‘Go Lekela ka Thata kwa Mokgeleng’
“Ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ.”—BAFILIPI 3:13, 14.
1, 2. (a) Saulo wa Tareso o ne a amogela kabelo ya gagwe mo bodiheding jang mme e ne e le eng? (b) O ne a itshwara jang mo kabelong eno?
FA Saulo wa Tareso a ne a le mo tseleng ya go ya Damaseko a ikaeletse go bogisa Bakeresete, lesedi le le tswang legodimong le ne la phatsima go mo dikologa mme a utlwa lentswe le re, “Saulo, Saulo, u mpogisetsañ? Me a re, U mañ Morèna? Me a re, Ke nna Yesu eo u mmogisañ. Me nanoga, u eè u tsènè mo motsiñ, me u tla bolèlèlwa se u nañ le go se diha.”—Ditihō 9:3-6.
2 Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a neela Saulo wa Tareso boitemogelo jo bo ntseng jalo? Jesu o ne a tlhalosetsa morutwa Ananiase: “Gonne èna [Saulo] ke seyana sa me se se tlhaocweñ, gore a rwalèlè leina ya me ha pele ga Badichaba, le dikgosi, le bana ba Iseraela.” Mme Ananiase a tsamaya ka kutlo, a baya diatla mo godimo ga ga Saulo mme a re: “Jesu, eo o bonetseñ go wèna mo tseleñ e u tsileñ ka eōna, o nthomile gore u tlo u houhologè, le gore u tladiwè Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 9:15, 17) Ka bofefo fela fa a sena go bona o ne a kolobediwa, a simolola go kopanela le phuthego ya Bokeresete mo Damaseko. Jaanong jaaka modihedi wa Mokeresete yo o kolobeditsweng, ka bofefo fela o ne a tshwarega ka tlhoafalo mo go rereng mafoko a a molemo ka ga Jesu, Morwa Modimo, mo Bajudeng.—Ditihō 9:20-22.
3, 4. (a) Paulo o ne a keleka bodihedi jwa gagwe jang? (b) Boikutlo jwa ga Paulo bo ne bo farologana ka tsela efe le jo bo neng bo supiwa ke phuthego ya kwa Efeso?
3 Modihedi yono yo o tlhoafetseng o itsewe botoka e le moaposetoloi Paulo. Ka metlha o ne a buelela thata bodihedi jwa gagwe le bopelonomi jo bo lorato jo bo sa tshwanelang jo a neng a bo bontshiwa. “Ke leboga èna eo o nneileñ nonohō, eboñ Keresete Yesu Morèna oa rona, ka a nkaile boikanō, a ntaolèla tihèlō ea gagwè; Leha galè ke ne ke le mokgadi, le mmogisi, le mosenyi: leha go nntse yalo ka bōna boutlwèlō botlhoko ka ke go dihile ka go tlhōka go itse, ke sa dumèla.” (1 Timotheo 1:12-14) Ee, o ne a tseela bodihedi kwa godimo thata.—Baroma 11:13; 2 Bakorintha 4:7.
4 Ditlhaloso tseo mo go Paulo di bontsha tsheka-tsheko ya bodihedi eo a neng a e boloka mo tirelong yotlhe ya gagwe. O ne a seka a wela mo boemong jo bo neng ya re ka nako nngwe jwa nna mo phuthegong ya Efeso, eo Jesu a neng a re ka ga yone: “Me ke gu nyaletsa se, ka re, u tlogetse loratō loa gago loa ntlha.” (Tshenolō 2:4) Go na le moo, Paulo o ne a boloka mokgele wa gagwe fa pele ga gagwe mme a nna le tlhoafalo le tlhagafalo tse di tshwanang mo bodiheding jo a neng a nna le jone mo malatsing a pele kwa Damaseko.
5. Morago ga fa re sena go direla Jehofa ka dingwaga, re ka kgothatsa ba bangwe jang?
5 Morago ga go nna modihedi wa Mokeresete ka masome a dingwaga, Paulo o ne a dirisa go tshela ga gagwe le maitemogelo go kgothatsa badumedi ka ene mo phuthegong ya Filipi e le gore ba seka ba itlhoboga. A ga o ise o lemoge gore ka metlha go kgatlhisa thata go utlwa kafa mongwe a ithutileng boammaaruri a bo a nna modihedi ka gone? Ka mo go tshwanang, a o kgothatsa ba bangwe mo motheong wa botshelo jwa gago jwa botho le dingwaga tsa gago tsa tirelo e e ikanyegang jaaka modihedi yo o ineetseng wa Mokeresete?
6. Botshelo jwa ga Paulo jaaka Mojuda e ne e le bofe?
6 Paulo, mo lokwalong la gagwe go Bafilipi, o ne a lebisa go botshelo jwa gagwe jaaka Mojuda. O ne a re: “Leha go nntse yalo, nna ka nosi, ke ne ke ka na le go ikanya le mo go eōna nama: ha motho moñwe o sele a gopotse go ikanya mo nameñ, nna bogolo: ka ke rupisicwe ka letsatsi ya bohèra mebedi; ke oa seshaba sa Iseraela; ke oa losika loa ga Benyamine, ke Mohebera oa Bahebera; kaha molaoñ ke Mofarisai; Kaga tlhōahalō, ke ne ke bogisa phuthègo; kaga tshiamō e e leñ ea molaō, ka hitlhèlwa ke sena molato.”—Bafilipi 3:4-6.
7. Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a tlogela dilo tseo kwa morago, mme o ne a solegelwa molemo ke eng ka go dira jalo?
7 Ka go tshela mo go ntseng jalo Paulo o ka bo a ile a nna le tshiamelo ya dilo tse di bonalang ka go nna le Bajuda. Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela ka gore: “Leha go nntse yalo dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. E, ruri, ke kaea dilō cotlhe di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna oa me: eo ke latlhegecweñ ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, me ke kaea malele hèla, . . . Gore ke itse èna, le go tlhakanèla naè dipogishō tsa gagwè, ke bopègèla mo chwanoñ ea losho loa gagwè; E tle e re kgotsa ka mokgwa moñwe ke eè go hitlha mo go cogeñ ga bashwi.” (Bafilipi 3:7-11) Ao ke mafoko a a supang tumelo e e feletseng mo go Keresete Jesu le dipaakanyetso tse di dirilweng ke Jehofa Modimo. A o tshwana le Paulo mo go sa letleleleng keletso ya go tuma kana khumo go busa botshelo jwa gago?
Boikutlo jo bo Tshwanetseng jwa Mogopolo
8. (a) Morago ga go direla ka lobaka lo loleele mo bodiheding Paulo o ne a reng ka mokgele wa gagwe? (b) Mafoko a ga Paulo mo go 1 Bakorintha 9:24-27 a ka nna boammaaruri jang mo kgannyeng ya rona?
8 Morago ga fa Paulo a sena go direla Modimo ka masome a dingwaga, a o ne a ka itepeletsa mo go lekeleng mokgele wa gagwe? O ne a kwalela Bafilipi jaana: “Ba ga echo, ga ke ikaee go re, ke setse ke chwere: me selō señwe kea se diha, ka re, ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgele sa pilecō-godimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 3:13, 14) O ne a setse a dirile pego e e molemo mo bodiheding jwa Bokeresete mme a itshoketse dilo tse dintsi, mme e ne e le fa a ne a le mo kgolegelong mo Roma fa a ne a kwalela Bafilipi mafoko ano, lefa go le jalo bodihedi jwa gagwe bo ne bo ise bo khutle. Fa e ne e le gore o ne a tla amogela tuelo eo e neng e tla duelwa bao ba neng ba direla mo phuthegong ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, eleng “pilecō-godimo ea Modimo mo go Keresete Yesu,” he o ne a tshwanelwa ke gore a nne a lekele mokgele wa gagwe. Eno ke pono e e tshwanetseng e e ngaparelwang ke Bakeresete botlhe ba ba godileng, go sa kgathalesege gore a tsholofelo ya bone ke ya botshelo jo bo tlang kwa legodimong kana mo lefatsheng. Mongwe le mongwe wa rona o dira sentle go tlhatlhoba boemo jwa rona le tsela ya rona ya go akanya go bona gore a tota re anaanela bodihedi joo re ileng ra bo bewa pele mo thulaganyong ya Modimo.
9. Re ka nna le boikutlo bofe jo bo godileng jwa mogopolo?
9 Paulo o tlhaola pono ya Mokeresete yo o godileng, ka gore: “Me ke gōna, botlhe ba ba itekanetseñ mo go rona, a re nneñ maikutlō a a ntseñ jalo: me ha lo le maikutlō a sele mo seoñ señwe, le shōna Modimo o tla se lo senolèla.” (Bafilipi 3:15) Boikutlo jwa Mokeresete yo o godileng bo gogela kwa katlegong. Seno se kopanyeletsa go latela dikgato tsa ga Keresete Jesu, yo ka katlego a neng a fetsa kabelo ya gagwe ya bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe. Jesu o ne a kgona go rapela Rraagwe jaana: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nnetseñ go e diha. Me yana, Rara, A u ko u nkgaleletse nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.”—Yohane 17:4, 5.
10. Go ka bolelwang se sengwe kaga sekao sa boikutlo jwa mogopolo sa ga Keresete malebana le tirelo ya ga Jehofa?
10 Fa e le gore re tla itumedisa Jehofa Modimo, mme ka tsela eno re amogele tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse ra nna le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete a bo bontshitseng. Ka go itse seno, Paulo o ne a ikuela ka gore: “Lo nne le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le Ena: Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; Me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō. Ke gōna ka mouō Modimo le ōna o mo godisitseñ thata, me oa mo naea yōna leina ye le hetañ maina aotlhe.” (Bafilipi 2:5-9) Abo Jesu o ne a na le boikutlo jo bo molemo jang ne! A re ka mo etsa? Go batla go dira thato ya Modimo ka boikokobetso ka metlha go tla gogela kwa masegong. Fa kabelo e diragadiwa, e felela ka molemo.
11. Bao ba nonofileng mo semoyeng ba bile ba godile ba tshwanetse go dira eng?
11 Malebana le seo Paulo a se kwadileng, bangwe mo phuthegong ya Filipi go bonala fa ba ne ba santse ba lekela go bona boikutlo jo bo godileng jwa Bokeresete. Paulo o ne a tsaya kgato ya pele go ba kgothatsa le go ba thusa. Mo diphuthegong tse dintsi gompieno, go na le bao ba nonofileng mo tumelong le bao ba nang le bokoa bongwe. Ba ba nonofileng ba tshwanetse, jaaka Paulo, ba kgothatse ba bangwe. Keresete Jesu o ne a dira mo gogolo go nonotsha bao ba neng ba na le ditlhokafalo tsa semoya, a tlhomela Bakeresete botlhe sekao go se latela. “Me yana rona ba re leñ thata, re chwanetse go pepetletsa dithetelèlō tsa ba ba bokōa, me e señ go ikgatlha hèla. A moñwe le moñwe oa rona a kgatlhè moñwe ka èna kaga se se molemō, go mo agèlèla. Me yana a Modimo oa pelotelele, le oa kgomoco, o le neè gore go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”—Baroma 15:1, 2, 5, 6.
12. Re tshwanetse go nna le pono efe ya tuelo e Modimo o tla e re neelang?
12 Paulo, mo go nonotsheng tumelo ya Baroma, o ne a supela gore “neō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.” (Baroma 6:23) Ka nako ya bodihedi jwa gagwe Jesu le ene, gape, o ne a nna le mo gontsi go go bua ka botshelo jo bo sa khutleng. Ke tuelo e kgolo eo Modimo a e nayang batlhanka ba gagwe. Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba tlhome matlho a bone mo mokgeleng, ka go bo se se ba tlhotlheletsa go ikanyega. Fa re dira jalo re bontsha tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa gagwe. Kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete re na le paka ya go bua gantsi ka tuelo eo Jehofa a e neelang ba ba ikanyegang.
Bodihedi jwa Rona Go sa Kgathalesege Matshwenyego
13. Dikwalo di nna le seabe sefe mo go nneng ga rona le boikutlo jwa mogopolo jo bo siameng?
13 Go boloka ga rona pono e e siameng, kana boikutlo jwa mogopolo, go tla itshupa e le mo go mosola thata jaaka re diragatsa bodihedi jwa rona mo metlheng eno ya bofelo. Lemororo bangwe ba ka latlhegelwa ke lorato lo ba neng ba na le lone pele, ekete re ka ititaya sehuba gore go se nne jalo le ka motlha ka rona. Dikwalo ka botsone ke thuso mo ntlheng eno. (Baroma 15:4) Ka go di ithuta re nna le tsholofelo. A o leboga Jehofa ka mo go boteng ka Dikwalo, ka dilo tse dintsi tse di kwadilweng mo go tsone ka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba jaaka moaposetoloi Paulo?
14. Paulo o ne a boloka boikutlo jwa gagwe jo bo tlhamaletseng jang fa a ne a thulane le maitemogelo a a thata?
14 Re ne re ka dirang fa e le gore re ne re na le maitemogelo a botho ao Paulo a a umakang go 2 Bakorintha 11:23-28? Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a seka a ineela? Ke ka gobo o ne a gopotse ka mokgele wa gagwe. Re ka nna ra lebana le dilo dingwe tse di tshwanang. Lefa go le jalo re tshwanetse go lekela ka thata mokgele wa rona wa tuelo eo Modimo o re e tshwaretseng. Fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi, o ne a bontsha go akanya ga gagwe go go molemo ka go umaka gore o ne a le mo dikgolegong ka ntlha ya go femela mafoko a a molemo. (Bafilipi 1:7, 16) O ne a tlhaloganya lebaka la go nna koo. Seo se botlhokwa fa re le mo tekong eo. Gape-gape, re itse gore Jehofa o ka re dirisa go neela bosupi go mmaka.
15. (a) Ke ka ntlhayang fa phuthego ya Filipi e ne e tlhoka kgothatso mme Paulo o ne a ba bolelela eng go ba agelela? (b) Phuthego ya kwa Roma e ne ya itshwara jang ka go golegwa ga ga Paulo?
15 Bafilipi ba ne ba na le diteko dingwe tse di tshwanang le tseo Paulo a neng a nna le tsone kwa Roma. O kwadile jaana: “Ka lo le mo go eōna ntwa e lo mponyeñ ke le mo go eōna, e gompiyeno lo bileñ lo utlwa ha ke le mo go eōna.” (Bafilipi 1:30) Mo maemong ano Paulo o ne a ka kwala go ba kgothatsa. O ne a bolela gore mafoko a a molemo a ne a itsewe gare ga Mophato otlhe wa Molaodi wa Motse. Go bonala fa molaetsa wa Bokeresete o ne wa tsenelela le eleng mo teng ga ntlo ya mmusi-mogolo, bangwe ba bone ba nna Bakeresete ba ba ineetseng. Phuthego ya Roma e ne ya arabela sentle mo boemong joo, e sa tepelele, e kgobega marapo kana e boifa ka ntlha ya lebaka la gore Paulo o ne a tshwerwe mo kgolegelong. Go na le moo ba ne ba tshwaregile ka tiro e Jehofa a neng a batla e dirwa, ba bontsha bopelo-kgale jo bogolo go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.—Bafilipi 1:12-14; 4:22.
16. Ke eng seo re tlhokang go se dira segolo-bogolo fa kganetso e tsoga?
16 Fa pogiso e tsoga, go na le mesola e megolo mo go bolokeng kutlwano ya phuthego ya Bokeresete. Paulo o ne a otlelela kutlwano le bongwe fela. (Bafilipi 1:27-2:4) Dinako tse di ntseng jalo di tlhoka go bolelelana mafoko a tumelo, gore re tle re se ka ra tlogela go lekela ka thata kwa mokgeleng. Ke nako ya go nna le boikutlo jo bo lorato, jwa boikokobetso le go direlana molemo, re batla dikgatlhego tsa ba bangwe.—Bapisa Bafilipi 2:19-21.
Go Fenya Dikgoreletsi
17. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go ineela mo go lekeleng mokgele wa rona fa mathata a boitekanelo a tsoga?
17 Molekane yo o atamalaneng wa ga moaposetoloi Paulo e ne e le Epaforodito. Ka ntlha ya tiro ya Morena o ne a ba a batla le go swa, mme ga go na bosupi jwa gore bothata jwa botsogo jwa gagwe bo ne jwa mo dira gore a latlhegelwe ke pono ya mokgele o o fa pele ga gagwe. (Bafilipi 2:25-30) Mo go 2 Bakorintha 12:7, Paulo o umaka boitemogelo jwa gagwe jwa go “tseñwa mutlwa mo nameñ,” go lebega a ne a lebisitse mo bothateng bongwe jwa matlho a gagwe. O ne a rapela gore ekete bo ka mo tlogela, mme topo eno o ne a seka a e neelwa. Lefa go ntse jalo, go gopola mokgele wa gagwe go ne ga thusa Paulo go o lekela go sa kgathalesege makoa ape a mmele. Lemororo a ne a na le makoa, o ne a bona tsela ka thuso ya ga Keresete Jesu. 2 Bakoritha 12:9.
18. Paulo o ne a supa teka-tekano e e molemo jang malebana le dilo tse di bonalang?
18 Lokwalo lo lo yang go Bafilipi (4:11-13) gape lo ne Iwa umaka dipatlafalo tsa botshelo. Go tlhaelelwa ke dijo e ka nna teko go Mokeresete gore a o tla ineela mo go lekeleng mokgele wa gagwe. Kana o tla tsaya boikutlo jwa bogodi ka go dirisana le bothata mme a tswelela ka go nna le seabe mo bodiheding? (Bapisa Ditihō 18:1-4.) Go sa kgathalesege gore Paulo o ne a tlhaelelwa ke dipatlafalo kana o ne a na le letlotlo, bodihedi jwa gagwe bo ne bo tla pele. Fa a ne a na le letlotlo o ne a seka a dirisa paka eno go senya nako e ntsi mo go batleng dikgatlhego, mme o ne a nna a lekela go batla mokgele wa tuelo.
19. Bafilipi 4:6, 7 e re gakolola go dirang fa re tlhoka thuso? Ka matswela afe?
19 Paulo o ne a seka a umaka mofuta mongwe le mongwe wa boitemogelo oo Mokeresete a ka nnang le one mo botshelong. Mme fa go tla dilo tse di ka nnang tsa tshwenyana le bodihedi, jaaka Bakeresete ba ba godileng re tshwanetse go retologela go Jehofa ka thapelo, tsela e e akgolwang go Bafilipi 4:6, 7. Go tswa foo Jehofa o tla re neela kagiso ya mogopolo, a re thusa go akanya ka phepafalo le go re thusa go fenya mathata jaaka re tswelela mo go nneng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Go rapela go re thusa go boloka tumelo ya rona le go tswelela re lekela ka thata mokgeleng wa rona.
20. (a) Dikao tsa bagodi ba ba ikanyegang mo boammaarurmg di re kgothatsa jang? (b) Re tshwanetse ra dirang? Ka ntlhayang?
20 Bontsi ke bao ba kopanetseng le diphuthego tseno gompieno ba direla Jehofa ka masome a dingwaga. Botlhe ba ile ba ralala diteko fa ba ntse ba tsweletse mo bodiheding jwa bone. Mme Jehofa o ile a ba thusa, ka jalo ba tswelela go lekela ka thata kwa mokgeleng wa tuelo. Re leboga Jehofa go bo mo metlheng ya segompieno go na le, jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bakaulengwe le bokgaitsadi bao eleng dikao tsa boitshoko, tsa boikanyegi mo tirelong ya bone ya Bogosi mme ba bolokile matlho a bone mo mokgeleng. Bao ba sa ntseng ba le banana kana ba le basha mo ‘Tseleng’ ba solegelwa molemo ke go tlhatlhobisa pego ya ga moaposetoloi Paulo kana ya batlhanka ba ba ikanyegang mo phuthegong ba motlha wa segompieno, ba bona kafa bano ba rarabolotseng mathata a bone ka gone. (Ditihō 9:2; Bahebera 13:7) Ekete mongwe le mongwe wa rona a ka dirisa paka nngwe le nngwe go kgothatsana gore re tle re kgone go itshoka ka boikanyegi mo tirelong eo re e sikereng mme ka kutlwano re lekeleng ka thata kwa mokgeleng oo Jehofa a re o beileng pele. Ka go dira jalo, re na le tebelelo ya go direla Jehofa Modimo ka bo sa khutleng mo bolekaneng jo bo itumetseng le ba ba ikanyegang.—Bafilipi 3:13-16.
Dintlha tse di Tshwanetseng go Gakologelwa
◻ Botshelo jwa botho jwa ga Paulo e ne e le bofe mme o ne a bo dirisa jang go kgothatsa bakaulengwe ba gagwe?
◻ Dikao tsa ga Keresete le Paulo di re bontsha jang gore boikutlo jwa Mokeresete yo o godileng ke bofe?
◻ Re ka bontsha jang kutlwano ya rona fa pogiso e tsoga?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tswelela re lekela kwa mokgeleng wa rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Keresete Jesu o dirile mo gontsi go nonotsha bao ba neng ba tlhoka semoyeng