“Lobaka Lo Khutshahetse”
1. Ke ka ntlhayang fa bangwe ba akanya gore setho se siilwe ke nako?
TSAMAISO eno ya dilo e siiwa ke nako. Lebaka le le lengwe la go bo bantsi ba ile ba tla mo tshwetsong eno ke gore go nna gone ga motho go a bopelwa. Aitsane, go lebega tshenyego ya nuklea e le gaufi gompieno mo e leng gore go bolelwa ka yone e le “metsotso e meraro go ya bosigo-gare”!
2. Radikgang mongwe o ne a reng malebana le matshosetsi a nuklea?
2 Fa a ne a kwala ka kgang eno ya “Moriti wa Bomo,” radikgang wa Mo-Australia Nick Brash o tlhalositse jaana: “Tshetela ya talameiti ya selekanyo sa kilogerama e lekanetse go ka phamphamolola motho ditoki. Lefa go le jalo kokoanyo ya nuklea e lekana gompieno le ditone di le nne tsa talamaite go monna mongwe le mongwe, mosadi mongwe le mongwe le ngwana mongwe le mongwe mo lefatsheng. Go ile ga dirisiwa dibilione tse 800 tsa diranta mo dibetseng tsa nuklea mme go feta dibilione tse 60 tsa diranta di tla senngwa mo dibetseng go dikologa lefatshe monongwaga [1983]. Eleruri ke kgatlampolo e e boifisang go di feta tsotlhe ebile e fetile selekanyo tota. Go tshwana le go kgatsha monang o le mongwe fela ka mebolopita e le 10 ya [sebolai sa] Mortein.”—The Sun Weekend Magazine (Melbourne, Australia), April 23, 1983.
3. Go ka bolelwang kaga matswela a a ka nnang gone a tlhabano ya nuklea?
3 Go thata go akanya gore matswela e ka nna afe morago ga ntwa ya nuklea. Kwantle ga loso Iwa makgolo a dimilione, le seru sa kgolokwe sa marang a nuklea, matswela a a maswe a dimela le tse di tshwanang go ka nna le tlhakantsuke e e boifisang ya dikgang tsa loago, sepolotiki le tsa itsholelo lefatshe ka bophara. Tota, Dr. Brian Martin, ramatlhale le mmatlisisi wa Unibesithi ya Merafe ya Australia, o dumela ka gore: “Tota ga go itsewe sepe se se ka bolelwang ka tsholofelo ka mo go lekaneng ka matswela otlhe a kgolokwe a ntwa ya nuklea.”
4. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore setho ga se kitla se nyelediwa mo kgatlampolong ya nuklea? (b) Re itse jang gore tsamaiso ya dilo ya gompieno e siiwa ke nako?
4 lsagwe tota e lebega e garola pelo fela thata. Mme lona barati ba Modimo, nametsegang! Lefa tsamaiso eno ya dilo e siiwa ke nako, setho ga se kitla se inyeletsa mo kudumeding ya nuklea e e tobekaneng. Re ka tlhomamisega kaga seo, ka go bo Jehofa, “Mmakanyi le Modiri” wa lefatshe “ga a ka a le bopela go tobekana, o ile a le baakanyetsa gore le nniwe.” (Isaia 45:18, Byington) Lefa go le jalo, gore setho se tle se bolokiwe mo go nyelediweng, kgato e e fetang nonofo ya motho e tshwanetse ya tsewa ka potlako go fedisa tsamaiso eno, gammogo le botsenwa jwa yone jwa nuklea. Ka mo go itumedisang, Mmopi wa naletsana Lefatshe le wa setho o tla tloga a senya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, e e ipolayang. Nako ya yone e khutshwane ka go bo “letsatsi ye legolo ya ga Yehofa” le gaufi tota! (Sefania 1:14-18) Lefa go le jalo, abo go gomotsa jang ne go itse gore mo letsatsing leo le le atamelang ka bofefo la go ikarabelela, ‘Jehofa o tla dibela botlhe bao ba mo ratang, mme baikepi botlhe o tla ba nyeletsa’!—Pesalema 145:20.
Go Setse Nako e Kana-kang?
5. Go ya ka Tshenolō 6:9, 10, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ne ba kgatlhegela go itse eng?
5 Modimo kwantle ga pelaelo o tla tsaya kgato kgatlhanong le baba ba gagwe. Mme go tla tsaya lobaka lo lo kae pele a fedisa tsamaiso eno ya dilo e e boikepo le go lere Thulanganyo e Ntsha ya gagwe ya kagiso le tshiamo? O ka ne o le mosupi wa ga Jehofa yo o ratang go itse karabo ya potso eo. Malebana le seo o ikutlwa jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba bontshiwang e le ba ba goang go Tshenolo ka gore: “Moñ oa rona wè, eo o boitshèpō le boamarure! lobaka lo tla nna bolele bo kaee, u sa atlhole, ua lehetsa madi a rona mo go ba ba agileñ mo lehatshiñ?” (Tshenolo 6:9, 10) Ee, ka tshwantshetso batlodiwa bao ba ne ba batla go itse gore Modimo o ne o tla busolosetsa madi a bone leng. Ga go gakgamatse he fa Basupi ba ga Jehofa botlhe gompieno ba lebeletse ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona ka tlhagafalo!—Tshenolo 16:14-16.
6, 7. (a) Malebana le nako, Paulo o ne a reng mo go 1 Bakorintha 7:29? (b) Ke polelwana efe ya Petere e e otlelelang lebaka la gore tsamaiso eno e lebile bowelong jo bo boifisang?
6 Basupi bao ba ba tloditsweng bao madi a bone a neng a tshololwa ka ntlha ya boikanyegi jwa bone go Jehofa ba mo moleng wa go bona tuelo, ka go bo pego ya Bibela e bolela jaana: “Me moñwe le moñwe oa bōnè a nèwa kobō e chweu; me ba rèwa, ga twe, ba namè ba sa nntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tlo go tsamaeè le bōnè batlhanka ka bōnè, le ba ga bōnè ba ba tla bolawañ hèla yaka bōnè, ba dihalèlwè yalo.” (Tshenolō 6:11) Re ka tlhomamisega gore Modimo o tla tsaya kgato ka nako ya gagwe e e laotsweng. Tota, mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo go 1 Bakorintha 7:29 a tshwanela eleruri. O ne a bolelela badumedi ka ene ka tlhamalalo gore: “Lobaka lo khutshahetse.”
7 Mafoko a ga Paulo ga a tlisetse batlhanka ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa kgothatso fela mme gape a supa gore botshelo jwa Bakeresete bo tshwanetswe go tlhomama mo tirong e e potlakileng e Modimo o ba e abetseng. Ka mokgwa o o tshwanang, moaposetoloi Petere o kwadile jaana: “Bokhutlō yoa dilō cotlhe bo gauhi.” (1 Petere 4:7) Petere o ne a itse gore tsamaiso eno e sekametse kwa bokhutlong jo bo boifisang. E kgwekgweetsegela gone koo!
8. Lebaka la gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi le tshwanetse la nna le bokao bofe mo bathong ba ga Jehofa?
8 Paulo le Petere ka bobedi ba ne ba otlelela ntlha ya gore tsamaiso eno ya dilo e atlhotswe. Seno ke sengwe seo Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshwanelang go se lebala. Bokhutlo bo tlaa tla mo motlheng wa rona, mme bosupi jotlhe bo supela gore bo gaufi thata. Ka jalo, letsatsi lengwe le lengwe mokgwa wa rona wa go tshela o tshwanetse go supa tlhatswego pelo eo. Gape, ntlha ya gore re setse re tseneletse mo go kana-kana mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo e tshwanetse go re tiisa ka boikaelelo jwa go dira bojotlhe jwa rona mo tirong e e molemo e ebileng e potlakile thata ya go bolela mafoko a a molemo jaaka basupi ba ga Jehofa ba ba phepafaditsweng le ba ba tlhoafetseng.—Tito 2:13, 14.
Re Tseneletse “Mo Motlheñ oa Bokhutlō”
9. Batho gompieno ka kakaretso ba tshwaregile mo go eng, a mme seo se ile sa diragala le eleng pele?
9 Jesu Keresete o ne a bolelela-pele gore mo go nneng gone ga gagwe go go sa bonaleng batho ba ne ba tla bo ba tshwaregile ka dikgang tsa bone tsa botshelo. Ba ne ba tla faposiwa, fela jaaka batho mo motlheng wa ga Noa le wa ga Lote ba ne ba dira. “Go tla nna hèla yalo mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna,” Jesu a bolela jalo, a lebisitse mo nakong ya go nna gone ga gagwe go go sa bonaleng, fa tshenyo e ne e tla bo e diragadiwa godimo ga tsamaiso eno e e boikepo.—Luke 17:26-30.
10, 11. Ke tshupo efe e e neetsweng fano go supa gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi?
10 Sekaseka gape dipolelo-pele tse di begiIweng go Mathaio 24, Mareko 13 le Luke 21. Jesu o ne a bolelela-pele dilo tseo tota di neng di tla bo di potile motho ka kwa ka nonofo—dilo tse di jaaka dikgogodi tsa bolwetsi le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe. Gape, go ile ga nna le ‘ntsifalo ya boikepo’ fa e sale ka 1914. Dikgang tsa gompieno, segolo bogolo mo metseng megolo, gantsi ga se sepe fela fa e se tlhatlhamano ya polao le bonokwane. Go na le mo gontsi thata go feta dipalo-palo tse di yang magoletsa tsa seno, ka go bo moya wa go tlhokomologa dithibelo tsa semolao jaanong o setse o tletsetletse, mme lorato Iwa ba bantsi ka mo go tlhomamisegileng lo tsidifetse.—Mathaio 24:12.
11 Gape, “pitlaganō ea merahe” jaanong e a itshupa ka go bo batho ga ba itse kgoro ya botso mo mathateng a bone a a ntseng a ntsifala. (Luke 21:25, 26) Ka jalo he, go ile ga nna le kwelo tlase mo palong ya “losika lo” Iwa 1914, lo lo sa tshwanelang go feta pele ga tiragatso ya tsotlhe tse Jesu a neng a di bolelela-pele tsa motlha wa rona. (Mathaio 24:34) Eno ke tshupo e nngwe e e phepafetseng ya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi.
12. Kwantle ga pelaelo tshupo e kgolo go di feta ya gore re tseneletse “mo motlheñ oa bokhutlō” ke efe?
12 Ditshupo tse di oketsegileng tota di ne di ka neelwa go supa gore re tseneletse “mo motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Mme kwantle ga pelaelo tshupo e kgolo tota ya gore re gaufi le bokhutlo jwa tsamaiso eno ke tiro ya go rera ka Bogosi lefatshe ka bophara eo e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ga go ise go ko go nne le selo se se ntseng jalo pele. Tota, mo mafatsheng a le 205 go dikologa kgolokwe basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 2 650 000 ba tlhoafaletse go dira tiro e e molemo eno ya go anamisa molaetsa o o omosang pelo wa gore Keresete o setse a busa a le mo maatleng a Bogosi fa e sale ka 1914. Mme Jesu o ne a bolela gore mafoko ano a Bogosi fa a setse a rerilwe mo lefatsheng lotlhe le le agilweng, ke gona “bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
Tshela Tumalanong Le Kgakololo ya Bibela
13. Re tshwanetse ra leba polelwana ya ga Paulo jang ya gore ‘bao ba nang le basadi ba nne jaaka ekete ga ba na bone’?
13 Ereka go phepafetse sentle gore nako e e setseng e khutshwafetse thata le gore bokhutlo bo gaufi, batho ba ga Jehofa ba tlhoka go tshela tumalanong le kgakololo ya Bibela, jaaka eo ya mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo go 1 Bakorintha 7:29-31. Fela fa morago ga gore a re “lobaka lo khutshahetse,” o ne a kwala jaana: “Go le ba ba nañ le basadi ba nnè yaka ha ba ka bo ba sena nabō.” Fano moaposetoloi o ne a sa kaye gore monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tshwanetse go tlhokomologa mosadi wa gagwe. Nnya, mme lefa monna a tlhokomela maikarabelo a gagwe a lenyalo ka boikanyego, o tshwanetse go baya botsalano jwa gagwe le Modimo e le selo sa ntlha mo pelong le mo mogopolong, a eletlhoko gore lenyalo la gagwe le tlatseletsa go seno.
14. Go ya ka 1 Bakorintha 7:30, baboledi ba Bogosi ba tshwanetse ba leba mathata a bone a botho jang le tse dingwe jalo?
14 Mo 1Co 7 temaneng ya 30, Paulo o ne a tswelela ka gore: “Go le ba ba lelañ, ba nnè yaka ba ka bo ba sa lele; go le ba ba itumèlañ, ba nnè yaka ba ka bo ba sa itumele; go le ba ba rèkañ, ba nnè yaka ba ka bo ba sena sepè.” Seo se raya eng? Mafoko a a tlhotlheleditsweng ano a otlelela ntlha ya gore dikgang tsa botho, boo di kopanyeletsa dithoto, mahutsana kana maipelo, ga se dilo tsa konokono go badihedi ba Bogosi. “Motlha le bowèlō” di re wela rotlhe mme di ka fetola maemo a rona ka ponyo ya leitlho. (Moreri 9:11; Yakobe 4:14) Ka jalo go tla bo go se botlhale go tshwarega go feta selekanyo ka mahutsana, matshwenyego le mathata a mangwe a a farolaganeng a botho mo eleng gore dikamego tseno di tshwenyana thata le bodihedi jwa rona, tiro ya rona e e re siametseng ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi.
15. Ke ka ntlhayang fa e tla bo e le bosilo jo bo masisi ka Mokeresete go nwela mo dikgannyeng tsa botho go akareletsa le dilo tse di bonalang le tse di tshwanang?
15 Go 1 Bakorintha 7:31, moaposetoloi Paulo o rile: “Go le ba ba ipapalèlañ ka lehatshe, a ba se hetise selekanyō.” Ereka batho ba lefatshe ba tlhaela tsholofelo e e thailweng mo Bibeleng, ba hupeditswe ke go akanya ka ditlhokafalo le dikeletso tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Gantsi ba batla go kgatlha ba bangwe ka dilo tse di bonalang. Mme, jaaka moaposetoloi Johane a go phepafaditse, “mabela a botshelō” ke tshupo e nngwe ya gore “cotlhe tse di mo lehatshiñ” ga se tsa “ga Rara, . . . ke ga lehatshe.” Mme Johane o re tlhomamisetsa gore “lehatshe le a heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse ruri ka bosakhutleñ.” (1 Yohane 2:16, 17) Ka jalo, e tla bo e le bosilo jo bogolo gore Mokeresete ope, yo o nang le tebelelo ya isagwe e e sa feleng fa pele ga gagwe, a nwele thata mo dikgannyeng tsa botho gore a bo a tlhoke nako e e saletseng dikgatlhego tsa Bogosi. (Mathaio 6:25-32; bapisa Bafilipi 2:19-22; 2 Timotheo 4:10.) Lefa gone go se phoso go ipelela dilo tse di bonalang ka tshwanelo, le eleng menate mengwe e e tshwanetseng, ga re a tshwanela le ka motlha go letlelela dilo tseno gore e nne tse dikgolo mo botshelong jwa rona.—Luke 12:15.
16. Ke pono le mekgele efe e batho ba selefatshe gantsi ba nnang le yone, mme ke eng seo se tshwanetseng sa nna sa botlhokwa jo bogolo go feta selekanyo mo batlhankeng ba ga Jehofa?
16 Go tlwaelegile mo bathong ba selefatshe, kana bao ba tlhaelang bomoya jwa boammaaruri, go ngongoregela tsotlhe mo botshelong. (Bapisa Yude 16.) Fa ba bobola, ba ka nna ka metlha ba ngongorega ka go bo ba sa tsoga sentle. Ka mo go tshwanang, bahumanegi ba ka ngongorega ka go bo ba sa huma. Aitsane, dilo tse di jaaka boitekanelo jo bo molemo le khumo e kgolo di ka nna mekgele e e hupetsang matshelo a bone! Ba Iwela go di fitlhelela, mme go palelwa go ka ba nwetsa mo go amegeng maikutlo go go botlhoko. Mme go batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa “tirelo e e boitshepo” ke ya botlhokwa jo bogolo. (Baroma 12:1, 2, NW) Ke boammaaruri gore, lefa re le batlhanka ba ga Jehofa re na le mathata a re lebaneng le one. Lefa go le jalo ano ga a tshwanela go re dira bangongoregi, bagaladi ka ditsa-rona mo botshelong. Re na le tiro e re e neilweng ke Modimo go e dira, mme re neela tiro eno e e segofaditsweng tlhokomelo ya rona e kgolo. Tota, re ipelela go bo re beile dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong.—Mathaio 6:33.
17. Fa e le kaga dikgoreletsi tse di ka nnang gone, batho ba ga Jehofa ba tshwanetse ba se letlelele eng?
17 Ka jalo he, ke tsela efe e e botlhale go batlhanka ba ga Jehofa? Tota, re ka dirisa dilo dingwe le ditirelo tseo lefatshe le di neelang, mme a le ka motlha re se letleleleng dikgoreletsi go re faposa mo tirelong ya Modimo. (Luke 21:34-36) Gakologelwa gore ga go sepe mo tsamaisong eno se se tla nnelang ruri. Go fetoga-fetoga ga yone go ka nna motswedi o o faposang. Ee, Paulo o ne a re, “Mokgwa oa lehatshe yeno oa heta.” (1 Bakorintha 7:31) Mme ga re a tshwanela go letlelela seno go re faposa mo tirelong ya ga Jehofa.
Dira Tiro ya Morena ka Tlhoafalo
18. (a) Fela jaaka e le gore re ntse re le mo “motlheñ oa bokhutlō” fa e sale ka 1914, ke tiro efe e re tshwanetseng ra tlatsa matshelo a rona ka yone? (b) Fa e le gore re tshwaregile ka metlha mo tirong ya Morena, ke eng seo go lebegang se tla diragalela mathata a rona a botshelo?
18 Go nna le temogo ya semoya, re amogela bosupi jo bo pepenene jwa gore re ntse re le mo “motlheñ oa bokhutlō” fa e sale ka 1914. Eleruri, he, ga re batle go dirisa lefatshe leno ka botlalo jaaka ekete re tla bo re tlhaelwa ke sengwe fa re ne re sa dire jalo. Go na le moo, a re tlatseng matshelo a rona ka ‘tiro ya Morena.’ Re tshwanetse ‘ra nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, re itse jaana gore tiro ya rona ga e kitla e nna lefela mo Moreneng.’ (1 Bakorintha 15:58) Jalo, tshwarega ka natla mo go rereng le mo go ruteng dinnete tsa Bogosi. Jalo he ke eng se go lebegang se tla diragalela mathata a botshelo? Aitsane, go lebega a tla kokobela, mme ga a kitla a nna botlhokwa, le go tshwenya mo go kalo!
19. Go raya eng ‘go itshokela bokhutlong’?
19 Fa Jesu a ne a neela boperofeti jwa gagwe jo bogolo malebana le metlha ya bofelo ya tsamaiso eno, o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba “tla ilwa ke batho botlhe” ka ntlha ya leina la gagwe. A oketsa ka gore, “Me eo o itshokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mareko 13:10-13) Go rona jaaka batho ka bongwe ba ba ineetseng mo go Jehofa, ‘bokhutlo’ e ka nna “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” kana loso Iwa rona sebele, ka gongwe morago ga go boga mo diatleng tsa babogisi. (Mathaio 24:3, NW) Mo kgannyeng efe fela, re na le nako e e lekanyeditsweng ya go dira tiro ya Morena. Ka gone, a ga re a tshwanela he go nna tlhaga le go tlhoafalela go bolela molaetsa wa Bogosi? Kwantle ga pelaelo, re tshwanetse!
Ke Nako ya Go Tsaya Kgato!
20. Baiseraele ba ba neng ba gololwa mo botshwarweng jwa Sebabelona ba ne ba kgona go bontsha kamego ya bone ya kobamelo ya ga Jehofa jang?
20 Fa batshwarwa ba Sejuda ba ne ba goloIwa mo botshwarong jwa Sebabelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso. A ba ne ba tla boela kwa lefatsheng la bone mme ba tsosolose kobamelo ya ga Jehofa koo, kana ba ne ba tla sala kwa Babelona? Baiseraele ba ba neng ba sala mo motseng oo tota ga go reye gore ba ne ba le bosula, ka go bo Daniele wa motsofe o ne a le mongwe wa bone. Ba ne ba neela masalela a a neng a boa merwalo-rwalo le go ba tiisa mooko mme ba ne ba ka romela gape le “nèō e e leñ ea peleègō hèla” kwa ntlong ya ga Jehofa mo Jerusalema. (Esere 1:2-4) Ka gone ba ne ba tla thusa go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri. Abo baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba ne ba itumela jang ne fa masalela a ne a bothologa a ya lefatsheng la bone, ba tshotse dijana tse di boitshepo go dirisiwa mo tempeleng ya ga Jehofa! Mme batshodi ba didirisiwa tseo tse di boitshepo ba ne ba tshwanelwa ke go tlhomamisega gore ba bo ba iphepafaditse mo lesweng lefe fela le le neng le ka nna gone ka ntlha ya bodumedi le boitsholo jo bo seng phepa jwa Babelona.—Isaia 52:11.
21. (a) Ke dipotso dife tseo di supiwang fano gore o di akanyetse? (b) Ereka “lobaka lo khutshahetse,” go ka bolelwa eng kaga dipaka tsa go anamisa mafoko a a molemo?
21 A o amegile kaga kobamelo ya boammaaruri jaaka Baiseraele bao ba neng ba gololwa makgolo a dingwaga a a ka nnang 25 a a fetileng? A o go tsaya e le tshiamelo e e ipedisang go neela tirelo e e boitshepo go Jehofa jaaka karolo ya phuthego e e phepafaditsweng le e e tlhoafetseng e e tlotlang leina la gagwe le le boitshepo? A o ka lemoga ditshupo tse dintsi tsa gore re tshela mo gare-gare ga ‘motlha wa bokhutlo’? Fa e le gore o ka araba ka gore ee mo dipotsong tseno, he tlhomamisega gore o tsaya kgato e e popota gone jaanong jaana. Tlhoma mogopolo mo go bolokeng dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago. Ereka “lobaka lo khutshahetse,” dipaka tsa rona tsa jaanong tsa go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi di nna di nnela botlhokwa thata go ya pele. Go sego bao ba tla nwetsang botshelo jwa bone jotlhe go dikologa Bogosi jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba na le mo gontsi go go dira mo go rereng mafoko a a molemo fa go santse go na le nako!
O Ne O Ka Neela Dikarabo Dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa tsamaiso eno ya dilo e siiwa ke nako?
◻ Re itse jang gore re tseneletse “mo motlhen oa bokhutlō”?
◻ Fa re tshwaregile mo tirong ya Morena ke eng seo se lebegang se tla diragalela mathata a rona?
◻ Ereka bokhutlo bo le gaufi, matshelo a rona a tshwanetse a ikgara mo go mang?
[Setshwantsho mo tsebe 21]
Ekete mathata a botshelo a ka se re kgoreletse mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi