LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/1 ts. 3-4
  • Hara-Magedona—A E Tswa Go Modimo wa Lorato?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Hara-Magedona—A E Tswa Go Modimo wa Lorato?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ntwa e e Matlho-mahibidu
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Hara-Magedona—Seo E Sa Se Reyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ntwa ya Haramagedona ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/1 ts. 3-4

Hara-Magedona​—A E Tswa Go Modimo wa Lorato?

“HARA-MAGEDONA”​—leina leno le le mo Bibeleng le kaya eng? Le supiwa nako nngwe le nngwe mo khabareng e e bonalang sentle, go tla nna le tlhomagano ya ditlhogo tse di rutang tseo di supiwang mo ditokololong di le nne tsa Tora ya Tebelo ya January le February 1985. Go solofelwa gore dipuisano tseno tsa Dikwalo di tla go gomotsa ka kitso ya gore HARA-MAGEDONA tota tota ke eng.

OAKANYA eng fa o bona lefoko “Hara-Magedona?” Go ba bantsi le raya thulano e e botlhoko magareng ga barena ba lefatshe. Ba bantsi ba gopotse ka seru sa bofelo​—nyeletso ya nuklea eo e tla gaupanyang lefatshe go nna le le swafetseng, molora fela wa marang, go na le bafalodi ba sekae, fa e le gore ba teng. Lefa go ntse jalo, phapaanong le dipono tsa bone tse di ntseng jalo tse di tlwaelegileng, seo ga se sone se Hara-Magedona e leng sone tota.

Motswe wa lefoko “Hara-Magedona” o bonwa mo Bibeleng. Mme koo le bonala gangwe fela​—mo kgaolong ya bo-16 ya buka ya ga Tshenolō. Morago ga go bolela kafa “dikgosi tsa lehatshe yeotlhe” di tla phuthelwang mmogo “ntweñ ea Letsatsi ye Legolo ya Modimo Mothatayotlhe,” boperofeti bo bolela go re: “Ba ne ba biletsa dikgosi mmogo kwa lefelong le le bidiwang, ka Sehebera, Hara-Magedona.”​—Tshe 16 ditemana 18 go ya go 16, The Jerusalem Bible.

‘Ntwa ya Letsatsi le Legolo la Modimo Mothatayotlhe’! Ka phepafalo, Hara-Magedona ke ntwa ya Modimo. Go boammaaruri, e kopanyeletsa dikgosi, kgotsa merafe ya lefatshe. Mme ba tla, eseng go tlhabantshana, mme go lwa kgatlhanong le Modimo le masomosomo a selegodimo ao a eteletsweng pele ke Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng, ebong Jesu Keresete​—yo o neng a tshwantshediwa a pagame pitse e tshweu. Ka matswela afe? Pego ya Bibela e balega ka go re: “Dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna, di kokwanetse èna eo o pagameñ pitse le ntwa ea gagwè. . . . Ba bolawa ka chaka ea eo o pagameñ pitse, . . . me dinōnyane cotlhe tsa kgora nama ea bōnè.”​—Tshenolō 19:19-21.

Ntwa e e Matlho-mahibidu

Hara-Magedona e tla swafatsa fela thata mo eleng gore kgatlampolo ya yone e lebisiwa jaaka go phuthiwa ga ‘thobo ya lefatshe’ ka tiriso ya thipa e e bogale. “Me moengele a latlhèla thipa ea gagwè mo lehatshiñ, me a kgaola mefine ea lehatshe, me a e latlhèla mo segatisecoñ sa mafine, eboñ mo segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo. Me segatisecō sa gatèlwa kwa ntlè ga motse, me ga cwa madi mo segatisecoñ, a hitlha mo dikgoleñ tsa megale ea dipitse, a cwèla kwa bokgakaleñ yoa bomaele ba makgolo mabedi.”​—Tshenolō 14:15-20.

Ee, madi a tla elela ka go porometsega mo seatleng sa masole a a ntshang katlholo ya Modimo. Dintsho tsa dimilione tse 69 tsa dintwa tse pedi tsa lefatshe di tla nna lefela mo papisong go ba ba bolailweng mo ntweng ya Modimo ya Hara-Magedona. Moperofeti Jeremia o ne a kwala jaana malebana le bone: “Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe: ga ba ketla ba lelèlwa, leha e le go phuthwa, leha e le go hitlhwa: ba tla nna lechotèlo hèla mo godimo ga mbu.”​—Yeremia 25:30-33.

Metswi e e bogale, sefako se se boitshegang le masomosomo a mangwe ao a dirisiwang ao a tla bong a patile katlholo ya Modimo a tla roromisa dipelo tsa batho tota lefatshe ka bophara. Ka ntlha ya tlhakatlhakano ba tla retologela, mongwe go yo mongwe kgatlhanong le mongwe ka ene, jaaka masomosomo la a diragatsang katlholo a Modimo a ratha kwantle ga go leba dingwaga kgotsa bong. Ka go bo Modimo o ba laela go sa supe bopelotlhomogi: “Me lo kgemèthè: a leitlhō ya lona le se rekegele, leha e le go tlhomoga pelo: Bolaèlañ ruri monna mogolo, lekau le morweetsana, le banyana, ba bannye le basadi.”​—Esekiele 9:5, 6; Sekaria 14:12, 13.

Mme seno se ka nna jang? Modimo o o lorato o ka ntsha kgang e e ntseng jalo jang? Kgotsa ke modimo o o senang pelo, o o sa reng sepe o o ipusolosetsang, o o sa kgathaleng mo go kalo ka popo ya gagwe ya batho? A Modimo o o lorato eleruri o tla tlisa ntwa e e ntseng jalo jaaka Hara-Magedona?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela