tsela e e siameng fela. Mme ke Modimo fela yo o nang le botlhale jwa go tlhabana ntwa e ka boammaaruri eleng tshiamo. Ke ene fela a ka tlhabanang ntwa e e tlhaolegileng ka boammaaruri koo batho ba ba dipelo di siameng, ba ka tswa ba le kae mo lefatsheng ba tla bolokiwang. (Mathaio 24:40, 41; Tshenolō 7:9, 10, 13-17) Mme ke Modimo fela yo o nang le tshwanelo ya go pega bolaodi jwa gagwe godimo ga lefatshe lotlhe, ka go bo e le popō ya gagwe. Ee, e le gore a tle a tlose metlhala ya boikepo yotlhe go ya go ile, go khutlisa tshiamololo, kobamelo ya maaka e e gatelelang, le eleng seo se bakang boleo, le go itshepisa ka botlalo leina le le boitshepo la Modimo—Hara-Magedona e tshwanetswe ya tlhabanwa. Mme e tla tlhabanwa, ka go bo “Modimo o lorato!”
[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]
HARA-MAGEDONA . . . . . . e baakanyetsa tsela ya kagiso