Puso e e Fitlhelelang Seo Motho A Sa Se Fitlheleleng
“Tlañ lo bōnè ditihō tsa Modimo; oa boitshèga mo go diheñ ga ōna mo baneñ ba batho.”—PESALEMA 66:5.
1, 2. (a) Lobopo lo lo bonalang lo supa jang nonofo e e boitshegang ya Mmopi? (b) Ke ka baka lang fa re tshwanetse go dumela seo Lefoko la ga Jehofa la boperofeti le se bolelang ka ga motlha wa rona?
JEHOFA o na le nonofo ya go ka dira seo motho a ka se se direng. Go tshwantsha: Batho ba na le thata e e boitshegang ya bomo ya nuklea; mme maatla a yona a nyerisiwa ke maatla a magolo ao a leng mo letsatsing la rona. Lefa go le jalo letsatsi ke lengwe fela la dinaledi tse di ka nnang dibilione tse 200 tsa losagaripana. Balepa-dinaledi ba lekanyetsa gore go ralala lobopo go na le masagaripana a a ka nnang dimilione tse 100, lengwe le lengwe ka dibilione tsa dinaledi. A namane e tona ya nonofo e e neng e tlhokafalela go bopa tseo! (Isaia 40:26) Thata eno e e boitshegang ya Mmopi e dira gore thata ya batho e nne ditsiabadimonyana fela.—Isaia 40:15.
2 Ka gone ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa o ka se fitlhelele seo a reng o tla se dira. (Isaia 46:9, 10; 55:11) Re tshwanetse go dumela fa Lefoko la gagwe la boperofeti le re bolelela gore re gaufi le bokhutlo jwa motlha o o lekanyeditsweng o o dumeletseng batho go tsaya tsela ya bone ya boitaolo. Ditiragalo di bontsha gore seo batho ba se dirileng mo botshelong jwa batho le jwa diphologolo, gammogo le lefatshe ka bolone, ke matlhabisa ditlhong, setshubaba mo lobopong lwa Modimo. Ka gone, Jehofa o tshwanela ka botlalo go tlosa setshubaba seno gore se se tlhole se nna teng.—Hosea 4:1-3; Yode 14, 15.
3. Boperofeti jwa Bibela bo reng kaga isagwe e e fa gaufi?
3 Seo se diragalang mo seemong sa lefatshe gompieno ke bosupi jo bo popota jwa gore tsamaiso eno ya dilo eleruri e mo karolong ya yone ya bofelo ya ‘metlha ya bofelo’ e e boleletsweng pele go 2 Timotheo kgaolo 3. Ka bofefo, Modimo o tla senya tsamaiso eno gore e tloge mme a tseanye tlhogo ya yone, ebong Satane Diabolo. Seo se tla latelwa ke tsamaiso e ntšha ya dilo gotlhelele mo lefatsheng, e e laolwang ke puso ya selegodimo eo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela fa a ne a re: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10; Daniele 2:44; Baroma 16:20.
Molao-motheo wa Thekololo
4. Jehofa o na a dirisa molao-motheo wa thekololo jang mo Iseraeleng wa bogologolo?
4 Mebuso ya batho ga e ka ke ya kgona go tlosa boleo, bolwetse, le loso. Lefa go le jalo, puso ya Modimo e tla kgona go dira seo batho ba ka se se direng. Re bona lesedi la gore seno se tla dirwa jang ka go tlhatlhobisa ditirisano tsa Modimo le Baiseraele ba bogologolo. Morago koo, Modimo o ne a dirisa molao-motheo wa thekololo kgotsa kgololo. Ka sekai, fa Moiseraele a ne a humanega, o ne a ka nna a ithekisa jaaka motlhanka go yoo eseng Moiseraele. Mme wa losika yo o atamalaneng o ne a ka mo rekolola fa e le gore o ne a na le madi a thekololo a a lekaneng.—Lefitiko 25:47-49.
5, 6. (a) Molao-motheo wa thekololo o dira jang mo go gololeng setho mo boleong jo bo jelweng boswa? (b) A mongwe le mongwe ka gone he o golotswe mo boleong?
5 Ka tsela e e tshwanang, Modimo o ne a baakanyetsa ka thekololo ya setho go tswa mo bokgobeng jwa boleo. Tlhotlhwa e ne e tshwanelwa ke gore e lekane le seo se neng sa latlhiwa. (Duteronome 19:21) Adame o ne a latlha botshelo jwa setho jo bo itekanetseng, jwa bosakhutleng Fa e sale ga go sepe seo batho ba ba leofileng ba nang le sone se se lekanang le seo ka tlhotlhwa, ga ba ka ke ba ‘rekolola ngwana wa rraabo.’ (Pesalema 49:7) Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya bolelela pele go goroga ga yo o neng a tla go dira. Yoo o ne a itshupa e le Jesu Keresete. Go ne ga senolwa gore Jesu o ne a le teng pele mo legodimong pele ga a nna motho. Mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetolelwa mo sebopelong sa ga Maria ka thata ya ga Jehofa. Ka tsela eno o ne a tsalwa jaaka motho. Mme ereka Modimo e ne e le Rraagwe, o ne a seka a ja boswa boleo joo bo neng jwa koafatsa setho sotlhe.—Mathaio 1:18-21; Yohane 1:1, 14; 1 Petere 2:22.
6 Ka gone, Jesu o ne a na le selo se le sosi fela se se lekanetseng botshelo jwa setho jo bo itekanetseng ka tlhotlhwa—botshelo jo bongwe jwa setho jo bo itekanetseng Mme ka go sa tshwane le Adame yo o senang tsebe, Jesu o ne a sala a ntse a le kutlo go Modimo. Mme fa a ne a ntshetsa lelapa la setho botshelo jwa gagwe, Jehofa o ne a bo amogela jaaka tlhotlhwa ya thekololo e e tshwanelang (Bagalatia 1:4) A mme seno se raya gore mongwe le mongwe fela o golotswe mo boleong ka ntlha ya seo le gore o tla bona boitekanelo tlaseng ga puso ya Bogosi? Nnyaa, ka go bo Yohane 3:16 e bolela gore: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ke fela fa re amogela paakanyetso ya thekololo le go dira sengwe ka ga yone re tla itemogelang ntšhafatso ya mebele le ditlhaloganyo tsa rona go ya boitekanelong mo Paradaiseng.—Tshenolō 21:4.
Thuto mo Thulaganyong e Ntšha
7, 8. Ke kgonego efe ka go ithuta mo isagweng e e larileng moteng ga boboko jwa motho?
7 Tlhaloganyo e na le kgono e kgolo fela thata ya go ithuta, le eleng mo seemong sa motho sa jaanong sa basaitekanelang. Mme seno ke karolonyana fela ya seo re tla kgonang go se ithuta mo Thulaganyong e Ntšha, koo boleo bo se kitlang bo kgoreletsa go dira ga yone. Mo go The Brain Book mokwadi o bolela gore: “Moteng ga ditlhogo tsa rona ka sebele go na le e nngwe ya ditsamaiso tse di raraaneng thata mo go tseo di itsiweng mo lobopong. Maatla le maatlametlo a yone a gaisetsa kgakala-kgakala khomputara epe fela e e itiretsweng ke motho.” O ne a oketsa ka go re: “Go bolelwa gangwe le gape gore re dirisa fela diphesente tse 10 tsa kgono ya rona e e tletseng ya tlhaloganyo. Mme jaanong go bonala gore, go feteleditswe thata fa go tualo. Ka gongwe re dirisa fela le eleng phesente e le 1—go bonala thata e ka nna phesente ya 0,1 kgotsa kwa tlase.”
8 Akanya fela seo boboko bo tla se kgonisang batho go se fitlhelela fa bo fitlhelela boitekanelo jwa kgono ya jone e e feletseng mo Thulaganyong e Ntšha. Akanya dilo tse di jesang kgakge tseo Jehofa a di beileng mo lefatsheng leno tseo re tshwanetseng go di ithuta, tse di jaaka botshelo jwa diphologolo tsa lone, tsa lewatle, le dimela. Akanya, gape, kaga go ithuta kaga lobopo lo lo akabatsang ka dibilione tsa lone tsa masagaripana. Akanyetsa dikgono tsotlhe tseo re tla kgonang gore re di kgone mo go takeng, mminong, petlong, le dilo tse dingwe tse dintsi-ntsi.
9. Ke thuto ya mofuta ofe e e tla tlisang melemo e megolo fela thata mo Thulaganyong e Ntšha?
9 Go na le mofuta o mongwe gape wa thuto mo Thulaganyong e Ntšha o o tla tlisang mosola o mogolo fela thata go botlhe. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla rutwa ke Yehofa.” (Yohane 6:45, NW) Eno ke thuto e e kwa godimo fela thata-thata. Mme e tla tlisiwa go babusiwa botlhe ba Bogosi jwa Modimo, go akareletsa le bao ba tla falolang bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Tshenolō 7:9, 14) Babusiwa ba bangwe ba Bogosi ba tlhalosiwa go Yohane 5:28 le 29, koo Jesu o neng a re: “Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, me ba tla cwa.” Tsogo eno ya dibilione tsa batho ba ba suleng—eo gotlhelele batho ba ka se e fitlheleleng—e raya gore tiro e kgolo fela thata ya go ruta e tshwanetse gore ba e direlwe.
10. Thuto e tla tswelela jang mo Thulaganyong e Ntšha?
10 Gompieno go na le ditsamaiso di le dintsi tse di thulanang tsa thuto. Mme mo Thulaganyong e Ntšha, puso ya selegodimo ya Modimo e tla baakanyetsa ka tsamaiso e le nngwe ya thuto ya lefatshe ka bophara go ruta batho boammaaruri kaga Jehofa ka tsela e e kutlwano. Karolo ya seno e tla nna go ruta batho kaga dikamano tsa setho tse di tshwanetseng. Ga go ne go nna le thuto ya boikgogomoso jwa lotso, bomorafe, kgotsa maemo. Go na le moo, banni ba lefatshe ba tla ithuta go ratana, go tlotla tlotlego ya ba bangwe. Gape thuto e e ntseng jalo e tla felela ka botho jo bo siameng sentle jo bo betlilweng go tshwanela dinonofo tse di kwa godimo tsa ga Jehofa.—Ditihō 10:34, 35; Bakolosa 3:9-12.
11, 12. Re ka tlhomamisega jang gore thuto e e ntseng jalo mo Thulaganyong e Ntšha e tla atlega mo boikaelelong jwa yone?
11 A thuto e e ntseng jalo eleruri e ka dira? Re tlhomamisega gore go ntse jalo mme e tla dira. Lebaka le lengwe ke gore Jehofa, yo a ka se akeng, o bolela gore o tla dira. (Tito 1:2) Gape thuto ya mofuta ono e ya dira gone jaanong jaana! Jehofa o setse a na le phuthego e e rutang lefatshe ka bophara eo e layang dimilione tsa batho kaga puso ya gagwe ya Bogosi le dipatlafalo tsa yona. Seno se diragala ka gobo puso ya Bogosi e sale e ntse e dira fa e sale ‘metlha ya bofelo’ e simolola ka 1914.
12 Fa e sale nako eo, boperofeti jwa ga Mathaio kgaolo 25 bo sale bo ntse bo diragadiwa. E bontsha gore Jesu o tla tla ka nonofo ya Bogosi lefa baba ba Modimo ba tla bo ba santse ba le mo lefatsheng. Mat 25 Temana 32 e re: “Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” Batho bano ba seka-dinku jaanong ba rutwa ke Jehofa ka phuthego ya gagwe e e golang, e e bonalang. Ka go anaanela seo ba se ithutang, ba a dira go betlela botho jwa bone mo tshwanong ya Modimo. Mme lebaka la go bo thuto eno e ama dimilione tsa batho sentle ga jaanong ke tlhomamisetso e potlana gore e tla dira jalo mo selekanyong se segolo fela thata mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo.
Go Dira Paradaise
13. Ke tiro efe e kgolo ya kago eo e tla nnang gone tlaseng ga puso ya Bogosi?
13 Mofuta o mongwe wa tiro tlase ga puso ya Bogosi e tla bo e le go fetolela lefatshe leno go nna paradaise. Mme Paradaise e ka se akareletse metibela-fatshe le lehuma. Batho ba tla batla magae a mantle le lefatshe le le nang le ditlhare, dithunya, le ditshingwana. Bao ba iketleeleditseng go rutwa ke Modimo ba tla nna le seo. Isaia 65:21 le 22 e bolela ka go re: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele . . . me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea iliatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo loleele.”
14, 15. Ke ka baka lang fa re ka tlhomamisega gore batlhanka ba ga Jehofa ba tla kgona go aga paradaise?
14 Se belaele se Jehofa a tla se fitlhelelang ka dipelo tseo di ratang le diatla tse di ratang tsa batho ba gagwe mo Thulaganyong e Ntšha. Le eleng gompieno baagi ka bontsi ba gakgamadiwa ke seo Basupi ba ga Jehofa ba se fitlhelelang mo go tlhomeng dikago, jaaka Diholo tsa Bogosi tseo di agwang ka pele. Morago ga e nngwe ya tseno e sena go agiwa mo United States, maloma-tsebe a koranta a ne a re: ‘Sengwe se se botlhokwa fela thatathata go na le kago se ne sa dirwa ke baithaopi ba ba 2 000. Bagolwane ba khansele ba tshwanetse go elatlhoko thata seo se neng sa fitlhelelwa mafelo beke a a fetileng. Tlhagafalo, boineelo le keletso go fitlhelela mokgele o le mongwe di ne tsa tlhotlhelediwa ke matswela a a gaisang go feta. Fa fela ditlhopha tsa lefelo leo di ka laola ditsompelo tse di tshwanang tseo, mokgele ope fela—e ka nna go busetsa maemong a a tlwaelegileng, go thibela bonokwane, kana tlhabololo ya merafe—o ka fitlhelelwa. Lesomo la babereki le ne la supa gore go na le kgonego efe e e fa pele moteng ga batho fa motse o kitlanye. Re solofela gore Holo ya Bogosi ke setsha sa motswedi wa tlhotlheletso go phuthego ya Basupi. Go nna gone ga yone e setse e le tlhotlheletso go rona rotlhe.’
15 Boikemisetso jono le botswerere jo bo golang jwa batlhanka ba ga Jehofa bo tla dirisiwa le eleng ka melemo e megolo fela thata mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo. Mme abo go tla ipedisa jang ne go emisetsa dikgaolo tsotlhe tse di sa eletsegeng ka magae le ditikologo tse dintle! Abo go tla bo go kgotsofatsa jang ne go itse gore maiteko a gago a tla tlisa lefatshe letsatsi le is lengwe gautshwane le paradaise ya kgolokwe!
Lelapa le le Kitlaneng la Kgolokwe
16. Ke ka baka lang fa banni ba Thulaganyo e Ntšha le ka motlha ba se ketla ba bopelwa ke bothubaki?
16 Lefa e le gone gore banni ba Thulaganyo e Ntšha e ba tla ikutlwa ba bopelwa ke bokebekwa, tsuologo, kgotsa ntwa. Pesalema 46:9 e re: “[Modimo] o khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” “Kgōsana ea Kagishō,” Jesu Keresete o tla e diragatsa ka nako ya kagiso ya kgolokwe, ka go bo “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.” (Isaia 9:6, 7) Ka kagiso ya boammaaruri, mme le ka lelapa lotlhe la setho le rutetswe mo maemong a a tshwanang a a kwa godimo, botlhe ba tla utlwana mo sebofong sa lorato se se sa robegeng. Ka gone, ga go ketla go nna le melelwane ya bosetšhaba epe e e kgaoganyang
17. Kagiso le kutlwano tsa batho ba Modimo di bogolo jo bo kae le eleng gone jaanong jaana?
17 A ditsholofetso tse di ntseng jalo ke dinnoolwane fela? Nnyaa, ka gobo kagiso le kutlwano di setse e le tsa mmatota gareng ga bao ka boikanyegi ba ineelang mo pusong ya Bogosi! Akanyetsa seno: Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse pedi le sephatlo ba aname le lefatshe. Lefa go le jalo, ba setse ba ntse ba diragatsa Isaia 2:4, eo e reng: “Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” Basupi ba ga Jehofa ga ba ke ba lora lefa e le tlase ga maemo afe ka bomo go bolaya bakaulengwe ba bone, kgotsa mongwe o sele fela, mo lefatsheng lefa e ka nna lefe. Jaaka kgatiso ya Sentadiana Il Corriere di Trieste e tlhalositse ka go re: “Ba ipaakanyeditse go thulana le loso go na le gore ba tlole kgato ya motheo: . . . O SE KA WA BOLAYA!” Ka ntlha ya go ngaparela maemong a Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba na le kagiso ya boammaaruri le kutlwano eo lefatshe leno le sa kgoneng go e fitlhelela. Mme lebaka la gobo dimilione, tsa bone di ipelela boemo jono gareng ga lefatshe leno le le kgautlhantsweng ke letlhoo le supela seo se tla diragalang fa Bogosi jwa Modimo bo laola dikgang tsotlhe tsa lefatshe.—Yohane 13:34, 35; 1 Yohane 3:10-12.
18, 19. Ke melemo efe e mengwe e e nnang go batho bao ba ngaparelang maemo a a kwa godimo a Modimo?
18 Mo godimo ga kagiso le kutlwano tseno tsa merafe-rafe, go ngaparela maemo aa kwa godimo-dimo a Modimo go tsala batho bao ba amegang ka bangwe ka bone le dithoto tsa bangwe ka bone. Ka gone ba ‘itshupa ba ikanyega mo dilong tsotlhe.’ (Bahebera 13:18) Malebana le seno, morulaganya dikgang wa Mofora ebile ele Mo-Canada, fa a ne a kwala go Le Journal de Montreal, o ne a re ka Basupi ba ga Jehofa: “Fa e le gore e ne e le bone batho ba le bosi mo lefatsheng, re ne re se ketla mo bosigong re ngananganela mabati a rona go a tswalela le go tsenya ditshosadinokwane.”
19 Babusiwa bano ba ba ikanyegang ba goromente wa Modimo ga ba na bothata jwa bokebekwa gareng ga bone, lemororo gone bo paletse lefatshe. Gape, ereka ba ngaparela maemo a a kwa godimo a boitsholo a Bibela, ga ba a tlhaselwa ke malwetse a dikobo a a tshelanwang kgotsa go senya dimpa mo eleng seru mo Tšhabeng nngwe le nngwe. Mme batlhanka ba ga Jehofa ba tsaya lenyalo ka tlotlo e e boteng, phapaanong le pono ya boatla ya lefatshe ya thulaganyo ya lenyalo. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwarelela maemong a a ntseng jalo? Ke ka go bo Jehofa o kaela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ebile “mo Modimoñ dilō cotlhe di ka dihala.”—Mathaio 19:26.
Ba Phuthelwa Kobamelong ya Boammaaruri
20. Ke kgato efe e e botlhokwa-tlhokwa fela thata mo metlheng ya segompieno?
20 Boo batho ba a go lemoga kgotsa ga ba go lemoge, go phuthelwa ga batho ba seka-dinku mo phuthegong ya ga Jehofa ke kgato e e botlhokwa-tlhokwa mo metlheng ya segompieno. Seno se diragatsa boperofeti jo bo kgatlhisang jwa ga Isaia 2:2, 3: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōnwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, ntloñ, a re tlhatlogeleñ, kwa thabeñ ea ga Yehofa, . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.”
21. Batho ba dipelo tse di ikanyegang ba kgothalediwa go dirang?
21 Re kgothaletsa batho botlhe ba dipelo tse di ikanyegang go nna karolo ya motsamao ono o o kgatlhisang wa lefatshe malebana le kobamelo ya boammaaruri le puso ya tshiamo. Ipelele masego ao a tlang ga jaanong ka go kopanela le batho bao ba rutetsweng mo melaong le mo melao-metheong ya Modimo. Ka boikanyegi ineele go puso ya Bogosi eo e tla tlogang e simolola go fetolela lefatshe leno paradaise. Ikanye Bogosi joo mme eseng ditogamaano tsa lefatshe leno, ka go bo jaaka Pesalema 127:1 e re: “Ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” Arabela taletsong ya ga Pesalema 66:5: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa Modimo; oa boitshèga mo go diheñ ga ōna mo baneñ ba batho.” Ka jalo tla go Modimo yo o solofetsang puso e e botoka go setho, puso eo e tla fitlhelelang seo motho a sa se fitlheleleng, puso eo e tla tlogang ka bofefo e nna yone fela e lefatshe leno le tla nnang le yone.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke ka baka lang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla fitlhelela maikaelelo a gagwe?
◻ Molao-motheo wa thekololo o direla jang mo go gololeng motho mo sebeng?
◻ Ke ditiro dife tse dikgolo tsa thutego le tsa kago tse di tla nnang teng mo Thulaganyong e Ntšha?
◻ Go na le bosupi bofe jwa jaanong jwa gore kagiso, kutlwano le lorato lefatshe ka bophara di tla nna gone mo Thulaganyong e Ntšha?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tlase ga puso ya Bogosi, batho ba ba ratang boammaaruri “botlhe ba tla rutwa ke Jehofa”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Kagiso le kutlwano di setse e le tsa mmatota gareng ga bao ba ineelang mo goromenteng wa Bogosi