Bibela—Buka e e Tshwanetseng go Balwa
BIBELA ka boammaaruri ke buka e e phatlaladitsweng fela thata-thata mo ditsong tsotlhe. E ranotswe go di feta, e tsopolwa go feta, ebile ke e kgologolo go tsotlhe. Ee, ebile ke buka eo gape e falotseng kganetso e e maswe fela thata. Lefa go le jalo, ka mo go sa itumediseng, ga go bonale gore Bibele ke buka e e badilweng thata mo lefatsheng.
Lefa go le jalo Bibela e tshwanetse go balwa. Akanyetsa a mangwe a mabaka kaga yone.
O E Balelang Ka Metlha?
Lefoko la rona la Setswana “Bibela” le tswa mo lereong la Segerika la bi·bliʹa, leo le rayang “dibukanyana tse di potlana.” Seno se re gakolola gore Bibela e dirilwe ka dibuka di le mmalwa—lefa gone tse dingwe di se di “nnyane” mo go kalo! Tseno di ne tsa kwalwa mo lobakeng lo lo fetang dingwaga tse di sekete. Lefa e ne ya kwalwa ke batho, ba ne ba tlhotlhelediwa ke Motswedi yo mogolo. Le eleng gompieno, dimilione di dumela gore “lokwalo loñwe le loñwe lo [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō.” (2 Timotheo 3:16) Ee, “dibuka tse di nnyane” tseno di tletse ka megopolo ya ga Jehofa Modimo ka sebele. (Isaia 55:9) Ga go gakgamatse he go bo di ile tsa fenya ka lobaka lo lo kalo kalo!
Tlwaelo ya go bala Dikwalo ka metlha eleruri e ile ya nna le mosola mo dinakong tse di fetileng. Dikgosi tsa lseraele di ne di tshwanelwa ke gore di ikwalele dikaelo tsa Molao ka monwana wa tsone, tseo jaanong eleng karolo e e botlhokwa ya Bibela. Ba ne ba tshwanelwa ke gore ba bale mo go yona letsatsi le letsatsi, jaaka kgakololo ya ka metlha go direla ka boikokobetso le go ngaparela ditaolo tsa Modimo. (Duteronome 17:18-20) Eleruri, re ka solegelwa molemo fela thata ka mo go tshwanang ka go bala Bibela ka metlha. Abo go le botlhokwa jang ne go elatlhoko boperofeti jwa Bibela! Ka ntlha ya thuto ya botho ya Dikwalo ya ga moperofeti Daniele, o ne a kgona go lemoga gore boperofeti jo bo botlhokwa mo bukeng ya ga Jeremia bo ne bo tla tloga bo diragadiwa.—Daniele 9:1, 2; Jeremia 29:10.
Fa Johane Mokolobetsi a ne a rera, “batho ba ne bale mo tebeleloñ” ya ga Mesia. (Luke 3:15) Seno se akantsha gore bantsi gareng ga bone ba ne ba tlwaelane le dipolelelo pele kaga Keresete tseo di ileng tsa kwalwa mo Dikwalong. Seno se a kgatlhisa tota, ereka dibuka di ne di se gone fela mo malatsing ao. Dikaelo tsa dibuka tsa Bibela di ne di tshwanelwa ke gore di kwalwe ka matsetseleko a magolo ka monwana. Ka jalo batho ba ne ba tlwaelana le tsone jang?
Mo makgetlong a mantsi, ka go di bala phatlalatsa Morutwa Jakobe o ne a akgela ka gore: “Gonne e sale ka metlha ea bogologolo Moshe o nntse a na le ba ba mo rèrañ galè mo motsiñ moñwe le moñwe, ka a balwa mo matluñ a thutō ka bosabata botlhe hèla.”—Ditihō 15:21.
Gompieno go motlhofo ka batho go nna le sekaelo sa botho sa Bibela, mme bobotlana ‘dibuka dingwe tse dipotlana’ di gone ka dipuo tsa diphesente tse 97 tsa batho ba lefatshe. Ka gone go a swabisa go bo bantsi ba sa kgatlhegele go bona seo Bibela e nang le go se bolela go bone.
O Kgothalediwa Go E Bala
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba e dira karolo e kgolo fela thata ya tiro ya bone go kgothaletsa go balwa ga ka metlha ga Bibela. Ka ditlhaka tse dikgolo mo go e nngwe ya magatisetso a bone kwa ntlong-kgolo ya lefatshe ka bophara ya bone mo Brooklyn, mo New York, go bonala polelwana e “BALA LEFOKO LA MODIMO BIBELA E E BOITSHEPO LETSATSI LE LETSATSI.”
Mo diphuthegong tse di fetang 46 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe, go na le Sekolo sa Bolegodimo sa Tirelo sa beke le beke. Go balwa ga phatlalatsa ga karolo e e kgethilweng ya Bibela beke nngwe le nngwe ke karolo ya thuto e. Botlhe ba ba gone ba na le kabelo ya beke le beke go bala dikgaolo di se kae tsa Bibela ka nosi mo magaeng a bone, mme bao ba itepatepanyang le thulaganyo eno kgabagare ba bala Bibela yotlhe.
Seno se tumalanong le nngwe ya dibuka tse dikgolo tsa Sekolo, Theocratic Ministry School Guidebook. E tlhalosa gore: “Thulaganyo ya gago ya botho e tshwanetse go akareletsa nako ya go bala Bibela ka boyone. Go na le mosola o mogolo thata mo go e baleng tsebe nngwe le nngwe go e fetsa. . . . Lefa go ntse jalo, mokgele wa gago mo go baleng e tshwanetse le ka motlha e se nne go akaretsa boikitsiso fela, mme e tshwanetse e nne go nna le pono e e feletseng ka boikaelelo jwa go gakologelwa. Nna le nako ya go tlhatlhanya kaga seo e se buang.”—Tsebe 21.
Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa gore Bakeresete ba motlha wa segompieno ba tshwanetse ba bo ba na le kitso kaga Bibela. Ka go gakologelwa seno, ba ile ba tsholeletsa godimo karolo ya go bala Bibela phatlalatsa mo lekgolong la dingwaga la bo-20. Ba ile ba gatisa mmalo wa “dibuka tse di potlana” tse dintsi tsa Bibela mo dikhaseteng tsa ditheipi. Ka gore bao ba ikutlwang gore ba ka se nne le nako ya go nna fatshe le go bala ka dipaka tse di telele jaanong ba ka reetsa mafoko a a gatisitsweng a dibuka tsa Bibela fa ba dira mo matlong a bone, fa ba kgweetsa, kgotsa ba dira dilo tse dingwe tse di mmalwa. Tota, ditheipi tseno ke thuso gape fa re nna mo fatshe re bala Bibela. Ke boitemogelo jo bo kgatlhisang go reetsa go balwa ga Dikwalo fa o di setse morago mo sekaelong sa gago sa Bibela.
Ka bojotlhe, dira gore o solegelwe molemo ke kaelo eno ya semoya e e baakantsweng mo dikgatisong tsa Bakeresete ba boammaaruri tseo di baakanyeditsweng ke Modimo ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Mme ke eng gape o sa go dire mokgwa wa gago go bala Bibela letsatsi le letsatsi. Melemo e tla nna megolo, jaaka go ile ga tlhalosiwa mo taolong eo e neng ya neelwa bogologolo go moetapele wa Moiseraele eleng Joshue: “Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè.”—Yoshue 1:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
E setse e le lobaka lwa dingwaga, sesupo mo ntlong ya kgatisetso ya Watchtower Society mo 117 Adams Street, Brooklyn, New York, se ne sa kgothaletsa ba ba fetang ka tsela go bala Dikwalo tse di Boitshepo