LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/15 ts. 28-30
  • ‘Mikaele Kgosana e Kgolo’—Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Mikaele Kgosana e Kgolo’—Ke Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kgōsana ea Lona”
  • Mikaele ‘O Ema ka Dinao’
  • Moengele yo Mogolo
  • Ntwa mo Legodimong
  • A Jesu ke Moengele?
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Jesu ke Moengele yo Mogolo Mikaele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/15 ts. 28-30

‘Mikaele Kgosana e Kgolo’​—Ke Mang?

SEBOPIWA sa moya se se bidiwang Mikaele ga se gantsi se umakiwa mo Bibeleng, mme fa a umakiwa, mokwalo gantsi o ama ditiragalo tsa botlhokwa. Mo go Daniele, re mmona a tlhabantshana le baengele ba ba boikepo mo boemong jwa batho ba Modimo. Mo go Jude, o ganetsana le Satane kaga mmele wa ga Moshe. Mme mo bukeng ya ga Tshenolō o latlhela Satane le badimona ba gagwe mo lefatsheng. Ka phepafalo, go bonala Mikaele a na le seabe se segolo thata mo legodimong. Ka jalo, go a tshwanela go ipotsa gore, Mikaele ke mang?

Ka dingwaga tse dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ruta gore Mikaele ke leina la selegodimo la Morwa yo o tsetsweng a le esi fela wa Modimo, yo leina la gagwe fa a le mo lefatsheng e neng e le Jesu. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa ditumelo tse dingwe di bona Mikaele jaaka mongwe wa baengele ba bagolo ba ba mmalwa, jaaka ekete go na le baengele ba bagolo ba ba fetang a le mongwe. Ka ntlha ya seno, a thuto ya Basupi ba ga Jehofa e siame? Bibela e reng kaga Mikaele?

“Kgōsana ea Lona”

Re itsisiwe kaga ene yo o bidiwang Mikaele mo bukeng ya ga Daniele. Moengele wa Modimo koo o mo lebisa ka mafoko ano: “Me kgōsana ea bogosi yoa Peresia ea ganèla le nna ka malatsi a le mashomè mabedi le mocō; me bōna, Mikaele, moñwe oa dikgōsana tse dikgolo, a tla go nthusa . . . Me yanon ke tla boea ke ea go tlhabana le kgōsana ea Peresia: me e tla re ke cwa, bōna, kgōsana ea Gerika e tla tla. Me ke tla gu bolèlèla se se kwadilweñ mo lokwaloñ loa boamarure: me ga go na opè eo o emeñ le nna ntlheñ ea dilō tse, ha e se Mikaele kgōsana ea lona.”​—Daniele 10:13, 20, 21.

Fano re latlhelelwa lesedi je le gakgamatsang kaga dilo tse di mo sebakeng sa moya. Re bona dibopiwa tsa moya​—tse di molemo le tse di bosula—​gore di kopanyelediwa fela thata-thata mo dikgannyeng tsa lefatshe. Go ne go na le ‘kgosana ya semoya ya sebaka sa segosi ya Peresia,’ e e neng e ganetsana le ditiro tsa moengele wa Modimo. Morago ga Peresia go ne go tla nna le “kgōsana ea Gerika,” e e godisang dikgatlhego tsa puso ya lefatshe leo. Gareng ga bano Mikaele e ne e le mongwe wa “dikgōsana tse dikgolo.” Ke morafe ofe o a neng a tla o kaela le go o sireletsa? Ka phepafalo, e ne e le batho ba gagabo Daniele, Bajuda.

Leina “Mikaele” le raya “Yo O Tshwanang le Modimo,” ka gone le supela gore kgosana eno e kgolo e tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Ereka Mikaele gape e le mofenyi wa batho ba Modimo, re na le lebaka je le utlwalang ja go mo kgetholola le moengele yo o sa umakiwang ka leina yo Modimo a neng a mo romela kwa pele go etelela Baiseraele makgolo a dingwaga go le pele: “Bōna, ke roma moengele ha pele ga gago, go gu dibèla mo tseleñ, le go gu hitlhisa mo heloñ ha ke go baakantseñ. Lo itisè mo go èna, me lo reetsè lencwe ya gagwè; lo se ka loa mo rumola: gonne ga a ketla a ichwarèla tlolō ea lona; ka gonne leina ya me le mo go èna.”​—Ekesodo 23:20, 21.

Go utlwala sentle go feleletsa ka gore yono e ne e le moengele yo a neng a isa dipuisano tse dintsi tse di botlhokwa go batho ba Modimo. (Ditihō 7:30, 35; Baatlhodi 2:1-3) O ne a na le taolo e e feletseng go tswa Modimong go dira ka leina ja Gagwe, fela jaaka dikgosi mo metlheng ya bogologolo di ne di neela babusiwa ba tsone ba ba ikanyegang mehitshana ya segosi, ba ba neela nonofo ya go dira ka leina la bone.​—Ekesodo 3:2, 3; 4:10.

A go na le sengwe fano se se ka dirang gore re dumele gore Mikaele le Jesu Keresete ke batho ba ba tshwanang? Kana ebile, Jesu o ne a bidiwa “Lehoko.” (Yohane 1:1) Ke mmueledi wa Modimo. Moengele yono wa morongwa yo o kgethegileng, le ene, ka phepafalo e ne e le mmueledi yo mogolo wa Modimo go Baiseraele.

Mikaele ‘O Ema ka Dinao’

Mikaele e ne e le ‘kgosana ya batho ba lona.’ Mme o ne a amogela taolo e e oketsegileng. Re mmona go tloga foo mo kgaolong ya bofelo ya buka ya ga Daniele. “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo.”​—Daniele 12:1.

Daniele, mo go Dan kgaolo 11, o ne a sa tswa go tlhalosa ka go tlhomagana ga mebuso ya lefatshe go tloga motlheng wa gagwe go tsenelela mo isagweng. O ne a tlhalosa ka botlalo go wa ga Peresia le go tlhagoga ga Gerika. Go tswa foo go kgaoganngwa ga mmuso wa Gerika. E le mebedi ya mebuso eo ya sepolotiki e e kgethologang​—Kgosi ya Botsheka le Kgosi ya Borwa—​di ne di tla lwela tlotlomalo le taolo ya batho ba Modimo. Kwa bofelelong jwa tshukatshukano eo, Mikaele o ne a tla ‘ema.’ Seno se raya eng?

Tota, mo dikarolong tse dingwe tsa jone boperofeti jono, lereo ‘go ema ka dinao’ le raya gore motho o nna le taolo go busa jaaka kgosi. (Daniele 11:3, 4, 7, 20, 21) Ka jalo, fa Mikaele a ‘ema ka dinao,’ le ene, o simolola go busa jaaka kgosi. Akanyetsa se seno se tla se rayang.

Pele ga Daniele a swa, kgosi ya bofelo ya Sejuda, Sedekia, o ne a ile a thankgolwa. Go ne go se ketla go nna le kgosi ya Sejuda ka makgolo a dingwaga a a neng a tla tla. Boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa bontsha go re letsatsi lengwe batho ba Modimo e ne e tla re gape ba nne le kgosi​—Mikaele.

Molekane wa ga Daniele, ebong Esekiele, o ne a bolelela pele ka go tla ga “èna eo tshiamèlō ea gōna e leñ ea gagwè” go busa gape jaaka kgosi ya batho ba Modimo. (Esekiele 21:25-27) Yono ga a kgethololwe le Bakabea ba Balefi ba ba neng ba nna le taolo ka nako ya lobaka lo lokhutshwanyane Iwa boipuso. Ereka e se ditlogolwana tsa ga Dafide, ga ba a ka ba nna le “tshiamèlō” ya go nna dikgosi. Go na le moo, e ne e le Jesu Keresete yo o neng a tlodiwa ke Modimo go busa jaaka kgosi mo bogosing jwa selegodimo. (Luke 1:31-33; 22:29, 30; Pesalema 110:1) Ka gone e ne e le ene fela yo o neng a tlodiwa. Mo go seno, ka gone, go a utlwala fela sentle go bolela gore Jesu le Mikaele ke motho a le mongwe.

Mo go Daniele kgaolo 7, go na le boperofeti jo bongwe kaga go tlhomagana ga mebuso ya lefatshe joo bo tshwanang le jwa kgaolo 11 ya ga Daniele. Lefa go ntse jalo, kwa bofelelong jwa boperofeti joo, re bala ka gore “moñwe eo o tshwanañ le moñwe morwa motho” o ne a “nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi.” (Daniele 7:13, 14) Ene yo o “tshwanañ le moñwe morwa motho” o itsege ka botlalo fa e le Jesu. (Mathaio 10:23; 26:64; Tshenolō 14:14) Ka jalo, mo pheletsong ya boperofeti jo bongwe, Jesu o nna kgosi. Mme mo boperofeting jo bongwe jwa ga Daniele, Mikaele o nna kgosi. Ereka dipolelelo pele ka bobedi di amana le lobaka lo lo tshwanang le tiragalo e e tshwanang, go a utlwala eleruri go feleletsa ka gore le jone bo bua ka motho a le mongwe.

Moengele yo Mogolo

Go tswa foo re bala kaga Mikaele mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Buka ya ga Jude e re bolelela jaana: “Me Mikaele moengele eo mogolo, o rile a ganèla le diabolo a tatalalana naè kaga mmele oa ga Moshe, a boiha go mo sekisa ka go mo gobolola, me a bua, a re, A [Jehofa] a gu kgalemèlè.” (Yude 9) Tiragalo eno e re thusa go bona katamelano ya ga Mikaele le batho ba bogologolo ba Modimo. Ka gone, e tshegetsa kgang ya gore ke ene moengele yole yo o neng a etelela Baiseraele pele go ba sireletsa.

Re ithuta go tswa mo go Jude gore Mikaele o ne a na le boemo jwa moengele yo mogolo. Tota, e ne e le moengele yo mogolo, ereka go se moengele ope yo mogolo yo o umakiwang mo Bibeleng, le gone Bibela ga e dirise “moengele eo mogolo” mo bontsing. “Moengele eo mogolo” e raya yo “Mogolo go baengele.” (Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament) Gareng ga batlhanka ba moya ba Modimo, ke maina a le mabedi fela ao a tshwaraganngwang le taolo e kgolo ya baengele: Mikaele le Jesu Keresete. (Mathaio 16:27; 25:31; 2 Bathesalonia 1:7) Seno, gape, se buelela lebaka la gore Jesu le Mikaele ba a tshwana.

Ka mo go kgatlhisang, leina la ga Jesu le nyalanngwa le lefoko “moengele eo mogolo” mo go lo longwe lwa dikwalo tsa ga Paulo. Moaposetoloi o kwala jaana: “Gonne Morèna [Jesu] ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo.” (1 Bathesalonia 4:16) Ditemana tse di dikologileng eno di supela tiragalo e e le ya “go nna gone ga Morena,” fa Jesu a se na go simolola go busa jaaka kgosi.​—1 Bathesalonia 4:15; Mathaio 24:3; Tshenolō 11:15-18.

Ke thato le thulaganyo ya ga Jehofa ka Jesu go tsosa baswi. (Yohane 6:38-40) Go galaotega ga lonaka Iwa Modimo ke gone mo go dirang gore baswi ba boele botshelong, jaaka Modimo a ne a laela gore dinaka di dirisiwe go phutha batho ba gagwe ba metlha ya bogologolo. (Dipalō 10:1-10) Jesu o ntsha ‘taolo’ gore baswi ba tswe, jaaka a ne a dira mo pakeng nngwe fa a sa le mo lefatsheng. (Yohane 11:43) Mme jaanong o a bitsa, e seng ka lentswe ja motho jaaka a ne a dira ka nako eo, mme ka maatla a “lencwe ya moengele eo mogolo” (en pho·neʹ arkh·ag·geʹlou). Lefa go ntse jalo, ke moengele yo mogolo fela yo o ka bitsang ka lentswe ja moengele yo mogolo! Mme ga go ope fa e se Jesu fela yo o neetsweng thata ya go tsosa baswi. Ka jalo, boperofeti jono jo bo kgatlhisang bo neela lebaka le lengwe le le tiileng tota la go kgetholola Jesu le moengele yo mogolo, ebong Mikaele.

Ntwa mo Legodimong

Go bonala ga bofelo ga leina Mikaele mo Bibeleng go mo bukeng ya ga Tshenolō. Koo re bala ka gore: “Me ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya.” (Tshenolō 12:7, 8) Fano re bona Mikaele a tsaya kgato jaaka moengele yo mogolo wa Modimo. Ene, gammogo le “baengele ba gagwè,” o fenya Satane le go mo latlhela mono mo lefatsheng.

Eno ke tshimologo ya “lobaka lo lokhutshane” lwa pele ga tsamaiso e e boikepo ya ga Satane e senngwa gotlhelele. Morago ga go senngwa ga Babelona o Mogolo ke merafe, merafe ka boyone e tla senngwa ke Jesu le masomosomo a baengele ba gagwe. (Tshenolō 12:12; 17:16, 17; 19:11-16) Kwa bofelong, Satane o tsenngwa mo moleteng ka dingwaga tse di sekete, tse e tla reng morago ga tsone a senngwe gotlhelele mo “bodiben yoa molelō.” (Tshenolō 20:1, 2, 10) Seno​—tsholofetso e e sa leng e lebeletswe ya makgaolakgang ya go ‘tapeta tlhogo ya ga Satane’—​e diragadiwa gape ke Jesu, gammogo le bonnake ba gagwe ba semoya ba ba tsositsweng.​—Genesise 3:15; Bagalatia 3:16; Baroma 16:20.

Ereka Jesu e le ene yo o boleletsweng pele go tapeta tlhogo ya ga Satane, le go fitlhelela ditiro tsotlhe tse dingwe tsa katlholo, ke mo go utlwalang fela go feleletsa ka gore o ne a tla etelela pele masomosomo a selegodimo mo go latlhiweng ga ntlha ga ga Satane mo legodimong. Ka jalo, Mikaele yo o fenyang yo go lebisitsweng go ene mo go Tshenolō 12 e tshwanetse ya bo e le Jesu, yo o neng a bolelelwa ke Jehofa go ‘busa mo gare ga baba ba gagwe.’​—Pesalema 110:1, 2; Ditihō 2:34, 35.

Go bonala ga leina Mikaele, mo boemong jwa ga Jesu, mo go Tshenolō kgaolo 12 go re tlhokomedisa go boperofeti jo bo akanyeditsweng go le pele mo go Daniele kgaolo 12. Mo go Daniele re bala kaga go ema ka dinao ga ga Mikaele. (Daniele 12:1) Mo go Tshenolō kgaolo 12, Mikaele o tsaya kgato jaaka mmusi yo o fenyang ka go piriganyetsa Satane mo lefatsheng. Matswela: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè!”​—Tshenolō 12:12.

A Jesu ke Moengele?

Bangwe ba ganana le go kgethololwa ga ga Jesu le moengele wa ga Jehofa yo o umakiwang mo Dikwalong tsa Sehebera. Legale, mo go ba ba dumelang Tharo-nngwe, kgethololo e e ntseng jalo e tlisa bothata ereka e bontsha ka papamalo gore ga a lekane le Jehofa Modimo. Mme le eleng bangwe ba ba sa amogeleng thuto ya motheo ya Tharonngwe ba ikutlwa gore go kgethololwa ga ga Jesu le moengele ga go tlhokomedise ka tsela epe mo tlotlomalong ya gagwe.

Lefa go ntse jalo, gakologelwa, gore tlhaloso ya konokono ya “moengele” (mal·’akhʹ; ka Sehebera, agʹge·los, ka Segerika) ke “morongwa.” Mme “Lehoko” [loʹgos, ka Segerika), Jesu ke morongwa wa Modimo yo mogolo thata. Gakologelwa, gape, gore jaaka moengele yo mogolo, gammogo le ‘motsalwa pele wa lobopo lotlhe,’ Jesu o ne a na le maemo a magolo fela thata gareng ga baengele le e leng pele ga a tla mo lefatsheng.​—Bakolosa 1:15.

Go boammaaruri, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bahebera jaana: “Ka a [Jesu] dihegile mogolo go heta baengele, hèla yaka a ruile leina ye le gaisañ ya bōnè.” (Bahebera 1:4; Bafilipi 2:9, 10) Lefa go ntse jalo, seno se tlhalosa boemo jwa gagwe morago ga fa a ne a le mo lefatsheng. E ne e sa ntse e ntse e le moengele yo mogolo le “tshimologō ea lobopō loa Modimo.” (Tshenolō 3:14) Mme o ne a nna botoka go gaisa baengele. ‘Leina le le gaisang thata,’ kana boemo ke sengwe se a neng a se na naso pele ga a tla mo lefatsheng. (Dikwalo tseno di ganetsa kgopolo ya ba ba dumelang Tharo-nngwe ya gore Morwa ke yo o lekanang le Rraagwe ebile o tla nna a lekana le ene ka sebopego sengwe le sengwe.)

Ka jalo, lebaka la gore Mikaele ke moengele yo mogolo, yo motona mo baengeleng, le lebaka la gore o ema ka dinao go busa jaaka Kgosi, le lebaka la gore o etelela pele mo go lelekeng Satane kwa legodimong ka nako ya botsalo jwa Bogosi jwa Modimo tsotlhe di gogela mo phetsong e le nngwe fela: ‘Mikaele kgosana e kgolo’ ga se ope fela fa e se Jesu Keresete ka sebele.​—Daniele 12:1.

[Mafoko a a mo go tsebe 30, 31]

Mikaele ke moengele yo mogolo yo o neng a nna kgosi . . .

. . . O ne a etelela pele gape mo go lelekeng Satane kwa legodimong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela